LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 11/8 ts. 14
  • Ke Ka Ntlha Yang E le “Propaganda”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlha Yang E le “Propaganda”?
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Sireletsa Mogopolo wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Go Fetofetola Tshedimosetso
    Tsogang!—2000
  • Dipuo Tse di Tlhotlheletsang di ka Bolaya
    Tsogang!—2000
  • O se Tsewe Maikutlo ke Dipuo Tse di Tlhotlheletsang!
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 11/8 ts. 14

Ke Ka Ntlha Yang E le “Propaganda”?

Ka 1622, Mopapa Gregory XV o ne a tlhoma phuthego, kana komiti, e e nang le bakadinale ba le 13, bobishopo ba le 2 ba maemo a a kwa godimo, le mokwaledi gore ba tlhokomele barongwa ba Kereke ya Roma Katoliki. O ne a e bitsa gore ke Congregatio de Propaganda Fide—Phuthego ya Go Anamisa Tumelo—kana Propaganda ka bokhutshwane. Fa nako e ntse e tsamaya lefoko leno le ne la simolola go nna le bokao jo bo rayang boiteko bope fela jwa go anamisa dikgopolo kana dilo tseo di dumelwang e le gore go tle go sokololwe batho.

Gompieno jaana, gantsi lefoko “propaganda” le amanngwa le go sokamisiwa ga boammaaruri, go tlhotlheletsa megopolo ya batho ka tsela e e sa ikanyegeng, ka sekai jaaka mo nakong ya ntwa. Mme lefa go ntse jalo balaodi bangwe ba dumela gore le eleng tsela e e gaisang ya go phasalatsa tota e ka tlhalosiwa jaaka propaganda, bogolo jang fa e le gore e kopanyeletsa go kgona batho. The World Book Encyclopedia e akgela jaana: “Batlhatlheledi ba kwa mekgatlhong ya demokeratiki ba ruta batho kafa ba ka akanyang ka gone, mme lefa go ntse jalo batho ba ba anamisang propaganda bone ba ba bolelela seo ba tshwanetseng go se akanya.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela