LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 10/8 ts. 31
  • Ditlamorago tsa go sa Ikanyege

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlamorago tsa go sa Ikanyege
  • Tsogang!—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Re Maselamose E Bile Ga Re Medimo
    Tsogang!—1994
  • Jehofa o Segofaditse go Emela ga Bone Molao wa Gagwe ba Tiile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Sireletsa Bana ba Lona mo Tirisong ya Madi E e Sa Tshwanelang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • A o Ipaakanyeditse go ka Lebana le Boemo Jwa Tsa Kalafi jo bo Gwetlhang Tumelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 10/8 ts. 31

Ditlamorago tsa go sa Ikanyege

CASEY LUNSFORD o ne a tshwerwe ke diphio. Dingaka di ne tsa lekanyetsa gore mosimane yono yo o nang le dingwaga di le tharo le sephatlo o ne a tla tswelela a tshela ka dikgwedi tse dingwe di le tharo fela kana di le nne fa a ne a sa tsenngwe phio e nngwe. Batsadi ba gagwe, bao eleng Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba dumalana gore a ariwe; tota ebile, rraagwe Casey e ne e le ene a tlileng go ntsha nngwe ya diphio tsa gagwe ka namana gore e tsenngwe mo mosimaneng.a Selo seo ba neng ba dumalana ka sone e ne e le gore go seka ga dirisiwa madi ape—Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ka ntlha ya mabaka a Dikwalo.—Bona Ditihō 15:20.

Balelapa la ga Lunsford ba ne ba rulaganyetsa gore dikaro tseno di direlwe kwa kokelong ya Texas eo e neng e na le rekoto e e itsegeng ya go jalelela diphio ka katlego e dira jalo kwantle ga go tshela madi. Mme lefa go ntse jalo kokelo nngwe eo e neng e le dikilometara di sekae fela go tswa mo legaeng la boora Lunsford kwa California e ne e iketleeleditse go ka dira karo eno kwantle ga tshelo ya madi. Boora Lunsford ba ne ba tlhopha kokelo eno eo e neng e le yone e e gaufi.

Mo bekeng ya pele ga karo eo, badiredi ba kokelo eno le ngaka eo e neng e tlile go dira karo ba ne ba tlhomamisetsa batsadi bano gangwe le gape gore go ne go se kitla go tlhokega tshelo ya madi kana taelo e e tswang kwa kgotlatshekelo e neela tetla ya gore go dirwe jalo lefa batsadi ba gana. Lefa go ntse jalo, morago fela ga gore batsadi ba dumele karo eno, ngaka e ne ya simolola go dira dithulaganyo tsa gore e bone taelo e e tswang kwa kgotlatshekelo gore go patelediwe Casey gore a tshelwe madi. O ne a bo a kgona go dira gore modirediloago yoo a neng a le mo kgetsing eno a emisediwe ka mongwe fa a ne a gatelela gore batsadi ba na le tshwanelo ya gore ba itse kaga taelo epe fela e e tswang kwa kgotlatshekelo. Mo mosong o go neng go dirwa karo ka one, kokelo e ne ya tlatsa setifikeiti seo se neng se kopa taelo ya kgotlatshekelo ya gore Casey a tshelwe madi. Setifikeiti seno se ne sa dira gore go utlwale jaaka ekete Casey ka nako eo o ne a robetse a dutla madi mo godimo ga tafole eo a arelwang mo go yone, mme tota karo e ne e ise e simololwe! Ura morago ga karo eno, eo e neng ya dirwa ka katlego kwantle ga madi, Casey o ne a tshelwa madi.

Boora Lunsford ba ne ba makalela ngaka eno le kokelo eno kwa kgotlatshekelo ka ntlha ya go roba ditshwanelo tsa bone jaaka baagi le ka ntlha ya tsietso, go pateletsa, go utlwisa maikutlo a bone botlhoko ka boomo, le go sa dire tiro ka boikanyego. Morago ga tsheko eo e neng ya tsaya lobaka lwa dibeke di le nne, baatlhodi ba ne ba ya go e sekaseka ka malatsi a le mabedi le sephatlo mme ba busa katlholo kgatlhanong le ngaka le kokelo. Ba ne ba laelwa gore ba duele boora Lunsford madi a a kana ka R1 300 000.

Lemororo jaanong moatlhodi a tsholotse katlholo eo e leng malebana le go roba ditshwanelo tsa baagi a bo a laela gore ditatofatso tseo di leng malebana le tsietso mmogo le tse dingwe di sekwe sesha, maloko a boatlhodi a le 12 a ne a tlhatswegile pelo gore tsietso e e dirilweng ke kokelo mmogo le ngaka e ne e tshwanela tuelo e e kana ka R1 300 000. Babueledi ba lelapa ba ile ba bontsha gore ba tlile go tshegetsa tshwetso ya maloko ao a boatlhodi ka go dira boikuelo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Basupi ba leba dikaro tsa go jalololwa dikarolo tsa mmele e le kgang eo e ikaegileng ka segakolodi sa motho ka namana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela