Kgopolo E E mo Bibeleng
Lebaka la Go Bo Keresemose E Sa Tshwanela Bakeresete
‘KERESEMOSE e thibetswe! Motho ope fela yo o e ketekang kana le eleng go nna fela kwa gae a sa e tirong ka Letsatsi la Keresemose o tla amogela dikotlhao di le mmalwa!’
Jaaka fa selo seno se ka nna sa lebega se sa tlwaelega, totatota se ile sa fetoga molao morago kwa mo lekgolong la bo 17 la dingwaga. Maloko a setlhopha sa Ba-Puritan a ne a iletsa go ketekwa ga Keresemose kwa Engelane. Ke eng seo se neng sa baka gore ba tseye kemo e e ntseng jalo e e tiileng kgatlhanong le Keresemose? Ebile ke ka ntlha yang fa go na le batho ba le dimilione gompieno jaana bao ba akanyang gore Keresemose ga e a tshwanela Bakeresete?
Totatota Keresemose E Tswa Kae?
O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore Keresemose ga ya ka ya simololwa ke Jesu Keresete le gore ga a a ka a e keteka le fa e le barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ebile tota, ga go na pego epe ya go ketekwa ga Keresemose go fitlhelela dingwaga di le 300 morago ga fa Keresete a sena go swa.
Batho ba le bantsi bao ba neng ba tshela mo malatsing ao ba ne ba obamela letsatsi, ereka ba ne ba lemoga kafa ba neng ba ikaegile thata ka gone ka go dikologa ga lone ngwaga le ngwaga. Go ne go dirwa meletlo e megolo ka nako ya fa go obamelwa letsatsi kwa Yuropa, Egepeto, le Peresia. Setlhogo sa konokono sa mo meletlong eno e ne e le go bowa ga lesedi. Ka ntlha ya go bo letsatsi le lebega le le bokowa mo nakong ya mariga, le ne le rapelwa gore le bowe go tswa ‘kgakala koo le neng le kgarakgatshegetse gone.’ Meletlo eno e ne e akaretsa go ja le go nwa, go nna mo moketeng, go ja modikwadikwane, go kgabisa magae ka dipone le ka dilo tse dingwe tse di kgabisang, le go abelana dimpho. A ditiro tseno di lebega di tlwaelegile?
Batho ba ba obamelang letsatsi ba ne ba dumela gore legong le le sa fisiwang la kota ya keresemose le ne le na le maatla a go dira maselamose, gore molelo wa poo o ne o ka naya modimo wa letsatsi nonofo mme o mo rudise, gore fa matlo a kgabisitswe ka dimela tseo di nnang di ntse di le ditala ka dinako tsotlhe seo se ne se tla leleka badimona, gore setlhatshana se se bidiwang holly se ne se tshwanetse gore se obamelwe jaaka tsholofetso ya gore letsatsi le tla boa, le gore dikalanyana tsa setlhare sa boletswa di ne di ka leretse motho lesego fa a di rwala jaaka dipheko. Ke mokete ofe oo dilo tseno di amanang le one gompieno?
December e ne e le kgwedi e e botlhokwa thata e go ketekiwang meletlo ka yone kwa Roma wa boheitane bogologolo pele ga Keresemose e simololwa koo. Saturnalia e e tsayang beke yotlhe (eo ka yone go obamelwang Saturn ebong modimo wa temothuo) le Dies Natalis Solis Invicti (Letsatsi la matsalo la Letsatsi Le Le Sa Fenngweng) di ne di diragala mo nakong eno. Gape, December 25 e ne e lejwa jaaka letsatsi la matsalo la ga Mithras ebong modimo wa lesedi wa Peresia.
A Seno Se Direlwa go Fetola Baheitane go Nna Bakeresete?
Go leka go sokolola baheitane bano, go ne ga dirwa selo seo se sa tshegediweng ke Dikwalo eleng sa go tswakanya ditumelo tsa Bokeresete le tsa boheitane, mme ka gone kereke e ne ya tlhopha letlha la Keresemose leo le neng la nnela gongwe fela le moletlo o o botlhokwa thata wa boheitane. Mme go tweng ka dingwao tsa Keresemose? Encyclopedia of Religion and Ethics e dumalana gore dingwao di le dintsi tsa Keresemose “ga se dingwao tsa mmatota tsa Bokeresete, mme go na le moo ke dingwao tsa boheitane tseo di amogetsweng ke Kereke kana tseo e di letleletseng.” Go bonala go ne ga akanngwa gore go dira fela gore dingwao tseno di lebege e le tsa Bokeresete go ne go tla fetola bao ba neng ba nna le seabe mo go tsone go nna Bakeresete.
Lefa go ntse jalo, mo boemong jwa gore dingwao tseno di fetole bodumedi jwa boheitane go nna jwa Bokeresete, di ile tsa fetola Bokeresete go nna boheitane. Mo dingwageng tsa bo 1600, Ba-Puritan ba ne ba tshwenngwa thata ke Keresemose eo ka phepafalo fela e neng e le ya boheitane mo e leng gore letsatsi leno la boikhutso le ne la ilediwa kwa Engelane le kwa dikoloneng dingwe tsa Amerika. Motho o ne a amogela dikotlhao di le mmalwa fa a ne a keteka Keresemose kana fa a ne a ka itulela fela kwa gae a sa ye tirong ka Letsatsi la Keresemose. Kwa New England (U.S.), Keresemose e ne e sa letlelelwa semolao go fitlhelela ka 1856.
Mme lefa go ntse jalo go na le ntlha nngwe malebana le Keresemose eo e leng botlhokwa thata go feta kafa kereke, baheitane, kana Ba-Puritan ba neng ba e leba ka gone mo nakong e e fetileng. Kgang e e botlhokwa thata eo Bakeresete ba boamaaruri ba amegileng ka yone ke ya gore . . .
Jesu Keresete O Leba Keresemose Jang?
Fa e le gore go ne go tshwanetswe ga ketekwa moletlo mongwe o ketekelwa go tlotla wena, a go ne go se kitla go nna botlhokwa gore e nne wena o rebolang mokgwa oo o tshwanetsweng wa ketekwa ka one? Ka gone, go tshwanetse gore re botse jaana: A Bibela e bontsha kafa Jesu a lebang dingwao tse di itshetletseng mo bodumeding jwa boheitane ka gone?
Jesu o ne a kgala baeteledipele ba bodumedi bao ba neng ba dira se se kgatlhanong le kobamelo e e itshekileng gore go tle go nne le batho ba ba sokologelang mo go yone. O ne a raya baeteledipele ba ba ntseng jalo a re: “Lo [sepela] mo lewatleng le mo lefatsheng gore lo sokolole motho a le mongwe fela, mme morago ga moo lo mo dire gore a siamelwe ke go senngwa gabedi go gaisa kafa lona ka bolona lo ntseng ka gone.”—Mathaio 23:15, Phillips.
Go sokolola ba bangwe go ne go sa tshwanela gore go fitlhelelwe ka go tswakanya ditumelo tsa boheitane le tsa Bokeresete. Paulo ebong moaposetoloi wa ga Jesu, o ne a kwalela Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Korintha jaana: “Ga lo kake loa nwa senwèlō sa Morèna, le senwèlō sa badimo.” (1 Bakorintha 10:21) Mme e ne ya re mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi loo a neng a lo ba kwalela, Paulo o ne a oketsa jaana: “Se golaganeng le ba ba sa dumeleng le go leka go bereka mmogo nabo. . . . Go ka nna jang le kutlwano fa gare ga ga Keresete le diabolo?”—2 Bakorintha 6:14, 15, Phillips.
Fa mmè yo o kelotlhoko thata a ne a ka bona ngwana wa gagwe a sela monamone mo moeding o o tletseng ka maswe, o ne a tla mo laela a sa kgaotse gore a e latlhe ka bonako. Fa a akanya fela ka fa a ka se ja—tota le eleng go se kgoma fela—o feroga sebete. Lemororo Keresemose e le botshe mo go ba le bantsi, e setswe mo mafelong a a bodileng. Tsela eo Jesu a neng a ikutlwa ka yone ka Keresemose e tshwana le kafa moperofeti Isaia a neng a ikutlwa ka yone, yo o neng a laela baobamedi ba boammaaruri ba motlha wa gagwe jaana: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka lwa ama sepè se se itshekologileñ.”—Isaia 52:11.
Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri gompieno jaana ga ba keteke Keresemose. Lemororo boemo jono jwa bone bo ka nna jwa lebega bo sa tlwaelega mo go ba bangwe, ba leba dingwao fela jaaka Jesu a ne a di leba. E ne ya re fa a bodiwa gore: “Ke go reñ ha barutwa ba gago ba tlola mekgwa ea ba bogologolo?” o ne a araba jaana: “Ke go reñ ha le lona lo tlola molaō oa Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona?” Mme o ne a oketsa jaana: “Lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona.”—Mathaio 15:2, 3, 6.
Bakeresete ba boammaaruri gompieno jaana ba bontsha gore ba bangwe fela le Jesu ka go dira tumalanong le “tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ,” e e sa tladikwang ke leswe la dingwao tsa batho tsa boheitane.—Yakobe 1:27.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 13]
“Ke go reñ ha le lona lo tlola molaō oa Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona?”—Mathaio 15:3