Kgopolo E E mo Bibeleng
Lebaka la Go Bo Dilo Tse Di Tsosang Keletso ya Dikobo Di le Kotsi
DILO tse di tsosang keletso ya dikobo ga di tlhole e le dilo tse di felelang fela mo mabenkeleng a a rekisang dilo tsa boitsholo jo bo maswe ebile ga di tlhole di felela fela mo mananeong a a bontshang dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo. Di setse di kgonwa go bonwa ke batho ka kakaretso. Mo dinageng di le dintsi, di bontshiwa baagi ba ba tlwaelegileng ba di bontshiwa mo dimakasineng, mo dipampiring tsa dikgang, mo dibukeng, mo mananeong a thelebishene, mo dibaesekopong, le mo dividiong. A tota sengwe se se tletsetletseng jaana se ka nna kotsi go le kalokalo?
Lefa go le jalo, dilo tse di tsosang keletso ya dikobo ke eng? Dilo tse di tsosang keletso ya dikobo di tlhalosiwa jaaka tseo di “bontshang boitshwaro jwa kafa dikobong (jaaka ka ditshwantsho kana ka se se kwadilweng) ka boikaelelo jwa go tsosa keletso ya go tlhakanela dikobo.” Tlhaloso eno e phepafetse. Mme lefa go ntse jalo go tsoga kgang fa go tla mo go reng go bontshiwe gore ke eng se se tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo le gore ke eng seo se sa direng jalo. Ke boammaaruri, go ya bokgakaleng jo bo rileng, go ikaega ka motho ka boene gore ke eng seo se tsosang keletso ya gagwe ya go tlhakanela dikobo. Ka mantswe a mangwe, seo se tlhotlheletsang motho yo mongwe go nna le keletso ya go tlhakanela dikobo se ka nna sa se ka sa dira jalo mo go yo mongwe. Lefa go ntse jalo, patlisiso nngwe ya bosheng jaana ya kwa Jeremane e e neng e dirwa mo bathong ba le 5 000 e ne ya bontsha gore go fitlha mo selekanyong se se rileng, dilo tse di tsosang keletso ya dikobo di ama mo e ka nnang mongwe le mongwe, banna mmogo le basadi.
A Go Tsosa Keletso ya go Tlhakanela Dikobo go Phoso?
Go tsosa keletso e e siameng—ya mofuta le fa e ka nna ofe fela—ga go botlhale fa e le gore ga go na tsela epe eo o ka e kgotsofatsang ka yone ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, fa dijo dingwe tse o di ratang thata di seo, gongwe o ne o se kake wa ikutlwa o kgotsofetse fa o nnela go lebelela ditshwantsho tsa tsone mo dimakasineng kana mo dibukeng kgapetsakgapetsa. Mo letlhakoreng le lengwe, fa e le gore—gongwe e le ka ntlha ya mabaka a pholo—o sa letlelelwa go di ja, go akanya ka tsone kgapetsakgapetsa go ka nna ga go dira gore o dire diphoso tse di kotsi. Ka mo go tshwanang, motho yo o gogang motsoko yo o lekang go tlogela mokgwa ono a ka se oketse dikgonego tsa gagwe tsa go dira jalo ka go senya nako a lebeletse batho ba bangwe ba goga a ba tswela pelo.
Go ya ka kgopolo e e mo Bibeleng mabapi le dikeletso tsa go tlhakanela dikobo, boitumelo bo nna gone fa o di kgotsofatsa mo teng ga lenyalo le le nang le lorato. (1 Bakorintha 7:2-5; Bahebera 13:4) Ka jalo he abo go tla bo go se botlhale jang ne gore motho yo o sa nyalang a tsose dikeletso tseno tseo a ka sekang a kgona go di kgotsofatsa! Seno se felela fela ka go sulafala maikutlo kana, le eleng se se maswe le go feta, se felele ka go di kgotsofatsa ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo kana ka go gokafala, ka go dira jalo a roba melao le melaometheo ya Modimo.—1 Bathesalonia 4:3-7.
A seno se raya gore fa o nyetse dilo tse di tsosang keletso ya dikobo ga di kotsi? Nnyaa, melao eo ya boitshwaro ya Dikwalo e dira le mo bathong ba ba nyetseng. Gape, dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo di ikuela mo loratong le le pelotshetlha, di thusa go kgotsofatsa dikeletso tsa gago ka namana, mme lorato lone lo itshetlegile ka go kgotsofatsa dikeletso tsa molekane wa motho. Dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo di felela ka go tlhakanela dikobo ka tsela ya go sa akanyetse yo mongwe le ya go itšheba o le esi fela, mo eleng gore, le eleng mo kamanong ya lenyalo, di fetoga dilo tse di tlhabisang ditlhong le tsa go tlhoka lorato.—1 Bakorintha 13:5.
Go na le gore dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo di nonotshe lorato mo lenyalong, di a le bolaya ka go le tlontlolola, di le sokamisa. Dikamano tsa go tlhakanela dikobo go ya kafa di bontshiwang ka gone mo dilong tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo ke ditoro fela tsa mofuta o o bosula ka gonne di neela melaetsa e e seng boammaaruri le e e gobatsang e e malebana le dikamano tse go nniwang natso mo lenyalong. Go na le moo, dikamano tsa mmatota tse go nniwang natso mo botshelong ga se tsa go tlhakanela dikobo fela; di theilwe mo loratong, mo dilong tse di tshegisang, mo go buisaneng, le mo go amegeng ka ba bangwe. Dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo di ka nna tsa bo tsa kgaoganya balekane ba lenyalo.
Dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo di dira gore batho ba tshele fela jaaka diphologolo tseo di ikaegang fela ka maikutlo a tlholego go dira dilo. Ga di kgothaletse boikgapo, leungo la moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Di ka nna tsa dira gore go nne motlhofo fela gore motho a tlhakanele dikobo ka ditsela tse di sa tshwanelang. Ano ke mabaka a sekaenyana fela a go bo Bakeresete ba tshwanetse go ithiba mo dilong tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo.
Ka gone he kgakololo e e botlhale ya Bibela e a re: “U itumelè mo mosadiñ oa bokau yoa gago . . . morwaaka, u ka bo u ratèlañ go tlhapèlwa ke mosadi eo o leñ o sele, ua tlamparèla [ka tsela ya mmatota kana go diragala mo maikutlong ka tsela ya dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo] sehuba sa mosadi oa seeñ?”—Diane 5:15-20.
Lefa go le jalo, motho a ka tila jang kana a ka ikgolola jang mo bothateng jono jwa dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo?
Kafa Re Ka Ikgololang ka Gone mo Bothateng Jono
Gore re fenye kgogedi ya dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo, Bibela e gakolola jaana: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwe, le dithatō.” (Bakolosa 3:5) Fano, lefoko le le reng “bolaeañ” ka phepafalo le naya kgopolo ya go itaya tokololo epe fela ya mmele gore e bo e swe eo e neng e ka dirisiwa mo dilong tse di ntseng jalo tsa boitshwaro jo bo sa siamang—eseng go e thibela go dira selo se se rileng fela.
Lefa go ntse jalo, seno se tshwanetse sa tlhaloganngwa ka tsela ya tshwantshiso, eseng gore o tshwanetse wa e bolaya ka tsela ya mmatota. Bakeresete ga ba tshwanela go gobatsa mebele ya bone. Fa re ikemiseditse go “bolaya” dikgopolo tse di maswe tsa keletsodikobo, re ka se ineele mo kgogeding ya dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo, ka tsela eno re dirisa ditokololo tsa mebele ya rona, tse di ntseng jaaka matlho, ka tsela e e phoso. (Bapisa Mathaio 5:29, 30.) Ka lone lebaka leno, Bibela e gakolola gore, dira gore o emisetse dikeletso tse di maswe ka ‘dilo tse di tshiamo, dilo tse di phepa,’ go tswa foo “lo gopolè dilō tse.”—Bafilipi 4:8.
Ke eng se sengwe gape se se ka thusang? Go gakologelwa—le eleng go boeletsa ditemana tsa Bibela ka tlhogo, tse di ntseng jaaka tse di latelang:
“Haposa matlhō a me mo go lebeñ boithamakō.”—Pesalema 119:37.
“Cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, . . . ga se ga Rara, me ke ga lehatshe.”—1 Yohane 2:16.
“Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmera, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.”—Yakobe 1:14, 15.
Lefa e ka nna eng fela se se ka simololang metseletsele ya ditiragalo tse di felelang ka loso se ka bidiwa ka tshwanelo gore se kotsi, mme tlhaloso eo e tshwanela dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo! Gakologelwa: “Eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ; me eo o yalèlañ Mōea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ yo bo cwañ mo Moeeñ.” O se ka wa letlelela dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo go go amoga botshelo jo bo sa khutleng!—Bagalatia 6:8.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 29]
Go na le gore dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo di nonotshe lorato mo lenyalong, di a le bolaya ka go le tlontlolola, di le sokamisa