LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 10/8 ts. 31
  • Botlhale jwa Kgabo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhale jwa Kgabo
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto 2
    Se ke Se Ithutang mo Baebeleng
  • Se ke Se Ithutang mo Baebeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • ‘Go Adimana’ Bana—A Go Dira Jalo ke Tsela e e Botlhale?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tiro ya go Dira Barutwa e Tlhotlheleditse Ditshwetso Tse ke di Dirileng mo Botshelong Fela Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 10/8 ts. 31

Botlhale jwa Kgabo

Kwa Sierra Leone, kwa Afrika Bophirima, ba na le seane sengwe se se reng: “Kgabo ga e ke e bolelela ngwana wa yone fela gore, ‘Itshwarelele thata!’ E mmolelela gore, ‘Leba kwa tlase.’”

Seno se dira gore re gopole ka kgajwana e le kwa godimodimo ga ditlhare, e ngaparetse mo mokwatleng wa mmayo. Boikaelelo jwa seane seno ke go bontsha gore fa Mmayo a ka re e itshwarelele fela, kgajwana e ne e ka dira jalo ka nakonyana e khutshwane fela, mme ka gonne e sa itse lebaka la go bo e tshwanetse go dira jalo, go ise go ye kae e ka nna ya lebala mme ya se ka ya tlhola e itshwarelela ka thata.

Lefa go ntse jalo, fa kgajwana e lebelela kwa tlase, e tla bona ka moo eleng kwa godimo ka gone go tswa kwa tlase mme e tla tlhotlheletsega ka mo go nonofileng go bona gore seno se ama botshelo jwa yone. Ka sekai, e ka nna ya gobala mo go masisi kana le eleng go swa! Fa e setse e tlhalogantse ka botlalo kafa seno se leng kotsi ka gone, e nna le boikutlo jo bo nonofileng jwa gore e itshwarelele thata. Jaanong tlhagiso kana kaelo epe eo e ka e neelwang mo godimo ga moo e tla e tlhwaela tsebe thata.

Abo e le molaomotheo o o molemo jang ne wa go ruta ba bangwe, segolobogolo bana. Thuto eo re e bonang go tswa mo kgannyeng eno ke gore go na le gore motho a ntshe ditaelo fela, se se botlhokwa ke go dira yo mongwe gore a tlhaloganye.

Le gale, ka dinako tse dingwe go ka nna ga se ka ga nna le nako e e lekaneng ya go ka dira seo pele. Ka sekai, fa e le gore ngwana wa gago o simolola go kgabaganya mmila mongwe o o tsamayang dikoloi tse dintsi, a dira jalo a sa leba pele ka kelotlhoko, o ka nna wa mo laela gore a eme mme a boele kwa morago ka bonako. Mo seemong se se ntseng jaana go ntsha taolo pele go botlhokwa fela thata. Mme go tswa foo go tlhalosa ka kotsi eo ngwana a neng a le mo go yone go ka mo dira gore a tlhaloganye.

Molemo wa go dirisa mokgwa ono—wa go sa ntshe ditaolo fela mme gape o bo o dira gore motho a tlhaloganye—o fitlhelwa mo seaneng seno sa Bibela: “Ngwana yo o tlhaloganyang o tshegetsa molao.”—Diane 28:7, NW.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

© Zoological Society of San Diego

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela