Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Lwantsha Jang Tlhotlheletso E E Maatla ya Gore Ke Goge Motsoko?
“Go ntira gore ke ritibale, go a intumedisa ebile go ntira gore ke dule fela go se letsapa lepe le le mphisang pelo.”
“Ke selo sa go tsamaisa nako fela.”
“Go dira gore motho a ikutlwe a na le seriti le go feta.”
‘Go dira gore diatla tsa me di nne di ntse di tshwaregile ka sengwe.’
ANO e ne e le mabaka ao basha bangwe ba neng ba a ntsha fa ba ne ba bodiwa gore ke ka ntlha yang fa ba goga motsoko. (Teens Speak Out) Ee, go sa kgathalesege ditlhagiso tsotlhe tseo ba di newang tsa gore ba tla tshwarwa ke kankere ya makgwafo, ba tla nna le bothata jwa go hema, le gore ba tla tshwarwa ke bolwetse jwa pelo, go goga motsoko go sa ntse go na le kgogedi eo e sa kgoneng go itshokelwa ke basha ba le bantsi. Gongwe le wena ka bowena o bile wa ba wa raelwa gore o ithute go o goga.
Metswedi ya dikgang e go bontsha ditshwantsho di le dintsintsi tsa banna le basadi bao ba apereng sentle, ba maratwa go lejwa bao ba a bong ba ntse ba goga motsoko ka dinako tsotlhe. Ga go bape ba bone ba ba lebegang jaaka balwetse ba ba tshwerweng ke kankere. Kana balekane ba ka nna ba go gatelela gore o ithute go goga. Ka nako ya fa o le kwa sekolong ba ka nna ba aga ba go tshwenya ka dikgobo tse di ntseng jaaka tse di reng: ‘A o bari?’ ‘Mongwe le mongwe yo o butseng matlho o goga motsoko.’ Mme fa o na le basha bao ba gogang motsoko, o ka nna wa ikutlwa ekete o latlhegile fa wena o sena sekerete mo seatleng sa gago.
Tlhotlheletso e e maatla eno ya gore o goge motsoko e ka nna ya tswa gape e le gone kwa gae. E ka nna selo se se go tlhakanyang tlhogo fela thata fa motsadi yo mongwe wa gago a ithiba mo go gogeng motsoko mme yo mongwe ene a swetsa ka gore a o goge. Mme fa batsadi ba goga motsoko boobabedi, tlhotlheletso eno e ka nna maatla le go feta. Rebecca yo o dingwaga di le 14 o bolela jaana, ‘Batsadi ba me ba goga mo e ka nnang dipakana di le pedi tsa motsoko ka letsatsi, ka gone disekerete di tlhola di tletse gongwe le gongwe.’ Fa o bolelelwa ke batsadi ba ba ntseng jalo gore wena o se ka wa goga motsoko seo se ka nna sa lebega jaaka boitimokanyi fela jo bo seng kana ka sepe! Allison yo mmotlana o ngongorega jaana: “Fa re bolelela batsadi gore re a amega ka pholo ya bone, ga ba re reetse. Ka gone ba ka lebelela jang gore rona re ba reetse?”—The Private Life of the American Teenager.
E ka tswa mabaka a bone e le afe fela, basha ba le bantsi ba swetsa ka gore ba ithute go goga motsoko mme gantsi ba felela ka gore ba nne makgoba a motsoko botshelo jotlhe jwa bone.a Re solofela gore wena o batla sengwe se se botoka go na le go nna jaaka bone. O itse diphelelo tse di hutsafatsang tsa go goga motsoko ebile ga o bone lebaka la gore o di ikutlwele ka namana. Mo godimo ga moo, gongwe o ka ipotsa gore tota o ka lwantsha jang tlhotlheletso e e maatla thata eno ya gore o goge motsoko.
Go Ikutlwa Ekete O Latlhegile Fa O Na le Batho Ba Bangwe
Sa ntlha a re ko re lebeng a mangwe a mabaka ao basha bangwe ba a ntshang a go bo ba goga motsoko. Jaaka basha bao ba tsopotsweng kwa tshimologong, ba le bantsi ba bone ba ntsha mabaka a gore go nna ba tshwere disekerete ka diatla tsa bone go ba dira gore ba lebege jaaka batho bao ba nang le seriti go feta le gore gape ba lebege jaaka “batho ba ba godileng.” Oren yo mmotlana o ne a dumela gore seno se ne sa mo dira jalo. O gakologelwa jaana, jaaka fa a kile a ne a ikutlwa ekete o latlhegile ka nako ya fa a ne a na le batho ba bangwe: “Gotlhegotlhe ke ne ke sa phuthologe, segolobogolo ka nako ya fa ke le kwa diphating. Ke ne ke sa nke ke itse gore tota ke dire eng kana gore ke bue eng. Go lebega fa go goga motsoko e le gone go ileng ga rarabolola bothata jono jwa me.”
Lefa go ntse jalo, totatota go gopa mosi ono o o kotsi le go o kgwa go dira fela gore motho a lebege e le seeleele, a sena seriti, ebile a sa akanyetse ba bangwe. Basha bao palo ya bone e ntseng e gola ba simolola go o leba ka yone tsela eno. Go ya ka patlisiso e e dirilweng ke Jane Rinzler, 63 lekgolong ya basetsana le 73 lekgolong ya basimane bao ba neng ba botsolotswa ga ba rate go goga motsoko! Mosetsana mongwe yo o dingwaga di le 16 o ne a bolela jaana: “Batho bangwe ba gopola gore go goga motsoko go ba dira gore ba lebege jaaka batho ba ba butseng matlho, mme lefa go ntse jalo totatota go lebega jaaka ekete ba ipateletsa gore ba lebege jaaka ba ba butseng matlho.” Le eleng lefa go goga motsoko go ne go ka dira gore motho “a lebege jaaka yo o butseng matlho,” a seno se ne se tla dira gore go nna le mokgwa o o kotsi ono le o o nang le nonofo ya go tshwakgola e nne selo se se siameng?
Lefa go ntse jalo, se se kgatlhisang ke gore moperofesara wa lekala la bolwetsi jwa tlhaloganyo mo baneng ebong Maurice Falk, o akgela jaana: “Basha bao ba itseng seo ba ka se dirang ka nako ya fa ba na le batho ba bangwe ga ba ikutlwe ekete ba latlhegile go le kalo. . . . [Bone] go ka se diragale gore ba goge motsoko.” Seno se ile sa nna jalo mo basheng ba le bantsi mo Basuping ba ga Jehofa. Ba dira gore ba nne le seriti ebile ba sa itshoge ka go bua le batho ba dingwaga tsotlhe mo tirong ya go rera phatlalatsa. Gape, ba ithuta go bua ka botswerere mme lefa go ntse jalo ka boingotlo fa pele ga bareetsi ka go dirisa thulaganyo ya go ruta eo ba e bonang kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ba e dirisa ka tsela e e molemo. Seno se dira gore ba se ka ba tshabela mo go direng sengwe seo se tla ba thusang gore ba phuthologe ka nako ya fa ba na le batho ba bangwe.
Fa o ikutlwa o sa iitumelele kana o ikutlwa o tlhabiwa ke ditlhong kana o sa phuthologe ka nako ya fa o na le batho ba bangwe, he leka go kopanela le phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri ka metlha. Ga go motlhofo gore o nne ditlhong ka lobaka lo loleele fa o tshwaregile ka go dira dilo le batho ba bangwe. Gape o ka tlotla le batsadi ba gago ka dilo tseo di go tshwenyang. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore o tlotlwa ke batho ba bangwe, e seng ka go hupa sekerete mo dipounameng tsa gago, mme go na le moo, jaaka fa Bibela e rotloetsa, ka go nna: “Sekaō . . . mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ.”—1 Timotheo 4:12.
“Go A Nthetebatsa”
Go tweng ka ga selo seno seo bangwe ba se bolelang sa gore go goga motsoko go monate? “Batho bangwe ba ba gogang motsoko ba bolela gore ga ba kgone go ritibala fa ba sa goga sekerete,” go bolela jalo mokwadi ebong Alvin Rosenbaum, “ba bolela gore go goga motsoko go fokotsa matshwenyego, tlhobaelo, le go nna bogale.” Lefa go ntse jalo, Rosenbaum o akgela ka gore go na le gore bo okobatse dilo tseno, “bokgakga bo a di gakatsa.”
Ke eng he se se bakang go ritibala goo motho yo o gogang motsoko a go utlwang morago ga gore a goge? Totatota, seo motho yo o gogang motsoko a se utlwang ke go ritibala ga keletso ya go goga motsoko eo e kgotsofadiwang ka go o goga! Ee, batho ba tshwakgolwa ke bokgakga jo bo mo motsokong. Go tshwakgoga gono go tshwana kgo fela le go tshwakgolwa ke heroin kana ke cocaine, batho bangwe ba bile ba bolela gore go go fenya go boima le eleng go feta.
Mmele wa motho yo o gogang motsoko o simolola go eletsa bokgakga ka nako ya fa bo fokotsega mo go one. Motho yono o simolola go fafamoga, go khidiega, le go fela pelo go fitlhelela a bona “seritibatsi” se sengwe gape sa bokgakga. O ikutlwa a ritibetse ka lobakanyana fela—go fitlhelela mmele wa gagwe o eletsa bokgakga gape. Ka gone go goga motsoko ke tsela ya boeleele tota ya go ritibala. Ditsela tseo di bolokesegileng go gaisa tsa go ritibala ke go reetsa mmino o o opelelang kwa tlase, go bala, le go iphokisa phefo.
Go Lwantsha Tlhotlheletso E E Maatla E E Tswang mo Balekaneng
George yo o nang le dingwaga di le 14 o bolela jaana: “Go na le bana ba le bantsi thata ba ba lekang go nkgogisa sekerete mo e leng gore ke setse ke ba tlhokomologa fela.” Go lebega fa go tlhotlhelediwa ka maatla ke balekane e le lone lebaka la konokono la go bo basha ba le bantsi jaana ba simolola go goga motsoko. Patlisiso nngwe e e dirilweng mo basheng e ne ya bontsha gore ‘fa go ne go se ope wa ditsala tsa bone yo o neng a goga go ne go na le ba ba kafa tlase ga 1 lekgolong ba bone ba ba neng ba goga motsoko, fa ditsala tsotlhe tsa bone di ne di goga gone go ne go na le 73 lekgolong ya bone ba ba neng ba goga motsoko.’ Gongwe fa e le gore o tlhotlhelediwa ka maatla ke balekane ba gago, o ka nna wa botsa jaana: ‘Ke eng seo tota se neng se tla bo se le phoso go le kalo ka go tsaya sekerete le go se goga gangwenyana fela e le fela go dira gore ba bangwe ba tlogele go ntshwenya?’
Basha bangwe bao ba godiseditsweng mo magaeng a Bokeresete ba ile ba akanya gore go ne go se kitla go nna phoso go le kalo mme ba ile ba dira seo se leng kgatlhanong le tumelo ya bone.b Ba sekae ba ile ba dumela gore ba ile ba tshwara sekerete ka seatla sa bone kana le eleng go se hupa mo molomong wa bone—ba dira jalo e le fela gore ba tle ‘ba tshwane le ba bangwe.’ Lefa go ntse jalo, Bibela e bolela jaana: “Morwaaka, ha baleohi ba gu hèpa, u se ka ua dumèla.” (Diane 1:10) Mme gore ba tlotliwe, basha ba le bantsi bao ba godiseditsweng mo magaeng a Bokeresete ba utlwa mafoko ano. Ka sekai, Maribel yo o nang le dingwaga di le somenne o ne a newa sekerete ke ditsala tsa gagwe, mme a se gana. “Ba ne ba simolola go se tlhole ba tsamaya le nna,” o gakologelwa jalo, “mme ba ne ba ntshotla mo go botlhoko.” Lefa go ntse jalo, o ne a gopola gore kana go botoka go ratiwa ke Modimo go na le go ratiwa ke lefatshe mme ga a a ka a ineela mo tlhotlheletsong e e maatla eo!
Totatota, ke ditsala tsa mofuta ofe tseo di tla go tlhotlheletsang gore o gope sere se sekotsi seno? Diane 13:20 e tlhagisa jaana: “Monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” Ipatlele ditsala tse disha fa e le gore go tlhokega gore o dire jalo. Aitsane, fa motho a na le batho ba ba gogang motsoko fela pholo ya gagwe e nna mo kotsing! Brenda yo o nang le dingwaga di le 15 o bolela jaana: “Ga go ope wa ditsala tsa me yo o gogang motsoko. Ka gone ga ke na mathata ape a go tlhotlhelediwa ka maatla ke balekane.”
Lefa go ntse jalo, go ka nna ga se ka ga kgonega gore o tile gotlhelele basha bao eseng Bakeresete. O ka nna wa tshwanelwa ke gore o femele dilo tseo o di dumelang le gore o gane go goga motsoko kwantle ga go dikadika! Le gale seno ga se reye gore o ba rerele ka ga kafa motsoko o sa siamang ka gone. Mokwadi mongwe ebong Sharon Scott o tlhalosa gore gantsi go lekane go bua fela o re “nnyaa ke a leboga.” Fa seno se sa atlege, o gakolola gore o gane ka mafoko a a bogale a a reng, “Ke rile NNYAA!”
Maano a mangwe ke gore o tswe o itsamaele, o tlhokomologe yo o go nayang sekerete, kana o fetole motlotlo. Ebile o ka nna wa leka go itlwaetsa go sa le gale kafa o tla lwantshang tlhotlheletso eno e e maatla ya gore o goge motsoko ka gone. Mme fa e le gore go tlhokega gore o tlhalose ka botlalo, o tshwanetse gore o bo o ipaakanyeditse go neela tlhaloso eo. Jaaka fa Bibela e bolela jaana: ‘Lo iketleeletse ka metlha yotlhe go fetola mongwe le mongwe yo o lo botsang [lebaka].’—1 Petere 3:15.c
Thuto ya Bibela eo e rutiwang kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e thusitse batho ba le bantsi gore a kgaogane le mokgwa ono wa go goga motsoko. Oren o gakologelwa jaana: “Go eletsa go bua le ba bangwe ka ga go tshelela ruri mo lefatsheng le le phepafaditsweng la paradaise ka pholo e e itekanetseng go ne ga ntlhotlheletsa gore ke kgaogane le one.” Selo se se botlhale go se dira ke gore o se ka wa ba wa simolola le eleng go goga!—Bakolosa 4:5.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tharonneng ya batho ba ba gogang motsoko kwa United States ba ne ba simolola go o goga pele ba nna dingwaga di le 21. Go ya ka patlisiso nngwe, halofo ya setlhopha sa basha bangwe ba ba gogang motsoko ba ile ba goga sekerete sa bone sa ntlha pele ga ba fetsa sekolo se sepotlana.
b Go bona tshedimosetso e e kaga dikotsi tsa go goga motsoko, bona tokololo ya Tsogang! ya August 8, 1991.
c Fa e le gore o ithutile go goga motsoko ka bokukuntshwane, tsweetswee senka thuso ka go itsise batsadi ba gago ka bothata jono jwa gago. (Diane 28:13) Ba ka nna ba utlwa botlhoko morago ga gore ba itse bothata jwa gago. Mme lefa go ntse jalo fa e le gore ke Bakeresete, morago ga fa go utlwa botlhoko ga bone ga kwa tshimologong go sena go kokobela, ba tla tlhoma megopolo ya bone mo go go thuseng gore o tile go boeletsa phoso eo. Balebedi ba phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la lona le bone ba ka go kgothatsa ebile ba ka go thusa thata malebana le bothata jono.—Yakobe 5:14, 15.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go na le gore go goga motsoko go dire gore motho a lebege jaaka yo o godileng, go ka bontsha batho ba bangwe gore o a ipelaela