LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 2/8 ts. 21-26
  • Motswedi wa Mekgwa E E Tshwanetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motswedi wa Mekgwa E E Tshwanetseng
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Motho A Farologane Jaana?
  • Mekgwa E E Ka Kgonang go Kgaosetsa go Repa ga Boitsholo
  • A Bodumedi le Lelapa Di Ka Thusa?
  • Kgono ya go Ka Fitlhelela Mekgwa E Mentle ya go Itshwara Re Tsalwa le Yone
  • Baitseanape Ba Bona Masaitseweng A Eleng Modimo Fela A Ka Kgonang go A Tlhalosa
  • Batla Modimo, Itsholegele Molemo, Tshelela Ruri
  • Ditekanyetso tsa Boitsholo Tse Di Lereng Boitumelo
    Tsogang!—1990
  • Botlhokwa Jwa go Ruta Bana se se Siameng
    Tsogang!—2019
  • Go Ikaega ka Mekgwa e Mentle ya Boitsholo E e Sa Felelweng ke Nako
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • 7 Maitseo le Mekgwa e Mentle
    Tsogang!—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 2/8 ts. 21-26

Motswedi wa Mekgwa E E Tshwanetseng

Go Dirisiwa ga Yone go Ka Fedisa go Repa ga Boitsholo

MOTHO o lelalela loapi bosigo le le tletseng ka dinaledi, mme seo se mo dira gore a tlelwe ke poifo le kgakgamalo. Fa a ntse a tlhomile matlho mo kgareng eno ya dinaledi e e kwa godimodimo ga gagwe, o ipona e se sepe e le selonyana fela. A ka nna a bo a gakologelwa mafoko ano a ga mopesalema a a saleng a builwe kgale: “Ea re ha ke akanya magodimo a gago, tihō ea menwana ea gago, kgwedi le dinaledi tse u di baakantseñ; kana motho e be e le eñ, ha e bo ne ne u mo gopola? le morwa motho, ha e bo ne ne u mo lekola?” (Pesalema 8:3, 4) Mopesalema o ne a bona dikete di sekae fela tsa dinaledi mme a ipona e se wa sepe; motho jaanong o itse gore go na le dibilione tsa ditlhopha tsa dinaledi tse sengwe le sengwe sa tsone se nang le dibilione tsa dinaledi, mme ka jalo a ipone e se wa sepe le go feta. A ka nna a ipotsa dipotso di sena palo: ‘A mme tota gone ke sengwe? Tota gone ke ka ntlha yang fa ke le mono? Gone tota ke ne ke le selo mang?’

Mme ga gona phologolo epe e e nang le dikakanyo tse di ntseng jalo.

Fa motho a ntse a bona ditshedi ka go farologana ga tsone mo tikologong ya gagwe o bona tiro e e dirilweng ka tsela e e kgatlhisang go fitlhelela boikaelelo bongwe jwa mmatota. O bona dinonyane tse di fofang dikilometara di le dikete, diphologolo tse di ipobang go fitlhelela mariga a feta, le mefuta e mengwe ya ditshedi tse di saleng di ntse di dirisa sona, mokgwa wa go laola mogote le botsididi jwa phefo, jet propulsion, go ntsha letswai, go kgoreletsa go gatsela, didirisiwa tsa go boloka phefo kafa tlase ga metsi, kgono ya go laola mogote, dithemometara, pampiri, galase, ditshupanako, dikaelatsela, motlakase, rotary motors, le dikgakgamatso tse dingwe bogologolo tala motho le go di lora a ise a bo a di lore. Batho ba ba akanyang ba ipotsa jaana: ‘Ditlhamo tseno tse di dirilweng ka maikaelelo, tse di raraaneng, tse di gakgamatsang, tota go tlile jang gore di nne teng? Ke botlhale bofe jo bogolo jo bo dirileng gore ke nne gone?’

Tseno gape, ke dikgopolo tse go seng phologolo epe e nang natso.

Mme motho ene o na natso. Ke ka ntlha yang fa motho a le esi, teng ga diketekete tse di masomesome tsa dibopiwa tse di mo lefatsheng, e le ene fela a jesiwang kgakge le go gakgamadiwa ke magodimo a a kwa godimo le masaitsiweng a botshelo teng mo lefatsheng mo? Ke ka ntlha yang? Lebaka ke gore motho o farologane.

Ke Ka Ntlha Yang Fa Motho A Farologane Jaana?

Ke ka go bo e le ene a le esi a bopilweng mo setshwanong sa Modimo: “Me Modimo oa re, A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona.” (Genesise 1:26) Seno ke sone se tlhalosang pharologano e e kanakana e e seng kana ka sepe eo e leng teng gareng ga motho le phologolo. Se tlhalosa lebaka la go bo motho a ka se ka a tshwantshanngwa le phologolo epe lefa go le kana. Se tlhalosa lebaka la go bo motho e le sebopiwa se se akanyang, se se ipotsang dipotso ka tikologo ya sone, le go amega ka mekgwa ya boitsholo.

Ke ka tsela efe he e motho a leng mo setshwanong sa Modimo? Ke ka go bo a na le dinonofo le dikgono tse Modimo o nang natso, tse di ntseng jaaka lorato, kutlwelobotlhoko, tshiamiso, botlhale, thata, bopelonomi, molemo, bopelotelele, boikanngo, boammaaruri, boikanyegi, bonatla, le maano a go tlhama dilo. Dikgono tseno tse di molemo di ne di direletswe mo mothong kwa tshimologong, mme ereka batho ba ntlha ba babedi ba ile ba se ka ba dirisa sentle kgololesego ya go itlhophela, mo go ileng ga felela ka gore ba tsuologe, dinonofo tseno di ne tsa senyega mme ka jalo tsa se ka tsa fetisediwa di itekanetse kwa dikokomaneng tsa bone. Di ile tsa suta mo mannong a tsone, mme dingwe tsa tsone di ne tsa tswa mo mogopolong ka ntata ya go sa dirisiwe. Legale, Bakolosa 3:9, 10 e bontsha gore, ka go bapala kitso e e tlhomameng ka Modimo le go e dirisa, re ka apara botho jo bosha jo ka jone re ka boelang ra nna mo ‘setshwanong sa Modimo.’

Ka nako ya fa Jehofa Modimo a ne a neela Baiseraele Molao wa ga Moshe, o ne o na le mekgwa e e tshwanetseng ya go itshwara, mo go yone go na le Melao e e Lesome le taelo e e reng ‘o rate wa gaeno jaaka o ithata.’ (Lefitiko 19:18; Ekesodo 20:3-17) Mekgwa eno e ne e tshwanetse go neelwa jaaka boswa dikokomana tse di tlang. Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore ba ikobele Molao o, mme a ba a tswelela a re: “A lo tla laolèlañ bana ba lona, go tlhōkōmèla go diha mahoko aotlhe a molaō o. Gonne ga se lehèla mo go lona; ka ke botshelō yoa lona.” (Duteronome 32:46, 47) Makgolokgolo a dingwaga morago, Diane 8:18 e ne ya bitsa melao eo ‘mekgwa e e amulweng.’—NW.

Mekgwa E E Ka Kgonang go Kgaosetsa go Repa ga Boitsholo

Lefa go le jalo, bontsi bo a re, mokgatlho wa setho o setse o le malemeleme mo eleng gore ga go na mekgwa epe e e rileng e e ka thusang mo dilong tse di tlhokwang ke motho mongwe le mongwe. Ba bolela gore kgodiso le dingwao tse di farologaneng ka botsone di raya gore batho ba tla nna le mekgwa e e farologaneng ya go itshwara e ba tshwanetseng go e fitlhelela. Mme lefa go le jalo ke afe mathata a a teng gompieno a a ka se keng a fedisiwa ke go dirisiwa ga taolo ya ga Jesu ya gore o rate wa gaeno jaaka o ithata? Kana go direla ba bangwe sengwe le sengwe se o batlang ba se go direla? Kana go tshelela melaometheo e e mo Melaong e e Lesome? Kana go lwela go ungwa maungo a moya jaaka a tlhalositswe mo go Bagalatia 5:22, 23: “Me louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō: dilō tse, ga di añwe ke Molaō opè.” Ga go sepe sa tseno se se lopang dilo tse di sa kakeng tsa kgonagala; sengwe le sengwe sa tsone se ka tlosa karolo e kgolo ya matlhotlhapelo a a apesitseng mokgatlho wa setho gompieno.

O ka nna wa re ka kgakgamalo ‘mme kana eo ga se tsela e batho ba ka tshelang ka gone!’ Lefa go ntse jalo, fa e le gore o tsaya gore ditharabololo tseo di thatathata go ka dirwa, o se ka wa solofela gore go na le ditsela tse dingwe tse di motlhofo tseo mathata ano a ka rarabololwang ka tsone. Go mo maruding a mokgatlho wa setho go dirisa melemo eno, lefa gone go itshupa e se thato ya bone go dira jalo. Losika lono ga lo letle gore go nne le sepe se se ba kgoreletsang fa go tla mo kgololesegong ya lone, go kopanyeletsa le kgololesego ya go dira bosula le go di gama ba sa di tlhapela ka ntateng ya gone.

Pampiri e gotweng Bottom Line/Personal e botsa jaana: “Tota go Diragetseng ka Boikgapo?” Morago ga gore e akgele malebana le gore “batho ba le bantsi ba tshoswa fela thata ke matswela a motlha wa rona o tlhakanelodikobo e dirwang ka go rata le go bona,” e ne ya tswelela jaana: “Lefa go le jalo batho ba tswelela pele ka go tseela kwa godimo botlhokwa jwa go kgotsofatsa dikeletso tsa tlhakanelodikobo ka botlalo. . . . Go lebeletswe gore batho ba itime dijo, ba itshidile mmele, ba emise go goga, ba ele tlhoko kafa ba tshelang ka teng e le gore ba babalele botsogo jwa bone. Ke go kgotsofatsa dikeletso tsa tlhakanelodikobo go le gosi fela go lebegang go neetswe boemo jwa borena jwa gore go tsweledisiwe go sena sekgoreletsi sepe.” Ga se gore ga ba kake ba kgona go dirisa mekgwa e e tshwanetseng ya go itshwara; ke fela gore ga ba batle. Ka jalo he mokgatlho wa setho o roba se o se jadileng.

Mo metlheng eno mekgwa eno e a nyatsega. Ba le bantsi ba re molemo ke bosula le bosula ke jone molemo, fela jaaka go ile ga bolelelwa pele gore ba tla dira jalo: “Iya! a bo go latlhèga ba ba bitsañ boshula molemō, le molemō boshula: ba bee lehihi boemoñ yoa lesedi, le lesedi boemoñ yoa lehihi; ba bee bokgèmè boemoñ yoa botshe, le botshe boemoñ yoa bokgèmè!” (Isaia 5:20) Lefa go le jalo, ba bangwe, ba ntse ba a tshwenyega. Ba bona thobo e e bodileng e e tsalwang ke kgopolo eno ya gore dira maratwaepelo mme jaanong ba batla gore go repa ga boitsholo mo go teng gompieno go kgaotse.

A Bodumedi le Lelapa Di Ka Thusa?

Go dirwa dithulaganyo di le dintsi go leka go busetsa mekgwa ya go itshwara. Nngwe ya tsone ke bodumedi. Ga twe jone bo tla nonotsha semoya. Mme legale nonofo eo ga e kake ya fitlhelwa mo ditumelong tse di tlwaelegileng tsa Labokeresete. Dingwe tsa tsone di setse di releletse mo boheitaneng go tsosolosa ditlhapatso tse di ntseng jaaka Tharonngwe, go tlhokofalediwa ruri, moya o o sa sweng. Ba bangwe ga ba sa tlhole ba dumela mo setlhabelong le mo popong mme jaanong ba ineetse mo bodumeding jwa saense eleng thutotlhagelelo. Ba atlaretse botshwayadiphoso jwa maemo a a kwa godimo ka atla tsoopedi jo bo sa dumeleng gore Lefoko la Modimo, Bibela, le a ikanyega. Ba ruta “Bokeresete” jo bo tswapogileng bo bile bo kgotletswe mo eleng gore ga go sa na sepe se se mosola se se setseng, mme jaanong se morolo o mosesane o se bonang fela ke boitimokanyi le boithamako fela. Nnyaa, ga re a tshwanela go leba go ditumelo tseno tse di lwalang gore re nonotshiwe semoyeng mme go na le moo re tshwanetse go leba fela kwa kobamelong e le nngwe fela ya boammaaruri e e ikaegileng ka Bibela e e itsiseng fa Bogosi jwa ga Jehofa e le jone fela jo lefatshe le ka bayang tsholofelo mo go jone.

Legale, go santse go setse motswedi o mongwe o batho ba ba tshwenyegileng ba ka bonang thuso mo go one, mme one ke lelapa, eleng thulaganyo e ka yone batsadi ba ka agelelang mekgwa ya go itshwara mo baneng ba bone. Katamalano e e ileng ya simologa ka letsatsi la fa bana ba ne ba tsalwa e tshwanetse go tswelela pele. Bana ba ba ratang batsadi ba bone ebile ba ba ikanya ba batla go tshwana le bone, go etsa tsela e ba buang ka yone le e ba dirang dilo ka yone, tsela e ba itsayang ka yone, le go anya botho jwa bone, mme fa nako e ntse e ya mekgwa ya go itshwara ya batsadi e nna karolo ya mekgwa ya bana ba bone. Ditlhaloso tse di motlhofo, eseng go golola tlou le maroo; puisano, eseng ditaelo tsa sereophate, ke tsone ditsela tse di nang le matswela go di dirisa.

Batsadi ba ba sa bueng fela ka mekgwa e e tshwanetseng ya go itshwara mme gape ba e dirisa ba tla nna le bana ba eleng gore mekgwa eo ke karolo ya bone. Bana ba go nna jalo ga ba kake ba tsenngwa mo kotsing ke go etsa balekane ba bone kwa sekolong kana ope fela yo o duleng mo tseleng. Fela jaaka fa Diane 22:6 e re: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” Thapisa ka dikgakololo tse di mosola. Se se leng botlhokwa le go feta, thapisa ka sekao se se mosola.

Kgono ya go Ka Fitlhelela Mekgwa E Mentle ya go Itshwara Re Tsalwa le Yone

Jesu o ne a re: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ.” (Mathaio 5:3) Ke fela jaaka bangwe ba dingaka tsa tlhaloganyo ba ile ba bua, seo ke selo se re se tlhokang se se direletsweng mo go rona ka tlholego. Gape go boammaaruri gore ke ka nonofo ya semoya fela re ka kgonang go ganana le mekgwa e e bosula e e galalediwang gompieno.

Go dumalana le ntlha ya gore re bopilwe mo tshwanong ya Modimo, le gore re na le bokgoni jwa go ka fitlhelela mekgwa e mentle ka tlholego, moporofesara wa thuto ebong Thomas Lickona, o ne a re: “Kafa ke bonang ka teng kgono ya go ka dira molemo e teng go tswa kwa tshimologong.” Mme legale o tlatsa ka gore “batsadi ba tshwanetse go dira dikgono tseo tsa tlholego tontotshipidi fela jaaka fa ba thusa bana ba bone gore ba itse go bala kana go nna batshameki kana go nna diopedi.”

Moanamisi wa thelebishene ebong Norman Lear e ne e le sebui sa tlotlo kwa kopanong ya setšhaba ya National Education Association. Morago ga go bolela ka “mathata a batho ba re tshelang le bone ebong ba ba itseelang kwa godimo, ba ba nang le thutego e e botoka—ba ba ileng ba tshela metsi kgang ya go batla sengwe se segolo go na le dilo tse re di bonang ba re ga e na lepele le morago,” o ne a re: “Ga ke na bothata go dira tshwetso, ke lebile ditso tsa motho, gore kafa re lebang botshelo ka teng, re ipona gore re a tshela, le kgatelelo ya go dumela mo go sengwe se segolo go re feta, e kgolo ebile ga go motlhofo go emelelana nayo mo eleng gore go tshwanetse ya bo e le karolo ya mokgwa o re bopilweng ka one.”

Lear o pega molato mo dikgwebong tse ditona le mo dingwageng tse di masome mane tsa thelebishene gore di ile tsa anamisa “mekgwa e mesha ya go itshwara” e e ileng ya tlhotlheletsa boitsholo jwa batho le mekgwa ya botho mme ga felela ka mathata a mantsi a a apesitseng setho: dikolo le dikholetšhe tse di alosang batho ba ba sa kgoneng go bala le go kwala; go oketsega ga tiriso ya diokobatsi; basetsanyana ba ba tsholang bana ba sa nyalwa; le malapa a a senang sepe mo polokelong mme kafa a tsweletse pele a kgobelwa ke dikoloto. Morago ga Lear a sena go bolela jalo o tlatsa jaana: “Fa re umaka mathata a le lekgolo a a apesitseng setho—ke bona gore re ka nna ra bo re bua ka kgang ya gore e e anyang e leletse e ruta e e mo maleng, e eleng gore ka thuso ya thelebishene, e ile ya tlhakatlhakanya mekgwa ya go itshwara gotlhelele.” O ne gape a tlatsa ka gore “o dumela gore, mo mebeleng ya rona go ageletswe tumelo ya gore go na le maatla a magolo le masaitseweng a a laolang matshelo a rona, a eleng gore re tlhoka go a tsaya tsia.”

Ngaka e e tumileng ya tlhaloganyo ebong C. G. Jung o ne a re bodumedi “ke mokgwa o o teng ka tlholego e le wa motho a le esi fela, mme go itshupa ga one go bonwa go ralala hisitori ya motho.” Selo se sengwe gape se re tsalwang ka sone ke segakolodi se se kgonang go lemoga molemo le bosula: “Gonne e re ha Badichaba ba ba senañ molaō ba diha dilō tsa molaō ka tèmalō ea tlhōlègō, bōnè bauō, ereka ba sena molaō, go bo go le molaō bōnè ka bosi; ka ba shupa tihō ea molaō o o kwadilweñ mo dipeduñ tsa bōnè; segakolodi sa bōnè le shōna se shupa naō, le megopolō ea bōnè mo teñ ga bōnè e ba nee molato, kgotsa e ba golole.” (Baroma 2:14, 15) “Segakolodi” ke “kitso e re nang nayo” se ntse jaaka ekete ke kgotlatshekelo e e mo go rona ya tshiamiso e e dirang ditshwetso mabapi le boitshwaro jwa rona, e re baya molato kana e re golole. Mme, legale, fa re sa “agele mosako” ditshwetso tsa segakolodi sa rona, go nna matseba ga sone go tlile go baboga mme se bo se swa gotlhelele.

Baitseanape Ba Bona Masaitseweng A Eleng Modimo Fela A Ka Kgonang go A Tlhalosa

Ntlha e e kgatlhang thata ke gore fa saense e ntse e ithuta mo gontsi ka lefatshe le lebopo, baitseanape bangwe ba nna le tshekamelo ya go dumela gore go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o botlhale thata yoo eleng ene a dirileng dilo tse tsotlhe. Lefa go ntse jalo, ba gana fela go dumela mo Modimong o o mo Bibeleng.

Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The Symbiotic Universe, ramaranyane a tsa lobopo ebong George Greenstein, o ne a tlhalosa “ka botlalo se se neng se lebega jaaka tlhatlhamano e e akabatsang ya ditiragalo tse di gakgamatsang tse go seng motlhofo gore di ka bo di itletse fela tse di ileng tsa kgonisa gore botshelo bo nne teng. Go na le lenaneo la ditiragalo tse di welaneng, mme tse tsotlhe di botlhokwa mo go nneng teng ga rona.” Greenstein o ne a re lenaneo leo le ne la gola, ka jalo ditiragalo tse di welaneng tseo ga di kake tsa bo di itletse fela, mme mogopolo o ne wa gola wa gore go tshwanetse ga bo go na le maatla mangwe a a fetang a motho a a neng a dira seo. O ne a re ka mogopolo, “a ga se gore he, ka tshoganyetso, kwantle ga maikaelelo, re iphitlhetse re bone bosupi re dirisa saense jwa gore go na le Mogodimodimo? A e ka tswa e le Modimo o o ileng wa dirisa maatla a one go bopa lobopo gore re solegelwe molemo?” O ne a ikutlwa “a ferosiwa sebete” ke kgopolo eo mme gona foo fela a bo a bile a re: “Ga e kake ya bo e le Modimo.” Lefa go le jalo lenaneo le le golang la “ditiragalo tse di welaneng” le ne la mo pateletsa gore a ipotse dipotso tseo.

Mo bukeng ya gagwe e go tweng The Intelligent Universe, moitseanape yo mongwe wa tsa lobopo yo o neng a bo a gapa le sekgele sa Nobel ebong Fred Hoyle, o ne a bua ka masaitseweng ao a ditiragalo tse di welaneng tse di neng di katlile Greenstein tlhogo: “Ditiragalo tseno di iponatsa mo dikarolong tsotlhe tsa lobopo jaaka motseletsele wa dikotsinyana tse di sa reng sepe. Mme lefa go le jalo ditiragalo tseno tse di welaneng tse di botlhokwa mo botshelong di dintsi fela thata mo eleng gore tlhaloso nngwe e a tlhokafala go arabela seno sotlhe.” Hoyle o dumalana le Greenstein gore ga di kake tsa bo di itiragaletse fela fela. Ka jalo he, Hoyle a re ‘go ne go tlhokega botlhale gore lobopo lo simololwe,’ ‘botlhale jo bo kwa godimodimo,’ ‘botlhale jo bo nnileng teng pele ga rona mme jo bo ileng jwa bopa ka bogajone popo e e neng e tshwanela gore botshelo bo nne teng.’

Einstein o ne a bua ka Modimo mme legale eseng ka tsela ya ditumelo tse di tlwaelegileng. Pono ya gagwe ka Modimo e ne e amana le “setshedi sengwe sa semoya sa maemo a a kwa godimodimo” jaaka a ne a bona tlholego e supela jalo. Mo kgannyeng ya gagwe ya setlhogo se se reng, “The Other Einstein” (Einstein Yo Mongwe), Timothy Ferris o ne a tsopola Einstein a re: “Se ke se bonang mo tlholegong ke popo e e duleng diatla e re sa e tlhaloganyeng go ya kwa tengteng, e e tshwanetseng go dira motho mongwe le mongwe yo o akanyang go nna le boikutlo jwa ‘boikokobetso.’ Jono ke boikutlo jwa sedumedi jo bo sa amaneng ka gope le tumelobotlhodi. . . . Tumelo ya me e dirwa ke go kgatlhiwa ka boikokobetso ke setshedi seno sa moya sa maemo a a kwa godimo se se itshenolang ka dilo tse dinnyane tseo rona, ka tlhaloganyo ya rona e e bokoa e e bileng e sa nitama, re ka kgonang go tlhaloganya boammaaruri ka tsone. . . . ke batla go itse kafa Modimo o bopileng lefatshe leno ka teng. Ke batla go itse dikgopolo tsa gagwe, mo gongwe mo gotlhe ke ditlhaloso ka botlalo.”

Morago ga go bua ka masaitseweng a lobopo a a sa tlhaloganyesegeng mo bukeng ya gagwe e go tweng The Seven Mysteries of Life, Guy Murchie, o ne a akgela jaana: “Go motlhofo go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bomaitseanape ba tsa tlholego ba motlha ono, ba ba ileng ba di goga kwa pele mo go buleng tsela ya go batla kitso ba le kwa pele mo boikutlong jo bo boteng jwa go dumela mo masaitseweng a a mabogodika a lobopo a ka tlwaelo a bidiwang Modimo go gaisa bomaitseanape ba bangwe ka bone ba makgolo a bosheng a dingwaga.”

Batla Modimo, Itsholegele Molemo, Tshelela Ruri

Motho o a apaapa. O apaapa go batla Modimo. Bangwe ba ne ba dira seno ka motlha wa ga Paulo. O ne a re: “Gore ba batlè Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaapè, ba o bōnè, leha o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona.” (Ditihō 17:27) Ga go phologolo epe e e apaapang e batla Modimo. Ga go na lefa e le e nngwe fela e e itseng sepe ka Modimo. Motho ene o a itse, o dirilwe mo tshwanong ya Modimo, a farologane gotlhelele le phologolo le eleng e e botlhale go di gaisa. Mme fela jaaka fa temana eno e re bolelela, Modimo ga o “kgakala le moñwe le moñwe oa rona.”

Bosupi ka ga gagwe re bo bona bo re dikologile mo dilong tseo a di bopileng, jaaka Baroma 1:20 e bolela jaana: “Gonne dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ; me yalo batho bauō ba bo ba sena seipatō.” Fa jaaka baitseanape ba ntse ba bona mo gontsi ka marara a ditiragalo tse di welanang tse di sa tlhalosegeng ba bo ba akanya ka boteng dikgakgamatso tsa lobopo, gongwe palo e e oketsegang ya bone e tla kgona go lemoga Botlhale jo bo kwa Godimodimo jo bo neng bo dira dilo tseno tsotlhe mme ka gone ba kgona go itse Mmopi wa bone, Jehofa Modimo.

Lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone ke tsa ga Jehofa. O tlhomela ba ba tshelang mo go lone ditekanyetso. O re file mekgwa e e tshwanetseng e le dikaelo tsa go bona boitumelo le botshelo. Gape o ne a neela batho kgololesego ya go ikgethela. Ga ba patelesege go mo obamela fa ba sa batle. Ba ka nna ba jala se ba se ratang, mme fela ba itse gore nako nngwe ba tla roba se ba se jadileng. Modimo ga o sotlwe. O re file mekgwa e e tshwanetseng ya go itshwara, a sa dire jalo gore go solegelwe ene molemo, mme e le ka ntateng ya gore batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng e nne bone ba solegelwang molemo. Seo ke se se buiwang ke Isaia 48:17, 18: “Go bua yana Yehofa, Morekolodi oa gago, Moitshepi oa Iseraela, a re, ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. Abo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.”

Ka go reetsa kaelo ya ga Jehofa, batho botlhe he ba ne ba tla tsamaya mo ditseleng tse ba tshwanetseng go di tsaya le go ikobela ditaolo tsa Mmopi wa bone. Botlhe ba ne ba tla itsholegela molemo ka kagiso e e ntseng jaaka noka le tshiamo e e ntseng jaaka dinteelo tsa lewatle. Botlhe ba ne ba tla dirisa mekgwa ya go itshwara e ba tsetsweng ba na le yone mme ka jalo ba bo ba sa tlhole ba ka wela mo go repeng ga boitsholo. Mme seno se tla diragala leng? Mo bogautshwaneng ka nako ya fa thapelo eno e arabiwa: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:10.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

“Jet propulsion”

Go ntsha letswai

Go dirwa ga pampiri

Sona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela