Seedi sa Botlhokwa go Gaisa Tsotlhe mo Lefatsheng
Lefa go tshelwa madi go ne go ka latofadiwa jaaka dikungo tse di diphatsa ebile di sa tlhokafale tsa intaseteri e e dirang ka bopelotshetlha gangwe le gape, seo se ne se santse se ka seke se tlhalose gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi. Mabaka a bone a farologane gotlhelele ebile a botlhokwa fela thata. Ke mabaka afe ao?
GO MOTLHOFO fela gore lerothodi la madi le seka la tsewa tsia. Le rotoga fa motho a ngapilweng gone, kana fa o tlhabilweng ke kgokelo gone, e le serotobolonyana se sennye sa bohibidu jo bo phatsimang, mme re le tlhatswe kana re le sutlhe kwantle ga go akanya sepe.
Mme fa re ne re ka ipusetsa kwa morago go fitlhela ka nako ya fa re ne re le bannyennyane mo e leng gore serotobolonyana seno se ne se tshwana jaaka thaba mo go rona, re ne re tla bona gore mo teng ga bohibidunyana jono go na le boranyane jo bo gakgamatsang le thulaganyo. Mo lerothoding le le lengwe fela leo, go tlhanasela matsholotsholo a disele: Disele tsa madi tse dikhibidu di le 250 000 000, disele tsa madi tse ditshweu di le 400 000 le di-platelet di le 15 000 000, tseo e leng mengwe ya mephato fela. Fa di sena go simolola go dira mo ditshikeng tsa madi, letsholo lengwe le lengwe le dira tiro ya lone ka go farologana.
Disele tse dikhibidu di dikologa mo mafaratlhatlheng a a raraaneng a ditshika tsa madi, di tshotse okosejene go tswa mo makgwafong di e fetisetsa go sele nngwe le nngwe ya mmele ebile di ntsha carbon dioxide mo mmeleng. Disele tseno di dipotlana thata mo e leng gore mokoa wa tsone di le 500 o ka nna bogodimo jwa disentimetara di le 0,1 fela. Lefa go le jalo, mokoa wa disele tsotlhe tse dikhibidu mo mmeleng wa gago di ka nna bogodimo jwa dikilomitara tse 50 000! Morago ga go tsamaya mo mmeleng malatsi a le 120 makgetlo a le 1 440 ka letsatsi, sele e khibidu e a swa. Bogare jwa yone jo bo humileng tshipi bo dirisiwa gape ka mo go nang le matswela ka tsela nngwe, tse dingwe di a latlhiwa. Mo motsotswaneng o mongwe le o mongwe, dimilione tse tharo tsa disele tse dikhibidu di a tlosiwa, fa palo e e tshwanang ya tse dišha e dirwa mo mokong. Mmele o itse jang gore sele e khibidu e fitlhile mo nakong e e sa tlholeng e tshwanela go bereka? Borasaense ba tseana fela ka seo. Mme fa go ne go sena tsela eno ya go emisetsa disele tse dikhibidu tse dikgologolo, go ya ka ramelemo mongwe, “madi a rona a ne a tla lowa jaaka konkoreite mo dibekeng di sekaenyana fela.”
Fa dilo di eme jalo, disele tse ditshweu di a bo di kaila mo tsamaisong eo, di senka le go nyeletsa ditlhasedi tse di sa batlegeng. Di-platelet di kokoanela ka bonako fela fa go nang le ntho gone di bo di simolola go remisa madi di bo di thiba ntho eo. Disele tseno tsotlhe di mo seeding se se itshekileng, se se mmala wa lonaka lwa tlou se se bidiwang polasema, eo ka boyone e dirilweng ka metswako e mentsintsi, e bontsi jwa yone e nang le seabe sa go dira ditiro tse dintsintsi tse di dirwang ke madi.
Borasaense ka botlhale jotlhe jwa bone bo kopane ga ba tlhaloganye gotlhelele sotlhe se madi a se dirang, re sa bue sepe ka go ipusetsa ga one. A seedi seno se se raraaneng se ne se ka nna sepe fela fa e se tiro ya Modiri yo Mogolo? Mme a ga se mo go ka tlhomamisiwang gore Mmopi yono yo o fetang motho ka maatla o na le tshwanelo yotlhe ya go laola kafa dibopiwa tsa gagwe di tshwanetseng go dirisiwa ka gone?
Basupi ba ga Jehofa ba sale ka ba ntse ba akanya jalo. Ba tsaya Bibela jaaka lekwalo le le tswang kwa Mmoping wa rona leo le tshotseng dikaelo tsa gagwe tsa kafa re ka tshelang botshelo jo bo siameng thata ka teng; ke buka e e nang le sengwe se e se buang ka madi. Lefitiko 17:14 e bolela gore: ‘Moya wa nama yotlhe fela ke madi a yone’—legale, eseng ka mmatota, ka go bo Bibela gape e bolela gore setshedi ka bosone ke moya. Go na le moo, botshelo jwa meya yotlhe bo tsamaisana le madi a a mo go yone mo di sa kakeng tsa kgaogana ebile bo tshegediwa ke one mo e leng gore a lebiwa ka tshwanelo jaaka seedi se se boitshepo se se emelang botshelo.
Mo bathong ba bangwe, seo se thata go tlhaloganngwa. Re tshela mo lefatsheng leo le tsayang dilo di sekae fela di le boitshepo. Botshelo ka bojone bo tsewa bo le botlhokwa jaaka bo ne bo tshwanetse ka sewelo fela. Ka jalo, ga go gakgamatse mo go kalo go bo madi a rekwa ebile a rekisiwa fela jaaka thoto epe fela e e tlhotlhwakgolo. Mme bao ba tlotlang dithato tsa Mmopi ga ba a dirise ka tsela eo. Taolo ya Modimo go Noa le ditlogolwana tsa gagwe—e leng setho sotlhe—e ne e le ‘ga lo a tshwanela go ja madi.’ (Genesise 9:4) Makgolo a robabobedi a dingwaga moragonyana O ne a tsenya taolo eo mo Molaong wa gagwe go Baiseraele. O ne a o gatiseletsa phuthego ya Bokeresete gape makgolo a le lesome le botlhano a dingwaga moragonyana ka go re: ‘Lo ithibe mo mading.’—Ditihō 15:20.
Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsa molao oo segolobogolo e le ka go bo ba batla go utlwa Mmopi wa bone. Ka thuso ya setlhabelo sa loso lwa Morwawe yo o rategang, Mmopi o setse a abetse setho madi a a bolokang botshelo. A ka lelefatsa botshelo e seng ka dikgwedi kana dingwaga di sekae fela mme ka bosakhutleng.—Yohane 3:16; Baefesia 1:7.
Mo godimo ga moo, go ithiba mo go tshelweng madi go ile ga sireletsa Basupi mo diphatseng di le dintsi. Gompieno bontsintsi jwa batho kwantle ga Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi. Ka bonya ka bonya borakalafi ba setse ba arabela go seo ebile ba fokotsa tiriso ya bone ya madi. Fela jaaka Surgery Annual e tlhalosa: “Ka phepafalo, tshelo ya madi e e seng kotsi ke e e iseng e dirwe gotlhelele.” Lekwalopaka la Pathologist le ne la lemotsha gore Basupi ga ba Jehofa ga ba bolo go gatelela gore tshelo ya madi ga se kalafi e e botoka. E ile ya oketsa ka gore: “Go na le bosupi jo bo bogolo go tshegetsa mabaka a bone, go sa kgathalesege dikganetso go tswa go mekgatlho ya poloko ya madi eo e ganetsanang le seo.”
Ke mang yo o ka bonang go le botoka go mo ikanya? A ke Setshedi se se botlhale se se dirileng madi? Kana ke batho ba ba dirileng thekiso ya madi gore e nne namane e tona ya kgwebo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Tsela ya motho ya ditsamaisa madi, ka ditshikana (setshwantsho se se fa gare) tse ditshesane thata mo disele tsa madi di patelesegang go tsamaya mo go tsone di tlhomagane bongwe ka bongwe