Nako Eo O ka Simololang ka Yone le Gore O Ka Bua go le Kana Kang
BATSADI ba le bantsi ba ba kelotlhoko ba lebega ba gopola gore thuto e e malebana le dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo e ka tshwarwa fa ba iphokisa phefo metsotso e le lesome mo sekgweng le bana ba bone ba ba dingwaga tse 13 mo motlotlong o o tlhabisang ditlhong ka ga dintlha tsa tlhakanelodikobo le pelegi. Mme se ga se itshupe fela gore ke lemmenyana fela mme gape se tla bo se siilwe ke nako ka dingwaga di le dintsi. Go tlwaelegile go utlwa motsadi yo o lorato a akgela jaana: “Go lebega mo e batlileng e nna dilo tsotlhe tse ke reng ke a di ba bolelela, ba setse ba di itse.”
A go na le tsela e e botoka ya go ruta dintlha tseno tse di botlhokwa? Fa e le gore e teng, batsadi ba tshwanetse go simolola leng, le gone ba ka bua eng le go dira eng?
Ka botlhale, o ka simolola go thaya motheo wa go neela thuto eno e e botlhokwa, mo e ka nnang morago fela ga gore ngwana a tsholwe. Fa o simolola ngwana a santse a le monnye, o ka neela tshedimosetso ka moya o o ritibetseng, o mo neela mo go mo lekaneng go go tlhaloganya le go mo solegela molemo.
Fa batsadi ba ntse ba tlhapisa bonnana bano, ba ka nna ba ba ruta dikarolo tsa bone tsa mmele: “Mo ke sehubanyana sa gago . . . mpanyana ya gago . . . mangolenyana a gago.” Ke eng fa o tlola go tswa kwa mpeng o ya go re tlho kwa mangoleng? A se se fa gare ga tsone seo se tlhabisa ditlhong? Kgotsa ke fela gore ke sephiri? Ee gone, ga re kake ra dirisa mafoko a a seng mantle a a selwang mo mmileng go bitsa dikarolo tseno tse di tlotlegang. Ke eng fela o sa re mo ke “mapele a monna” kgotsa “mapele a mosadi”? Dikarolo tseno le tsone ke karolo ya popo e Modimo o neng wa e bitsa e e “molemō thata.”—Genesise 1:31; 1 Bakorintha 12:21-24.
E ka nna ya re moragonyana, gongwe fa ngwana a bona a apesiwa motsetlo o mongwe, o ka mmolelela ka tsela e e botho gore basimane ba na le mapele a senna mme basetsana bone ba na le mapele a sesadi. O ka tlhalosa ka bonolo fela gore dilo tse ke tsa motho ka namana. Go tshwanetse ga buiwa ka tsone fela mo lapeng, eseng le bana ba bangwe kgotsa le batho ba sele ba eseng maloko a lelapa.
Ka jalo, o ka tlhalosa dilo tse dintsi pele ga gongwe di fetoga tse di tlhabisang ditlhong, ka go simolola go sale gale mme o be o tswelela ka iketlo fa kgono ya go tlhaloganya ya ngwana e ntse e gola.
Go Tlhalosa ka Pelegi
Fa ngwana a le dingwaga di le tharo go ya go tse tlhano,a a ka nna a simolola go ipotsa ka pelegi mme gongwe a botse jaana: “Bana ba tswa kae?” O ka araba motlhofo fela jaana: “O ne wa golela mo lefelong le le bothitho, le le babalesegileng mo teng ga ga mama.” Seno e ka nna ya nna karabo e e kgotsofatsang mo nakong eno. Kwa morago ngwana a ka nna a botsa jaana: “Ngwana o tswa jang?” O ka nna wa araba jaana: “Modimo o dirile mosele o o kgethegileng gore ngwana a kgone go tswa ka one.” Ngwana o reetsa ka kelotlhoko ka nako e khutshwane fela, ka jalo dikarabo tse dikhutshwane mme di opa kgomo lonako ke tsone tse di siameng. Neela tshedimosetso e e tlhokegang ka bonya ka bonya, o bolokela e e oketsegileng nako e e tlang.
Fa batsadi ba le kelotlhoko, ba ka kgona go bona ditshono tse dintsi tse ba ka kgonang go ruta ka tsone. Fa mongwe wa losika a le moimana, mmè a ka nna a re: “Go lebega go se kgakala mmangwane Peolwane a bo a nna le ngwana—ke ne ke goletswe fela jaaka ene dibeke di sekae pele ga o tsholwa.” Fa go santse go letetswe gore leseanyana la mosimane kgotsa la mosetsana le tsholwe go ka lo naya dikgwedi tse di kgatlhisang le tse di itumedisang tseo lo ka ba rutang ka tsone.
Gongwe kwa morago ngwana a ka nna a ipotsa jaana: “Ngwana o simologile jang?” Karabo e e motlhofo ke e: “Peo ya ga rre e kopana le sele ya lee la ga mmè mo teng ga ga mmè mme ngwana a bo a simolola go gola, fela jaaka peo e e tsheletsweng mo mmung e gola go nna sethunya kgotsa setlhare.” Nako nngwe gongwe ngwana a ka nna a botsa jaana: “Jaanong yone peo ya ga papa e tsena jang mo go mama?” O ka araba jaana ka tsela e e tlotlegang: “Ga ke re o itse ka fa mosimane a dirilweng ka teng. O na le mapele a senna. Mmè ene o na le mosele mo mmeleng wa gagwe o mapele a senna a tsenang mo go one, mme ka jalo peo e jalwe. Modimo o re dirile ka tsela eo e leng gore bana ba golela mo lefelong le le siameng, le le bothitho go fitlhelela ba nna batona mo ba ka tshelang ka bobone. Go tsweng foo nnana yo mosha yo montlenyane o a tsholwa!” O ka nna wa bua ka tsela e e bontshang kgakgamalo ntateng ya kafa Modimo o bopileng dilo tseno ka manontlhotlho ka teng.b
O nne kelotlhoko gore o se ka wa kgaupetsa dipotso ka tsela e e tshwanang le eno e e bontshang go tlhabiwa ke ditlhong: “Ke tla tla ke go bolelela o setse o lekane.” Seno se ka nna sa dira gore bana ba ikutlwe ba batla go itse le go feta mme se ka nna sa felela ka gore ba batle tshedimosetso kwa metsweding e sele e e sa tshwanelang. Ngwana yo o setseng a lekane go botsa potso e e rileng go raya gore o lekane go neelwa karabo e e motlhofo le e e tlotlegang ya potso eo. Go palelwa ke go fa karabo go ka nna ga kgoba bana ba gago marapo mo e tla reng ka moso ba se ke ba tlhole ba leba kwa go wena go bona tshedimosetso.
O Ka Simolola Leng?
Batsadi ba le bantsi ba ikutlwa gore bana ba bone ba tshwanetse gore bogolo ba bo ba na le lesedinyana kaga dilo tse pele ga ba simolola sekolo, koo ba ka nnang ba neelwa tshedimosetso e e sa lolamang ke ba bangwe teng.
Rremogolo mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Lefa ke ne ke ise ke botse potso epe, erile ke le dingwaga tse thataro, rre a bona fa go tshwanela gore a ntlhalosetse gore bana ba tswa kae. O ne a re kamano ya tlhakanelodikobo gareng ga monna le mosadi e e ka nnang ya gogela kwa goreng ngwana a tsholwe ke selo sa tlholego fela jaaka go ja, mme legale Modimo o ne wa re seo ke tshiamelo ya batho ba ba nyalaneng fela. Ka jalo, ngwana a nne le rre le mmè ba ba tla mmontshang lorato le go mo tlhokomela.” Rremogolo yo o ne a tlatsa ka go re: “Tlhaloso e a neng a e nneela eno e ne ya tla ka nako. Ke ne ke setse ke bone bana ba ba dingwaga tse thataro ba kgatlhwa ke ditshwantsho tsa boitsholo jo bo maswe tse ba neng ba di tshwantshitse tse nna ke neng ke sa di tlhaloganye.”
Legale, ditlhaloso tseno ga di a tshwanela go neelwa, jaaka ekete ke selo se se tlhabisang ditlhong, mme go na le moo di tshwanetse go neelwa jaaka dilo tsa sephiri. O ka gatelela gore ke sephiri sa lelapa se se sa tshwanelang go bolelelwa bana ba bangwe kgotsa motho ope yo o seng leloko la lelapa. Fa ngwana wa gago a ka iphitlhela a setse a fologilwe ke mafoko ao, o ka mmolelela fela jaana ka bonolo: “Shhh! Gakologelwa, gore selo seo ke sephiri sa rona. Re bua ka gone fa re le mo lapeng fela.”
Ga Se Selo Se Se Tshosang
Fa e le gore mmadi mongwe o gakgamadiwa ke go bo go tlhokega gore go tlotliwe ka seno, akanya fela ka palo ya batsadi ba babotlana ba ba kelotlhoko ba ba batlang tsela e e tlotlegang eo ba ka tlhalosetsang bana ba bone dilo tseno ka yone. A ditlhaloso tse di tlhamaletseng go tswa mo lelapeng le le lorato ga di botoka go na le ditsela tse batsadi ba le bantsi ba ithutileng dilo tse ka tsone, go tswa metsweding e e makgapha ka kwantle ga lelapa?
Fa o tlhwaya tsebe ka boammaaruri mme ebile gape o araba dipotso ka tsela e e motlhofo le e e tlotlegang, o tla tlhofofaletsa bana ba gago dilo gore ba go botse dipotso tse dingwe tse di oketsegileng fa dingwaga di ntse di tla le fa go batla kitso ga bone go ntse go gola.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bana ga ba tshwane. Ka jalo, go umakiwa ga dingwaga mo ditlhogong tseno go dirisiwa e le go akaretsa fela, go supa tsela e thuto eno e ka okediwang ka teng.
b Buka e go tweng Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa e tlotla ka seno le ka dikarolo tse dingwe tse di buang ka mokgwa o o tshwanetseng wa go godisa bana le wa botshelo jwa lelapa. O ka kopa batho ba ba go lereditseng makasine ono go go e tlisetsa kana wa kwalela bagatisi ba yone mo diatereseng tse di fitlhelwang mo tsebeng ya 5.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Fa go na le mongwe yo o leng gaufi le go tshola ngwana seo se ka go fa sebaka se se molemo sa go ruta ngwana