Nngwe ya Ditiro Tse Di Kgethegileng tsa Botaki tsa kwa Madagascar
RE NE ra gogelwa ke bontle jwa merufašeše, dinkgwana, le dipane tseo di dirilweng ka letsopa tseo di neng di atleegilwe jaaka fa re ne re ntse re iphokisa moya go kgabaganya mmaraka wa Antsirabe mo legaeng la rona la setlhaketlhake sa Madagascar. Lemororo dinkgwana tseno tsotlhe di ne di le phifadu ka mmala, di ne di na le dibata tse dikgolo tse dintsho tseo di neng di lebega jaaka ekete di ne di bakilwe ke go utlwalelwa ga dinkgwana tseno ke molelo. Go rata dilo go ne ga re pateletsa gore re botse mosimane mongwe yo mmotlana wa mo motseselegaeng ono yo a neng a di rekisa gore a re ne re nepile.
“Ee,” o ne a bolela jalo, “di tshwanetse gore di omisiwe ka go tsenngwa mo ontong e e mogote gore di tle di tswee di ntse jaana. Mme lefa go ntse jalo ga re na dionto tsa segompieno, tsa maemo a a kwa godimo jaaka tseo di leng gone kwa metsesetoropong. Re dirisa mekgwa ya setso eo borraarona ba re e rutileng.”
Lemororo mosimane yono a ile a araba dipotso tsa rona tse di oketsegileng ka bopelonolo, mafoko a gagwe a ne a tsosa mo go rona keletso ya go iponela ka matlho jaaka fa dinkgwana tseo tsa letsopa di dirwa. Ka gone re ne ra tswa ka sejanaga go ya kwa lefelong lengwe le le kwa kgakala gone mo motseselegaeng ono leo batho ba ba nnang kwa go lone e leng bomankge mo go bopeng dinkgwana tsa letsopa. Botlhe ba ne ba le bonolo ebile ba itse go tshola baeng. Ka ba ne ba itumeletse gore batho ba kwa toropong ba ne ba tla kgatlhegela dilo tseno tseo ba di dirang, ba ne ba eletsa thata go re bontsha mekgwa eo ba bopang dilo tseno ka yone.
Santlhantlha, re ne ra ithuta gore letsopa leo ba le dirisang gotlhelele ga se letsopa le le tlwaelegileng. Ba bolela gore, letsopa le le tlwaelegileng, le thubega bonolo fela fa le tsenngwa mo molelong. Ka gone ba dirisa letsopa le le bidiwang tanimanga, (leo totatota eleng “taka e pududu”), leo le fitlhelwang fela mo motseselegaeng ono le mo dintshing tsa noka kana tsa molapo. Mosimane mongwe o ne a tsamaya le rona go ya kwa losing lwa noka mme a fitlha a epa mo mmung. Mo e ka nnang disentimetara di le 30 kafa tlase ga mmu o o fa godimo, go ne ga bonala mmu o o bongola, o o bopududu ka mmala—eleng tanimanga! Lefa go ntse jalo, kwa mafelong mangwe tanimanga e ntsho ka mmala kana le eleng go nna mmala wa namune, eleng seo se dirang gore e nne ekete ga se yone go ya ka leina la yone. Lefa go ntse jalo, ka metlha e farologana le mmu o o tlwaelegileng o mohibidu ebile o le mmala wa namune wa karolo eno e e mo bogareng jwa setlhaketlhake seno.
Morago ga moo monna mongwe o ne a re bolelela gore fa a batla go dira merufašeše kana dinkgwana di le mmalwa, o tswakanya kgetse e le nngwe ya tanimanga le nngwetharong ya kgetse ya moshawa, oo le one o fitlhelwang mo dintshing tsa noka. Morago ga moo o tshela metsinyana go dira gore motswako ono o nne boleta. “Metsinyana” ke metsi a a bontsi jo bo kae? Ga go selekanyo sepe se se nepagetseng sa metsi seo se dirisiwang. Ka ntlha ya boitemogelo jwa gagwe, motaki o emisa go tshela metsi ka nako ya fa a utlwa gore motswako ono o loile ka mo go tshwanetseng—o sa kwatalala thata lefa e le go nna boleta thata.
Morago ga moo, motswako ono wa letsopa, moshawa, le metsi o bewa mo godimo ga mmu o o tlhatswitsweng sentle o o senang matlapa le dirite. Morago ga moo motaki o o duba ka go o gata ka dinao ka lobaka lo loleele. Seno se tlhomamisa gore letsopa leno le tlhakane sentle le moshawa, eleng selo sa botlhokwa se se dirang gore merufašeše eno kana dinkgwana tseno di tshwarelele. Mafoko a le mmalwa mo puong ya Se-Madagascar a tlhalosa kgato e e botlhokwa eno ya go bopa dilo tsa letsopa jaana: hitsahina, disahina, tehafina, volavolaina, totoina. Lefa go ntse jalo otlhe fela a lebisa go yone kgato eno—ya go duba motswako ono wa letsopa ka go o gata ka dinao. Ka nako ya fa bataki ba tlhomamisegile gore motswako ono o siame, ba siametse gore jaanong tota ba simolole go dira dilo tsa letsopa.
Santlha ba kgaoganya motswako ono ka manathwana a dikgolokwe tse di lekanang le lebole la motho. Fa ba batla go dira marago a nkgwana, ba tsaya kgolokwe e le nngwe mme ba e papetlelele mo maragong a sengwe se se kgolokwe—gantsi a pitsa ya letsopa ya bogologolo le e e onetseng—go dira gore kgolokwe eno e tshwane le marago a nkgwana eno. Morago ga fa ba sena go patologanya kgolokwe eno le marago a nkgwana, ba dirisa kgolokwe e nngwe ya letsopa go bopa pounama, kana molomo, wa nkgwana. Mo nakong eno ya fa jaanong ba bopa, bataki ba nna ba disitse gore motswako ono o se ka wa oma thata, ka gonne o ka nna wa thubega bonolo fela.
Jaanong dinkgwana tseno di bewa mo letsatsing letsatsi lotlhe gore di ome. Ke fela ka nako eo jaanong di siametseng kgato ya bofelo: eleng ya go omisiwa ka go tsenngwa mo molelong. Mme lefa go ntse jalo le eleng seno se dirwa ka dikgato. Dinkgwana tseno tsotlhe le merufašeše di tladiwa ka lotlhaka le matlhare a a omisitsweng di bo di robadiwa ka letlhakore mo mmung. Lotlhaka lono le matlhare ano a a tshubiwa mme a bo a letlwa gore a tuke mo e ka nnang metsotso e le 10 kana e le 15. Seno se dira gore letsopa leno le nne thata le gore le tshwarelele.
Morago ga go fisiwa goo ga ntlha, dinkgwana tseno di bewa mo lefelong le lengwe leo mo go lone go adilweng lotlhaka le matlhare a a omisitsweng. Lefa go ntse jalo, mo nakong eno dinkgwana tseno di bewa gore melomo ya tsone e kgomane. Morago ga moo bataki ba baya lotlhaka le matlhare a a omisitsweng mo godimo ga dinkgwana tseno le go di dikologa go fitlhelela di sa tlhole di bonala gotlhegotlhe. Morago ga moo ba baya makwete a mmu go dikologa lefelo leno go dira gore molelo o se ka wa tshelela ka kwa ntle ga makwete ano le go dira gore dinkgwana tseno di se ka tsa kgokologela go sele. Lotlhaka lono le matlhare ano di tshubiwa gape ka molelo mme di bo di tlogelwa gore di tuke bobotlana metsotso e le 30 kana go fitlhelela molelo o itima ka boone. Morago ga fa dinkgwana di sena go tsidifala, di swatolwa mo moloreng mme di a bo di siametse go ka dirisiwa.
Erile fa re lebelela dinkgwana tseno sentle, jaanong re ne re kgona go tlhaloganya gore go ne go tla jang gore dinkgwana tseno di nne le dibata tse dintsho tsele. E ne e le dikarolo tseo di neng tsa utlwalelwa ke molelo. Nkgwana yotlhe yone e ne e na le mmala o o tlwaelegileng wa letsopa le le fisitsweng—eleng o o phifadu.
Tiro eno ya botaki ya go bopa dinkgwana e ile ya fetisediwa go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Re ne ra kopana le monna mongwe yo o neng a dira mo feketoring nngwe e kgolo ya go dira diaparo e e mo toropong mme lefa go ntse jalo o ne a dira madi a a oketsegileng ka gore le ene a bope dinkgwana le go di rekisa. O ile a ithuta tiro eno ya botaki go tswa go rraagwe, yoo, le ene, a ileng a e ithuta go tswa mo go rraagwe. Ebile re a tlhomamisega gore lekawana leno ga le kitla le fosiwa ke sebaka sa go e ruta bana ba lone.