LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 11/8 ts. 3-7
  • Go Rekisa Madi Ke Namane E Tona ya Kgwebo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rekisa Madi Ke Namane E Tona ya Kgwebo
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Madi A Motho A Ileng A Tswelela A Ntse A Busetsa ka Gone
  • Go Bona Poelo ga Mokgatlho O O sa Gwebeng
  • Kgwebo ya Lefatshe Lotlhe
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Kalafi ya go Tshelwa Madi—A e Na le Isagwe e e Tlhomameng?
    Tsogang!—2006
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Madi
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 11/8 ts. 3-7

Go Rekisa Madi Ke Namane E Tona ya Kgwebo

GOUTA e khibidu! Eno ke nngwe ya dilo tse di tlhwatlhwa kgolo fela thata, jaaka leina la motshameko le bontsha. Ke seedi se se tlhotlhwakgolo, khumo ya botlhokwa ya tlholego e e sa tshwantshiweng fela le gouta mme e tshwantshiwa gape le lookwane le magala. Lefa go le jalo, gouta e khibidu ga e epiwe ka diboro le ka go thuntshiwa ga ditalameite fa go nang le maje a botlhokwa gone mo majeng. E epiwa ka ditsela tsa boferefere mo ditshikeng tsa batho.

Mo lobating lwa kanamiso lo logolo lo lo mo mmileng o o tlhanaselang ka batho mo New York City go na le kopo e e reng, “mosetsanyana wa me o tlhoka madi, tsweetswee.” Dipapatso tse dingwe di rotloetsa jaana: “Fa o le motho yo o abang madi a gago, he o motho yo lefatshe leno le go tlhokang.” “Madi a gago a botlhokwa. Thusa.”

Go lemotshega fa batho ba ba batlang go thusa ba bangwe ba tsaya molaetsa ono tsia. Ba tlhomagana ba le ditlhopha tse dikgolo fela thata, lefatshe ka bophara. Kwantle ga pelaelo, bontsi jwa bone, mmogo le batho ba ba phuthang madi le ba ba tshelang madi ba batla go thusa ka bopeloephepa ba ba lwalang ebile ba dumela gore tota ba dira jalo.

Mme madi a motho a tshwarwa ke batho ba le bantsi ebile a dirwa dilo di le dintsi go feta kafa bontsi jwa rona bo lemogang ka gone, morago ga a sena go abiwa le pele ga a ka tshelwa mo mothong. Madi a motho a rotloetsa bopelotshetlha, fela jaaka gouta. A ka nna a rekisiwa go batla poelo a boe a rekisiwe gape go bona poelo e e kwa godimo go feta ya ntlha. Batho ba bangwe ba lwela ditshiamelo tsa go phutha madi a motho, ba a rekisa ka ditlhwotlhwa tse di kwa godimo, ba dire tšhelete e ntsi ka one, ebile ba kgona go a sutlhisa go tswa nageng e nngwe go ya go e nngwe. Mo lefatsheng lotlhe, go rekisa madi ke namane e tona ya kgwebo.

Mo United States, baabi ba madi ba kile ba bo ba duelwa gone fela fa ba sena go a aba. Mme ka 1971 mokwadi wa Moboritane Richard Titmuss o ne a tshwaya seo phoso ka go bolela gore tsamaiso eo ya Amerika e kotsi ka e hepisa bahumanegi le balwetsi go aba madi a bone e le fela go bona dirantanyana di sekae. O ile gape a seka a dumalana le seo ka gore e ne e le go tlhoka botho gore batho ba abe madi a bone go thusa ba bangwe ka tsela ya go gweba. Go lwantshana ga gagwe le seno go ile ga dira gore batho ba ba abang madi a bone a le mmogo mo United States ba seka ba tlhola ba duelwa (lefa gone mo dinageng tse dingwe tsamaiso eo e santse e dirisiwa fela thata.) Lefa go le jalo, seo ga se a ka sa dira gore thekiso ya madi e wele kwa tlase. Ka ntlha yang?

Kafa Madi A Motho A Ileng A Tswelela A Ntse A Busetsa ka Gone

Borasaense ba ile ba simolola go kgaoganya madi go ya ka dikarolwana tsa one, mo dingwageng tsa bo 1940. Tsela eno, e jaanong e bidiwang fractionation, e dira gore kgwebo ya madi e nne le dipoelo tse dikgolo le eleng go feta pele. Jang? Ebu, akanya ka seno: koloi ya modiro wa bogologolo e ka ja tšhelete e e fetang tlhotlhwa ya yone fa e ne e sa le ntšha ga tlhano, fa e tlhantlhamolotswe go bo go rekisiwa dikarolo tsa yone. Ka mo go tshwanang, fa madi a motho a kgaogantswe mme a rekisiwa dikarolwana tsa one kwa thoko a bona tlhotlhwa e e kwa godimo thata.

Polasema, eo e leng halofo ya madi a motho, ke karolwana ya madi e e nang le poelo ka mo go tlhomologileng. Ereka polasema e sena nngwe ya disele tsa madi—tse di jaaka disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, le platelets—e ka omelediwa ya bo ya bolokiwa. Mo godimo ga moo, moabi wa madi o ka aba polasema gabedi mo bekeng ka go dirwa plasmapheresis, mme o letlelelwa go aba madi a gagwe ga tlhano ka ngwaga fela. Ka tsela eno, go ntshiwa madi a le mmogo, polasema e bo e kgaoganngwa le madi, mme go tswa foo dikarolwana tsa disele di busediwa gape mo moabing yoo.

Ba ba abang madi a bone mo United States ba santse ba letlelelwa go duelelwa polasema ya bone. Mo godimo ga moo, ba ba abang madi a bone mo nageng eo ba neelana ka polasema e e oketsegileng ganè mo ngwageng go feta se se akantshiwang ke ba World Health Organisation! Ka gone, ga go gakgamatse go bo United States e kgona go phutha go feta 60 lekgolong ya polasema e lefatshe le e ntshang. Polasema eo yotlhe ka boyone e ka tshwara diranta tse di dimilione tse 1 170, mme fa e rekisiwa e bona tšhelete e ntsi go feta ka go bo polasema le yone e ka kgaoganngwa ka metswako e e farologaneng. Polasema ke motheo wa intaseteri e e bonang R5 200 000 000 ka ngwaga, lefatshe ka bophara!

Japane e dirisa polasema e e ka nnang nngwetharong ya lefatshe, go ya ka pampiri ya dikgang ya Mainichi Shimbun. Naga eo e e romelela 96 lekgolong ya karolwana eno ya madi, e bontsi jwa yone bo tswang kwa United States. Naga eo e ile ya bidiwa go twe “senwamadi sa lefatshe” ke batshwayadiphoso mo Japane, mme ba Lephata la Japane la Botsogo le go Tshela Sentle ba ile ba leka go thibela papadi eno, ba bontsha gore ga go botlhale sentle go gweba ka madi a motho. Ebile tota, ba Lephata leo ba ganetsana le seo ba bolela gore mekgatlho ya kalafi mo Japane e bona poelo ya R520 000 000 ngwaga le ngwaga go tswa mo karolwaneng ya polasema e le nngwe fela, e leng albumin.

Federal Republic of Germany e dirisa metswako ya madi go feta dinaga tse dingwe tsa Yuropa di kopane, e dirisa e mentsi mo mothong a le mongwe fela go feta naga epe fela mo lefatsheng. Buka ya Zum Beispiel Blut (Ka Sekai, Madi) e bolela jaana ka metswako ya madi: “E e fetang sephatlo e tswa kwa mafatsheng a mangwe, segolobogolo go tswa kwa U.S.A., mme gape e mengwe e tswa kwa Mafatsheng a a Fatlhogang. Lefa e ka tswa e tswa kae fela e tswa mo bahumaneging, ba ba batlang go tokafatsa itsholelo ya bone ka go aba polasema ya bone.” Batho ba bangwe bano ba ba humanegileng ba rekisa madi a bone a le mantsi mo ba bileng ba swa ka ntlha ya go bo ba tlhaela madi mo mmeleng.

Marekisetso a mantsi a kgwebo ya polasema bontsi jwa one a beilwe ka boferefere mo dikgaolong tsa batho ba ba humanegileng kana mo melelwaneng ya dinaga tse di sa itsholelang. Ba gogela bahumanegi le batlhoki, bao botlhe ba ratang go rekisa polasema e le gore ba bone madi ebile ba na le lebaka le le utlwalang la go a aba go feta ka mo ba ka kgonang ka gone kana go loba makoa ape a ba ka tswang ba na nao. Papadi eno ya polasema e mo dinageng di le 25 go dikologa lefatshe. Fa fela e kganelwa mo nageng e nngwe, e simologa gape mo go e nngwe. Go neela batlhankedi pipa molomo go e sutlhisetsa mo nageng e nngwe kwantle ga tetlelelo le ke selo se se tlwaelegileng thata.

Go Bona Poelo ga Mokgatlho O O sa Gwebeng

Mme moragonyana jaana mekgatlho ya poloko ya madi a motho e e sa gwebeng e ile gape ya tshwaiwa phoso mo go botlhoko. Mmegi wa dikgang ebong Andrea Rock o ile a kwala mo makasineng wa Money ka 1986 gore mekgatlho ya poloko ya madi a motho e reka yuniti e le nngwe fela ya madi a motho ka R149,50 go baabi ba madi, le gore dikokelo di e reka kwa mekgatlhong ya poloko ya madi a motho ka R228,80, mme gore molwetsi a tshelwe yuniti e le nngwe fela mo mmeleng o e reka ka R975 go ya go R1 560.

Fa e sale ka nako eo a seemo se ile sa fetoga? Mmegadikgang Gilbert M. Gaul wa The Philadelphia Inquirer o ile a kwala metseletsele ya ditlhogo mo pampiring ya dikgang kaga tsamaiso ya mabolokelo a madi a motho ya U.S. ka September 1989.a Morago ga patlisiso e e tsereng lobaka lwa ngwaga, o ile a bega gore mekgatlho ya poloko ya madi a motho e lopa batho gore ba abe madi a bone go tswa foo e bo e rekisetsa mekgatlho e mengwe ya mabolokelo a madi mo e ka nnang sephatlo sa madi ao, go bona poelo e kgolwanyane. Ka yone tsela eno Gaul o ile a fopholetsa gore mekgatlho ya poloko ya madi a motho e rekisa dilitara tsa madi tse di ka tshwarang halofo ya milione ngwaga le ngwaga e le kgwebo e e sa tlhomamang e e ka dirang R130 000 000 ka ngwaga, e e dirang fela jaaka thekiso ya dishere.

Lefa go le jalo, phapang e kgolo ke gore: Ga se puso e e laolang go rekisiwa gono ga madi a motho. Ga go na ope yo o ka lekanyetsang gore go dirwe ka bogolo jo bo kana kang, re sa bue sepe ka go lekanyetsa ditlhotlhwa tsa gone. Ebile bontsi jwa ba ba abang madi a bone ga ba itse sepe ka seo. “Batho baa tsiediwa,” motho mongwe yo o kileng a bo a bereka mo polokong ya madi o boleletse The Philadelphia Inquirer jalo. “Ga go na ope yo o ba bolelelang gore madi a bone a tlisiwa kwa go rona. Fa ba ne ba ka itse ka seo ba ne ba tla gakala fela thata.” Motlhankedi mongwe wa Sefapaano Se Sehibidu o ile a bua jaana ka bokhutshwane. “Ka dingwaga tse dintsi baboloki ba madi a motho ba ile ba tsietsa batho ba Amerika.”

Ngwaga le ngwaga mekgatlho ya poloko ya madi a motho e phutha dilitara di le dimilione tse 6,5 tsa madi, mo United States fela, mme diyuniti di le dimilione tse 30 tsa metswako ya madi a motho ba di rekisa ka tšhelete e e kanang ka dimilione tse di dikete di le 2,6 tsa diranta. Ano ke madi fela a mantsi. Mekgatlho ya poloko ya madi a motho ga e dirise lefoko “poelo.” Segolobogolo ba rata gore go twe “tšhelete e e setseng morago ga ditshenyegelo.” Ka sekai, go tswa ka 1980 go ya go 1987 mokgatlho wa Sefapaano Se Sehibidu o ile wa dira tšhelete e e kanang ka diranta di le dimilione tse 300 tsa “tšhelete e e setseng morago ga ditshenyegelo.”

Mekgatlho ya poloko ya madi e gatelela gore ke makgotla a a sa gwebeng. Ba bolela gore madi a bone ga a ye kwa go beng ba dishere, e seng jaaka makgotla a magolo a setlhopha sa Wall Street. Mme fa e le gore mokgatlho wa Sefapaano Se Sehibidu o ne o na le bangwe ba ba nang le dishere, he o ne o tla nna mo seemong sa makgotla a kgwebo e kgolo a a mo United States, a a tshwanang le General Motors. Mme batlhankedi ba mekgatlho ya poloko ya madi a motho ba amogela tšhelete e e kwa godimo fela thata. Batlhankedi ba 25 lekgolong ba mekgatlho ya poloko ya madi a motho a a 62 a a ileng a sekasekiwa ke The Philadelphia Inquirer, ba ile ba dira tšhelete e e fetang R260 000 ka ngwaga. Ba bangwe ba ile ba dira tšhelete eo e menagane gabedi.

Basimegi ba mekgatlho ya poloko ya madi ba bolela gape fa ba sa “rekise” madi a motho a ba a phuthang—go na le moo ba duedisa tiro e e dirwang mo go one fela. Mosimegi mongwe wa mekgatlho ya poloko ya madi a motho o ganetsana le seo gotlhelele ka go re: “Fa mokgatlho wa Sefapaano Se Sehibidu o bolela gore ga o rekise madi ke kgopisega fela thata. Seo se tshwana fela le fa ba suphamakete ba bolela gore ba go duedisa fela bokoso ya mashi eseng mashi.”

Kgwebo ya Lefatshe Lotlhe

Go rekisiwa ga madi a motho a le mmogo ke kgwebo mo lefatsheng lotlhe, fela jaaka thekiso ya polasema. Mme go ntse fela jalo le ka go tshwaiwa diphoso ga yone. Ka sekai, ka October 1989, mokgatlho wa Sefapaano Se Sehibidu wa Japane o ile wa gakatsa batho fela thata fa o ne o leka go pateletsa bagwebi ba Japane go dira ka tsela ya one ka go fokotsa ditlhotlhwa tsa metswako e e ntshitsweng mo mading a batho a a abilweng fela thata. Dikokelo di ile tsa bona dipoelo tse dikgolo ka go bolela mo diforomong tsa bone tsa enshorense gore ba rekile madi ka ditlhotlhwa tse di tlhomilweng.

Dinaga tse dingwe tsa Asia di ile tsa tshwanela go emisa kgwebo ya gouda e khibidu ka go kganela gore baabi ba madi a motho ba duelwe, go ya ka pampiri ya dikgang ya Thailand ebong The Nation. Mo India batho ba ba 500 000 ba rekisa madi a bone e le go leka go itshedisa. Ba bangwe ba ikgakantsha gantsi e le gore ba kgone go aba madi a bone go feta kafa go letlelesegang ka gone, ka gonne ba onaletswe ebile ba humanegile. Mekgatlho eno ya poloko ya madi e ile ya ntsha madi a ba bangwe go feta selekanyo ka boomo fela.

Piet J. Hagen o bolela gore ditiro tsa go sa ikanyege tsa mekgatlho ya poloko ya madi di maswe fela thata mo Brazil, go ya ka buka ya gagwe ya Blood: Gift or Merchandise. Mekgatlho ya poloko ya madi a motho ya kgwebo e mentsintsi mo Brazil ke kgwebo e e tsenyang diranta di le dimilione tse 182 e e gogelang batho ba ba seng podimatseba. Mo Bogotá, Colombia bahumanegi le ba ba sa berekeng ba ologela kwa mekgatlhong ya poloko ya madi a motho e e senang palo, go ya ka buka ya Bluternte (Thobo ya Madi). Ba rekisa halofo ya litara ya madi a bone ka bonnyennyane jwa di-peso di le 350 go ya go di le 500. Mo halofong ya litara e e tshwanang ya madi balwetsi ba ka nna ba duelela halofo eo ya litara go tswa mo di-peso di le 4 000 go ya go di le 6 000!

Ka phepafalo, go tswa go se se boletsweng fa godimo, go lemotshega boammaaruri jono mo lefatsheng lotlhe: Go rekisa madi ke namane e tona ya kgwebo. ‘Mme phoso ke eng ka gone? Ke ka ntlhayang fa madi a motho a sa tshwanela go nna kgwebo e kgolo jaana?’ ba bangwe ba ka nna ba botsa jalo.

Ebu, ke eng se se dirang gore batho ba le bantsi ba tlhobaele ka kgwebo e kgolo ka kakaretso? Ka sekai, fa kgwebo e kgolo e rotloetsa batho go reka dilo tse tota ba sa di tlhokeng, go supa bopelotshetlha; kana le eleng go feta moo, fa e le gore e tswelapele ka go pateletsa batho dilo dingwe tse di dirilweng tse di itsegeng di le kotsi, kana e sa batle go dirisa madi go dira gore dilo tse e di dirang di seka tsa nna kotsi.

Matshelo a batho ba ba dimilione godimo ga lefatshe a mo kotsing e kgolo, fa e le gore go gweba ka madi a motho go tlhotlheleditswe ke mofuta oo wa bopelotshetlha. A go gweba ka madi a motho go ile ga senngwa ke bopelotshetlha?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Polelo ya ga Gaul e ile ya gapa Sekgele sa Pulitzer sa Tirelo Morafe ka April, 1990. E ile ya dira gore go nne le kopano e kgolo ya go batlisisa ka intasereti ya madi a motho mo bofelong jwa 1989.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go Bapala ka Thari

Gongwe basadi ba se kae fela ba ba sa tswang go tshola bana ba ipotsa gore go diragalang ka thari ya bone, eleng togwa e kgolo e e otlang lesea fa le santse le le mo popelong. Dipatela di le dintsi di a e boloka, di e gatsetse, di bo di e rekisa, go ya ka The Philadelphia Inquirer. Ka 1987 fela, United States e ile ya romela dikilogerama di le dimilione tse 0,8 tsa thari kwa mafatsheng a a kwa moseja ga mawatle. Feme nngwe e e gaufi le Paris mo Fora, e reka ditone di le 15 tsa thari letsatsi le letsatsi! Dithari ke motswedi o o siamiseditsweng ruri wa polasema ya madi a mmè, eo e fetolelwang go dira melemo e e farologaneng ke kompone eo e bo e e rekisetsa dinaga di ka nna lekgolo.

[Kerafa/Setshwantsho mo go tsebe 4]

(For fully formatted text, see publication)

Dikarolwana Tsa konokono tsa Madi

Polasema: ke mo e ka nnang 55 lekgolong ya madi. E na le metsi a selekanyo sa 92 lekgolong; tse dingwe ke diporoteine tse di raraaneng, jaaka globulins, seedi sa serekhu, le tlhae e tshweu

Platelets: di ka nna selekanyo sa 0.17 lekgolong mo mading

Disele tse di Tshweu: di ka nna selekanyo sa 0.1 lekgolong

Disele tse Dikhibidu di ka nna selekanyo sa 45 lekgolong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela