“Ba Ne Ba Nthaya Ba Re Ga Nkitla Ke Tlhola Ke Bo Ke Kgona go Boela Ke Tsamaya Gape!”
KA NAKO ya fa Ed a ne a na le dingwaga di le 20, o ne a diragalelwa ke kotsi nngwe e e maswe thata ya sejanaga. E ne ya re fa a thanya, o ne a palelwa ke go ema ka maoto. O ne a lemoga gore o ne a golafetse mme lefa go ntse jalo o ne a ithaya a re e tla nna selo sa nakwana fela. Ed o ne a gakologelwa jaana seo se ileng sa diragala moragonyana ga moo kwa kokelong: “Ba ne ba nthaya ba re ga nkitla ke bo ke tlhola ke kgona go boela ke tsamaya gape!” O ne a golafetse go tloga mo sehubeng go ya kwa tlase.
“Ke ne ke utlwile botlhoko thata fa morwaake a ne a gobala,” rragwe Ed o ne a gakologelwa jalo. “E ne e le lekawana le le nang le pholo e e molemo ya mmele, mme lefa go ntse jalo jaanong o ne a sa tlhole a kgona go tsamaya. Seno se ne sa emisa botshelo jwa gagwe tsi.” Ed o ne a le mo tirelong ya nako e e tletseng, eo e bidiwang bobulatsela ke Basupi ba ga Jehofa.
Lekawana le lengwe leo le leng mo dingwageng tsa lone tsa bo 20, ebong Bill, ka go itshamekela fela o ne a itatlhela mo makhubung a lewatle mme a bo a ya go itaya ka tlhogo mo moshaweng. Ka ponyo ya leitlho, o ne a sa kgone go rokgonyega kana go hema. Ka lesego go ne go na le ditsala fa gaufi, Bill o ne a seka a betwa ke metsi. Lefa go ntse jalo, o ne a golafetse go tloga mo thamong go ya kwa tlase. Dingaka di ne tsa bolelela Bill gore le ene o ne a se kitla a bo a tlhola a kgona go boela a tsamaya gape.
Tsela Eo A Ileng A Ikutlwa ka Yone la Ntlha
“Ke ne ke batla go ipolaya,” Bill o ne a bolela jalo, “mme lefa go ntse jalo ke ne ke se kake ka kgona go dira jalo mo bolaong jwa mo kokelong.” Bill o ne a ile a direla mo Ntweng ya Vietnam mme o ne a rulaganyetsa go nna mokgweetsi wa sefofane. Fa a ne a gobala ka 1969, dilo tsotlhe tseo a neng a ikaeletse go di dira di ne tsa fela gone fela foo, mme o ne a sa bone gore o tshelelang.
Ed ene tsela eo a neng a ikutlwa ka yone la ntlha fa a ne a bolelelwa gore o golafaletse ruri e ne e farologane le eno. “Ke ne ke sa kgobega marapo, mme seo e ne e le ka ntlha ya tumelo eo ke nang le yone mo ditsholofetsong tsa Modimo tseo di leng mo Bibeleng. Ke ne ka lemoga gore boemo joo ke neng ke le mo go jone bo ka nna jwa tswa e le jo bo tlileng go nnela ruri jaanong mme lefa go ntse jalo ga bo tle go nnela ruri jalo ka bosakhutleng.” Ka ntlha ya tsholofelo eo a nang le yone, Ed o ile a kgona go berekana le bogole jwa gagwe ka katlego ka dingwaga tse di fetang 25 jaanong.
Tlhokafalo ya go Ka Lebana le Kgwetlho
Bill, kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a sa itse ka ditsholofetso tseo tsa Modimo. Lefa go ntse jalo, go na le sengwe seo se neng sa diragala ka letsatsi lengwe seo se neng sa mo tlhotlheletsa gore a dire sengwe ka ene.
Morago ga a sena go nna a tshela fela ka kwa kokelong ka dikgwedi di le robedi, Bill o ne a isiwa kwa phaposing ya botlhapelo ka kolotsana ya digole gore a beolwe ditedu ke mooki mongwe wa monna. “E ne ya re fa ke leba mo seiponeng,” o ne a bolela jalo, “ke ne ka bona motho mongwe yoo e neng e se nna!”
Bill e ne e kile ya bo e le monna yo o boima jwa dikilogeramo di le 90, a le dimitara di le 1,85, mme lefa go ntse jalo jaanong e ne e le marapo fela a dikilogeramo di le 40. O ne a ganela gore setshwantsho sa motho yo o mo seiponeng yoo e ne e le ene ka namana. Tiragalo eno e ne ya baka gore a nne le moya wa go lwa kgatlhanong le go amogela kgwetlho ya bogole jwa gagwe. “Ngwaga wa ntlha o le segole ke nako e e boima thata,” Bill o bolela jalo, “ka gonne eo ke yone nako eo o dirang tshwetso ka yone gore o tlile go tsaya tsela efe.”
Go Lwa le Mathata
Ed ga se motho yo o tshwenngwang ke methapo, mme lefa go ntse jalo o dumalana gore maikutlo a gagwe a ke a nne a fetofetoge jalo. “Ka dinako tse dingwe ga ke kgone go dira dilo tse di bonolo fela jaaka go ipagololela sengwe,” Ed o tlhalosa jalo, “mme nka nna ka hutsafala thata ka ntlha ya seo.”
Bill o go fitlhela go le boima thata go ka tshela ka mmele o o golafetseng le boboko joo bo sa golafalang. “Go tshwana fela le fa o ne o na le mogopolo o o tsamayang ka enjene ya sefofane oo o leng mo mmeleng wa koloi e e gogwang ke dikgomo,” o bolela jalo.
Gape go na le makoa a mo mmeleng ao a tsamaisanang le go gobala mo marapong a mokokotlo, a a ntseng jaaka go sa kgone go laola setlha mmogo le mateng, dintho tseo di tswang ka ntlha ya kgatelelo, le mathata ao a amanang le go hema. Ed o ile a simolola go nna le mathata a diphio fa esale go tloga ka nako eo a neng a gobala ka yone mme go na le dinako tseo di tsayang sebaka sa matsatsi a le marataro go ya go a le supa tseo ka tsone mogote wa gagwe wa mmele o tshwarang 40° C. Go sa kgone go laola setlha mmogo le mateng ke selo seo se tseanyang tota mo go Bill. Jaaka fa a bolela jaana: “Ga go le ka motlha o kgonang go ka tlwaela gore o na le mmele o o tshwanang le wa lesea.”
Ed o kgothaletsa batho botlhe bao ba golafetseng gore ba itirele dilo ka bobone thata ka mo go ka kgonagalang ka gone. “Leka bojotlhe jwa gago gore o itirele dilo ka bowena,” o bolela jalo, “mme o tla gatela pele thata.” Ke ka lebaka leo, fa a ne a tswa kwa kokelong, selo sa ntlha seo a ileng a se dira e ileng ya nna go tsenya koloi ya gagwe ditaodi tsa diatla e le gore a ke a kgone go kgweetsa. Jaanong Ed o dirisa esita le lori eo e dirilweng ka tsela e e kgethegileng mo kgwebong ya gagwe e e nang le katlego e e dirang tiro ya go phepafatsa.
“Leka go lebala bogole jwa gago,” Bill o gakolola jalo, “mme o tswe o tshele botshelo jwa gago ka tsela e e molemo go gaisa eo o ka e kgonang. Fa o sa dire dilo ka tsela ya motho yo eleng segole, batho ga ba kitla ba go tshwara jaaka segole.” Bill o dira seo a se bolelang. O na le kgwebo eo e nang le katlego ebile ke ene a e tsamaisang, o nna a tsamaya tsamaya ka koloi ya gagwe e nnyane, ka kolotsana ya gagwe ya digole, mmogo le ka diikokotlelo.
Ke Eng Seo Se Ka Dirwang?
Sekgoreletsi se sengwe seo motho yo o golafetseng a nang le sone go ka twe se mo megopolong ya bao eseng digole. Tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe eo sekgoreletsi seno se ka tlosiwang ka yone ke ka go nna le kutlwisiso. Batho ba ba golafetseng ba batla go tsewa ka tsela e e tshwanang le eo go tsewang motho yo o senang bogole bope mo mmeleng mmogo le go akanyediwa ka tsela e e tshwanang le eo go akanyediwang yo o ntseng jalo ka yone.
Batho bangwe go lebega ba ikutlwa ba tshosediwa kana ba sa phuthologa fa ba na le motho mongwe yo o golafetseng. Bill o bolela jaana: “Fa re bua boammaaruri fela rotlhe re digole ka tsela e e rileng. Seo se leng teng fela ke gore ba bangwe ba golafetse go feta ba bangwe.” Bao ba golafetseng ke batho fela bao go diragetseng gore, ka sekai, ba seka ba kgona go tsamaya, go bona, kana go utlwa go tshwana le ba bangwe. Go botlhokwa gore re lebe bogole le fa e ka nna bofe fela jaaka selo seo se leng teng ka ntlha ya maemo mangwe a a rileng mme re bone motho otlhe.
“Ke a itumela fa batho ba nteba ka tsela eo ba lebang motho mongwe le mongwe ka yone,” go ne ga bolela jalo Ed. “Nteba. O seka wa leba kolotsana ya me ya digole.” Morago ga moo o bolela sengwe seo se ileng sa ba diragalela le mosadi wa gagwe kwa borekelong bongwe jwa dijo tse di apeilweng: “Moapei o ne a tsaya otoro ya mosadi wa me pele mme morago ga moo a bo a mmotsa, mo boemong jwa gore a botse nna, gore ke rata go ja eng. Ga ke susu! Seo ke sa kgoneng go se dira fela ke go tsamaya.”
“Batho ba le bantsi ba batla go bontsha kakanyetso go batho bao ba golafetseng,” Ed o tlhalosa jalo, “mme lefa go ntse jalo ga ba itse gore ba direng.” Kgakololo ya gagwe ke eno: “Selo se se molemo thata ke gore o lete pele mme o botse gore ke eng se o ka se dirang pele ga o tlola fela o bo o dira sengwe.”
Ka gone tlhomamisa gore o botse jaana pele, “A nka thusa?” Kana, “A go na le sengwe seo nka se dirang go go thusa?” O seka wa akanya fela ka bowena gore motho yo o golafetseng o batla gore o mo thuse; a ka nna a bo a sa batle.
“Selo seo se kgothatsang motho yo o golafetseng thata,” Bill o gakolola jalo, “ke gore o mo tshware jaaka motho yo o tlwaelegileng fela, o mo tseye ka tsela eo o neng o ka tsaya motho ope fela o sele ka yone.” Ke boammaaruri, bangwe ba ka nna ba fitlhela seno se le boima go ka se dira. Go ka nna ga bo go na le sengwe seo se ba kgoreletsang ka namana mo mogopolong kana mo maikutlong seo se tsenang fa gare ga bone le batho ba ba golafetseng. Lefa go ntse jalo, fa re ntse re ba itse go ya pele jaaka batho, ga re tlhole re akanya go le kalo ka bogole jwa bone.
Ed, yoo o nang le dingwaga di le dintsi a le mo phuthegong e le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, o tlhalosa jaana: “Bontsi jwa ditsala tsa me ga di akanye ka nna jaaka motho yo o golafetseng. Tota ebile, mo tirong ya rona ya go rera phatlalatsa, ba atisa go nthomela loetong lwa go boela kwa ntlong e e nang le matlhatlaganyane a le lesome a ditepisi! Mme e bo e re morago ga moo ke bo ke boela morago go ya go ba bolelela gore ba romele mongwe o sele.”
A Ed o galefisiwa ke fa ditsala tsa gagwe di lebala ka ditlhaelo tsa gagwe tsa mo mmeleng? Le eseng. Jaaka fa a lotlega jaana: “Ke selo se se molemo thata go bo ba akanya gore ga ke tlhoke thuso epe. Ke itumelela seo, ka gonne jalo ke ikutlwa gore mo go bone ga ke motho yo o golafetseng, mme go na le moo ke motho yo mongwe fela yo o sa golafalang.”
Dithuso Tseo Di Leng Teng
Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo kwa dinageng di le dintsi go thusa batho bao ba golafetseng mo mmeleng. Mekgatlho e le mentsi e e farologaneng, dikuno, mmogo le ditirelo di gone go ka ba thusa gore ba ipelele go tshela ba itirela dilo ka bobone. Mo mafelong a le mantsi, selo seo motho a tlhokang go se dira fela ke gore a lebe mo bukeng ya dinomoro tsa megala ya lefelo leo go bona tshedimosetso e eleng malebana le mekgatlho eno le ditirelo tsa yone.
Dikago di le dintsi tsa botlhe le madirelo a botlhe jaanong a dirwa ka tsela eo eleng gore a kgona go ka dirisiwa le ke batho ba ba golafetseng. Difofane dingwe mmogo le mekgatlho ya bajanala e tsaya batho ba ba golafetseng mo loetong lo lo kgethegileng lwa bojanala. Mme gompieno batho ba ba golafetseng maoto le matsogo ba ka nna ba kgona go ikgweeletsa ka bobone ba le mo dikoloing le mo dibeneng tseo di diretsweng bone ka tsela e e kgethegileng.
Botegeniki jwa segompieno, joo mo makgetlong mangwe bo ileng jwa kgona go dira gore go kgonagale gore go nne le sengwe seo se emisetsang tiro ya methapo e e gobetseng, bo ile jwa kgonisa batho ba ba rileng ba ba golafetseng gore ba kgone go tsamaya. Dr. J. Petrofsky, yoo eleng ene motho wa ntlha go dira patlisiso mo tirong eno, lefa go ntse jalo o dumalana gore batho ba ka nna ba nna le ditsholofelo tseo eseng tsa boammaaruri malebana le botegeniki jono. Ba ka nna ba dumela gore bo tla kgonisa motho ope fela yoo o golafetseng gore a boele a tsamaye gape. “Seo o ka se dirang fela ke gore o bue puo phaa,” Dr. Petrofsky o bolela jalo, “mme o leke go ba bolelela gore tota patlisiso eo e eme kae. Ntlha ke gore, ga re fodise lefa e ka nna eng fela.”
Phodiso ya Mmatota
Lefa go ntse jalo, phodiso eo eleng ya boammaaruri ebile e le e e nnelang ruri ya bogole jwa mefuta yotlhe jwa mo mmeleng e tlaare, ka nako ya teng, ya nna gone. Tsholofelo eno ya boammaaruri ya go ka kgona go tsamaya gape ke yone e ileng ya tshegetsa Ed le go mo thusa gore a kgone go ka itshokela bogole jwa gagwe mo dingwageng tseno tsotlhe. Bibela e solofetsa jaana: “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”—Isaia 35:5, 6.
Go fodisiwa ga mefuta yotlhe ya bogole go tla nna teng gone mono mo lefatsheng fa Bogosi jwa Modimo e tla bo e nna jone bo tsayang marapo mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa batho. (Daniele 2:44) Eleruri, Bogosi jwa Modimo, joo Keresete a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba bo rapelele, bo tlile go tlisa lefatshe le lesha leo tsholofetso eno ya Bibela le yone e tlileng go diragadiwa: “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Isaia 33:24; Mathaio 6:9, 10.
Ka nako eo Bill a neng a diragalelwa ke kotsi ka yone, o ne a sa itse se se bolelwang ke ditsholofetso tseno tsa Bibela, lemororo a ne a ntse a tlotla Bibela thata ka dinako tsotlhe. Mo dingwageng tsa ntlha di le tlhano a golafetse, o ne a simolola go dirisa diokobatsi mo go maswe. “Ke ne ke ile ka dirisa diokobatsi kwa Vietnam go ka iphalosa mo dilong tse di boifisang,” o bolela jalo, “mme morago ga moo ke ne ka di dirisa gore ke tle ke kgone go itshokela botshelo jwa mo kolotsaneng ya digole.”
Lefa go ntse jalo, ka 1974, ka thuso ya Basupi ba ga Jehofa, Bill o ne a simolola go dumela gore ruri Bibela e boammaaruri le gore ditsholofetso tsa yone di ikanyega eletota. “Go tloga ka nako eo go ya pele,” o ne a bolela jalo, “dikgapa, jaaka go ka tualo, di ne tsa wa mo matlhong a me!” Dikgwedi di le supa morago ga moo Bill o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa Modimo, mme ka bonako ene le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola botshelo ba le mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka babulatsela mmogo.
Fa Bill a akanya ka dilo tseo di mo diragaletseng mo nakong e e fetileng, o dumalana gore kotsi ya gagwe mmogo le go golafala goo go ileng ga mo diragalela ka ntlha ya seo e ne e le dilo tse di botlhoko. “Mme lefa go ntse jalo,” o otlelela gore, “ke bapetse dilo di le dintsi ka ntlha ya go gobala gono.” A ka bolela jang jalo?
“Ga ke dumele sentle gore a nkabo ke le Mokeresete wa boammaaruri gompieno fa e ne e se ka ntlha ya bogole jono,” o tlhalosa jalo. “Pele, ke ne ke le boikgantsho thata, ke le mabela thata, mme gongwe nkabo ke ile ka seka ka nna mo lefelong le le lengwe ka nako e telele ka mo go lekaneng gore nka amogela molaetsa wa Bokeresete.”
Ka gone jaanong, jaaka Ed, Bill o na le tumelo e e nonofileng ya gore e tlaare mo bogautshwaneng mo lefatsheng le lesha la Modimo, o tla boela gape a kgona go ka dirisa mmele wa gagwe ka botlalo. Mme go sa kgathalesege go bo boemo jono bo bonala go sena tsholofelo ka gope mo go jone, motho ope fela yo o golafetseng a ka nna le tsholofelo e e tshwanang mo maatleng ao Modimo o nang le one a go fodisa. Pelo ya motho yo o ntseng jalo e ka nonotshiwa letsatsi le letsatsi ke tsholofelo eno: “Ke a itse gore ke tla boa ke tsamaya gape!”—Re se filwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Go sa kgathalesege bogole jwa gagwe, Ed o nna le seabe ka botlalo mo bodiheding jwa Bokeresete