LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 8/8 ts. 27-29
  • Go Fenya Botshelo jwa go Nna Rantwa Dumela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fenya Botshelo jwa go Nna Rantwa Dumela
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Rantwa Dumela go Feta Morago ga go Gololwa
  • Go Nna Rantwa Dumela go a Gola
  • Tsela E E Botoka go Di Gaisa Tsotlhe
  • Tsela E Ntšha ya go Tshela
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Tlogela Diokobatsi?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke ne Ka Bona Thuso Morago ga go Fetsa Dingwaga Tsa Bosha Ke na Le Maikutlo a go Itlhoboga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Ntwa Kgatlhanong le Diokobatsi e ka Fenngwa?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 8/8 ts. 27-29

Go Fenya Botshelo jwa go Nna Rantwa Dumela

NNA mmogo le tsala ya me re ne ra sia ka bofefo jo re ka bo kgonang, mme e ne ya re fa re ne re fitlha fa nokeng e e gaufi le toropo ya gaetsho, re ne ra itatlhela mo go yone. E ne ya re fa re biloga, re ne ra simolola go sapa ka maatla a magolo go ya ntlheng e nngwe ya lobopo lwa yone.

A seno e ne e le tsela nngwe ya go ja mokaragana ga basha? Le eseng! E ne e le kgang ya botshelo le loso. E ne ya re fa ke gadima kwa morago, ke ne ka bona mapodise a re supile ka dibetsa tsa bone. Ke ne ka inwetsa mo metsing go tila marumo mme ka tswelela pele ke sapa jalo go ya ntlheng e nngwe ya lobopo. Ke ne ke kgona go utlwa modumo wa tlhobolo fa e thunya, lefa ke ne ke le kwa tlase ga metsi.

Fa re setse re le kafa ntlheng e nngwe ya lobopo, re ne re tla bo re atlegile mo go ngwegeng ga rona kwa kgolegelong, koo re neng re ntse re tlhatlhetswe gone ka ntlha ya go thuba re leka go utswa le bogodu jwa dikoloi.

Leno e ne e le lengwe la makgetlo a mantsi a mo go one ke neng ke ntse ke batliwa kana tota ke lelekwa ke mapodise ka ntlha ya go dira molato mongwe. Lemororo ka nako eo ke ne ke le dingwaga di le 17 fela, ke ne ke setse ke itiretse rekoto fela e kgolo le babusi ya go tshwarwa. Kgabagare, nna mmogo le tsala ya me re ne ra tshwarwa, mme gapegape ke ne ka atlholelwa go ya kgolegelong, mo nakong eno e ne e le lobaka lwa dingwaga tse pedi le sephatlo.

Le eleng le mo kgolegelong tota ke ne ke ntse ke bontsha mokgwa wa go nna rantwa dumela. Ke ne ka fiwa junifomo e tshweu ka ntlha ya go lwa thata le magolegwa a mangwe. Seno se ne sa dira gore nna le ba bangwe ba ba neng ba tshwenya thata re tlhomologe mo gare ga ba bangwe gore badisi ba kgolegelo ba re tlhome leitlho.

Go Nna Rantwa Dumela go Feta Morago ga go Gololwa

Ke ne ka gololwa mo kgolegelong, mme lefa go ntse jalo ke ne ke ise ke fetoge. Ebile tota, ke ne ke le rantwa dumela go gaisa le eleng pele. Ka bofefo fela ke ne ke setse ke itsiwe ebile ke amogelwa jaaka molaodi yo mebila e e farologaneng e utlwang ka ene fela. Ope fela yo o neng a ka nthumola, ka bofefo fela o ne a fitlhela gore ke ntse ke mo emetse.

Ka nako nngwe setlhopha sengwe sa makawana mangwe se ne sa nkgopisa. Ke ne ka ba tlhasela, ka gobatsa ba le mmalwa ba bone pele ga mapodise a emisa ntwa eno, lemororo lebogo la me la moja le ne le ile la robega beke pelenyana ga moo mo ntweng.

Ka nako e nngwe nna le ditsala tsa me re ne ra rumola setlhopha sengwe sa banna se se neng se tswa kwa toropong e e fa gaufi. Yo motona mo go bone o ne a tswa mo gare ga bone gore a ithakanye le nna a tshotse thobane ya tshipi. Ke ne ka e tsaya mo diatleng tsa gagwe, mme lefa go ntse jalo a ntswa diatleng a sia. Tsela e le yosi fela e ke neng ke ka mo dira gore a tswelele pele a ntse a lwa e ne e le go mmusetsa thobane ya gagwe ya tshipi, e le seo ke neng ka se dira. Ke ne ka e tsaya mo go ene gape, fa a sena go boa ka nako eno ke ne ka tlhomamisa tota gore ga a sie pele ke ka mo itaya.

Bosigo bongwe, ke ne ka ema fa sekhutlong sa mmila wa Harlem, New York City, e le go “ijesa monate fela,” mme ka rumola motho ope fela gore re lwe. Ba le bantsi ba bone ba ne ba dumela go lwa, mme go ne ga nna le dintwa di le dintsinyana. Mo go neng ga felela ka gore ke itsiwe jaaka motho yo o kotsi, yo eleng rantwa dumela. Mo dintweng tseno tse di farologaneng, ke ne ka bediwa ka mabotlele, didirisiwa tsa go ntsha maotwana, le dithobane mmogo le go tlhaselwa ka dithipa le dibetsa tse dingwe. Mme lefa go ntse jalo seno sotlhe se ne sa seka sa fetola ditsela tsa me tsa go nna rantwa dumela.

Go Nna Rantwa Dumela go a Gola

Ke ne ka tloga ka lemoga gore go rekisa diokobatsi go ne go ka dira madi a mantsi. Ereka ke ne ke le motho yo o dirisang diokobatsi, ke ne ke tlwaelane thata le batho ba ba dirisang diokobatsi. Go ise go ye kgakala ke ne ke setse ke na le batho ba ba nthekisetsang diokobatsi, eleng seo se neng sa ntira rantwa dumela le eleng le go feta.

Ka nako nngwe re ne ra thukhutha morekisi mongwe wa diokobatsi, ka tsholofelo ya go utswa diokobatsi tsa gagwe. Re ne ra thuba mo legaeng la gagwe mme ra tshwara banna ba le bararo le mosadi mongwe re ba tshwara jaaka batshwarakananyo fa rona re ntse re phuruphutsha ntlo, re tlhomeletse ka tlhobolo le thipa, re batla diokobatsi.

Ka nako e nngwe nna mmogo le tsala ya me, re ne re tlhomeletse ka ditlhobolo ebile re tsentse mmaseke, re ne ra dira tshwetso ya gore re thukhuthe monna mongwe wa mohumi gore re kgone go bona madi a go ka reka diokobatsi. Re ne ra lalela legae la gagwe, mme o ne a seka a bonala, ka jalo re ne ra tsamaya. Fa a ne a ile a tswa, kwantle ga pelaelo re tla bo re ile ra diragatsa maikaelelo a rona.

Ka gone, fa ke ne ke le dingwaga di le 20 fela, ke ne ka iphitlhela ke tseneletse thata go nneng rantwa dumela, mo diokobatsing, le mo melatong e e masisi. Go ne go ka kgonagala thata gore, isagwe ya me e ne e tla nna go tshelela mo kgolegelong—ebile ke ne ke le motho yo o sa itumelang.

Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore ke mang yo o tshwanetseng go dira phetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Ke ne ka fetsa ka gore ke mongwe le mongwe fela yo nang le maatla go feta ba bangwe mo setšhabeng. Gape ke ne ke akanya gore ereka batho e le bone ba itirelang phetso ya se se siameng le se se sa siamang, ebile go ne go sena mmuso ope wa batho o ke neng ke o tlotla, ke ne ke na le tshwanelo ya go itirela phetso mabapi le potso e e ntseng jalo jaaka mongwe le mongwe. Mme lefa go ntse jalo go ne go setse go se kae fela gore ke bone karabo e e botoka le go feta.

Tsela E E Botoka go Di Gaisa Tsotlhe

Kgaitsadiake, yo o neng a nyalwa ke mongwe wa ditsala tsa me tse ke neng ke ntse ke na le tsone mo kgolegelong, o ne a ile a dumela go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Dilo tse a neng a di ithuta mo Bibeleng o ne a di bolelela mongwe le mongwe mo lelapeng la rona—kwantle ga me fela. Lelapa la gaetsho le ne le atisa go mpolelela gore ke seka ka itlwaelanya le kgaitsadiake. Ka ntlha yang? Ba ne ba bolela gore ke ka go bo sengwe le sengwe se a neng a se bua e ne e le ka ga “bodumedi jo bo tlhakanyang tlhogo” joo.

Ke ne ke batla go itse ka ga jone. Ke eng se a neng a ka se bua se se neng se kgopisa batho jaana? Ke ne ke batla go itse seo, mme lefa go ntse jalo kgaitsadiake o ne a se ka a bua le nna ka ga jone. Ka ntlha yang? O ne a akanya gore ke ne ke le bosula thata mo ke neng ke ka se ka ka reetsa sepe sa Bibela.

Mme lefa go ntse jalo maitseboa mangwe ke ne ka kopa kgaitsadiake fa ke ka tla go ja dijo tsa maitseboa kwa lelapeng la gagwe. Ke ne ke ntse teng foo ke ja le kgaitsadiake mmogo le monna wa gagwe, mme ke ne ka re: “Mpoleleleng sengwe ka ga bodumedi jono jo bosha.” Ba ne ba mpolelela ka jone diura di ka nna thataro! Bo ne bo mpha tlhaloganyo thata mo ke neng ka boela gape maitseboa a a latelang go utlwa mo go oketsegileng.

Morago ga loeto lono lwa bobedi, ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke ne ke bone sengwe se ke ka tshelang ka sone, eleng boikaelelo jwa mmannete mo botshelong. Ka bonako fela, ke ne ka simolola go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ebile gape ke ne ke bolelela ditsala tsa me ka seo ke neng ke se ithuta.

Tsela ya me ya go tshela e ne ya nna e sa fetoga ka lobakanyana. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka tswelelapele ke bala le go ithuta ka seo Jehofa Modimo a se batlang, ebile ke ne ka dira gore ke se ka ka tlolwa ke dipokano dipe kwa Holong ya Bogosi, koo go neng go tlotlwa ka Bibela gone. Ka tsela eno ke ne ka nonofa semoyeng mme ka kgona go fetola botshelo jwa me sengwe le sengwe ke ne ke se dira ka bongwe ka bongwe.

Sa ntlha, ke ne ka tlogela go rekisa diokobatsi. Seno se ne sa kgopisa bangwe ba ditsala tsa me tsa bogologolo, mme lefa go ntse jalo ke ne ke sa ntse ke itsiwe jaaka rantwa dumela, e le seo se neng sa mphaposa mo tseleng e e diphatsa. Sa bobedi, ke ne ka tlogela go dirisa diokobatsi tse di tagang mme gape ke ne ka latlha boitsholo jo bo maswe jo ke neng ke bo tshela. Sa bofelo se ke neng ka kgona go se laola e ne e le go goga motsoko. Mo dikgweding di robabobedi ke ne ke setse ke gatetse pele mo ke bileng ke ne ke tshwanelegela go ka kolobetswa, mme ke ne ka kolobediwa 1970.

Kwa bofelong ke ne ka tla mo go reng ke lemoge ka botlalo karabo ya potso ya me ya gore ke mang yo o tshwanetseng go dira phetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Karabo ke gore: Jehofa, Morenei-Botshelo, ke ene o nang le tshwanelo eo, mme gape o na le tshwanelo ya go lebelela gore dibopiwa tsa gagwe di tshele ka tsela e e tshwanetseng.

Ke tlhola ke akanya ka tsela e setshwantsho se se mo go Isaia 65:25 se neng se dira ka teng mo go nna ka tsela ya tshwantshetso. Boporofeti joo bo bua ka nako e e tla tlang e mo go yone mokgwa wa tau wa go nna bogale o tla fetolwa mme e nne e e ratang kagiso moo go tla felelang ka gore e je bojang fela jaaka kgomo. Ke ne ka ikutlwa gore go ntse jalo le ka nna, ke ne ka fetoga mme ka se ka ka tlhola ke le rantwa dumela ka fetoga motho yo o ratang kagiso le yo o lebang botshelo ka tsela ya kagiso.

Lefa go ntse jalo, ke ne ke na le leina le le maswe le ke neng ke tshwanetse go le ntlafatsa ka boitshwaro jo bo siameng. Ka sekai, ke ne ke etela batho ka ntlo le ntlo ka metlha go ya go buisana le bone ka Bibela. Kwa ntlong e nngwe, lekawana le le neng la ntetlelela go tsena le ne la ntemoga mme la gakala thata, le ne le akanya gore ke tlile go mo utlwisa botlhoko. Ke ne ka akofa ka tlhalosa molaetsa o ke tlileng ka one wa kagiso ka Bibela, o ne a sala a akabetse tota mme lefa go ntse jalo a wetse dibete.

Go ise go ye kae fela morago ga ke sena go kolobediwa, ke ne ka nyala mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka maswabi, ka 1974 mosadi wa me o ne a fetsa ka gore ga a sa tlhole a batla go dira thato ya Modimo. O ne a mpolelela tshwetso eno ya bofelo: eleng ya gore ke tlogele tsela ya me ya kobamelo kana gore ene o ne a tla ntlogela, a tsaya bana ba rona ba babedi ba babotlana. Eo e ne e le nako e e bokete go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka se ka ka tlogela kobamelo ya me go Modimo, mme ke ne ka tswelela pele ke dira thato ya gagwe.

Tsela E Ntšha ya go Tshela

Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ntebogela go bo ke ne ka tswelela pele ke ikanyega mo go ene. Ka 1977, ke ne ka kopana le Mosupi mongwe yo o molemo thata, mme ke fa re nyalana. O ne a na le morwa wa dingwaga tse tlhano. Go ise go ye kae nna mmogo le mosadi wa me re ne ra tsenelela mo bodiheding jwa nako e e tletseng, re dirisetsa nako ya rona go ruta ba bangwe ka Modimo le maikaelelo a gagwe. Fa morwa wa rona a sena go gola, le ene o ne a tsenelela mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Jaanong o thusa phuthego ya ga bone ka ditiro tse di farologaneng.

Nna le mosadi wa me esale ka nako eo re ile ra nna le tshiamelo ya go etela dikarolo di le dintsi tsa lefatshe, re dira tiro ya boithaopo ya go aga. Seno se amana le go thusa mo go ageng makala a masha mo dinageng tse di farologaneng e le go tshegetsa tiro ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa ya lefatshe ka bophara.

Fa re le kwa gae gona, re tshwarega thata mo ditirong tsa mo lefelong la ga rona, re thusa ba bangwe go ithuta ka Bibela le go thusa mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi tse disha. Ke direla gape mo Komiting ya Kgaolo ya tsa Kago mo karolong e e kwa borwa jwa United States. Nna mmogo le tsala ya me e ke neng ke le mo kgolegelong le ene pele—e leng monna wa ga kgaitsadiake—re direla jaaka bagolwane mo phuthegong e le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa.

Ke leboga Jehofa go bo a nthusitse go laola botshelo jwa me le go bo tsamaisa ka tsela e ntšhantšha eno. Botshelo jwa me bo ntse bo tokafala go ya pele jaaka fa ke ntse ke mo letlelela go mpontsha se se siameng le se se sa siamang.— Re e filwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela