“Dintša tsa Sekadiabolo”?
MO DINGWAGENG di le mmalwa tse di fetileng go ile ga begwa fela thata ka ditlhaselo tsa dintša tse go tweng pit bull kwa Canada, Engelane, le United States. U.S. Centers for Disease Control e bega gore 42 lekgolong ya dintsho tse 157 tse di ileng tsa begwa tsa batho ba ba ileng ba longwa ke dintša mo go diragetseng kwa United States magareng ga 1979 le 1988 di ne di bakilwe ke dintša tsa di-pit bull. Kwa Borithane babegadikgang ba ne ba bitsa dintša tseno tsa di-pit bull ba re ke “Dintša tsa Sekadiabolo.” Makasine wa Equinox o bitsa ntša eo o re ke “motšhini o o bogale wa go bolaya.”
Mo motshamekong wa tshololo ya madi wa go losa dintša o o seng kafa molaong, ntša ya pit bull e tsewa jaaka “mankge wa dintša tse di bolayang,” ka ntlha ya nonofo ya yone, majato, go sa ineele, le bogale. The Globe and Mail ya Toronto, Canada, e bolela gore ntša ya ‘pit bull e ruetswe go bolaya dintša tse dingwe.’
The Toronto Star e akgela jaana, “meno a yone a a kopelang a ka kgona go gobatsa diphologolo tse dingwe le batho fela thata, bogolo jang bana, bao ba ka se keng ba kgone go itshireletsa.” Dipego tse di botlhoko tsa ditlhaselo tseo di akaretsa ya mosetsana mongwe yo o dingwaga tse di ferang bongwe yo go ileng ga tlhoka gore go tsewe diura tse tlhano a ariwa sefatlhego morago ga go longwa ke ntša ya pit bull. Ngwana wa dingwaga tse 13 o ne a alafiwa malomo a yone mo sefatlhegong, mo mmeleng, mo maotong, mo lengaming, le mo maragong. Motlelara mongwe yo o dingwaga tse 21 o ne a tlantlegile sefatlhego, mo a ileng a tlhokwa gore a rokwe ditlhale di le 70, morago ga gore ntša ya tsala ya gagwe ya pit bull e mo lome fa a ne a re o a e suna. Kwa Engelane rre mongwe wa dingwaga tse 54 o ne a longwa ke “Dintša [tseno] tsa Sekadiabolo” di le pedi mme tsa mo kgaola nko.
Moeteledipele wa Toronto Humane Society ebong Kathleen Hunter, o ne a kile a bo a dumela gore fa dintša tsa di-pit bull di ka rutintshiwa fela sentle di ka tshwana le dintša tse dingwe. Lefa go le jalo, jaanong o dumela gore, “ntša ya pit bull e na le jine eo e e dirang gore e nne phologolo eo e ka se keng ya ba ya ikanngwa. Ke ntša e e bogale fela thata . . . , e e diretsweng fela go tlhasela kwantle ga go rumolwa.”a Mookamedi wa lekala la Ditirelo tsa Taolo ya Diphologolo la Lephata la Botsogo jwa Setšhaba la Toronto ebong Jim Bandow, a re: “Ntša ya pit bull ke bomo e e thailweng. Ga o ka ke wa itse gore e tla thunya leng.”
Badiri ba molao ba leka go rarabolola bothata jono ka go tlhoma melao e e farologaneng le go e diragatsa. Barui ba dintša tsa di-pit bull kwa Edmonton, Canada, ba tlhokwa gore ba nne le R1 375 000 ya inshorense ya go duelela malomo a ntša ba bo ba duele le R275 ya laesense. Kwa Winnipeg, Canada, ga go letlelelwe dintša dipe tse disha tsa di-pit bull mo toropong eo, mme barui ba tsone ba tshwanetse ba bo ba di golegile ba bile ba di bofile melomo mme ba bontshe bosupi jwa gore ba di dueletse inshorense R825 000 ya fa di ka loma mongwe. Palamente ya Borithane e ile ya ntsha molao o o tshwanang le oo o o tlamang barui ba di-pit bull. Fa motho a tlola molao ono a ka lefesiwa madi a bo a atlholelwa kgolegelo.
Go ya ka Molao wa Modimo o o neng o neetswe Baiseraele, diphologolo tse di neng di le diphatsa di ne di tshwanetse gore di nne di disitswe. Fa phologolo e e diphatsa e ne e leswa e itsamaela fela, mong wa yone le ene o ne a bonwa molato fa e ne e ka dira tshenyo nngwe. Mme fa phologolo eo e ne e ka bolaya motho, mong wa yone o ne a bonwa molato wa polao, mme seo se ne se ka raya gore a bolawe. (Ekesodo 21:29) Go ya ka se se bolelwang mo Molaong wa Modimo, go tla bo go le botlhale ka Bakeresete gore ba tseye dikgato tse di tshwanetseng go laola dintša tse di bogale tse di ka se keng di tshepege kgotsa go swetsa ka gore ba se ka ba di rua gotlhelele.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha ka botlalo ka kgang eno, bona Awake! ya March 22, 1988, tsebe 25.