LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 5/8 ts. 31
  • Mme Ke Ka Ntlha Yang O Dira Jalo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mme Ke Ka Ntlha Yang O Dira Jalo?
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlogela go Goga?
    Tsogang!—2000
  • Babueledi ba Motsoko ba Ntsha Dibaluni Tsa Bone Tsa Moya o o Mogote
    Tsogang!—1995
  • Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Disekerete—A o A di Gana?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 5/8 ts. 31

Mme Ke Ka Ntlha Yang O Dira Jalo?

“Nna jaaka mogogi wa motsoko, ke ka se ganetse boammaaruri jwa gore go tsenelela mo tlwaelong eno ke boeleele jo bogolo. Mongwe le mongwe yo o sa tlalang sentle jaanong o itse gore go goga motsoko go tshosetsa boitekanelo jwa motho. Ke tlwaelo e e leswe, e e seng phepa le e e kotsi tota. . . . Mo bagoging ba motsoko, botshelo ke tatelano ya megotswana e e leswe ya molora, go leswefadiwa ke nicotine, matshoba a molelo le dikoloto tse dikgolo tsa go tlhatswa diaparo—e le ka lebaka la diaparo tseo di tletseng mosi wa motsoko.”—Go ya ka Diane Francis, go makasine wa Maclean’s, Canada.

“Bagogi ba motsoko ba ka solofela go tshela lobaka lo lokhutshwane go gaisa ba ba sa gogeng: ka sekai, botshelo jwa motho yo o dingwaga di 25 yo o gogang dipakete di le pedi tsa motsoko ka letsatsi o ka tshela nako e khutshwane go gaisa yo o sa gogeng ka dingwaga di le 8.3. Bagogi ba motsoko ba na le kgonagalo ya go ka bolawa ke kankere makgetlo a le 3 go feta ba ba sa gogeng.”—The Columbia University College of Physicians and Surgeons Complete Home Medical Guide.

“Ngwaga le ngwaga disekerete di bolaya Maamerika a a oketsegileng go feta ao a neng a bolawa ka Ntwa ya Lefatshe I, Ntwa ya Korea, le ya Vietnam di kopane; a ka nna a lekana le ao a neng a swa mo tlhabanong ya Ntwa ya Lefatshe II. Ngwaga nngwe le nngwe disekerete di bolaya Maamerika a a oketsegileng ka botlhano go feta jaaka dikotsi tsa dikoloi di ka dira. Kankere ya makgwafo fela e bolaya batho ba ba lekanang le bao ba swang ka dikotsi tsa tsela. Madirelo a disekerete a rekisa sebetsa se se kotsi tota.” (Go ya ka Mosenate Robert F. Kennedy, First World Conference on Smoking and Health, ya September 11, 1967)—The Cigarette Underworld, e e kwadilweng ke Alan Blum, M.D.

“Motsoko o bolaya batho ba ba ka tshwarang dimilione di le pedi le sephatlo ngwaga o mongwe le o mongwe go ralala lefatshe. Ke selo se le sosi se segolo, se se ka thibelwang se se bakang loso mo lefatsheng gompieno. . . . Lefa o dirisiwa ka tsela efe fela, ke tlwaelo e e kotsi, e e dirisang madi a mantsi ebile e tshwakgola.”—Go ya ka Dr. Judith Mackay, e leng mokaedi wa tiragatsomolao wa Hong Kong Council on Smoking and Health, e e tsopotsweng mo makasineng wa World Health.

“Fa e le gore seatla se se neng sa njesa ke madirelo a motsoko, he e ntse e le sone seatla seo se se ileng sa bolaya bontsintsi jwa batho mme se tla tswelelapele se ntse se bolaya dimilione tse di oketsegileng fa fela batho ba ka ntsha matlho mo dinameng go lemoga bodiphatsa jwa disekerete. . . . Ke batla gore batho ba ntshe matlho dinameng ba lemoge kafa disekerete di leng kotsi ka teng.”—Go ya ka Patrick Reynolds, e leng setlogolwana sa mosimolodi wa R. J. Reynolds Tobacco Company.

He ke ka ntlha yang fa dimilione tsa banna, basadi, le basha ba goga motsoko? Ka ba bangwe karabo e ka nna kgatelelo ya ditsala, go eletsa go lebega o le motho yo o tlhabologileng. Mme ka batho ba le bantsi karabo ke fela tshwakgogo eo e gogelang kwa patelesegong. Jaaka buka nngwe e e thusang mo go tsa kalafi e bontsha: “Lebaka la mmatota la go bo batho ba le bantsi ba goga motsoko ke gore ba tshwakgotswe ke seokobatsi se se maatla se se fitlhelwang mo motsokong—nicotine.

Mme mogogi wa motsoko o ka tlogela motsoko jang? Ka go nna le tlhotlheletso e e nonofileng, e e fetang ya mmele o o eletsang nicotine. Go motho yo o lekang ka natla go fitlhelela ditekanyetso tsa Bokeresete, go tla raya go tlhagolela lorato go Modimo le go moagelani leo le tla fenyang keletso ya bogagapa ya nama.—Mathaio 22:37-40; 1 Bakorintha 13:5, 7, 8.

Fela jaaka buka ya kalafi e e tsopotsweng pelenyana e bontsha: “Bagogi ba motsoko bao ba batlang go o tlogela ba tshwanetse go gakologelwa go tshwakgola ga seokobatsi sa nicotine mme ba ikemisetse go amogela dinako tsa kgatelelo ya go o goga gape jaaka phelelo e e ka lebelelwang ya go emisa go goga. Ba tshwanetse go gakologelwa gore, nako ya go gatelelwa ke go boela ke boemo fela jwa nakwana jo, lefa gone bo se monate, bo sa gobatseng. Motho yo mongwe le yo mongwe yo o gogang motsoko, go sa kgathalesege gore o tshwakgogile go le kana kang, o ka kgona go tlogela go goga.”—The Columbia University College of Physicians and Surgeons Complete Home Medical Guide.

Fa e le gore o tla batla thuso mo go nneng le tlhotlheletso ya mofuta o o tlhokafalang go tlogela go goga motsoko, tsweetswee gololesega go ikopanya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya bone ya Bogosi e e mo lefelong la ga eno kana o dirise aterese ya bagatisi e e mo makasineng ono.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela