“E le Gore Sengwe le Sengwe se Dirisiwe ka Tshomarelo”
Ka mmegadikgang wa Tsogang! go tswa kwa Ghana
KE NE ka mmona mo madirelong a gagwe a maemo a a kwa tlase mo Labadi, mo kgaolong ya Accra, a shaga le go rethefatsa dikgong a dirisa mabogo ka tsela e e neng e bontsha gore o santse a na le maatla eleruri. Leina la gagwe ke Adams Akuetteh. O na le dingwaga di le 70 mme o na le dingwaga tse 50 e ntse e le mmetli.
Fa ke ne ke mmotsa gore ke efe nako eo a e bonang e le e kgolo thata e a e itumeletseng jaaka mmetli, o ile a bolela kwantle ga go senya nako gore ke nako ya dingwaga tse nnè eo a e dirisitseng a aga lekala le lesha la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Nungua, kwa Ghana. Nako eno e ne e le ya go tloga ka 1984 go ya go 1988.
Ke ne ka mmotsa jaana, “Wena tiro ya gago e ne e le eng kwa lefelong le go neng go agiwang kwa go lone?”
“Ke ne ke bereka mo go ageng diforomo tsa konkoreite le go thusa baruledi. Ka ntateng ya dingwaga tsa me, ke ne ke sa kgone gore ke lepalepane le lobelo lwa basha. Mme legale ga ke a ka ka kgobega marapo. Fela jaaka mongwe wa dibui kwa thulaganyong ya fa go bulwa lekala a ne a tlhalosa seno ka botswerere jaana, ‘Fa o sa kgone go palama setlhare o ya go kgola morula, o ka nna wa itumelela go sela manoko a a leng teng mo o emeng teng moo.’”
Ke ne ka bua jaana, “Go lebega o gakologelwa thata ka go aba dipekere kwa lefelong le go neng go agiwa kwa go lone.”
“Ah, ee, dipekere. O itse gore ke eng, dipekere di a tura mono Ghana. Ka nako eo [sepa-tlo sa kilogerama] ya dipekere se ne se e ja [R5,50 go ya go R8,25]. Ka jalo ke ne ka ipolelela jaana, ‘A re ka se baakanye gape dipekere tse di neng di senyegile? Ke tla leka.’
“Ka jalo ke ne ka itshimololela seno ka bonna fela ka nako ya me e e kwa thoko. Fa molebedi wa tiro a mpona, o ne a itumela fela thata. O ne a nneela kabelo eo jaaka tiro ya me ya nako yotlhe. Ka jalo mo dingwageng tse nnè ke ne ke henena lefelo leo la kago moso mongwe le mongwe ke batla dipekere. Ke ne gape ke somola ka kelotlhoko tse di neng di le mo dikgonnyeng tse di neng di dirisitswe mo diforomong tsa konkoreite.”
“A o ne o latlha tse di neng di pipinegile mme gape di konegile?”
“Nnyaa. Tse di neng di pipinegile di ne di dirisiwa mo dikgonnyeng tse di seng thata, kgotsa go ne go boriwa pele go di bulela phatlha mme di bo di dirisiwa mo dikgonnyeng tse di thata. Tse di konegileng tsone ke ne ke di konolola ka kelotlhoko ka hamore.”
“A tiro eo e ne e sa go lapise mogopolo le go go nyemisa moko?”
“Gongwe e ne e ka dira jalo mo mothong yo mmotlana, mme eseng mo go nna. Molebedi wa tiro o ne a mpolelela gore tiro e ke e dirang e somarela madi a Mokgatlho, madi a ga Jehofa, ka jalo ke ne ke e itumelela. Ke ne ke itumela go bona mekoakoa ya dipekere tsa boleele jo bo farologaneng tse ke neng ke di konolotse e ntse e golela pele. Mme ke bo ke ipolelela ke re, ‘Aha! Ke a ba sia basimane ba baruledi!’ Mme go ise go ye kae mekoa eo e bo e nyelela. Ba bo ba goa ba le kwa godimo ga ntlo ba re tse dingwe! Mme ke bo ke ya mo go tsone gape ka hamore ya me.”
“Jaanong o dirang ereka tiro ya go aga e fedile?”
“Ke mo tirelong ya nako e e tletseng gape, ke emetse fela gore lo tle lo tle go oketsa lekala la Ghana. Mme ke tla bo ke le teng, ke baakanya dipekere le go somarela madi—ka boitumelo.”
Ka dingwaga tse nnè o ne a dira tiro e bangwe ba ka nnang ba e tsaya jaaka e e seng ya sepe. Mme fa e le ka Adams Akuetteh ene o ne a sa e tseye jalo, “mokonolodi wa dipekere wa lekala la Ghana.” O ne a baakanya dipekere tseo ka boitumelo mme ka jalo a somarela madi a ga Jehofa!
Oo ke mogopolo o Jesu le ene a neng a na le one. Le mororo a ne a na le thata e e seng kana ka sepe ya go ka oketsa dinkgwe, o ile a bua jaana morago ga dijo nako nngwe: “Sèlañ dikabetla tse di setseñ, [e le gore sengwe le sengwe se dirisiwe ka tshomarelo].”—Yohane 6:12.
Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bono tsebe 5.)
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Adams Akuetteh, “mokonolodi wa dipekere wa lekala la Ghana”