LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 5/8 ts. 28-29
  • Ke Eng Se Se Phoso Ka go Nyala Lefufa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se Se Phoso Ka go Nyala Lefufa?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nyala Lefufa mo Bibeleng
  • Tekanyetso ya Modimo ya kwa Tshimologong
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A Modimo o Amogela go Nyala Lefufa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A go Nyala Lefufa go Siame?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 5/8 ts. 28-29

Kgopolo E E mo Bibeleng

Ke Eng Se Se Phoso Ka go Nyala Lefufa?

Mathata a ga Jane a ne a simologa ka nako ya fa rraagwe a ne a bona tiro mo motsesetoropong mongwe.a Teng koo, kgakala le legae la bone mo motseselegaeng wa Afrika, o ne a simolola go nna le mosadi o sele. Botshelo bo ne bo se motlhofo mo go rona,” go tlhalosa jalo Jane, “ka go bo rre a ne a sa re tshegetse ka tsa madi; o ne a tshegetsa mosadi wa gagwe wa bobedi le bana ba gagwe. Fa ke le mo dingwageng tsa me tsa bofelo tsa sekolo, gantsi ke ne ke ya go robala ke tshwerwe ke tlala. Legae la rona le ne le le mo boemong jo bo maswe jo bo ka se tlholeng bo baakangwa gope. Mo mafelobekeng ke ne ke leka go thusa mmè go rekisa maungo, mme re ne re sa kgone go mamatlelela. Ke ne ke lela bosigo bongwe le bongwe.”

BOITEMOGELO jwa ga Jane bo tlhomolola mathata a go nyala lefufa gantsi go a rwesang batho ba ba senang molato. Batho ba ba buang Sevenda mo borwa jwa Afrika ba na le leina, le le reng muhadzinga [mogadikane ka Setswana], le mosadi yo o nyetsweng yo mongwe o ka bitsang yo mongwe ka lone mo lelapeng le ba nyetsweng lefufa mo go lone. Le tswa mo lefokong le le rayang go “gadika,” leo kwantle ga pelaelo le tlhalosang bothata jo gantsi go nyala lefufa go bo bakang gareng ga basadi.

O ka nna wa botsa ka go re, ‘mme a go nyala lefufa go phoso? Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang go ne go na le baanelwa bangwe ba ba itsegeng ba Bibela ba ba neng ba nyala lefufa?’

Go Nyala Lefufa mo Bibeleng

Modimo o ne a letlelela go nyala lefufa ka sebakanyana, ka go bo go ne go tlatseletsa mo tiragatsong ya tsholofetso ya gagwe go Aberahame: “Ke tla diha morahe o mogolo ka wèna.” (Genesise 12:2; Ekesodo 1:7) Ka nako eo, mosadi wa ga Aberahame, Sara, o ne a sena bana. Kgabagare, o ne a kopa Aberahame gore a mo tsholele ngwana le lelata la gagwe, Hagare. Se se kgatlhisang ke gore, Bibela ka phepafalo e tlhalosa mathata ao seno se neng sa a tlisa mo lelapeng la ga Aberahame.—Genesise 16:5, 6; 21:8-10.

Fa e le ka ga Jakobe, ngwana wa ngwana wa ga Aberahame, o ne a ikaelela go nyala mosadi a le mongwe fela, Ragele. (Genesise 44:27) E ne e le mogwagadia Jakobe, Labane, yo o neng a mo tsietsa gore a nyale barwadie Labane ka bobedi, Ragele le Lea. (Genesise 29:21-28) Mme e ne e le ka go rotloediwa ke basadi bano go bo Jakobe a ne a tshola bana ka go tlhakanela dikobo le malata a bone, Bileha le Silepa. Gape, Bibela ga e fitlhe mathata a mantsi a go nyala lefufa go neng ga a tlisa mo lelapeng le legolo la ga Jakobe.—Genesise 29:30, 31; 30:1-3, 15, 16, 20; 37:2-4; 44:20-29.

Bibela gape e bega ka polelo ya ga Elekana, yo o neng a le rraagwe Samuele wa moperofeti, le kaga basadi ba ga Elekana ba babedi, Hana le Penina. Hana o ne a tshwarwa makgwakgwa tota ke Penina mo gantsi a neng a a tle a lele mme a latlhegelwe ke keletso ya go ja. Go lebega Penina ene a ne a le lefufa ka go bo Elekana a ne a rata Hana go gaisa ene.—1 Samuele 1:4-7.

Eleruri, tlwaelo eno ya go nyala lefufa e ile ya baka bothata tota. Lefa go ne go letlelelwa ke batho ba bogologolo ba Modimo, Bibela e bontsha ka phepafalo gore a gone Modimo kwa tshimologong o ne a ikaeletse gore monna a nyale lefufa.

Tekanyetso ya Modimo ya kwa Tshimologong

Gore re tlhaloganye tekanyetso ya Modimo ya lenyalo, re tshwanetse ra boela kwa morago kwa tshimologong ya hisitori ya motho. Lefoko la Modimo le tlhalosa kgogedi e Adame a neng a ikutlwa a na le yone fa a ne a kopanngwa le mosadi wa gagwe yo o neng a sa tswa go bopiwa yo o mongwe fela, Efa. “Yana eo, ke lesapō ya marapō a me,” o ne a bolela jalo. “Ke gone ka mouō,” Bibela e a tswelela, “monna o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla.”—Genesise 2:21-24.

Fa e le ka manyalo a Bakeresete, Jesu o ne a tsosolosa tekanyetso ya Modimo ya kwa tshimologong—ya go nyala motho a le mongwe fela. (Mathaio 19:4, 5) Mo godimo ga moo, o ne a bontsha gore batho ba ba nyetseng ba tshwanetse jaanong ba ineela tlase ga tekanyetso eno ya Modimo. Jaaka a ne a tlhalosa: “Ba bo ba sa tlhole ba le babedi, me ke nama ñwe hèla. Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.” (Mathaio 19:6) Ka gone he, Mokeresete yo o nyetsweng o tshwanetse go sireletsa boitlamo jwa “nama [e le] ñwe hèla” eo e leng gone gareng ga gagwe le molekane wa gagwe yo a mo nyetseng kafa molaong.b Go tlhakanela dikobo le motho yo mongwe wa motsenelela yo o sa mo nyalang go ne go tla raya go roba thulaganyo ya Modimo. Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo a ilediwa mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Bakorintha 5:11; 6:9, 16, 18; Bahebera 13:4.

He, ga go gakgamatse go bo mo Dikwalo Bakeresete ba ba nyetseng ba ba nang le mosadi a le mongwe fela ba umakiwa sentle. (1 Bakorintha 9:5; 1 Timotheo 3:2) Bibela e tlhalosa jaana: “A monna moñwe le moñwe a nnè le mosadi oa gagwè [eseng le basadi], le mosadi moñwe le moñwe a nnè le monna oa gagwè [eseng le monna yo o setseng a na le mosadi yo a mo nyetseng kafa molaong].”—1 Bakorintha 7:2; Diane 5:18.

Ba bangwe e rile ka go itse ka kiletso ya Bibela ya go nyala lefufa, ba tsaya dikgato tsa bopelokgale tota go tshela matshelo a bone tumalanong le go rata ga Modimo. Akanya ka John, yo o nnang mo motsesetoropong kwa bogare jwa Afrika.c O kile a bo a na le basadi ba le bararo. Mme morago ga go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, John o ne a itirela phetso ka boene ya go buisana le basadi ba gagwe. Morago ga go dira dithulaganyo tsa isagwe tsa go tlhokomela mosadi wa gagwe wa bobedi le wa boraro le bana ba bone ba lenyalo la pele la lefufa, ba ne ba boela kwa metseselegaeng ya bone. Ka thuso ya seno John o ne a tshwanelega go nna le tshiamelo ya go direla Modimo ka go kopanela le phuthego ya mo ga bone. Gape o ne a nna le masego a mangwe.

“Bosigo bongwe le bongwe,” o a tlhalosa, “ke ne ke e tle ke tle mo gae mo ntlong e e tletseng ka mathata. Ka sekai, mosadi yo mongwe o ne a ka bona bana ba yo mongwe phoso, bana le bone ba ne ba itlhaola. Selo sa ntlha se ke neng ke tshwanetse go se dira e ne e le go baakanya bothata jono. Jaanong ke ithutile go nna le mosadi a le mongwe fela, legae la me le ile la nna lefelo la boiketlo le kagiso.”

Eleruri, kagiso e e nang le masego a Modimo e tshwanelwa ke boiteko.—Baroma 12:1, 2.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ga go a dirisiwa leina la mmatota.

b The New International Dictionary of New Testament Theology e bontsha gore mafoko a Segerika a a ranotsweng ka go re “nama ñwe hèla” mo go Mathaio 19:5b a na le bokao jo bo kgethegileng jaaka thanolo ya mafoko a Sehebera a ga Genesise 2:24 mme le raya “bolekane jo bo feletseng jwa monna le mosadi joo bo ka sekang jwa senngwa kwantle ga gore bo bake mathata go balekane bano.”

c Ga go a dirisiwa leina la mmatota.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 29]

“Lefufa la tlhakanelo dikobo le go omana ke mathata a a tlwaelegileng ka lelapa [le go nyetsweng lefufa] gone; mme monna o tshwanetse go nna botlhale, a nonofile, a itse go tshwara batho sentle, le go nna podimatseba go boloka kutlwano.”—The New Encyclopædia Britannica

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Letsopa le le apeilweng le le bontshang setlhopha sa lelapa la Maafrika; monna wa Mo-Igbo le basadi ba gagwe

[Motswedi waSetshwantsho]

Courtesy of The British Museum

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela