LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 3/8 ts. 9-11
  • Fa O Etela Molwetsi—Kafa O Ka Thusang ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa O Etela Molwetsi—Kafa O Ka Thusang ka Teng
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mafoko A A Yang kwa go Ba Ba Botlhale le A A Tswang mo go Ba Ba Botlhale
  • Loeto lo Tseye Nako E E Kana Kang?
  • Thuso ya Gago ya go Dira Sengwe
  • Fa go Na le Bothata Jo Bo Masisi
  • Go Sekaseka Loeto lwa Gago le O le Dirileng
  • Dikokelo Fa O Le Molwetsi
    Tsogang!—1991
  • Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Lwala
    Tsogang!—2015
  • Tswelela o le Pelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Go Gomotsa ba ba Lwalang Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 3/8 ts. 9-11

Fa O Etela Molwetsi—Kafa O Ka Thusang ka Teng

Tsala nngwe ya gago e robaditswe kwa kokelong, mme tota o ka rata go mo etela. Ke eng se o tshwanetseng go se bua le go se dira? O ka mo ela eng? Ke eng seo se ka thusang segolobogolo? Mme a go na le dilo dingwe tse o tshwanetseng wa tila go di bua kana go di dira?

O batla gore loeto lwa gago e nne lo lo mosola, eseng fela go re “Dumela,” o bo o re “O tsogile jang?” ka go ikgolola mme ka bonako o bo o re “Sala sentle,” gongwe o bo o re “Sidilega tlhe” e le go oketsa fela. Ka jalo o ka dira jang?

Tlhagiso ya ntlha: Nna kelotlhoko malebana le nako e o etang ka yone. O ka nna wa botsa molwetsi kana ba lelapa la gagwe gore nako e e siameng e ka nna efe, jaaka nako eo ka yone a tla bong a sa tshwarega ka baeng ba bangwe kana balosika bao a atamalaneng le bone. Gongwe go botoka fa o eta mo maitseboeng a pele ga karo eleng nako eo ka yone molwetsi a ka solegelwang molemo ke motlotlo o o itumedisang o o lebatsang go na le morago fela ga karo, eleng nako eo a ka nnang a bo a le mo sediding kana a le mo ditlhabing ka yone.

Mafoko A A Yang kwa go Ba Ba Botlhale le A A Tswang mo go Ba Ba Botlhale

Re ka akanya ka polelwana eno ‘motlotlo o o itumedisang.’ Nna o lebeletse gore ke wena o tla simololang motlotlo fa o etile, mme o o boloke e le o o itumedisang. Motho yo o robaditsweng mo kokelong ga a tshwanela go itshwenya ka gore a go tshole sentle jaaka moeng wa gagwe. Ke wena o ka tsayang boikarabelo joo ka go nna le mokgwa wa go iketla le maikutlo a a botsalano. Jaanong, seo o tshwanetseng wa se bolela le seo o sa tshwanelang go se bolela.

O seka wa tla sefatlhego sa gago se hutsafetse kana se tlhontse, lefa seemo sa molwetsi se lebega se sa itumedise. “Pelo e e ntseñ mokete ke kalahō e e molemō,” go rialo mokwadi yo o botlhale wa Diane, “me mōea o o phatlogileñ o omeletsa marapō.” (Diane 17:22) Ka jalo, gakologelwa, ke boikarabelo jwa gago go boloka motlotlo o kgothatsa ebile o le monate.—Diane 25:11; bapisa Isaia 41:13.

Dikgang tsa bosheng jaana tse di tswang kwa lelapeng la molwetsi kana kwa phuthegong ya gaabo e ka nna tse di kgatlhisang ebile di aga, bogolo jang fa o tshotse dikgang tse di molemo. Gape, o seka wa lebala karolo eo metlaenyana e nang le yone mo go fodiseng; senka ditshono tsa go dira gore molwetsi a nyenye kana a tshege. Tekatekanyo e tlhokega thata mo kgannyeng eno. Ga o ete go ya go nna motho wa metlae kana go ya go kgatlha morafe mme o ya go bontsha kamego le kutlwelobotlhoko tsa mmatota.

