Go Tila go Boela mo Mekgweng E E Maswe
“KE FENTSE! Ntwa ya ba ya khutla!”
MAFOKO ao a tlhalosa boikutlo jwa phenyo jo motho mongwe yo a ileng a lwantshana le mokgwa mongwe o o sa eletsegeng mme a ba a o fenya a neng a nna najo.
Lefa go ntse jalo, a bo go swabisa jang ne fa motho yo o ntseng jalo a ka boela kwa morago! Abo go swabisa jang ne go fitlhela gore mokgwa o o bosula, o go neng go dumelwa gore o etse ruri, o ile wa boela gape ka mo go gakgamatsang le ka maatla tota!
Ka gongwe o kile wa nna le boitemogelo jwa go boela mo mokgweng mongwe o o bosula o o neng o batlile go o fenya tota. Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa simolola go belaela gore a tota o ka kgona go tlogelela ruri mokgwa oo o o sa batlegeng. Mme mekgwa e e sa batlegeng e ka nna mentsi: go ja bobe, “go tshwakgolwa” ke dijo tse di sukiri, go nwa mo go feteletseng, go reka dilo o sa akanya pele, go itlwaetsa go tsena thari, go betšha, go goga motsoko, le mekgwa e mengwe e mentsintsi.
“Ke ka Ntlha Yang Ke ne Ka Boela Kwa Morago Ke Sena go Fenya Bothata Jo Bogolo?”
Go ne go ka lebega jaaka ekete fa o setse o itshoketse dikgatelelo tsa lobaka lwa ntlha lwa go tlogela mokgwa o o maswe, go o tila go ne go tla nna motlhofo. Lefa go ntse jalo, dipatlisiso tse di farologaneng di bontsha gore ga se gantsi go nna jalo.
Mo bukeng ya Selfwatching, bakwadi bano ebong R. Hodgson le P. Miller ba tlhalosa jaana: “Go boela kwa morago gantsi go ka diragala mo dikgweding tse tharo tsa ntlha morago ga go go fedisa. Ebile tota, patlisiso nngwe e bontsha gore mo e ka nnang 66 lekgolong ya bagogi ba motsoko, bao ba tshwakgotsweng ke bojalwa le ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba boela mo boitshwarong jwa bone jwa bogologolo mo malatsing a a 90 morago ga phetso e ba neng ba e dirile la ntlha ya go fetoga. Lefa go ntse jalo, bao ba kgonang go fenya tshwakgogo ya bone mo dikgweding tse tharo go ya go tse thataro tsa ntlha go nna motlhofo fela thata gore ba kgone go nna ba itshwere.”
Ke ka ntlha yang go boela mo mekgweng e e bosula e le matshosetsi jaana ka dikgwedi—kana ka dinako tse dingwe ka dingwaga—morago ga lobaka lwa ntlha lwa go ikgapa mo go seo? Lebaka le lengwe ke gore dikgatelelo tse dingwe mo botshelong di ka nna tsa bonala gape, mme mekgwa e e bosula e ne e le yone e thusang ka nakwana mo dinakong tse di fetileng. Ka jalo lefa tota o sena go ikutlwa gore o fentse mokgwa mongwe o o sa eletsegeng, fa o le kafa tlase ga tlalelo—jaaka eo e bakilweng ke letlhoko la madi, mathata a botsogo, go sulafatswa pelo ke dilo tse di farologaneng—itise gore o seka wa boela kwa morago! Fa o sulafalelwa kana o jewa ke bodutu, o seka wa gakgamala fa mokgwa wa gago wa pele o leka go boa gape.
Dilo tse dingwe tse di ka bakang go boela kwa morago e ka nna go gatelelwa ke batho, dikgotlhang le batho, maikutlo a a sa siamang, le go nna mo maemong a o ka raelesegang motlhofo mo go one.
Go Tila go Boela kwa Morago
Le eleng morago ga lobaka lo motho a neng a atlega mo go lwantsheng mokgwa o o sa batlegeng mo go lone, go botlhokwa gore o nne o dirisa ditsela tseo di neng tsa go thusa kwa tshimologong go kgaogana le mokgwa ono. Ditsela tseno di ka nna tsa dirisiwa ka metlha, kana mo dipakeng tse dingwe go ka tshwanela gore o di tokafatse nako le nako, jaaka mo dinakong tsa tlalelo kana tsa teko e e thata.
Ka sekai, o ka tswa o na le direkoto tse o di kwadileng go bona botswelelopele jwa gago, jaaka go tsaya dipalo letsatsi le letsatsi kana beke le beke go leka go fokotsa mmele. Seno se botlhokwa fa o kgaogana le mokgwa mongwe fela mme ga o a tshwanela go se tlogela lefa o setse o lemoga gore ga go sa tlhola go na le kotsi.
O ka tswa gape o ile wa nna le dilo dingwe tsa go iteboga nako le nako fa o ne o atlegile go lwantsha mokgwa o o neng o leka go o fenya. Thulaganyo e e tshwanelang sentle ya go iteboga e ka thusa go tila go boela kwa morago. Kana, fa o kgaogana le mokgwa mongwe, a o ne wa kopa thuso mo tsaleng nngwe? Letla yono go go thusa gore o seka wa ba wa boela mo mokgweng wa gago wa pele o o bosula.
Ke ditsela dife tse dingwe tse di ka go thusang go lwantshana le go boela kwa morago, segolobogolo mo dipakeng tsa kgatelelo?
Lwantshana le Seno ka go Emisetsa ka Dilo Dingwe
Dr. R. Stuart, eleng mokaedi mo go tsa thutotlhaloganyo mo Weight Watchers International, Inc., o hakela se se latelang go bao ba lekelang go fokotsa mmele: “Boloka mogopolo wa gago o tshwaregile ka ditiro tse di tlhokang tlhokomelo. Go dira tiro ya diatla go a thusa, mme go ntse jalo le ka ditiro tsa go fetisa nako. Fa go kgonega, nna le didirisiwa fa gaufi gape o dire gore lefelo le go direlwang tiro mo go lone gore le bo le setse le baakantswe, e le gore o kgone go tswelela le tiro ya gago fa fela o tlhoka go dira jalo.” Ka gongwe leano leno le ka go thusa.
Ee, emisetsa mokgwa wa gago o o maswe wa pele ka tiro e e itekanetseng. Gakologelwa, mokgwa oo go lebega o ne o go naya selekanyo se se rileng sa boiketlo fa botshelo bo ne bo gatelela, ka jalo he tlhopha dilo tse di ka emisetsang seo tse di tla dirang boikaelelo jo bo tshwanang ka mo go nang le matswela. O ka nna wa bala, wa itshidila mmele, wa tshameka mmino, wa penta, kana wa etela ditsala. Simolola jaanong ka go kwala lenaane la ditiro tse di ka kgonang go emisetsa seo. Tlotlomatsa tseo o akanyang gore o tla di dirisa. Itlwaetse ditiro tseno tse dišha gangwe le gape jaaka o ne wa dira ka mokgwa wa gago wa pele. Seno se tla dira gore go nne motlhofo go tshabela mo go tsone fa o ikutlwa o le mo kgatelelong. Ebile tota, ditiro tseno tse di di emisetsang e tla nna mekgwa—mekgwa e e siameng!
Botlhokwa jwa go Lwantsha go Kgobega Marapo
Ereka go raelesega go boela mo mekgweng e e bosula go ka nna maatla thata fa o le kafa tlase ga kgatelelo, a o ka kgona go baakanya maemo mangwe mo botshelong jwa gago e le go fokotsa kgatelelo eno? Lefa gone mathata a mangwe a ka seka a tilwa, o ka ithuta go laola maikutlo a gago e le gore o seka wa ikutlwa o fekeediwa ke go kgobega marapo.
Maatla a go kgoba marapo gantsi a tlhaediwa matlho. Seane sa Bibela se bolela jaana: “Pelo ea monna e tle e mo ichokisetse seèmèra sa gagwè; me mōea o o phatlogileñ o ka kakatlololwa emañ?” (Diane 18:14) Abo seo e le boammaaruri jang ne! Gantsi ga se bothata mme go kgobega marapo mo go bakiwang ke jone ke gone go re koafatsang.
Seane se sengwe sa Bibela se e baya ka tsela eno: “Ha u idibala mo motlheñ oa pitlaganō, nonohō ea gago e be e le pōtlana.” (Diane 24:10) Maikutlo a a sa siamang a a sa laolesegeng a ka nna a go koafatsa. A ka go dira gore go nne motlhofo gore o boele kwa morago, gongwe a go gatelela gore o boele kwa mokgweng o o bosula e le go batla boiketlo. Jalo he, abo go le botlhokwa jang ne go lwantsha go kgobega marapo gono!
Mme go tweng fa e le gore o iphitlhela o boela kwa morago, go sa kgathalesege maiteko a gago?
Go Boela kwa Morago ka Nakwana Fa Go Bapisiwa le go Boela Ruri kwa Morago
Abo go le motlhofo jang ne go akanya ka go re: ‘Ke paletswe, ka jalo ke ka nna ka itlhoboga.’ Lwantsha boikutlo joo. O seka wa letlelela go boela kwa morago ka nakwana, kana le eleng go boela kwa morago makgetlo a le mmalwa, go go fekeetsa.
Akanyetsa setshwantsho seno: Fa o ne o tsamaya mo mokolokolong wa ditepise mme o bo o relela mo go se sengwe fela kana tse pedi ka go bo o kgopilwe, a o ne o tla akanya ka go re. ‘Ke tla tshwanelwa ke gore ke boele kwa morago kwa tshimologong ya ditepise mme ke simolole gape’? Eleruri nnyaa! Mme he, ke ka ntlha yang o dirisa kakanyo eno e e phoso go lwantshana le mekgwa e e bosula?
Go ikutlwa o le molato gantsi go gogela mo go boeleng morago. O ka nna wa nna le maikutlo ano ka mo go feteletseng ka go fetsa ka gore ga o na mosola, le gore o motho yo o bokoa le gore ga o a tshwanelwa ke sepe se se molemo. O seka wa itetla go nna o ikutlwa molato jalo ka mo go feteletseng. Go go tseela nonofo e o e tlhokang go simolola ntwa eno ka yone gape. Mme gakologelwa seno: Motho yo mogolo yo o kileng a tsamaya mo lefatsheng leno, Jesu Keresete, o ne a tla go golola baleofi, eseng batho ba ba itekanetseng. Ka jalo ga go na ope wa rona yo o ka dirang dilo ka phepafalo mo nakong eno.
Ntlha e nngwe e e tlhokang go tlhokomelwa ke ya gore molato e ka nna botshabelo jo bo siameng jwa go batla phatlha ya go boaboela selo se le sengwe fela gantsi. Mo bukeng ya bone ya You Can’t Afford the Luxury of a Negative Thought, P. McWilliams le J. Roger ba tlhalosa phelelo eno e e ka nnang gone: “A re ikutlwa molato . . . a re direng jalo gape. Fa re setse re ‘duetse tlhotlhwa’ ya ‘molato’ wa rona, re gololesegile go o dira gape fa fela re ikemiseditse go duela tlhotlhwa. Tlhotlhwa eno ke eng? Ke molato o mogolo.”
Ga o a tshwanela go letla poelo morago ya nakwana go fetoga tlhaelo e kgolo e e go fekeetsang. Gakologelwa gore, kwa bofelong, go fenya mokgwa ono ke gone go leng botlhokwa, eseng gore a o ne wa nna le dipoelo morago di le dintsinyana mo tseleng.
Mo ntlheng eno go botlhale go dira phetso go sa le gale ya gore ke tsela efe e o tla e dirisang fa o ka ipona o boela kwa morago kwa mokgweng ole wa gago wa bogologolo. Thulaganyo e e ntseng jalo ya go tshegetsa e tla go thusa go lwantsha poelo morago go ise go ye kae.
Go ka Kgonega—Ebile Go Mosola!
Jalo he, motho o nna o tlhoka go lwantshana le mokgwa o o maswe le eleng morago ga go itshokela nako ya ntlha ya go gatelelwa ke go batla go o boela. Go raya go tshela o etla o swaba lefa go ntse jalo o sa boele ruri kwa mokgweng o o bosula oo.
A seno ke bothata? Ee, mme sotlhe seno se ka kgonega. Tsela eo e neng ya go thusa go kgaogana le mokgwa ono kwa tshimologong, fa o e tsweledisa, e tla go thusa go tila kana go fenya dipoelo morago. Mosola o mogolo thata wa gone ke ofe? Go itlotla—eleng tuelo e e nang le mosola ka boyone. Mme o ka nna gape wa tseelwa kwa godimo ke bao ba go itseng.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go relelela kwa tlase mo ditepiseng di sekaenyana ga go tlhoke gore o simolola gape kwa tshimologong
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Matshosetsi a go boela kwa morago a fokodiwa ke go nna o tshwaregile mo ditirong tse di tlhokang tlhokomelo