Kgopolo E E mo Bibeleng
Dithapelo—A Di Tshwanetse go Boaboelediwa Kgotsa Di Tshwanetse go Itlela Fela?
SEFOFANE sa jete sa mogobagoba se ne se fofa bogodimo jwa dimetara di le 12 500. Kwa tlase ga sone go ne go na le metsi a a tsididi a Pacific. Ka tshoganyetso fela, enjene e nngwe e bo e re pau. Mme tse dingwe tse tharo tsa bo di felelwaa ke maatla. Mme sefofane sa bo se leba kwa tlase ka lobelo le eleng gore se ne sa tsaya metsotso e le mebedi go tsamaya sekgala sa dikilometara di le lesome! Mme erile go setse dimetara di le 2 700 sefofane sa boelwa ke maatla a sone gape mme sa ya go kotama ka pabalesego kwa San Francisco. Mopalami mongwe o ne a bua jaana ka kutlobotlhoko: “Ke ne ka rapela fela thata go gaisa lefa e le leng mo botshelong jwa me.”
Mo dinakong tsa matlhotlhapelo, dikotsi, kgotsa tsa kutlobotlhoko e kgolo, batho ba le bantsi, tota le bao eseng batho ba bodumedi, ba retologelwa kwa go Mogodimodimo go kopa thuso. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba eleng batho ba bodumedi gantsi ba boaboeletsa dithapelo tsa bone kwa dikerekeng tsa bone le kwa ditempeleng kgotsa kwa malapeng a bone. Bontsi bo rapela Dithapelo tsa Morena le ba Galaletsang Maria ba thusiwa ke dirosari. Ba bangwe ba dirisa dibuka tsa thapelo. Dimilione tsa batho ba Botlhaba ba dikolosa maotwana ka bofefo a a kwadilweng dithapelo mo go one e le tsela e e ba thusang go boaboeletsa dithapelo tseo ka bofefo.
A mme gone o kile wa ipotsa jaana, ‘Re tshwanetse go rapela ka tsela e e ntseng jang? A dithapelo di tshwanetse go boaboelediwa kgotsa go itlela fela?’
Se Thapelo E Leng Sone
A re re rraago yo o mo ratang thata, yo o nnang kwa lefatsheng le lengwe, o go kgothaleditse gore o nne o mo leletsa mogala nako nngwe le nngwe fa o eletsa—mahala. A o ne o ka se ka wa mo leletsa gantsintsi? A o ne o ka se ka wa itumelela go boloka kamano eo e e botlhokwa tota le gone go e nonotsha? A o ne o ka se ka wa bua le ene ka dilo tseo o tlhobaelang ka tsone o mo leboga thata ka thuso epe kana kgothatso epe eo a ka tswang a ile a go e neela mo botshelong? Kamano eo e ne e tla nna letlotlo le legolo thata mo go wena, a ga go jalo?
Fa o mo leletsa mogala, o ne o ka nna wa boaboeletsa dilo dingwe, mme lefa go le jalo o ne o ka se ke o bue jalo o bala mo bukeng kgotsa o di boeletsa jalo ka tsela nngwe e e tlhomameng, a ga go jalo? Ka lebaka leo he, Mokeresete le ene o ne a se ka ke a rapela ka tsela e e ntseng jalo. Tota ebile Keresete Jesu o rile dithapelo ga di a tshwanela go nna sepe sa mofuta oo.
Keresete Jesu o Ile a Reng?
“Me ha lo rapèla, lo se ka loa boaboèla hèla, yaka Badichaba ba tle ba dihe: gonne ba gopola, go re, ba tla utlwiwa ka ntlha ea go bua bobe ga bōnè.”a (Mathaio 6:7) Dithanolo tse dingwe di e ranola jaana: “Mo dithapelong tsa lona, lo se ka lwa balabala bobe jaaka baheitane.” (The New English Bible) “Mo dithapelong tsa lona lo se ka lwa itlotlona ka mafoko a mantsi jaaka Baditšhaba ba dira.”—Revised Standard Version.
Batho bangwe ba tlhakatlhakanya go huma ditswaganong le go tlhoafala mo kobamelong, go bua ka thelelo le boineelo, go boaboelela le go golola tlou le maroo le go solofela karabo e e tlhomameng. Lefa go le jalo, Modimo ga o lekanye boleng jwa thapelo ka go lebelela boleele jwa yone. Go phepafetse gore Jesu o ne a sa batle gore balatedi ba gagwe ba sale mekgwa mengwe e e rileng ya go rapela morago kgotsa gore ba boaboeletse dithapelo. Ka jalo, mosola wa dirosari, dibuka tsa thapelo, kgotsa maotwana a thapelo ke ofe?
Morago ga go bua se se fa godimo, Jesu o ne a bontsha barutwa ba gagwe thapelo ya sekao—Thapelo ya Morena e e itsegeng fela thata. (Mathaio 6:9-13) A mme e ne e le boikaelelo jwa gagwe gore ba nne ba boaboeletsa mafoko a yone? Nnyaa. Tota ebile, fa a ne a e bua gape ngwaga moragonyana, tota le ene Jesu ga aa ka a dirisa mafoko a yone fela jaaka a ne a ntse mo tshimologong. (Luke 11:2-4) A go na le pego epe fela e e kaga Bakeresete ba pele ba boaboeletsa thapelo eo kgotsa ya ba boaboeletsa dithapelo dipe tseo ba neng ba di itiretse? Le gone, ga go a nna jalo.
A seno se raya gore ga re ka ke ra umaka ntlha kgotsa ra dira kopo e le nngwe gantsi? Nnyaa, gonne Jesu o ne gape a re: ‘Tswelelang lo ntse lo lopa, mme lo tla newa; tswelelang lo ntse lo batla mme lo tla bona.’ (Mathaio 7:7, NW) Fa gongwe go a tlhokega ka rona gore re kope selo se le sengwe gantsi. Mme ka tsela eo Jehofa o kgona go bona gore re tlhoafetse go le kana kang ka seo re se kopang le gore re amega go le kana kang ka selo seo.
Ka sekai, mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., go ne go na le monna mongwe yo o neng a na le tumelo ebong Nehemia yo o neng e le mongwe wa batshwarwa ba Bajuta bao ba neng ba le kwa Babelona. E ne e le motsholaphafana ya kgosi ya Peresia. Fa a ne a utlwalela gore bomorwarraagwe, ba ba neng ba nna kwa Judea, ba ne ba sa tshele sentle, o ne a rapela “bosigo le motshegare” gore ba gololwe. (Nehemia 1:6) Dithapelo tsa gagwe di ne tsa utlwiwa. Mme Jehofa o ne a dira gore kgosi ya Peresia e e boutlwelobotlhoko e neele Nehemia tetla ya go tsaya loeto go ya kwa Jerusalema go ya go baakanya dilo teng. Seno o ne a se dira, mme se ne sa itumedisa batho bagabone le go boloka tumelo ya bone.—Nehemia 1:3–2:8.
Kafa Thapelo E E Tswang mo Botennyeng jwa Pelo E Thusang ka Teng
Le mororo e le Mothatayotlhe wa lobopo lotlhe, Jehofa o laletsa “bana” ba gagwe go buisana le ene ka pelo yotlhe. Morutwa wa ga Jesu ebong Jakobe a re “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.” (Yakobe 4:8) Mme re ka go dira jang? Ee, re tshwanetse go rapela mo leineng la ga Jesu. (Yohane 14:6, 14) Mo godimo ga moo, ke fela jaaka Paulo a boletse: “Me kwa ntlè ga tumèlō go retetse rure go o kgatlha: gonne eo tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, e bile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.”—Bahebera 11:6.
Bao ba nang le mathata, le bao tota ba ileng ba dira diphoso tse di masisi, ba ka kopa thuso mme ba thusiwa le go itshwarelwa. Jesu o ne a tshwantsha seno ka polelo ya moeteledipele mongwe wa bodumedi yo e rileng a rapela, a lebogela Modimo go bo a le boitshepo go gaisa ba bangwe; mme mokgethisi (yo o neng a ilwa mme a lejwa ke ba bangwe jaaka modirabosula mo malatsing ao) o ile fela a re: “Modimo, nkutlwèla botlhoko, nna eo ke leñ moleohi.” Ka phepafalo, thapelo eo e e motlhofo, e e tswang mo pelong e ne e sa tsewe mo bukeng. Mme Jesu o ne a kgala modumedi yoo wa moitimokanyi mme a bolela seno ka mokgethisi: “Eo o iñōtlahatsañ, o tla godisiwa.”—Luke 18:10-14.
Ditiragalo tse di maswe tse di mo lefatsheng di dira gore batho ba le bantsi ba tshwenyege le go utlwa botlhoko thata mo maikutlong. Bakeresete ba ka nna ba bo ba tshwenyega ka boemo jwa bone fa pele ga Modimo. Mme go retologela kwa go Jehofa ka metlha, gangwe le gape mo go itlelang fela, go ka thusa thata ka tsela e e gakgamatsang. Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlela dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
Go kokotlela go raya go kopa ka tlhoafalo, o kopa Modimo go go thusa, o mo ntshetsa sotlhe se se mo pelong ya gago fela jaaka ngwana a dira jalo mo motsading yo o lorato ebile a mo tlhaloganya. Dithapelo tse di ntseng jalo ga di tswe mo dibukeng, ebile ga se tse di boaboelediwang jaaka nonyane e go tweng papalagae. Ke tse di tswang mo dipelong tsa batho ba ba tlhokang thuso mme ba na le tumelo e e tiileng mo go Jehofa, ene yo e leng “Moutlwi oa thapelō.”—Pesalema 65:2.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko le le ranotsweng go nna “boaboela” (bat·ta·lo·geʹo) le dirisiwa gangwe felafela mo Bibeleng mme le raya “‘go balabala’ ka boikaelelo jwa go leka go atlega ka thapelo ka go bua mafoko a mantsintsi o a boaboeletsa.”—Theological Dictionary of the New Testament.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]
Drawings of Albrecht Dürer/Dover Publications, Inc.