Molwetsi gape o tlhoka go nna le tshepo. Jalo he, ela tlhoko gore o se ka wa bua bosula ka ngaka kana ka kokelo. Gantsi go ka nna molemo thata gore o se ka wa bapisa seemo sa molwetsi kana bothata jwa gagwe le sengwe seo se ka tswang se ile sa go diragalela ka namana kana wa mmapisa le bangwe bao ba neng ba na le bothata jo bo tshwanang, kwantle ga fa diphelelo e ne ya nna tse di itumedisang. Mongwe le mongwe o farologane, mme boemo jwa molwetsi mongwe le mongwe ga go na bope jo bo tshwanang le jone.—Diane 18:13.

Kakgelo ya bofelo kaga motlotlo wa gago: A o kile wa nna le boitemogelo jo bo fetsang maatla, jo bo lapisang jwa go nna le motho yo mafoko a gagwe a tswang fela jaaka marumo a tlhobolo ya kgotlamoreoitirise, a pomponyega jaaka merwalela ya metse a fologa Lephothophotho la Iguaçú? Seo se ile sa go lapisa, a ga go jalo? Ka jalo tsweetswee o seka wa itshwara jalo fa o etetse tsala ya gago kana wa losika yo o robaditsweng. Lefa go bua ga gago e tshwanetse ya nna mo go itumedisang ebile go kgothatsa, laola bontsi jwa mafoko a gago le lobelo lo o a buang ka lone. Ga go tlhokafale gore o ikutlwe o tshogile, jaaka ekete o tshwanetse wa dirisa motsotswana mongwe le mongwe o bua. Nakwana e lo e senyang mmogo lo didimetse le yone e ka gomotsa. Ee, tlhokomela gore o seka wa tlatseletsa go dira gore molwetsi a lape a lapisiwa ke baeng ba ba thelesegelang kwa go ene ba sa kgaotse mme ba mo tlhatlhelela ka mafoko a a sa feleng.

Loeto lo Tseye Nako E E Kana Kang?

Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, ba lelapa ke monka ba nna le molwetsi mo kokelong. Go ka nna ga lebelelwa gore ba tlhokomele motho yono ka go mo tlhapisa ba bo ba mo tlamele ka dijo, ka jalo ketelo e e ntseng jalo e ka nna ya tshwanelwa ke gore e lelefadiwe. Mme lefa go ntse jalo mo dikokelong ka bontsi, dinako tsa go eta di dikhutshwane gore molwetsi a seka a lapa mo go feteletseng le gore badiri ba kokelo ba kgone go dira ditiro tsa bone. Jalo he, gantsi loeto lwa gago ga lo a tshwanela go tsaya sebaka se se fetang oura fa e le gore o mongwe wa losika kana o tsala e e atamalaneng thata le molwetsi, mme le tseye sephatlo sa oura fa e le gore o motho fela yo o itseng molwetsi. Go tweng fa molwetsi a go kopa gore o nne lobaka lo lo telelenyana? Go ntse go ka nna molemo gore o lekanyetse nako e o e tsayang mo loetong lwa gago, ka gonne a ka nna a bo a lapile mme a dira phetso e e sa akanyediwang sentle. Gone ke boammaaruri, o tshwanetse gore o dirise botlhale, mme ntlha ya botlhokwa ke gore, o seka wa nna go feta selekanyo le fa o laleditswe go dira jalo.

Kgakololo eo e tlhoka go gatelelwa thata fa e le gore go setse go bonala gore molwetsi o na le baeng ba bantsi thata kana e le ba palo e e ka kgoreletsang thulaganyo ya mo kokelong. Ebile tota, fa o dira maeto a makhutshwanyane a le mantsi go botoka mme go bontsha gore o a amega go na le loeto lo longwe fela lo lo tsayang nako e telele. Gape, gakologelwa gore o tlhoka go nna botlhale fa molwetsi a na le balosika bao ba lebegang ka mokgwa mongwe ba na le letlhoo kana e sita le kilo go bo o le teng.—Bapisa Diane 25:17.

Thuso ya Gago ya go Dira Sengwe

Le eleng pele ga fa o tswa o ya go eta, mofuta o mongwe wa go ipaakanya e sale gale o tla thusa. A go na le sengwe se se mosola se o ka tlang ka sone? Go tweng ka sengwe se sesha se se balwang? Gongwe ka lone letsatsi leo o amogetse mo posong tokololo ya gago ya bosheng jaana ya makasine mongwe o molwetsi le ene a o itumelelang. Molwetsi a ka nna a amiwa ke gore o bo o iketleeleditse go abalana le ene tokololo ya gago e ntšha e o e ratang. O ka nna wa ba wa ithaopa go mmalela setlhogo se le sengwe kana tse pedi tseo o fitlhetseng di kgatlhisa segolobogolo.

Ke dilo dife tse dingwe tse o ka tlang ka tsone? Segopodisonyana se se jaaka dithunya kana maungo se ka dira gore a tlhole a itumetse. Se sengwe gape se se ka lapolosang e ka nna monamone nngwe e molwetsi a e ratang thata kana le eleng dijo tse di apeilweng kwa gae—fa e le gore go a letlelelwa. O ka botsa balelapa la gagwe kaga dijo tse di ntseng jalo kana wa botsa baoki le eleng pele ga fa o di tlisa mo phaposing.

Gape o ka nna wa botsa ngaka kana baoki gore a go na le sengwe gape seo o ka se tlisetsang molwetsi, kana se o ka se mo direlang seo se tla ba fokoletsang morwalo kana sa mo dira gore a ikutlwe a phuthologile botoka. Ba ka nna ba amogela thuso ya gago ka diatla tsoopedi.

A o batla go thusa ka ditsela tse dingwe? Botsa molwetsi kaga dilo tse dinnye tse di ka dirwang. Ke mang yo o mo posetsang kana yo o mo tlisetsang poso? A o ka ithaopela go ya go tlhola ntlo ya gagwe kana ntlwana e e hirisediwang, gongwe le eleng go dira gore ditsala dingwe di go thuse go e phepafatsa molwetsi a ise a boele gae? A go tlhokafala gore mongwe a kgaphe kapoko e e mo tseleng ya dinao, a nosetse dijalo, kana a dire sengwe gore ntlo e lebege e na le batho ba ba nnang mo go yone mme ka jalo e seka ya oka magodu? A o tshwenyegile kaga gore seruiwa sengwe se tla tlhokomelwa ke mang? Molwetsi a ka nna a bo a akantse dilo tseno le tse dingwe gape mme a ka seke a di bue fela kwantle ga fa o mmotsa. Go botsa ga gago ka bopelonomi le gone go tla thusa go gatelela gore tota o a amega.

Go a tshwanela gore go umakwe gore motho o tshwanetse go apara sentle fa a etela kwa kokelong. Lefa gone go ka tswa go gakgamatsa, tsela eo o aparang le go itshwara ka yone e ka ama tsela eo badiri ba kokelo ba tshwarang molwetsi ka yone. Ba ka nna ba kgatlhega thata fa ba bona molwetsi a etelwa ke batho ba ba apereng sentle. Fa baeng ba bantsi ba ba ntseng jalo ba ba nang le seriti ba bonwa ba ntse ba botsa gore molwetsi o tsogile jang, badiri ba ka nna ba fetsa ka gore molwetsi yono e tshwanetse ya bo e le motho yo o tlotlegang, e leng se totatota a leng sone Bibele e umaka gore go ikgabisiwe ‘ka tsela e e tshwanetseng batho ba ba iphakang gore ba boifa Modimo,’ mme fa o dira jalo, o ka kgothatsa badiri gore ba tshware molwetsi ka tsela e e ntseng jalo.—1 Timotheo 2:9, 10, NW.

Fa go Na le Bothata Jo Bo Masisi

Gangwe le gape, molwetsi yo o mo etelang a ka nna a bo a na le bothata jo bo masisi jwa go buisana le badiri ba kokelo. Potso e e molemo e o ka nnang o e baakantse, mme o sa tsenelele mo dikgannyeng tsa molwetsi tsa sephiri, ke ya gore, “Ngaka e akanya gore o tsoga jang?” Fa e le gore dilo ga di tsamaye sentle, mme o le leloko le le ikarabelelang la lelapa kana o le mogolwane, gongwe o ka thusa. E le go thusa gore molwetsi a tsoge sentle, go ka nna ga tlhokafala gore lefa o sa kopiwa o kope tshedimosetso e e oketsegileng mo badiring ba kokelo. Kana gongwe o ka ithaopa wa tsamaya le balelapa, bao ka mabaka mangwe ba ka nnang ba bo ba dikadika go bua le ngaka.

Fa go ntse jalo, selo sa konokono se o tshwanetseng wa se gakologelwa ke gore o seka wa tshosiwa ke kafa kokelo e ntseng ka teng kana ke badiri ba yone. Molwetsi a ka nna a bo a bile a le mo karolong ya balwetsi ba ba lwalang thata, a dikologilwe ke dimatšhine tsa mefutafuta le batho ba ba lwalang thata. Badiri ba ka nna ba bo ba lebega ba tshwaregile thata kana gongwe ba se botsalano. O ka nna le tshekamelo ya go tshaba go ba kgoreletsa, re sa bue sepe kaga go tshaba go bua sepe seo se ka lebegang e le kgwetlho. Mme lefa go ntse jalo fa ka tshwanelo o le mmueledi wa molwetsi, wena (le ene) lo tlhoka go bolelelwa dikarabo tse di phepafetseng le ditsela tse dingwe tseo di ka tsewang. O se ka wa kgobega marapo go fitlhelela o wetsa tiro ya gago. Lefa o ntse o tlhokometse gore o seka wa nna letshwenyo, gakologelwa gore le eleng Jesu fa a neela setshwantsho sengwe o ne a gatelela gore ka dinako dingwe go tlhokafala gore motho a tswelele a kopa gore a tle a bone tlhokomelo kana tshedimosetso eo a nang le tshwanelo ya go e fiwa.—Luke 18:1-6.

Go Sekaseka Loeto lwa Gago le O le Dirileng

Fa o sena go wetsa loeto lwa gago, lo kgaogane ka boitumelo, o ka boeletsa dilo tse o di buileng le tse o di dirileng. Go gadima kwa morago ka tsela e e ntseng jalo go ka go thusa gore o lemoge gore loeto lwa gago lo lo latelang, o etela ene molwetsi yoo kana yo mongwe, le ka nna le le mosola ebile le kgotsofatsa go feta leno jang.

Ka kakaretso, o ka fitlhelela mo gontsi mo loetong lwa fa o etela mongwe kwa kokelong. Nna o gopotse go baakanyetsa le keletso ya go thusa. Ka go dirisa tshono eo, o ka dirisa loeto lono ka botlalo mme wa itshupa o le “tsala e e kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè.”—Diane 18:24.

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Loeto lwa Gago Lo Lo Nang le Thuso lwa Fa O Etela Molwetsi

1. Tla o ipaakantse.

2. Ela tlhoko seemo sa molwetsi. O seka wa eta nako e e feteletseng.

3. Apara sentle.

4. Etelela pele mo motlotlong, mme lefa go ntse jalo o lekanyetse mafoko a gago.

5. Mo tswe thuso ka se o se tlisang le se o ithaopang go se dira.

6. Nna botsalano le go mo kgothatsa.

7. Boa gape o dire loeto lo longwe lo lokhutshwane.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela