LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 11/8 ts. 7-11
  • A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bodiphatsa Jo AIDS E Seng Sepe Fa E Bapisiwa Najo
  • Bodiphatsa le Mekgatlho ya Poloko ya Madi
  • Go Itshireletsa ga Yone
  • Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dipotso tsa Thuto tsa Boroutšhara ya Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Madi
    Go Fetolana ka Dikwalo
Tsogang!—1990
g90 11/8 ts. 7-11

A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?

“Go tshwanetse ga bo go swa batho ba le kana kang? Lo batla gore go bo go swa batho ba le kana kang? Re boleleleng gore e tla re lo tla dumela gore seno se a diragala go bo go tlhokafala batho ba le bontsi bo kana kang.”

MOTLHANKEDI wa CDC (U.S. Centers for Disease Control), Don Francis o ile a itaaganya feise ya gagwe mo tafoleng jaaka a ne a ntse a goa mantswe a a fa godimo kwa kokoanong le baemedi ba bagolo ba intaseteri ya mokgatlho wa poloko ya madi. CDC e ne e leka go tlhatswa pelo ba mekgatlho ya poloko ya madi gore AIDS e ne e anamisiwa ke madi a a tswang mo morafeng.

Ba mekgatlho ya poloko ya madi ba ile ba seka ba tlhatswega pelo. Ba ne ba re bosupi joo ga bo utlwale gotlhelele—gore e ne e le ditiragalo di se kae fela tsa go nna jalo—mme ba ile ba fetsa ka gore ba seka ba tlhatlhoba madi ka mo go tseneletseng kana go a tlhatlhobisa. Seo e ne e le ka January 4, 1983. Morago ga dikgwedi tse thataro, mookamedi wa American Association of Blood Banks o ile a gatelela seo jaana: “Ga go na bodiphatsa jo bo kalo, fa gongwe ebile ga bo nne gone gotlhelele mo bathong ka kakaretso.”

Mo go bomankge ba le bantsi, go ne go setse go na le bosupi jo bo lekaneng jwa gore go tshwanetswe ga tsewa kgato e e rileng. Mme fa e sa le ka yone nako eo, se go neng go twe ke “ditiragalo di sekae fela” di ne tsa oketsega ka mo go gakgamatsang. Pele ga 1985, batho ba ba ka nnang 24 000 ba ile ba tshelwa madi a a nang le megare ya HIV (Human Immunodeficiency Virus), eo e bakang AIDS.

Madi a a leswafetseng ke tsela e e kgonang go anamisa megare ya AIDS ka mo go gakgamatsang. Go ya ka The New England Journal of Medicine (ya December 14, 1989), yuniti e le nngwe fela ya madi e ka tswa e na le megare e e lekaneng go ka baka malwetse a a tshelanwang a le dimilione tse 1,75! CDC e ne ya bolelela Tsogang! gore ka June 1990, mo United States fela, batho ba le 3 506 ba ne ba setse ba na le AIDS ka ntlha ya go bo ba ne ba ile ba tshelwa madi, dikarolwana tsa madi, le go bo ba ne ba ile ba tsenngwa ditogwa tsa batho ba bangwe.

Mme seo ke dipalo fela tse di sa reyeng sepe. Di ka se simolole go bontsha bogolo jwa masetlapelo a motho a nnang nao. Ka sekai, akanya ka masetlapelo a ga Frances Borchelt, wa dingwaga tse 71. Ka bopelokgale o ile a bolelela dingaka gore ga a batle go tshelwa madi. Lefa go le jalo o ile a tshelwa madi. O ne a swa loso lo lo botlhoko a bolawa ke AIDS fa ba lelapa la gagwe ba ne ba lebile fela go sena kafa ba ka mo thusang ka gone.

Kana akanya ka masetlapelo a a neng a wela mosetsana wa dingwaga tse 17, yo, ka baka la go tshologa madi a mantsi fa a ne a bona setswalo, a neng a tshelwa diyuniti tse pedi tsa madi e le fela gore a seka a bolawa ke anemia. Fa a ne a le dingwaga tse 19 ebile a imile, o ne a fitlhela gore o na le megare ya AIDS ka ntlha ya go bo a ile a tshelwa madi. Fa a le dingwaga tse 22 ke fa a simolola go bolawa ke AIDS. Kwantle ga go lemoga gore o tla tloga a swa ka ntlha ya AIDS, o ne a sala a ipotsa gore a o ka tswa a fetiseditse bolwetsi joo mo ngwaneng wa gagwe. Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ba ntseng ba welwa ke matlhotlhapelo ao baa oketsega, go simolola ka masea go fitlha le kwa bagolong.

Ka 1987 buka ya Autologous and Directed Blood Programs e ile ya bua jaana ka bohutsana: “Mo e ka nnang ka bofefo fela fa ditlhopha tsa ntlha tsa batho ba ba neng ba le kotsi go ka tshela ba bangwe bolwetsi joo di sena go lemogiwa, go ne ga diragala se se neng se sa lebelelwa: ga bonala gore bolwetse jono jo tota bo bolayang batho [AIDS] bo ne bo ka anamisiwa ke madi a a abiwang ka boithatelo ebile go ne go ntse jalo. Seno e ne e le go thulana mo go utlwisang botlhoko thata go gaisa mo dikgannyeng tsotlhe tsa kalafi; gore mpho e e nayang botshelo e e tlhotlhwa kgolo eno ya madi e ne e ka fetoga sebetsa sa loso.”

Le eleng melemo eo e dirilweng ka polasema e ne ya thusa go anamisa sebetso seno go dikologa lefatshe. Ba ba nang le bolwetsi jwa hemophilia, ba bontsi jwa bone bo dirisang sengwe se se remisang polasema go alafa malwetsi a bone, ba ne ba swa ba le bantsi. Mo United States, fa gare ga 60 le 90 lekgolong ya bone e ne ya tsenwa ke AIDS pele ga go simololwa go baakanya molemo ka go o gotetsa e le go ntsha HIV mo go one.

Le eleng mo motlheng ono, madi a santse a nna le AIDS. Mme bodiphatsa jwa tshelo ya madi ga se go tsenya AIDS fela. Ga go a nna jalo gotlhelele.

Bodiphatsa Jo AIDS E Seng Sepe Fa E Bapisiwa Najo

“Ke sengwe sa dilo tse di kotsi tota se re se dirisang go alafa,” Dr. Charles Huggins o bua jalo ka madi. Ke mokaedi mo tirelong ya tshelo ya madi mo sepateleng sa Massachusetts; he o tshwanetse a bo a itse. Batho ba le bantsi ba akanya gore tshelo ya madi ke fela go batla mongwe wa madi a mofuta wa gago. Mme kwantle ga mefuta ya ABO le ntlha ya Rh tse madi ka tlwaelo a nyalanngwang ka tsone gangwe le gape gongwe go ka nna le diphapang tse dingwe tse di ka nnang 400 kana go feta tse a sa tshwaneng ka tsone. Jaaka Denton Cooley yo o leng ngaka ya malwetsi a a amanang le pelo le ditshika tsa madi a lemotsha: “Tshelo ya madi ke go fudusetsa serwe sa motho mo go yo mongwe. . . . . Ke akanya gore go na le go sa tshwaneng ga mofuta mongwe mo e ka nnang mo mading a batho botlhe le ao ba a tshelwang.”

Jaaka ngaka nngwe e ile ya tlhalosa, ga go gakgamatse gore tshelo ya seedi seo se se raraaneng e ka kgona go “gakisa” tsela ya go lwantsha bolwetse mo mmeleng. Tota ebile, tshelo ya madi e ka khutlisa ditwantshamalwetse ka lobaka lwa ngwaga. Mo bathong bangwe, eno ke ntlha e nngwe ya tse di tshosang tsa tshelo ya madi.

Gape go na le malwetse a a tshelanwang. A na le maina a a sa tlwaelegang, jaaka bolwetse jwa Chagas le cytomegalovirus. Diphelelo tsa teng di simologa ka letshoroma le mhikela go felele ka loso. Dr. Joseph Feldschuh wa Cornell University of Medicine o bolela gore mo mabakeng a le 10 go na le kgonagalo e le 1 ya go tsenngwa bolwetse ke madi ao a a tshelwang. Go tshwana fela le fa o tshameka motshameko wa Se-Russia wa go tshameka ka tlhobolo ya matshamekwane o dirisa tlhobolo ya mesimana e e some ya marumo. Dipatlisiso tsa bosheng jaana le tsone di bontsha gore fa go dirwa karo ya bolwetse jwa kankere go tshelwa madi go ka nna ga oketsa bodiphatsa jwa gore bolwetse joo bo go boelele gape.

Ga go gakgamatse go bo thulaganyo ya dikgang tsa thelebishene e bontsha gore tshelo ya madi e ka nna sekgoreletsi se segolo mo go foleng ga karo. Batho ba le diketekete ba ba tshelwang madi ba tsenwa le go bolawa ke bolwetsi jwa sebete go feta ba ba bolawang ke AIDS, mme ga go buiwa thata ka jone. Ga go ope yo o itseng gore go swa batho ba le kae, mme motlhalefedi wa tsa itsholelo Ross Eckert o bolela gore e ka lekana le batho ba ba phatlakanang mo sefofaneng sa DC-10 se tletse kgwedi le kgwedi.

Bodiphatsa le Mekgatlho ya Poloko ya Madi

Mekgatlho ya poloko ya madi e ile ya arabela jang fa go bolelwa ka bodiphatsa jono jotlhe jwa kungo ya yone? Ga ba arabela sentle, batshwayadiphoso ba latofatsa jalo. Ka 1988 Report of the Presidential Commission on the Human Immunodeficiency Virus Epidemic e ile ya latofatsa intaseteri eo gore e “bonya ka mo go sa tlhokafaleng” go tsaya kgato malebana le matshosetsi a AIDS. Mekgatlho ya poloko ya madi e ile ya rotloelediwa go thibela maloko a ditlhopha tse go leng motlhofo gore di ka nna tsa tsenya ba bangwe bolwetsi joo go aba madi. Ba ne ba ile ba rotloelediwa go tlhatlhoba madi ka boone, ba tlhatlhobisa gore a ga a na ditshupo tsa gore a tswa mo bathong ba go leng kotsi go ka tsenya ba bangwe bolwetsi joo. Mekgatlho ya poloko ya madi e ile ya diega go dira jalo. Ba ile ba nyatsa bodiphatsa joo ba re ke go tshwenyega ka mo go feteletseng. Ka ntlha yang?

Mo bukeng ya gagwe ya And the Band Played On, Randy Shilts o latofatsa ka gore bangwe ba mekgatlho ya poloko ya madi ba ile ba ganana le tlhatlhobo e e oketsegileng “mo e batlang e nna ka mabaka a madi fela. Lefa gantsi e okamelwa ke makgotla a a sa gwebeng jaaka mokgatlho wa Sefapaano Se Sehibidu, intaseteri ya madi e ile ya dira tšhelete e ntsi, ya amogela [diranta tse di dimilione tse di dikete di le 2,6] ka ngwaga. Kgwebo ya bone ya go ntsha madi a ditshelo tsa madi di le dimilione tse 3,5 ka ngwaga e ile ya tshosediwa.”

Mo godimo ga moo, ereka mekgatlho ya poloko ya madi e e sa gwebeng e ikaegile thatathata ka madi a a abiwang ka boithatelo, ba tshaba go kgopisa ope wa bone ka go tlogela ditlhopha tsa bao go leng kotsi go ka tsenya ba bangwe bolwetsi joo, bogolo jang basodoma. Babueledi ba ditshwanelo tsa basodoma ba ile ba tlhagisa thata gore go ba iletsa go aba madi a bone go ne go tla kgoreletsa ditshiamelo tsa bone tsa selegae ebile go ne go tla nna jaaka ekete ba mo dikampeng tsa pogisetso tsa motlha ono.

Go latlhegelwa ke baabi ba madi le go oketsa ditlhatlhobo tse disha le gone go ne go tla ja tšhelete e ntsi thata. Ka dikgakologo tsa 1983, Stanford University Blood Bank e ile ya nna yone ya ntlha go dirisa tlhatlhobo e sele mo mading, e le se se neng se ka supa gore a madi a tswa go baabi ba ba diphatsa thata go ka tsenya ba bangwe AIDS. Ba mekgatlho ya poloko ya madi ba bangwe ba ile ba kgala kgato eo ba re ke leano la kgwebo la go hepisa balwetse ba le bantsi. Go tlhatlhoba go tlhatlosa ditlhotlhwa. Mme jaaka banyalani bangwe ba ngwana wa bone a ileng a tshelwa madi ba sa itse sepe, ba tlhalosa: “Eleruri re ka bo re ile ra duela [R13] fa godimo mo [halofong ya litara] nngwe le nngwe” gore go dirwe ditlhatlhobo tseo. Lesea la bone le ile la bolawa ke AIDS.

Go Itshireletsa ga Yone

Bomankge bangwe ba bolela gore mekgatlho ya poloko ya madi e tsaya nako go tsaya kgato malebana le dikotsi tse di leng gone mo mading ka go bo ba sa batle go arabela diphelelo tsa go retelelwa ga bone. Ka sekai, go ya ka pego ya The Philadelphia Inquirer, FDA (U.S. Food and Drug Administration) e ikarabelela mo go boneng gore mekgatlho ya poloko ya madi e mo seemong se se siameng, mme e ikaegile thata ka mekgatlho ya poloko ya madi go tlhoma maemo ao. Mme bangwe ba batlhankedi ba FDA ke ba e neng e le baeteledipele ba intaseteri ya madi. Ka gone, makgetlo a mekgatlho ya poloko ya madi a motho a neng a tlhatlhobiwa ka one a ile a fokotsega fa AIDS e ntse e oketsega!

Mekgatlho ya poloko ya madi ya U.S. e ile ya leka gape go tlhotlheletsa gore go bewe molao o o ba sireletsang mo ditshekong. Mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe, jaanong molao o bolela gore madi ke tirelo, eseng kungo. Seo se raya gore fa motho a sekisa mokgatlho wa poloko ya madi o tshwanetse go supa gore mokgatlho oo o nnile botlhaswa—sekgoreletsi se segolo sa semolao. Melao eo e ka kgona go sireletsa mekgatlho ya poloko ya madi mo ditshekong, mme e sa dire gore madi a siamele balwetsi.

Jaaka motlhalefedi wa tsa ikonomi Ross Eckert a tlhalosa, fa mekgatlho ya poloko ya madi e ne e ka pegwa molato wa madi a motho ao e a phuthang, e ne e tla dira mo gogolo go netefatsa boleng jwa one. Aaron Kellner yo o kileng a bo a bereka mo mokgatlhong wa poloko ya madi o dumalana le seno jaana: “Fa molao o sena go fetolwa go sekae, madi a motho a ile a nna tirelo. Mongwe le mongwe o ne a sena letsapa le mo fisang pelo, ke gore mongwe le mongwe, kwantle ga ba ba senang molato, eleng balwetsi.” O tswelela ka go re: “Gongwe re ka bo re kile ra bontsha go sa siamang ga one, mme ga re a ka ra dira jalo. Re ne re amegile ka kotsi e e ka re welang; a jaanong re ne re sa tlhola re amegile ka balwetsi?”

Phelelo e lebega e ka se ke e tilwe. Intaseteri ya mekgatlho ya poloko ya madi e kgatlhegela thata go sireletsega mo go tsa tšhelete go na le gore e sireletse batho mo kotsing ya kungo ya yone. Bangwe ba ka nna ba akanya ka go re ‘mme a tota dikotsi tseno tsotlhe di raya sengwe, ‘fa e le gore madi ke one kalafi fela e e leng teng go boloka botshelo? A mesola ya one ga e mentsi go feta dikotsi tsa yone?’ Tseno ke dipotso tse di molemo. Ditshelo tseo tsotlhe tsa madi di botlhokwa go le kana kang?

[Blurb on page 9]

Dingaka di dira maiteko a magolo go itshireletsa mo mading a balwetsi ba bone. Mme a balwetsi ba sirelediwa ka mo go lekaneng mo mading a ba a tshelwang?

[Box/Picture on page 8,9]

A Gompieno Madi A Sireletsegile mo go AIDS?

“Ke Dikgang Tse Di Molemo Kaga Madi,” go ne ga itsise jalo setlhogo se se mo go Daily News ya New York ka October 5, 1989. Setlhogo seo se ne sa bega gore kgonego ya go ka tsenwa ke AIDS ka ntlha ya go tshelwa madi ke 1 fela mo go 28 000. Go ne ga bolelwa gore, jaanong kgonego ya go thibela gore madi a seka a nna le megare eo, ke 99.9 lekgolong.

Ba intaseteri ya mekgatlho ya poloko ya madi a motho le bone ba na le tsholofelo e e tshwanang le eo. ‘Madi a a abiwang a sireletsegile go feta le fa e le leng pele,’ ba iphaka jalo. Mookamedi wa American Association of Blood Banks o ne a bolela gore bodiphatsa jwa gore motho o ka tsenngwa AIDS ke madi ao a a tshelwang bo “tlositswe gotlhelele.” Mme fa e le gore madi a sireletsegile, ke ka ntlha yang fa dikgotlatshekelo mmogo le dingaka ba a bitsa ka maina a a seng mantle a a tshwanang le “a botlhole” le gore “ga a a sireletsega gotlhelele”? Ke ka ntlha yang e re fa dingaka dingwe di ara motho di bo di apara seo se lebegang jaaka ekete ke diaparo tse di aparwang kwa lefaufaung, ba ipipa sefatlhego gotlhelele ka dimmaseke ebile ba rwele ditlhako tse di sa tseneng metsi, tsotlhe e le go tila go amana le madi? Ke ka ntlha yang fa dikokelo di le dintsi di kopa balwetse go saena foromo ya tumalano e le go golola kokelo mo boikarabelong jwa diphelelo tse di ka nnang gone tse di gobatsang tsa go tshelwa madi? A eleruri madi a sireletsegile mo malwetsing a a tshwanang le AIDS?

Go ka twe madi a bolokesegile fela ka baka la dikgato tse pedi tse di tsewang go a sireletsa: go tlhatlhoba baabi ba one le go tlhatlhobisa one madi ka boone. Di patlisiso tsa bosheng jaana di ile tsa bontsha gore go sa kgathalesege maiteko otlhe a a dirwang go tlhatlhoba baabi ba madi bao tsela ya bone ya go tshela e leng kotsi thata go ka tsenya ba bangwe AIDS, go santse go na le ba bangwe ba ba tilang go tlhatlhobiwa ba sa lemogiwe. Ba fa dikarabo tse di seng boammaaruri mo pampiring ya dipotso ba bo ba aba madi a bone. Ba bangwe ka boferefere fela ba batla go bona gore a bone ka bobone ba tswenwe ke bolwetse joo.

Ka 1985 mekgatlho ya poloko ya madi e ne ya simolola go tlhatlhoba madi go bona gore a a na le ditwantshabolwetse tseo mmele o di ntshang go lwantsha megare ya AIDS. Bothata jo bo leng gone ka tlhatlhobo eo ke gore motho o ka nna le megare ya AIDS ka nako e telele pele ga a ka simolola go nna le ditwantshabolwetse tseo go tlhatlhoba go ka di senolang. Nako eno e e kotsi e bidiwa lobaka lwa go sa itshupe ga bolwetse.

Kgopolo ya gore go na le kgonego ya gore motho a le 1 mo go ba ba 28 000 o ka tsenwa ke AIDS ka baka la go tshelwa madi e tswa mo patlisisong e e neng ya phasaladiwa mo The New England Journal of Medicine. Lokwalopaka loo lo ne lwa bolela gore lobaka lwa go sa itshupe ga bolwetse le ka nna palogare ya dibeke di robabobedi. Lefa go le jalo, ka June 1989, mo e ka nnang dikgwedi di sekae fela pelenyana ga seo, lone lekwalopaka leo le ne la gatisa patlisiso e e neng e konela ka go re lobaka lwa go sa itshupe bolwetse lo ka nna lo loleele go feta—dingwaga tse tharo kana go feta. Patlisiso eno ya pelenyana e ne ya lemotsha gore dinako tseo tse ditelele tsa go sa itshupe ga bolwetse e ka tswa e le tse di diragalelang batho ba le bantsi go feta kafa go neng go ntse go akanngwa ka gone, gape e ile ya bolela gore, se se maswe thata ke go re, batho bangwe ba ba lwalang ba ka nna ba seka ba nna le ditwantsha bolwetse tsa megare eo gotlhelele! Lefa go ntse jalo, patlisiso e e fang tsholofelo go feta eo e ne ya seka ya amogela diphitlhelelo tseno, e di bitsa gore “ga di tlhaloganyesege sentle.”

Ga go gakgamatse go bo Dr. Cory SerVass wa Presidential Commission on AIDS a ne a re: “Ba mekgatlho ya poloko ya madi ba ka nna ba tswelela ba ntse ba bolelela batho gore madi a ba nang nao a sireletsegile fela thata, mme batho ga ba sa tlhole ba dumela seo ka gobo ba lemoga gore ga se boammaaruri.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

CDC, Atlanta, Ga.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Madi A A Tshetsweng Batho le Kankere

Borasaense ba simolola go lemoga gore madi a a tshetsweng batho a ka kgoreletsa tsela ya go lwantsha bolwetse mo mmeleng le gore fa go sena se se ka lwantshang bolwetse se se ka ama mo go botlhoko ba ba aretsweng kankere bao ba neng ba ka tshela. Mo tokololong ya yone ya February 15, 1987, lekwalopaka le le bidiwang Cancer le bega ka patlisiso e e nayang lesedi e e ileng ya dirwa mo Netherlands. Lokwalopaka loo lo ile lwa bolela gore “mo balwetsing ba ba nang le kankere ya lela le legolo go ne ga lemotshega gore go tshelwa ga bone madi go ne go tla nna le phelelo e e botlhoko ya gore ba seka ba tshela lobaka lo loleele. Mo setlhopheng seno go ne ga nna le makgetlo a a neng a ntse a oketsega a ba ba neng ba tshela dingwaga di le 5 ka kakaretso ba le 48 lekgolong ya ba ba tshetsweng madi le 74 lekgolong ya ba ba sa a tshelwang.”

Kwa Yunibesething ya Southern California dingaka di ne tsa fitlhela gape gore balwetse ba ba aretsweng bolwetse jwa kankere bontsi jwa bone bo tsenwa ke bolwetsi jwa kankere gape fa e le gore ba ne ba tshelwa madi. Annals of Otology, Rhinology & Laryngology, ya March 1989, e ne ya bega ka patlisiso e e neng ya dirwa ya balwetsi ba le lekgolo ke dingaka tseno: “Batho botlhe ba ba neng ba na le kankere ya dikodu ba e neng ya ba tsena gape e ne e le 14 lekgolong ya ba ba neng ba seka ba tshelwa madi le 65 lekgolong ya bao ba neng ba a tshelwa. Mo go ba ba sa tshelwang madi, kankere ya molomo, kgokgotso, le dinko kana mantshwatshwa e ne ya ba boelela ka selekanyo sa 31 lekgolong le ka 71 lekgolong mo go ba ba tshetsweng madi.”

Mo setlhogong sa gagwe se se reng: “Go Tshelwa ga Madi le go Arelwa Kankere,” Dr. John S. Spratt o ne a fetsa jaana: “Ngaka ya kankere e ka nna ya tshwanela go ara kwantle ga madi.”—The American Journal of Surgery, September 1986.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Gore madi ke molemo o o bolokang botshelo ke kgang e go ngangisanwang ka yone. Mme ga go a nna jalo male-bana le ya gore a bolaya batho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela