Sengwe Se Se Botlhokwa Thata go Feta Madi
“Tsela ya rona ya go tlhotlheletsa batho go tla go fitlha gompieno jaana e theilwe mo go reng ba batle meputso ya madi.”—Psychology Today.
NANCY le Howard ba ne ba na le dilo tse di seng kana ka sepe tseo ba neng ba ikaeletse go di dira morago ga fa ba sena go nyalana ka ngwaga wa 1989. Ba ne ba batla go nna le ntlo, ngwana, dijanaga tse dintšha, le go etela kwa mafatshe a a kwa kgakala. Ba ne ba amogela madi a a lekaneng moo ba neng ba ka kgona go nna le dilo tseno. Mme lefa go ntse jalo go ise go e kae ba ne ba iphitlhela boobedi ba latlhegetswe ke ditiro tsa bone. Ba ne ba tshwanelwa ke gore madi otlhe ao ba neng ba a bolokile gore ba beeletse ntlo e ntšha ka one ba a dirisetse go duelela rente.
Ereka jaanong ba ne ba tshwenyegile ka isagwe, ba ne ba tshwanela gore ba busetse dithulaganyo tsotlhe tsa bone kwa morago—go kopanyeletsa le ya go simolola lelapa. “Dingwaga di le tlhano go tloga jaanong,” Nancy o ne a bolela jalo, “ga ke akanye gore re tla bo re boetse moo re neng re le gone. Tsotlhe tseo di ile, ebile ga ke itse gore a di tla tlhola di boa.”
Abo seno se re bontsha ka mo go phepafetseng sentle jang ne diphelelo tse di hutsafatsang tsa go latlhegelwa ke tiro! Mme lefa go ntse jalo se re bontsha gape kafa madi a ka tsietsang ka gone. Khumo segwagwa e a pharuma. Fela jaaka fa Bibela e tlhagisa jaana ka mmatota: “Dikhumō di tle di itihèlè diphuka, yaka ncwi eo motona eo o hohèlañ kwa legodimoñ.”—Diane 23:5.
Go motlhofo go bua ka molomo o re o dumela gore madi ke selo seo se nnang nakonyana fela se bo se feta mme go bontsha jalo ka ditiro ga go motlhofo. “Mo lefatsheng lotlhe madi a dirisediwa go lekanyetsa dilo,” go akgela jalo Psychology Today malebana le maikutlo ao mang le mang a nang le one ka madi. “Re lekanyetsa dilo ka madi, gantsi le eleng ka go di leba fela.” Keletso e e maatla e e farafarang mogopolo ya go batla go bapala madi a le mantsi e dirile gore le eleng bahumi tota ba tlhobaele ka mo go sa feleng, ba hutsafale ba bo ba tshwarwe ke malwetse a mangwe.
Botlhokwa jwa go Nna Botlhale
Mme lefa go ntse jalo go na le sengwe se se botlhokwa thata go feta madi. Bibela e re bontsha gore seno ke eng mo go Moreri 7:12: “Gonne botlhale ke phemèlō, hèla yaka madi e le phemèlō.” Morago ga moo temana eno e bua ntlha e nngwe mo godimo ga moo malebana le botlhale e e bontshang gore bo feta madi: “Botlhale bo boloka botshelō yoa eo o nañ nayō.”
Botlhale bo kopanyeletsa go kgona go akanya ka tsela e e botlhale fa re lebane le maemo a a gwetlhang. Fa re lebanwe ke go latlhegelwa ke tiro, go akanya ka tsela e e botlhale go tshwanetse ga re lemotsha gore tsela ya mmatota eo botshelo jwa rona bo leng botlhokwa ka yone ga e a theiwa mo dikhumong. Gape go akanya ka tsela e e botlhale go tla re thusa gore re boloke dilo tsa rona tse di botlhokwa go feta di ntse di le ka thulaganyo, re tlhatlhanya ka tsone ka mo go tshwanetseng.
Dilo tsa Gago Tse Di Botlhokwa go Feta Ke Dife?
Ke eng seo o se bayang kwa pele mo botshelong jwa gago? A tiro ya gago e botlhokwa thata go feta lenyalo la gago? A ntlo ya gago e botlhokwa thata go feta bana ba gago? A madi a botlhokwa thata go feta pholo ya gago? Letsatsi lengwe le lengwe re dira ditshwetso tseo di theilweng mo dilong tse di re tlhotlheletsang, dilo tsa rona tse di botlhokwa go feta. Mme fa re lebane le mathata a tsa madi, dilo tse di ntseng jalo tse di botlhokwa go feta di tla re bolelela gore re dire eng. O theile dilo tsa gago tse di botlhokwa go feta mo go eng?
Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Go [itumela] ba ba [amegileng ka seo ba se tlhokang] mo moeñ.” (Mathaio 5:3) Ela tlhoko gore Jesu o ne a bontsha gore bomoya ke selo se se tlhokegang, bo botlhokwa go feta, ga se selo fela seo se tlang kwa morago seo o tshwanetseng go se senka morago ga fa sengwe le sengwe mo botshelong jwa gago se tsamaya ka thelelo.
Go leba dilo tseo o di tlhokang semoyeng tseo jaaka se se botlhokwa go feta go a gwetlha fa motho a le mo kgatelelong ya gore a tlamele lelapa la gagwe ka dilo tse di bonalang. Mme lefa go ntse jalo, bao ba dirang jalo ba a itumela, jaaka fa Jesu a ile a bolela jalo. Fa ba ntse ba tshwenyegile ka gore ba nne le madi a a lekaneng, ga ba na “mahutsana a le mantsi” go le kalo ao motho a nnang le one fa a tsaya madi e le one a leng botlhokwa go feta. (1 Timotheo 6:10) Gape ba ba ntseng jalo ba gomodiwa ke mafoko ano a ga Dafide a a begilweng mo go Pesalema 37:25: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.”
Dira Gore O Bone Dilo Tseo O Di Tlhokang Semoyeng
Go nna le dilo tseo motho a di tlhokang semoyeng ke ga tlhago fela. O tlhoka se se fetang fela dijo, diaparo, le marobalo. Bomoya bo tswelela pele, ka go dira gore o akanye ka dipotso tse di ntseng jaaka tse di reng, ‘Ke ka ntlha yang fa ke le mono?’ le e e reng, ‘Lefatshe leno—le botshelo jwa me—di lebile kae?’
Go boifa “apokalipese ya tsa itsholelo” go ile ga tlhotlheletsa batho ba le bantsi gore ba lemoge gore go na le dilo tsa semoya tseo ba di tlhokang. Newsweek e bega jaana: “Ngogola go rekwa ga dibuka tsa boperofeti—tseo di tlhalosang ditiragalo tsa gone jaanong tse di jaaka ditshupo tsa Bibela tsa bokhutlo jwa lefatshe—go ne ga tlhatlogela godimo ka 50 go ya go 70 lekgolong.” Mme lefa go ntse jalo, gore motho a tle a bone dilo tseno tseo a di tlhokang semoyeng, o tshwanetse go batla kitso e e tlhomameng, eseng dikgopolonyana tsa batho fela.
Re go laletsa gore o sekaseke Lefoko la Modimo eleng Bibela E E Boitshepo. E tshotse botlhale jo bo mosola jo bo ka go thusang gore o kgone go lebana le dilo tse di tlhobaetsang tsa botshelo. Go feta moo, Bibela e ka kgona go go naya kitso e e tlhomameng ya gore “dipaka tse di tlhokohatsañ” tseno tsa gompieno di kaya eng. (2 Timotheo 3:1) Fa o ka kwalela bagatisi ba makasine ono fela, go ka dirwa dithulaganyo tsa gore go ithutiwe Bibela nao mahala kwa ga gago. Eno ke nako e e tshwanetseng ya gore go feta le eleng leng pele o batle botlhale jo bo mosola—le kitso e e tlhomameng ya isagwe—go tswa mo Lefokong la Modimo eleng Bibela.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Dikhumo tsa semoya di tshwanetse go ngomaelwa