Go Tlhoka Tiro—Ditharabololo tsa Gone Ke Eng?
“Go tlile go nna thata tota. Dikgwebo di le dintsi ga di na madi, mme lefa go ntse jalo ga di ise di batle go ineela.”—Rrabanka mongwe wa U.S.
BATHO ba le bantsi ba setse ba diragaletswe ke bothata jono jwa ponelopele eo e neng ya dirwa fa ngwaga wa 1990 o ne o ela go fela. Mo dikhampaning dingwe, badiri “bao ba iseng ba latlhegelwe ke tiro” ba ne ba ipotsa gore a e ka ne le bone ba tlile go lelekiwa mo tirong.
O ne o tla dirang fa o ne o ka latlhegelwa ke tiro ya gago gompieno? Go botlhale go nna o ntse o ipaakantse. Jaaka fa setlhogo se se fetileng se ile sa bontsha, go latlhegelwa ke tiro go ama maikutlo mo go botlhoko ebile gape go ama tsa madi a go reka. Ka jalo he, go kopanyelediwa se se fetang go duela dikoloto fela. Tse di latelang ke dintlhakgolo tse di thusitseng ba bangwe gore ba nne ba ntse ba nitame mo maikutlong le mo go tsa madi fa ba latlhetswe ke tiro.
1. O Se Ka Wa Tlalelwa
Fa Dominick a sena go latlhegelwa ke tiro, o ne a tshwanelwa ke gore a busetse ba banka ntlo ya gagwe mme a nnise lelapa la gagwe le mmaagwe. Kgakololo ya gagwe ke gore motho a ritibale fela, go sa kgathalesege gore bothata bo ka lebega bo le bogolo go le go kana kang. “O dira kana o tlhoka tiro, ga o kake wa swa,” o bolela jalo. “Tota ke ne ka tshwanela go lemoga gore rotlhe re ne re sa tle go swa.” Go na le gore o tlatse mogopolo wa gago ka go akanya ka mathata a a fetang ano a a ka nnang a nna gone, ritibala mme o leke go rarabolola mathata ka mo go nang le matswela.
2. Nna le Maikutlo A A Siameng
Jim le Donna ba dira ditiro di le nnè tseo e seng tsa letsatsi lotlhe. Mme lefa go ntse jalo, madi ao ba a amogelang a manyenyane mo go ao a neng a amogelwa ke Jim fela fa a ne a santse a dira tiro ya letsatsi lotlhe. Mme go sa kgathalesege seno, ba amogetse seno jaaka boitemogelo jo bo rutang mo baneng ba bone ba batlhano. Donna o ne a bolela jaana: “Fa e ne e se ka mathata ano ba ka bo ba ile ba tshelela fela mo kgoreng. Mme lefa go ntse jalo ba ka bo ba se kile ba ithuta mamena a a rutang motho ka fa a ka tshelang ka gone.”
3. Akanya ka Mefuta E Mesha ya Tiro
Le eleng badiri ba tiro ya mo ofiseng ba ka tlhopha go fetola ditiro tsa bone tse ba di ithutetseng mme ba simolole go dira tiro e nngwe e ntšha. “Batho ga ba nke ba akanya gore ke tiro ya mofuta ofe e nngwe eo ba ka e tlhophang go fitlhelela ba patelesega gore Ba dire jalo,” gone ga bolela jalo Laura, yo o neng a lelekiwa mo tirong ya botsamaisi. “Mo dingwageng tseno tsa bo 90,” o ne a akgela jalo, “batho ba tshwanetse go ithuta gore ba nne ba ba fetofetogang go ya ka maemo le go feta.” Go leka gore o bone mofuta o le mongwe fela wa tiro eo o e tlwaetseng—kana tuelo e e lekanang le eo o neng o e amogela—go ka nna ga dira fela gore o tseye lobaka lo loleele o sa bone tiro. Seno bobotlana se ka nna sa tlhalosa ka boripana gore ke ka ntlha yang fa gantsi go tsaya badiri ba tiro ya mo ofiseng lobaka lo loleele jaana go bona tiro go feta kafa go tsayang badiri ba tiro eo eseng ya mo ofiseng ka gone. Ka gone, akanya ka mefuta e mesha ya tiro eo e ka go thusang mo nakong e e tlang. Batho ba le bantsi ba ile ba atlega mo go direleng ba bangwe tiro ya mofuta mongwe, e e ntseng jaaka ya go phepafatsa mo tlung.
4. Tshela ka Selekanyo sa Madi a Gago—Eseng ka sa a Ba Bangwe
Sedirisiwa se se maatla se se dirisiwang mo go phasalatseng ke go dira gore “o tlhoke sengwe” seo pele o neng o sa se tlhoke. Gantsi o dirwa gore o akanye gore mongwe le mongwe (kwantle ga gago fela) o a itse kaga selo seo ebile o leka gore a nne le sone. ‘Ono ke mokgwa oo mongwe le mongwe [kwantle ga gago fela] a aparang ka one.’ ‘Baesekopo eo mongwe le mongwe a buang thata jaana ka yone [jalo ke ka ntlha yang fa o ise o e bone?].’ ‘Sejanaga seo mongwe le mongwe a nang le sone [wena o tla se reka leng?].’
Tlhotlheletso e e tshwanang le eno e ka ama kafa re lebang madi le kafa re a dirisang ka gone. Tsala ya gago e tsaya loeto lo lo jang madi a le mantsi. Go ise go e kae le wena o setse o batla go ya malatsing a boikhutso. E nngwe tsala ke eo e reka sejanaga. Go ise go ye kae sejanaga sa gago se setse se lebega e le sa bogologolo, se sa go kgotsofatse. Go tswela seo mongwe le mongwe a se dirang pelo go tla go dira gore o dirise madi a a fetang ao o nang le one, go tla go dira gore o reke dilo tseo tota o sa di tlhokeng. Tila go ikhumanegisa ka tsela e e ntseng jalo ka go ipapisa le ba bangwe.
Jim, modiri yo o neng a lelekiwa mo tirong yo o umakilweng pelenyana, o ne a bolela jaana: “Batho ba amega mo go botlhoko tota mo maikutlong fa ba sa kgone go tshela ka mokgwa ono wa botshelo o ba akanyang gore ba a o batla. O tshwanetse go amega fela ka dijo le marobalo. Tota tse dingwe tsotlhe ga di botlhokwa gore o ka amega ka tsone.” Jaaka fa Bibela e gakolola mo go 1 Timotheo 6:8, ‘ritibatsa pelo mo dijong le mo diaparong.’
5. Itise mo go Tseyeng Dilo Sekoloto
Karata ya go tsaya dilo sekoloto e ka go thusa ka go duela dikoloto, mme lefa go ntse jalo gape e ka go tsenya mo dikolotong tse di boitshegang. Bangwe ba dirisetsa karata eno gore e ba duelele melato. Ba e dirisetsa go itlhokomolosa potso eno gotlhelele e e reng ‘a nka kgona go duelela selo seno?’ Karata eno e fetoga go nna seokobatsaditlhabi se se go dirang gore o dirise madi kwantle ga go utlwa diphelelo tsa go sa a diriseng sentle kana kwantle ga go akanya ka tsone.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana karata ya go tsaya dilo sekoloto e ile ya tlhakanya mo e ka nnang batho botlhe ditlhogo go ralala dinaga di le dintsi. Diphelelo tsa seno ke eng? Rrakgwebo mongwe wa dikhomputara go tswa kwa Korea yo o neng a reka sejanaga se sentšha sekoloto a dirisa karata eno o ne a akgela jaana ka bokhutshwane: “Ka metlha fa e setse e le nako jaanong ya gore ke duele molato wa me, ga ke itumele gotlhegotlhe. Go ntse fela jaaka ekete ke abile madi ao otlhe fela.” Kwa Japane mo e batlang e nna sephatlo sa botlhe bao ba tlhokang go gakololwa malebana le kafa ba ka dirisang madi ka gone ba mo dingwageng tsa bone tsa bo 20. Go dumelwa gore go bo basha ba le mo dikolotong tse di seng kana ka sepe jaana kwa nageng eo ke ka ntlha ya dikarata tseno di le dimilione di le 140 tsa go tsaya dilo sekoloto tseo di leng teng koo.
Ka gone itise mo karateng eno. E dirise, mme lefa go ntse jalo o se ka wa e letla gore e go dirise. O se ka wa e letla go go tsietsa gore o lebale gore o na le bokae tota. Seno se tla pega mathata a mangwe mo godimo ga jo o nang le jone jwa go latlhegelwa ke tiro.
6. Boloka Lelapa Le Ntse Le Utlwana
Mo patlisisong eo e neng ya dirwa mo bathong ba le 86 000, ba ba fetang nngwetharong mo go bone ba ne ba bolela gore madi e ne e le bothata jo bogolo go a feta otlhe mo lenyalong la bone. Go ya ka patlisiso e nngwe go ne ga fitlhelwa gore dintwa di le dintsi di bakiwa ke madi. Mankge mongwe mo go tsa madi ebong Grace Weinstein o ne a bolela jaana, “Go sa nne le maikutlo a a tshwanang malebana le madi go ka dira gore go kgotswelanwe.”
Le eleng banyalani bao ba lebegang ba ratana thata ba ka nna ba nna le maikutlo a a farologanang thata ka madi le kafa a tshwanetseng go dirisiwa ka gone. Yo mongwe a ka tswa a somarela madi go feta selekanyo, yo mongwe ene a a dirisa go feta selekanyo.
Fa go sa buisanngwe ka dikgang tsa madi, go ka felela ka gore go nne dintwa mo lelapeng. Bibela e bolela jaana mo go Diane 15:22, “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle.” Mme fa lo tlotla ka dikgang tsa madi, leka go tlhaloganya maikutlo a molekane wa gago o bo o leke go dumalana nao.
7. O Se Ka Wa Intsha Seriti
Grace Weinstein o ne a akgela jaana: “Go na le bothata jo bo amang maikutlo jwa gore go tlotlwa go a fokotsega le jwa gore go nna o sa ikaega ka ope mo mading go a fokotsega mo monneng kana mo mosading yo o sa tlholeng a amogela, goo go felelang ka gore a tswe serite.”
O se ka wa potlakela go konela ka gore o lelekilwe mo tirong ka go bo o ne o lejwa jaaka modiri yo o seng setswerere. Rani yo o bogolo jwa dingwaga di le masome a le mabedi le borobongwe, o ne a lelekiwa mo tirong dibeke di le tharo fela morago ga fa a sena go tlhatlosediwa kwa mangkalangkaleng mo tirong ya gagwe ka nako ya go senwa go tlhatlhobiwa tiro ya gagwe goo go dirwang ngwaga le ngwaga. Lemororo go nna modiri yo o ikanyegang le yo o thokgameng go ka nna ga dira gore motho a se ka a lelekiwa mo tirong, seno ga se diragale jalo ka metlha. Ka gone motho ga a a tshwanela go tsaya gore o a nyadiwa fa a lelekiwa mo tirong. Badiri ba ba ditswerere, ba ba ikanyegang le bone ba ka nna ba amega mo go latlhegelweng ke tiro.
8. Rulaganya Kafa O Tla Dirisang Madi ka Gone
Mogopolo wa go dirisa madi ka thulaganyo ga o dule batho ba le bantsi sentle. Ba akanya gore thulaganyo eno e tshwana fela le kgolegelo, eleng sengwe seo se tla ba thibelang gore ba se ka ba reka seo ba se batlang. Ga go a nna jalo. Go dirisa madi ka thulaganyo ke sedirisiwa seo se go thusang gore o fitlhelele mekgele ya gago, eseng go go thibela. Ke thulaganyo fela ya go a laola, thulaganyo eo ka botlalo e go bolelelang kwa madi a gago a yang gone le ka fa o ka dirang ka gone gore a ye kwa o batlang gore a ye gone.
Se se gakgamatsang ke gore, batho ba le bantsi ga ba na lefa e le lesedinyana la gore ba dirisitse madi a bone mo go eng. Go na le moo, ba na le mokgwa wa go rekela dilo monate fela mme e bo e re morago ba bo ba bua jaana ka khutsafalo: “A ile kae otlhe fela?” Go botlhokwa go tila go dirisa madi ka tsela e e ntseng jalo segolobogolo mo dinakong tse go nang le mathata a madi ka tsone. Bibela e bolela jaana mo go Diane 21:5 ka tsela e e botlhale: “Rulaganya ka kelotlhoko mme o tla nna le letlotlo; mme fa o dira dilo ka lepotlapotla ga o kitla o tsamaya o nna le mo go lekaneng.”—Today’s English Version.
Gore o utlwe kgakololo eno, ikwalele lenaane. Kwala madi mangwe le mangwe ao o a dirisang mo kgweding yotlhe, o aroganye ditshenyegelo tsa gago ka dikarolo. Gape, kwala lenaane la gore go tsena madi a le makae. Fa o fitlhela e le gore o dirisa madi a le mantsi go feta a a tsenang, sekaseka ditshenyegelo tsa gago gore o tle o kgone go bona moo bothata bo tswang gone. Fa fela o setse o itse gore o dirisa madi a le makae le gore o a dirisetsa eng, o ka kgona go a laola.
Boloka thulaganyo ya gago ya go dirisa madi e ntse e fetofetoga go ya ka maemo. Mo dikgweding tsa ntlha di le mmalwa, o tla lemoga diphoso, ebile go ka nna ga diragala gore o lebale go kwala dingwe tsa ditshenyegelo tseo o nnileng natso. Dira diphetogo le dipaakanyo go fitlhelela thulaganyo eno ya gago e tshwanela dilo tseo o di tlhokang. Ka gone thulaganyo e e molemo ya go dirisa madi e tla nna motlhanka wa gago, eseng mong wa gago.a
Dintlhakgolo tse di fa godimo di ka thusa motho gore a kgone go lebana ka katlego le nako ya go tlhoka tiro. Mme lefa go ntse jalo e le gore dintlha tseno di tle di dire ka katlego, di tshwanetse tsa lekalekanngwa le tsela e e siameng ya go leba kafa tota madi a leng botlhokwa ka gone. Totatota, a botlhokwa go le go kana kang? A go na le sengwe se sele seo se leng botlhokwa go feta madi, le eleng fa o latlhegetswe ke tiro ya gago? Re tla sekaseka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona thuso e e oketsegileng malebana le kafa o ka rulaganyang go dirisa madi ka gone, bona Awake!, ya April 22, 1985, ditsebe 24-7.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Gore O Rulaganye Kafa O Tla Dirisang Madi a Gago ka Gone:
1. Bala gore go tsena madi a le makae.
2. Boloka lenaane la kgwedi yotlhe gore o tle o kgone go bona gore o dirisitse madi a gago mo go eng.
3. Dira thulaganyo eno o latelela dintlha tsa ntlha tse pedi. Akanya gore ke madi a le makae ao a tshwanetseng go dirisediwa setlhopha sengwe le sengwe sa dilo tseo o a dirisang mo go tsone.
4. Dira diphetogo mo thulaganyong eno ya gago go ya ka moo go tlhokafalang ka gone.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Banyalani ba tshwanetse go buisana e le gore dikgang tsa madi di tle di se ka tsa felela ka gore go nne le dintwa tsa mo lelapeng