LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 10/8 ts. 17-19
  • Nka Dira Jang Gore Mosetsana Yo A Tlogele go Ntshwenya?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Jang Gore Mosetsana Yo A Tlogele go Ntshwenya?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tota Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwenngwa Jaana?
  • Lebaka la Go Bo go Gana go Ineela Go Se Motlhofo
  • Go Lebana le Tlhotlheletso E E Maatla
  • Go Falola mo Seraing!
  • “Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Pono ya Bomodimo ka Boitsholo jo bo Phepa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • O ka Kgona go Nna o Itshekile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Nka Dirisana Jang le go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 10/8 ts. 17-19

Nka Dira Jang Gore Mosetsana Yo A Tlogele go Ntshwenya?

JOSEFA e ne e le lekawana leo le neng le itsege thata. E ne e le setswerere mo tirong, a ikanyega, ebile e le motho wa maratwa go lejwa, mongwe le mongwe yoo a neng a bereka le ene o ne a mo rata thata. Bothata e ne e le gore, o ne tota a bile a kgatlhegelwa le eleng ke mosadi wa mong wa gagwe. Mosadi yono o ne a nna sebete le go feta go nna a mo leba ka tsela eo e neng e supa gore ekete o ne a batla gore ba ratane; o ne a bile a sa tshabe go bua le ene ka tsela eo le yone e neng e supa gore ekete o ne a batla gore ba ratane.

Josefa o ne a leka go itlhokomolosa mosadi yono fa a ne a itshwara ka tsela eno eo e neng e bontsha gore ekete o ne a batla gore ba ratane, mme lefa go ntse jalo letsatsi lengwe kwa tirong, o ne a iphitlhela a na le ene ba le babedi fela. Mosadi yono o ne a ile a rulaganya seno ka kelotlhoko; go ne go sena ope yoo o neng a tla bo a le teng foo ka diura di le mmalwa. Pele ga fa Josefa a ne a ka lemoga seo se neng se diragala, mosadi yono o ne a se ka a tshaba go mo iphetlhela fela a mo supetsa kafa tota a eletsang go ratana nae ka gone, a mo kopa gore a tlhakanele dikobo nae!—Genesise 39:7-12.

Selo seno seo ka ammaaruri se kileng sa diragala mo botshelong se ne sa diragala dingwaga tse di fetang 3 500 tse di fetileng. Mme lefa go ntse jalo ditiragalo tse di tshwanang le eno di a diragala letsatsi le letsatsi kwa sekolong le eleng kwa meberekong. Ka gonne lemororo metswedi ya dikgang e ile ya bua thata malebana le tsela eo basadi ba tshwenngwang ka yone—mme ebile e ne e dira sentle go bua ka gone ka go bo e le bothata—bothata jo gantsi bo tlodisiwang matlho ke jwa kafa makawana a tshwenngwang ka gone ke basetsana bao ba batlang gore makawana ano a tlhakanele dikobo le bone.a Ereka setšhaba sa segompieno se tseela tlhakanelodikobo kwa godimo thata mmogo le go lekana ga basadi le banna, seno se tlhakane le boitsholo mmogo le ditekanyetso tsa loago tse di ntseng di senyegela pele, ga go a tshwanela ga re gakgamatsa go bo makawana a le mantsi a bega gore a tshwenngwa ke basetsana bao ba batlang gore makawana ano a tlhakanele dikobo le bone.

Go lebega makawana mangwe a itumelela mokgwa ono wa go tshwenngwa ke basetsana; ba itumedisiwa ke go bo basetsana ba na le kgatlhego mo go bone. Lefa go ntse jalo, basha ba Bakeresete bone ba ngaparela ditekanyetso tsa Bibela tsa boitsholo jwa tlhakanelodikobo. Ga ba batle go nna ba ntse ba opisiwa tlhogo ke basetsana ba ba letshwenyo bao ba nang le maikaelelo a go itshwara ka tsela e e sa siamang. Potso ke gore, Ba ka lwantsha jang letshwenyo le le ntseng jalo?

Tota Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwenngwa Jaana?

Bibela e bolela jaana: “Bontle jwa makawana ke thata ya one.” (Diane 20:29, NW) Go nna montle ga mosha, go patagantswe le boitsholo jo bo phepa jwa lekawana mmogo le mekgwa ya gagwe ya Bokeresete, go ka nna kgogedi e e maatla thata mo mosading. Ebile bangwe ba ka nna ba leba go senya go itsheka ga Mokeresete yo mmotlana jaaka kgwetlho e e kgatlhisang.

Mme gape setšhaba sa segompieno le sone go na le tlhotlheletso eo se nang le yone. Go kwalwa dibuka le ditlhogo tseo di seng kana ka sepe di kwalelwa go thusa basetsana gore ba gape kgatlhego ya basimane. Gantsi dimakasine tse di buang ka basha di tlhotlheletsa basetsana gore ba se ka ba tlhabiwa ke ditlhong go itira jaaka ekete ba batla go ratana le basimane. Makasine wa Seventeen o ne wa bolela jaana: “Go itira jaaka ekete o batla go ratana ke mokgwa o o gaisang tota wa go itsise mongwe gore tota . . . o a mo rata. . . . Go ka felela ka gore lo nne ditsala kana ka gore lo ratane.” Ditshwantsho tsa boitsholo jo bo maswe tseo di phasaladiwang ke metswedi ya dikgang tseo di lejwang jaaka tseo di itshiametseng fela mmogo le mekgwa e e fitlhelwang gongwe le gongwe ya boitsholo jo bo bodileng le tsone di tlhotlheletsa lekawana gore le se ka la tlhola le kgona go itshola sentle. “Setšhaba sotlhe fela ka kakaretso mmogo le batsadi segolobogolo le balekane ga ba re sepe fela ka go rata ga basimane go tlhakanela dikobo. Bomankge bangwe ba dumela gore makau a kgothadiwa ka setu . . . gore ba lemalele tlhakanelodikobo.” Go akgela jalo mokwadi Kathy McCoy.

Lefa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le kgothaletsa basha gore ba nne ba itshekile. “Mo ke go rata ga Modimo, eboñ boitshèpishō yoa lona, ke go re, lo ithibè mo boakeñ.” (1 Bathesalonia 4:3) Ga o kake wa letlelela dilo tse di tlhotlheletsang tsa lefatshe leno gore di go ntshe mo tseleng! O tshwanetse go dira eng, he, fa mongwe wa bong bo sele a itshwara ka tsela e e bontshang gore o batla gore o ratane nae?

Lebaka la Go Bo go Gana go Ineela Go Se Motlhofo

Lemororo gantsi banna ba ile ba fekeetsa basadi ka go ba gatelela eleng basadi bao ba ganang go ba dumela, ke ka sewelo fela basadi ba kgonang go fekeetsa banna ka tsela eo. Ke ka ntlha yang, he, fa go le boima jaana gore lekawana le itshokele mosetsana yo o letshwenyo?

Lebaka le lengwe ke gore ‘pelo e boferefere.’ (Yeremia 17:9) Jaaka fa Wayne yo mmotlana a ile a dumela jaana: “Motho o ikutlwa o batla o eletsa gore o kgatlhegelwe ka tsela e e ntseng jalo. Go a go itumedisa go itse gore le wena go na le mongwe yo o go kgatlhegelang. Go go dira gore le wena o ikutlwe o le mothonyana.” Gone ke boammaaruri gore, ke ga tlholego fela go itumelela go kgatlhegelwa ke motho wa mosadi. Mme lefa go ntse jalo o itise! Pelo ya gago e e boferefere e ka nna ya tlhotlheletsa dikeletso tseno tsa tlholego gore di go fekeetse mme o dire kgatlhanong le seo o itseng gore se siame. (Yakobe 1:14, 15) O ka nna wa isiwa ‘tlhabong jaaka kgomo’ o sa lemoge!—Diane 7:22.

Ka gone Diane e tlhagisa makawana gore a itise “mo go hakeñ ga loleme loa [mosadi wa boitsholo jo bo sa siamang]. U se ka ua eletsa bontlè yoa gagwè mo peduñ ea gago; le gōna a se ka a gu gapa ka dintshi tsa matlhō a gagwè.” (Diane 6:24, 25) Ka gone, selo sa konokono seo o ka se dirang ke go laola pelo eo e leng ya gago le dikeletso tsa gago. (1 Bathesalonia 4:4-6) Ke fela fa o tlhatswegile pelo ka botlalo gore boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo ga bo go tlisetse sepe fa e se “tsela e e eañ Bobipoñ” fela, kana kwa losong fela, o tla kgonang go iphemela ka tsela e e tla go kgotsofatsang le e e tla go tswelang mosola.—Diane 7:27.b

Go Lebana le Tlhotlheletso E E Maatla

“Ke a re basetsana ga ba ineele motlhofo ruri; ba nna ba ntse ba tla,” go ne ga ngongorega jalo lekawana lengwe. “Ba nna ba ntse ba go akgola ba sa fetse le go go reta ba sa fetse.” Go reta ga e bolo go nna e ntse e le sebetsa se mosadi yo o letshwenyo a se dirisang. A o tshabelelwa ke go retiwa ke basetsana? (Diane 26:28) Diane 11:2 e akgela ka gore, “Botlhale bo nna le eo o ikgobalatsañ,” mme ebile fa o ikokobetsa, ga o kitla o tshabelelwa ke go retiwa gono go go sa thuseng ka sepe.

Mme lefa go ntse jalo o a reng fa mosetsana a go bolelela gore o rata moriri wa gago, tsela eo o bopegileng ka yone, kana kafa o nyenyang ka gone? Gongwe ga a bue jalo ka maikaelelo ape. Ka go bo ba sa batle gore ba lebege jaaka ekete ba a ikgodisa, basha bangwe ba lebogela mosetsana yoo kakgolo eo ya gagwe—mme ba bo ba fetola motlotlo ka bonako. Lefa go ntse jalo, itise mo go mo direng gore a akanye gore o rata go bua ka tsa marato.

Ka dinako tse dingwe go tlhokega gore o tseye dikgato tse di gagametseng tota. Bangwe ga ba senye nako go lwantsha bothata jono bo santse bo re bo ntsha tlhogo. Ka go dira jalo ba thibela bothata jo bo setseng bo ntse bo tshwenya jono gore bo se ka jwa tswelela pele. Daniel yo mmotlana ene ga a dikadike go ba araba ka gore “Gone jaanong ga ke ise ke batle go nna le mosetsana yo nka ratanang le ene.”

Gantsi go a tlo go twe tsela e e molemo ya go itshireletsa ke fa o itse go tlhasela sentle. Mmatlisisi mongwe o gakolola jaana: “Go dira gore motho a se ka a tlhola a go kgatlhegela ka tsa lorato, simolola go tlotla ka bodumedi.” Ke boammaaruri gore, fa o itsege jaaka motho yoo ka gale a bolelelang ba bangwe ka dilo tsa bodumedi jwa gagwe tseo a di dumelang, go ka diragala gore gotlhelele o se ka wa tshwenngwa. Mme fa mongwe a beta pelo fela a leka go ipuelela mo go wena go sa kgathalesege seo, go mmolelela fela dilo tseo wena o di dumelang tsa bodumedi jwa gago o dira jalo o sa dikadike go ka nna ga mo tswala molomo gone fela foo.

Ka maswabi, ka dinako tse dingwe basha ba Bakeresete ga ba dirise tsela eno e e molemolemo ya go itshireletsa. Tim yo mmotlana o bolela jaana: “Bontsi jwa rona re ne re sa batle go bolela fela jaana, ‘Bona fa! nna ke Mokeresete, ebile ga ke batle go dira selo seno.’ Re ne re batla go tshwana le batho ba bangwe.” Gape, ke fela fa e le gore o tlhwatswegile pelo tota gore tsela ya ga Jehofa ke yone e e molemo go di gaisa tsotlhe o tla nnang le bopelokgale le sebete tse di tlhokafalang gore o falole matlhotlhapelo a boitsholo.

Go Falola mo Seraing!

Go tweng fa e le gore letshwenyo le nna le ntse le tswelela go sa kgathalesege maiteko otlhe a gago ao o a dirang? Ebu, a o ke o akanye gape ka sekai sa lekawana lele leo go tlotlilweng ka lone kwa tshimologong—Josefa. Genesise 39:6 e re bolelela gore “a bo a le montlè, a bopegile sentlè” mme a gapa kgatlhego ya mosadi wa mong wa gagwe ebong Potifaro. Mosadi yono o ne a dira gotlhe moo a neng a ka go kgona gore a mo hepise. Ebile ga go na gope moo Bibela e bontshang gone gore mosadi yono o ne a le maswe kana gore o ne a sa gogele ka gope fela mo go Josefa. Mme lefa go ntse jalo, Josefa o ne a gana go ineela mo maitekong a gagwe a gore a ratane nae. O ile a kgona jang go dira jalo?

Santlhantlha, Josefa o ne a tiile tota mo dilong tseo a neng a di dumela. O ne a bolela jaana, “kana boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?” Lemororo ka nako eo go ne go sena molao ope o o kgethegileng o o kgatlhanong le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo o o neng o kwadilwe, segakolodi sa gagwe se ne sa mmolelela gore seo mosadi wa ga Potifaro a neng a batla gore a se dire se ne se sa siama. Mme lefa go ntse jalo, mosadi yono o ne a se ka a kgaotsa go mo tshwenya. Ereka jaanong a ne a setse a itlhobogile o ne a mo phamola ka seaparo mme a mo kopa jaana: “Lala le nna!” Josefa ga a ka a senya nako ka go leka go fokotsa bomasisi jwa bothata jono ka go tshegatshega, kana lefa e le go mo rerela kaga boitsholo. Gone fela foo “a tlogèla seaparō sa gagwè mo seatleñ sa mosadi a tshaba.”—Genesise 39:9-12.

Josefa o ne a kgona go tshaba ka bonako ka gonne go ne go sa tlhokege gore a akanye gore a direng. O ne a setse a ntse a dirile tshwetso. O ne a bona go le botoka gore a boge diphelelo tsa bogale jwa mosadi yono go na le gore a dire seo se sa itumediseng Jehofa. Mme ebile diphelelo tsa seo di ne di le botlhoko tota; Josefa o ne a latlhelwa mo kgolegelong! Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a segofatsa maiteko a gagwe a go nna a ntse a itshekile. Kgabagare o ne a fetoga leloko le le etelelang pele mo mošateng wa ga Faro mme o ne a kopanngwa gape le lelapa la gaabo leo a neng a sa bolo go kgaogana le lone.

Maiteko a gago a gore o nne “[yo o] senañ molato . . . mo gare ga losika lo lo kgōpō le logwadi” lono le one a tla segofadiwa ke Jehofa ka mo go tshwanang. (Bafilipi 2:15) Go sa kgathalesege gore dilo di ka nna tsa lebega di ntse jang kwa tshimologong, ka metlha go dira se se siameng go tla felela ka tshegofatso. Mme lefa go ntse jalo o tshwanetse gore o ikemisetse go nna o ntse o itshekile jaaka go ne go ntse ka Josefa. O tshwanetse gore o dire maiteko o sa kgaotse ebile o tsepame, o dire gore ‘Nnyaa’ wa gago ‘e nne Nnyaa.’ (Mathaio 5:37) O tshwanetse gore o bo o ipaakanyeditse ebile o ikemiseditse go bolelela ba bangwe ka dilo tseo o di dumelang tseo di leng mo Bibeleng. Fa o dira jalo, le eleng basetsana ba ba letshwenyo go feta ba tla tlhaloganya ka phepafalo seo o se buang—mme gongwe ba ka nna ba tlogela go go tshwenya!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso malebana le kafa basetsana ba ka lwantshang ka gone mokgwa wa go tshwenngwa ke basimane, bona setlhogo se se reng “Ke ka Dira Jang Gore A Ntlogele?” se se mo tokololong ya Tsogang! ya June 8, 1991.

b Bona dikgaolo 23 le 24 tsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

O dira jang fa o bona gore mongwe o itshwara ka tsela e e bontshang gore o batla gore lo ratane ka mo go sa tshwanelang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela