Go Tweng Fa E le Gore Batsadi ba Me Ga Ba Ntshegetse mo Tumelong ya Me?
BASHA ba le bantsi ba Bakeresete ba na le batsadi bao ba sa dumelang. “Ke nna fela yo ke ithutang Bibela kwa lelapeng la ga etsho,” go bolela jalo mosetsanyana mongwe yo o nang le dingwaga di le 12. “Ebile mmè o batla gore ke tlogele go e ithuta.” Ba bangwe ba na le batsadi bao ba sa eteleleng pele mo dilong tsa semoya. Maemo ano e ka nna teko ya mmatota go mosha yo o peloephepa yo o batlang go direla Modimo.
Go boima tota go leka go nna Mokeresete wa boammaaruri fa batsadi ba gago ba sa go thuse ebile ba sa go kgothatse. Mme lefa go ntse jalo o ka kgona! Dikai di le dintsi tsa nako e e fetileng le tsa gompieno di tlhomamisa seno.
Basha Ba Ba Ikanyegang mo Metlheng ya Bibela
A o ko o akanye ka Abele eleng morwa wa batho ba ntlha ba babedi ebong Adame le Efa. Adame le Efa ba tshwanetse go bo ba ile ba tshegetsa bana ba bone ka botlalo semoyeng. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tsuologa mme ba fularela Jehofa, ba tlogela bana ba bone gore ba iponele gore ba tla tswa jang fa e le ka bodumedi. Go na le gore a ikutlwele botlhoko kana go letla gore go sa rate dilo tsa semoya ga batsadi ba gagwe go bolaye tsela e a anaanelang dilo tse di boitshepo ka yone, go bonala Abele a ne a ithuta seo a neng a ka kgona go se ithuta ka Mmopi. Jehofa o ne a buisana le barwa ba ga Adame ebong Kaine le Abele, mme Abele o ile a nna le kamano le Modimo mme a gola go nna monna wa tumelo. “Ka tumèlō Abele a isetsa Modimo setlhabèlō se se gaisañ sa ga Kaine; me a shupiwa ka gōna ha a le tshiamō.”—Bahebera 11:4; Genesise 4:2-15.
Josia ke sekai se sengwe gape sa mosha yo le ene a neng a tshwanelwa ke gore a tswelele pele fela a sa tshegediwe ke batsadi ba gagwe mo bodumeding. Rraagwe ebong Kgosi Amone wa Juda, o ne a bolawa ka nako ya fa Josia a ne a na le dingwaga di le robedi fela. Ka nako ya fa a ne a santse a tshela, Kgosi Amone o ne a ile a “diha se se boshula mo ponoñ ea ga Yehofa, yaka go ne ga diha Manase rragwè: me Amone a isetsa dichwanchō cotlhe tse di setilweñ tse Manase rragwè o kileñ a di diha ditlhabèlō, me a di dihèla . . . me èna Amone eouō a hèla a cwèlèla pele go tlola bogolo.” (2 Ditihalō 33:22, 23) Ka gone, a o ko o akanye fela ka tikologo e e senyang semoyeng eo morwa wa ga Amone ebong Josia a ka bong a ile a golela mo go yone.
Mme lefa go ntse jalo, Josia “a diha se se siameñ mo matlhoñ a ga Yehofa, a sepela mo ditseleñ tsa ga Dafide rragwè . . . A simolola go batla Modimo oa ga Dafide rragwè: me ea re ka ñwaga oa leshomè le bobedi [mo e ka nnang a le dingwaga di le 20] a simolola go tlhapisa Yuda le Yerusalema a tlosa mahelō a a tlotlometseñ, le Medimakō, le dichwanchō tse di setilweñ, le dichwanchō tse di thecweñ.”—2 Ditihalō 34:2-4.
Josia o ne a nna le nonofo e e ntseng jalo jang kwantle ga go thusiwa ke rraagwe? O ne a bona tshegetso go tswa mo banneng ba bangwe ba semoya, ba ba ntseng jaaka moperesiti yo mogolo ebong Hilekia le mokwaledi wa gagwe Shafane. Tlhotlheletso ya bone e e siameng ya semoya mo go Josia yo mmotlana e ne ya mo thusa gore “[a diragatse] mahoko a molaō.” (2 Dikgosi 23:24; 2 Ditihalō 34:14-19) Molao oo o ne o tlhoka gore dikgosi di itirele sekaelo seo eleng sa tsone sa molao le go o ithuta bosigo le motshegare. (Duteronome 17:18; Yoshue 1:8) Ga go na pelaelo epe gore go dira jalo go ile ga dira gore Josia a gole thata semoyeng.
Go Bona Tshegetso Gompieno
Le wena ka bowena o ka kgona go gola semoyeng, le eleng lefa o sa bone tshegetso eo o neng o ka rata go e bona go tswa mo batsading ba gago. Gantsi tshegetso e ka bonwa go tswa mo bakaulengweng le mo go bokgaitsadi le mo go bommè le mo go borre ba semoya mo teng ga diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. (Mareko 10:30) Go ka nna ga tswa go na le basha bangwe mo phuthegong bao ba ratang dilo tsa semoya, bao o ka tsalanang nabo. Kana go ka nna ga tswa go na le Basupi bangwe ba bagolwane bao ba tla go kgatlhegelang. Ka sekai, mosha mongwe yo o senang rraagwe yo o bidiwang Jerry o ne a kopiwa ke mogolwane wa phuthego gore a tsamaye le ene kwa thutong ya legae ya Bibela. Gantsi morago ga thuto ba ne ba tle ba je sengwenyana mo reseturenteng e e rekisang dijo le go nna ba tlotla. “O ne a nna jaaka rre mo go nna,” Jerry o gakologelwa jalo. Gompieno Jerry o nyetse ebile o direla jaaka motlhanka wa bodihedi. O nna a itumetse ka metlha ka ntlha ya tshegetso e mogolwane yoo a ileng a e mo naya.
A go na le batho bape fela ba bagolwane ba ba kileng ba ithaopela go go thusa ka tsela nngwe? He ke ka ntlha yang fa o sa tseye kgato e e tshwanetseng? Mme fa e le gore ga go na ope yo o ithaopileng ka tsela e e ntseng jalo, wena simolola go dira ditsala le batho ba ba tla go thusang. O ka nna wa leka le eleng go buisana le yo mongwe wa balebedi mo phuthegong ya lefelo la lona. Gongwe o tlhoka mongwe gore a go tshwarele thuto ya legae ya Bibela kana gore a go thuse go baakanyetsa dipuo tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo.a Kana o ka nna wa tswa o itlhokela fela go tsalana le lelapa lengwe. Re a tlhaloganya gore o ka nna wa ikutlwa o tshaba go dira gore dilo tseo o di tlhokang di itsiwe ka tsela eno. Mme lefa go ntse jalo gakologelwa gore bagolwane ba phuthego ba tlhometswe gore ba tlhokomele dilo tsa semoya tseo mongwe le mongwe mo phuthegong a di tlhokang—go akaretsa le basha. (1 Petere 5:2) Ba ka go thusa eletota.
Go Leka go Dira Gore O Tshegediwe kwa Gae
He, a seno se kaya gore ga go na sepe se o ka se dirang gore o tokafatse seemo seno kwa gae? Gotlhelele nnyaa. Ka sekai, a o ko o akanye ka Joe yo mmotlana. O tlhalosa tshegetso ya semoya eo a e newang ke batsadi ba gagwe ba ba sa dumelang jaaka “e nnye thata.” Mme lefa go ntse jalo, Joe o dumalana gore totatota le ene a ka nna a tswa a na le seabe mo go se tshegediweng ga gagwe ke batsadi ba gagwe. Jang? Ebu, go lebega ekete ka nako ya fa Joe a ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, ga a ka a tsaya matsapa tota a go dirisa dilo tse a neng a di ithuta mo botshelong jwa gagwe. Ka jalo o ne a tswelela pele a sa utlwe batsadi ba gagwe. Gone ke boammaaruri gore ba ne ba bona go se mosola gore le bone ba ithute Bibela, ebile go ne go sena lebaka lepe la gore ba mo kgothaletse gore a ithute Bibela.
Go tweng ka wena? Fa e le gore batsadi ba gago ga ba a dumela, a dilo tseo o di dirang di ba fa lebaka la gore ba dumele gore o tlhoafetse ka go batla go direla Modimo? Basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba bolelelwa gore ba kgone banna ba bone ba ba sa dumeleng ka boitsholo jwa bone jo bontle. A batsadi ba gago le bone ka tsela e e tshwanang o ne o ka “ba kgōna kwantle ga lehoko” fa e le gore o ne o ba utlwa ebile o ba tlotla? (1 Petere 3:1; Baefesia 6:1-3) Fa e le gore go ntse jalo, a go ne go se kitla go diragala gore ba go tshegetse?
Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore batsadi ba gago ke Bakeresete mme lefa go ntse jalo ba sa dire se ba tshwanetseng go se dira gore ba go thuse le go go kgothatsa? E ka tswa lebaka la bone la go sa dire jalo e le lefe, o ka dira go le go ntsi thata gore go nne le seemo se se itumedisang thata sa semoya mo legaeng la ga eno ka go tlhoma sekao se se molemo. (1 Timotheo 4:12) Fa e le nako ya go ya dipokanong tsa Bokeresete, dira gore o bo o apere ebile o iketleeditse go tsamaya. Ithaopele go dira ditiro dingwe tse di oketsegileng tsa lelapa gore batsadi ba gago le bone ka mo go tshwanang ba tle ba se ka ba siiwa ke nako. Tota go itse mang? Gongwe tsela e o leng tlhaga ka yone ka dipokano e tla ba tlhotlheletsa gore ba dire jalo le bone.
A batsadi ba gago ba go tshwarela thuto ya legae ya Bibela beke nngwe le nngwe? Fa e le gore ga go a nna jalo, ke ka ntlha yang fa o sa ba kope ka bonolo, e seng ka go ba emelela kana ka go ngongorega, gore ba dire jalo. Ka nako ya fa go tshwerwe thuto, o se ka wa ba dira gore ba ngakalale ba go dire gore o ntshe dikakgelo; dira gore o bo o ipaakanyeditse eletota gore o tseye karolo. Nna le seabe le wena go dira gore thuto eno e nne selo se se ipedisang. Ba lebogele go bo ba ile ba go tshwarela thuto. Ga go na pelaelo epe gore seno se ka nna sa naya batsadi ba gago kgothatso e e tlhokegang ya gore ba go tshwarele thuto eno ka metlha.
Go tweng fa e le gore maiteko a gago ga a ba tshikinye? O se ka wa itlhoboga. (Bagalatia 6:9) O se ka wa tshaba go ipolela gore o rata Modimo le boammaaruri jwa Bibela. O se ka wa letla tlhoafalo ya gago kana kafa go leng botlhokwa ka gone go thusa batho ba bangwe gore ba ithute kaga Modimo ka bonako, ga fokotsega. Tswelela pele ‘go ikaga mo tumelong e e itshepileng segolo, le go rapela mo moyeng o o boitshepo.’ (Yude 20) Mosha yo o bidiwang Laverne o dira fela jalo. “Ke sweditse ka gore ke se ka ka letla rre gore a nthibele go ithuta boammaaruri,” o bolela jalo. “Ka gone ke ithuta Tora ya Tebelo ka bonna go na le gore ke lebe thelebishene.b Ebile ke bala temana ya Bibela moso mongwe le mongwe. Ke kgona go tswela tirong ya go rera ka go tsamaya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba Bakeresete.
Bontsha boikemisetso jo bo tshwanang. O se ka wa letla gore go se tshegediwe ga gago kwa gae go go kgobe marapo. Nna o ntse o nonofile mo dilong tseo o di dumelang. Nna gaufi thata le balekane ba ba ratang dilo tsa semoya mmogo le batho ba bagolwane mo phuthegong fa e le gore go a kgonega. Go sa kgathalesege gore o a tshegediwa kana ga o tshegediwe, ikemisetse go boloka botsalano jwa gago le Modimo. O ka ikaega ka ene gore a go tshegetse.—Bapisa Pesalema 119:116.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso malebana le Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, bona setlhogo se se reng “Dipokano tsa Bokeresete di ka Nthusa ka Eng?” se se mo go Tsogang! ya July 8, 1991.
b Makasine wa Tora ya Tebelo o tsamaisana mmogo le Tsogang! o ka e bona fela ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Maloko a a godileng a phuthego a ka go thusa ka go go kgatlhegela