Ba Thuse Go Tlhopha Molekane wa Lenyalo ka Botlhale
ABANA ba gago ba itse gore go lebelelwa eng mo molekaneng le tsela eo ba ka tlhophang ka yone ka botlhale? Go botlhokwa go akanya ka seno le go ba thusa go tlhopha ka botlhale, ereka seno se le botlhokwa gore ba bone boitumelo mo isagweng.
Mo mafatsheng ao lefereo e leng mokgwa wa tlwaelo teng, go na le kgatelelo e kgolo thata mo basheng gore ba iponele balekane ba santse ba le mo dingwageng tse di kwa tlase thata. Moithutatlhaloganyo ebong Dr. Ronald W. Taffel wa kwa New York a re, “Batsadi ba bana ba ba nang le dingwaga tse some ba mpolelela gore ba kafa tlase ga kgatelelo e e seng kana ka sepe ya gore ba letlelele bana ba bone go tsena mo lefereong.” “Batsadi ba iphitlhela ka tshoganyetso ba setse ba lebane le dikgang tseo ba neng ba sa solofela go lebana le tsone go fitlhelela [bana ba bone] ba tsena mo dingwageng tsa bosha.”
Mme diphelelo e ka nna dife fa o ineela go letlelela bana ba gago go simolola lefereo ba santse ba le bannye? The Journal of the American Medical Association e akgetse jaana: “Lefereo le le simololwang motho a santse a le monnye ebile le dirwa kgapetsakgapetsa le amanngwa le go simolola go [tlhakanela dikobo].” Ee, gongwe o ka tswa o badile dipego kaga “palo e e golelang pele ya basetsana ba dingwaga tse 10 go ya go tse 14 ba ba tshotseng bana.”
Ka jalo, o ka dirang go thusa bana ba gago?
Ba Rute go Tswa Bonyaneng
Batsadi ba tlhoka go thusa bana ba bone gore ba nne le dinonofo tse di siameng tsa Bokeresete ba bo ba ba thuse go di godisa. Mme gape ba tshwanetse go ba thusa gore ba kgone go lemoga dinonofo tseno mo mothong yoo ba ka nnang ba nyalana nae. Fa ngwana wa gago a go lebisa kgang ya lefereo, mo tlhalosetse gore seno ga se lebege sentle fa se dirwa ke bana ba ba iseng ba tsene mo dingwageng tsa bosha kgotsa ke bao ba sa tswang go di simolola. Go na le moo, ba tlhalosetse ka papamalo gore lefereo ke la batho bao eleng gore ba setse ba godile go ka batla ka tlhoafalo mongwe yo ba ka nyalanang nae.
Bana ga ba na maitemogelo a go sekaseka botho jwa motho, jaaka fa le bone ba ka dumalana kwantle ga pelaelo. Mosetsana mongwe wa Moindia o kile a tlhalosetsa mogakolodi wa tsa lenyalo jaana: “Batsadi ba rona ba godile ba bile ba botlhale go re gaisa, mme ga ba tsiediwe motlhofo jaaka rona. . . . Go botlhokwa thata gore monna yo o tla nnyalang e bo e le yo o tshwanetseng. Ke ka dira phoso motlhofo fela fa ke ne ke ka re ke a mo ipatlela.” Basha ba ka solegelwa molemo fela thata fa ba ka kopa thuso mo bagolong!
Basha gantsi ba lebelela batho bao ba ka nnang ba nyalana nabo go ya ka ditekanyetso tseo eleng gore ga di amane gope le ntlha ya gore a ba tla nna borre kana bommè ba ba siameng. Basimane ba ka nna ba kgatlhiwa thata ke bontle jwa sefatlhego le popego e e gogelang ya mmele—mme go tweng ka nako e e tlang? Mebele le difatlhego di a fetoga, mme kwantle ga pelaelo mo nakong e e tlang mosimane o tla batla dinonofo tsa mosadi yo o godileng, tse di kopanyeletsang botlhale le go kgona go sikara maikarabelo. Basetsana gantsi se ba se bayang kwa pele ke gore a mosimane o montle, o apara sentle, le botlhajana go na le go lebelela dinonofo tse di botlhokwa tsa gore a ke motho yo o pelonomi, yo o ratang Modimo le batho ba bangwe.
Ka jalo, ke eng se o ka se dirang? Ke eng o sa lemotshe bana ba gago ka batho bao ba ba itseng bao ba nang le manyalo a mantle. O ka ba lemotsha gore bangwe ba batho bano ba ba tlhophileng, ga se gore ba ne ba le ba bantle go ba gaisa botlhe mo motseng otlhe, mme go na le moo e ne e le motho yo o neng a na le dinonofo tse di molemo gape yo o neng a na le dikgatlhego tse di tshwanang le tsa bone, le mekgele e e tshwanang le ya bone.
Ke eng o sa buisane ka dilo tseno le bana ba gago? Fa Ann a na le dingwaga di le 13, mmaagwe o ne a mmotsa gore ke dinonofo dife tseo a di batlang mo monneng. Ba ile ba buisana ka seno, mme o ne a kwala lenaneo la dinonofo tseo a ka di batlang mo mothong yo a batlang go nyalwa ke ene. Lenaneo leo e ne e se la ditoro fela. Le ne le akaretsa gore o tshwanetse go nna motho yo a ka mo tlotlang, le motho yo o ratang le go kgatlhegela dilo tse di tshwanang le tsa gagwe. Ann yo gompieno eleng nkoko yo o itumetseng, o santse a gakolola gore ba bangwe le bone ba sale sekao sa gagwe morago.
Ka Bakeresete, taolo ya Bibela e e reng “o nyalè mo Moreneñ hèla” e botlhokwa fela thata go akanya ka yone. (1 Bakorintha 7:39) Motho yo o “mo Moreneñ” ke yo eleng Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng yo o bileng a tlhoafaletse go tsaya karolo mo ditirong tse Jesu a neng a di dira. Bao ba ikgatholosang taolo eno ya go nyala fela mo Moreneng gantsi ba nna le diphelelo tse di botlhoko fela thata. Ka jalo tlhomamisa gore o lemotshe bana ba gago botlhokwa jwa go senka motho yo ba ka nyalanang nae mo go bao ba salang morago melaometheo ya boitshwaro le ya semoya e e tshwanang le ya bone mme ele yoo eleng gore ka jalo a ka kgona go ba thusa gore ba e rute bana bape ba ba ka nnang le bone.
Ba Rutele Nako ya fa Ba Tshwanetse Go Rarabolola Mathata
Fa o tlhatswegile pelo gore bana ba gago ba godile go ka tsenelela mo lefereong, gatelela mo go bone botlhale jwa go tlwaelana le tsala ya bone mo mafelong a botlhe, go dira ditiro mmogo, jaaka go ya kwa mafelong a borekisetso jwa dijo, kwa mmiseamong, kwa dirapeng tsa diphologolo, kgotsa kwa go bontshiwang ditshwantsho tsa botaki gone, mo go tla ba fang sebaka sa go bua le go itsane kwantle ga gore ba bo ba itlhaotse mo bathong ba bangwe. Ba thuse go tlhaloganya gore ke eng fa seno se le botlhale go gaisa go tsaya nako ba ikatetse mo koloing e e emeng kgotsa mo lefelong lengwe le go senang ope mo go lone. Gape, go botlhokwa go ba ruta gore fa ba tswa go itisa le yo ba fereanang nae, ba tshwanetse gore ba re boroko ba le mo kgorwaneng go na le go letlelela motho yoo go tsena, kwantle ga fa e le gore o teng ebile ga o ise o thulamele.
Tlhagisa bana ba gago ka se se ka diragalang. Ka sekai, pego nngwe ya dikgang e bua ka moithuti mongwe yo o ileng a laleletsa tsala ya gagwe e e mo fereang kwa kamoreng ya gagwe morago ga dijo gore ba ke ba bine le go tlotla. Le mororo a ne a bontsha mokgwanyana o o bontshang gore o batla ba tlhakanela dikobo, moithuti yoo o ne a se ka a mo raya a re a tsamaye. Go na le moo fa a ne a ngongorega, o ne a kopa maitshwarelo ka seo a se dirileng, mme go tsweng foo a leke gape go mo hepisa. Pego e a re: “Mme kgabagare o ne a dira tshwetso ka kgang” mme a mmetelela. A mahutsana ruri!
Ka jalo tlhomamisa gore bana ba gago ba itse kafa ba ka dirang dilo ka botlhale ka teng fa mongwe a ka umaka ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang. Ba tshwanetse go tshaba mo seemong se se ntseng jalo fela jaaka Josefa yo mmotlana a ile a tshaba fa mosadi wa ga Potifaro a ne a gana go mo tlogela. (Genesise 39:7-12) Ba tshwanetse go itse gore maikuelo a a tswang bogologolong a a reng, “Fa o nthata o tla robala le nna,” gantsi a dirisiwa ke motsietsi. Mongwe le mongwe yo o a dirisang gantsi go raya gore o a dirisa gangwe le gape, mme go tsweng foo a bo a tlogela batho bao a ba tsieditseng a bo a tsamaya a ya kwa go yo mongwe gape yo o tla fetang a mmolelela ka tsela e e tshwanang. Morwao kgotsa morwadio o tshwanetse go itse gore go re nnyaa o sa dikadike ke karabo e e tshwanetseng fa motho a bontsha gore o batla lo kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang.
Tlhomamisa gore o rute morwadio go tila maemo a mo go one a ka nnang a betelelwa. Gatisetsa ntlha ya gore a itse fela thata lekawana le a ka tsenelelang mo lefereong le lone le gore le wena, jaaka motsadi, o tlwaelane le motho yoo. Fa e le gore bana ba gago ga ba tlhole ba nna le wena, he tlhomamisa gore ba botse molebedi wa Mokeresete mabapi le motho yo go ka nnang ga diragala gore ba nyalane nae yoo. Gakologelwa gore, go na le bangwe bao ba leng maretshwa bao ba iphakang gore ke Bakeresete ba ba tsenang ka bolotsana mo phuthegong, fela jaaka ba ile ba dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—2 Petere 2:13-15, 17, 18.
Mo godimo ga moo, o tshwanetse go ruta bomorwao gore banna tota ga ba utlwise batho ba bangwe botlhoko ka bomo. Baa ba hemela le go ba sireletsa. Banna tota ba laola dikgotelo tsa bone eseng go laolwa ke tsone. Ba tshwanetse go tsaya ba bong jo bo farologaneng le jwa bone jaaka bommaabo kgotsa bokgaitsadiabone, ka tlotlo le tshisimogo.—1 Timotheo 5:1, 2.
O se ka wa letlelela bana ba gago go lebala molaomotheo wa konokono wa Bibela o o reng: “Ditsala tse di bosula di senya mekgwa e mentle.” (1 Bakorintha 15:33, Revised Standard Version) Ka jalo, bana ba gago ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa go kgaogana le ope yo o tshelang botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Go tswa bonyaneng jwa bone, o tshwanetse go ba tlhalosetsa ka phepafalo gore lefa gongwe ba bangwe ba ka nna ba se ka ba bona se ba se dirang, Modimo ka dinako tsotlhe ene o a se bona, le gore o tla duela mongwe le mongwe go ya kafa ditirong tsa gagwe.—Baroma 2:6.
Go Itshola sentle mo Lefatsheng le le Senang Boitsholo
Le mororo baeteledipele ba lefatshe ba ile ba bolela ka kutlobotlhoko gore “ba na le kitso e nnye thata ya ka fa ba ka kgoreletsang basha ba ba sa nyalanang go tlhakanela dikobo,” batsadi ba Bakeresete bone ba itse gore go ka kgonega. Ka go nwetsa go rata Modimo le go tlotla melao ya gagwe ka tshwanelo mo baneng ba bone, batsadi ba ka kgona go neela bana ba bone thebe eo ka yone ba ka kgonang go iphemela kgatlhanong le dithaelo tsa lefatshe leno le le senang boitsholo mme ba tshela matshelo a a siameng, a a bontshang boitsholo. Batho ba ba bontsi bo tshwarang dimilione ba Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologile ka ntateng ya go tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo tsa Lefoko la Modimo. Tota le New Catholic Encyclopedia ea re setlhopha seno se “gagamaditse molao fa go tla mo boitsholong jwa lenyalo le mo go tlhakaneleng dikobo.”—Bolumo 7, tsebe 864.
Basha ba eleng Basupi ba ga Jehofa ba ba itsholang sentle ba itse gore ba ratiwa le go anaanelwa eseng fela ke batsadi ba bone mme gape le ke Bakeresete ka bone mo lefatsheng ka bophara. Ga ba itshoge, ba tsaya karolo mo dipokanong tsa phuthego, ba nonotsha mokgwa wa bone wa go ruta, le go tsaya karolo mo thutong ya Bibela. Ba bontsha boitsholo jwa bomodimo, ba na le maikutlo a a tshwanetseng a go itlotla, mme gape ba na le tsholofelo e e itumedisang ya isagwe mo lefatsheng le lesha la Modimo.—1 Yohane 2:17; Tshenolō 21:3, 4.
Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)
[Lebokoso mo go tsebe 32]
O Tla Nyala/Nyalwa ke Mang?
Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e neela dikakantsho tse di botlhokwa thata tseo ka tsone basha ba ka kgonang go tlwaelana le mongwe yo eleng gore ba ka tswa ba kgatlhegela go nyalana nae.a E bontsha botlhokwa jwa go itse dinonofo tsa motho yoo le makoa a gagwe, gore totatota ke motho wa mofuta mang. Seno o ka se dira jang?
Sa ntlha, o ka ela motho yoo tlhoko. O itsaya jang? O tsaya batho ba bangwe jang? O bua jang le batsadi ba gagwe mmogo le maloko a mangwe a lelapa? Dilo tseno di botlhokwa ka gore di bontsha kafa eleng gore e tla re kgabagare o tsewe ka teng.
Ka go tshwara motlotlo fela o eseng wa sepe, o ka kgona go lemoga gore a dilo tseo a di kgatlhegelang le mekgele ya gagwe e tshwana le ya gago. O ka nna gape wa batla go itse gore batho ba bangwe ba ikutlwa jang ka motho yono.
O tla batla go itse gore motho yono ke wa mofuta mang, go itse ka megopolo ya gagwe, maikutlo a gagwe, le botho jwa gagwe. O itsaya jang fa a le kafa tlase ga kgatelelo? Ditsala tsa gagwe ke bo mang? Lelapa la gaabo le ntse jang, mme ba tsaana jang?
Go bereka mmogo go ka go fa tshedimosetso e kgolwane kaga dinonofo tse motho yoo a nang natso. Letlelela nako gore mekgwa epe e e sa reng ee e itshupe. Go tsweng foo, fela jaaka buka eno e e molemo e bua ka basha bao ba ileng ba sala morago kgakololo ya yone: “Ka matlho a a bulegileng, ba tsena mo lenyalong ba tlhomamisa sentle gore ba ka kgona go rarabolola sentle dipharologano tse di tla tsogang. Lefereo le le atlegileng le ba baakanyeditse pele lenyalo le le atlegileng le le le itumedisang.”—Dikgaolo 29-32.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Buka eno e gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., eleng bagatisi ba makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Ditebego tse di kgatlhang tsa mmele di ka nna tsa bo di gogela, mme botho jo bo ka kwa teng ke jone jo bo tlhokegang
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Go itsane mo mafelong a botlhe ke selo sa botlhale go na le go tsaya nako e ntsi le itlhaotse mo go ba bangwe