Go Neela Basadi Tlotlo mo Botshelong jwa Letsatsi le Letsatsi
GORE basadi ba neelwe tlotlo go feta kafa go ntseng ka teng gompieno, ke leng mme ke kae koo diphetogo ditshwanetseng tsa simolola gona? Kana mme, ke kae koo katlholelopele le go sa lebeng basadi sentle go simologang gona ebile seo se diragala leng? Ke kwa gae le kwa sekolong, mo dingwageng tsa kgodiso ya ngwana. Maikutlo a rona a simolola go bopega go ya selekanyong se segolo ka nako ya fa re le kafa tlase ga tlhotlheletso ya batsadi. Ka jalo, ke bomang bao fa go buiwa sentle fela, ba ka nnang le tlhotlheletso e e maatla ya ka tsela eo makawana a ka ikutlwang ka gona ka batho ba sesadi? Kwantle ga pelaelo ke rre le mmè. Ka jalo tharabololo ya bothata jono ke thuto e e tshwanetseng eo e ka kgonang go nwelelela mo malapeng le go tlhotlheletsa batsadi.
Tsela Eo Basadi Ba Lejwang ka Yone
Gore go se lebeng basadi ka tsela e e tshwanetseng go simolola mo lelapeng go bontshiwa ke Jenny, yo eleng mokwaledi yo o nyetsweng, mme e le mogoloa basetsana ba bane mo lelapeng, yo o ileng a re: “Jaaka basadi ba basha, re ne ka gale re tshosiwa ke gore mo United States, go na le basadi ba bantsi go feta banna. Ka jalo fa e le gore o batla go nyalwa, o tshwanetse wa dira gore ba go bone.
“Mo godimo ga moo, basadi ba patelesega go dumela gore ke dibopiwa tse di kwa tlase go na le banna. Ka dinako dingwe le eleng batsadi ba gago ba go dira gore o akanye gore ga o botlhokwa thata jaaka bana ba basimane. Fa o iponelwa ke monna mongwe, le ene o fetisetsa mogopolo o o tshwanang mo go wena, wa gore boemo jwa gago ke jo bo kwa tlase go na le jwa banna.
“Mme ke ka ntlha yang fa go itshepa ga rona go tshwanetse ga thaega mo go reng re nonofile go le kana kang kgotsa ga re a nonofa go le kana kang mo mmeleng? A banna ba atlholwa ka yone tsela eo?”
Betty, yo o nang le dingwaga tse 32 a nyetswe, yo pele e neng e le molaodi wa lebenkele, o ne a tlhagisa ntlha e nngwe: “Ke go reng fa basadi ba atlholwa go ya ka bong jwa bone go na le gore e nne ka maitemogelo a bone, kgono le tlhaloganyo e ba nang le yone? Seo ke se kopang ke gore banna ba reetse tshitsinyo ya me. Lo seka lwa nnyatsa fela ka ntata ya bong jwa me!
“Go le gantsi banna ba leba basadi jaaka dimaumau kana dieleele—dieleele moo ba ka se kgoneng ga dira ditshwetso tse di siameng. A wa itse gore ke bolelang? A ba re tshware fela jaaka ba ne ba ka rata go tshwarwa. Seno se ka fetola ka bonako fela tsela eo ba lebang dilo ka yona!” Seo a se kopang fela ke gore ba dirise molao wa Sekagauta, ‘Tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo.’—Mathaio 7:12.
Basadi bano ba tlhagisa dintlha tsa botlhokwa tota. Bomosola jwa boammaaruri jwa mosadi ga bo a tshwanela go lebelelwa go tswa mo diponagalong tse di sa reng sepe tsa bokafantle jwa mmele le mo dinonofong tse di patelediwang kgotsa mo dingwaong tse di sa akanyetseng. Seane sengwe sa Spain se tlhalosa ntlha eno jaana: “Mosadi wa maratagolejwa o kgatlhisa matlho; mme yo o leng molemo ene o itumedisa pelo. Fa mosadi yo o boletsweng pele e le lebenyane, yo o boletsweng morago ene ke letlotlo.”
Bibela le yone e tlhagisa ntlha eno ka tsela e nngwe: “Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntlè, eboñ ga go iphōra moriri loètsè, le ga go rwala mekgabō ea gouda, kgotsa ga go apara diaparō tse di maphatsiphatsi; Me a e nnè motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa bōleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.” Fela jaaka re sa tshwanela go atlhola buka go ya ka bokafantle jwa yone, le batho le bone ga re a tshwanela go ba atlhola go ya ka bong jwa bone.—1 Petere 3:3, 4.
Go Ba Bontsha Tlotlo mo Lelapeng
Ngongorego e e tlwaelegileng ya basadi, segolobogolo bommamalapa ba ba dirang le bammabana, ke gore banna ba bone ga ba lebe ditiro tsa legae jaaka tiro e e oketsegileng, mme go le gantsi ga ba dire seabe sa bone. Susan Faludi, yo o ileng a tsopolwa pelenyana, a re: “Basadi ga ba itemogele go lekalekana le eleng mo malapeng a bone, eleng koo ba sa ntseng ba tshwanelwa ke go dira diperesente tse 70 tsa ditiro tsa mo gae teng.” Tharabololo ya go siamololelwa gono ke eng?
Lefa gongwe go se kitla go itumedisa banna bangwe ba dingwao tse di rileng, go tshwanetswe ga dirwa thulaganyo e e tlhamaletseng ya go aroganya ditiro tsa legae, segolobogolo fa mosadi le ene a tshwanelwa ke go ya tirong. Ke boammaruri gore, go aroganya ditiro go ne go ka kopanyeletsa le ditiro tseo ka tlwaelo eleng boikarabelo jwa banna—go phepafatsa koloi, go tlhokomela jarata le tshingwana, go tsenya dipeipi tsa metsi, dilwana tsa metsi, dilwana tsa motlakase, le tse dingwe—tseo, lefa go le jalo, eleng ka sewelo di ka tsayang nako eo e lekanang le nako eo e tsewang ke ditiro tsa selegae tsa bommè. Mo dinageng dingwe banna ba ya bokgakaleng jwa gore ba lebelele gore basadi ba tshwanetse ba tlhatswa le go phepafatsa koloi, jaaka okare e ntse e le karolo ya tiro ya go phepafatsa legae!
Ka tsela nngwe, kgakololo eno ya go arogana ditiro tsa lelapa e tumalanong le kgakololo ya ga Petere mo banneng ba ba nyetseng ya gore ba agisane le basadi ba bone “kaha kicoñ.” (1 Petere 3:7) Gareng ga tse dingwe, seno se bolela gore monna ga a tshwanela go nna motho yo o sa kgathaleng, monnimmogo phaposing e le nngwe yo o sa akanyetseng kana monnisanimmogo mo ntlong e le nngwe. O tshwanetse a bontsha tlotlo mo botlhaleng le mo maitemogelong a mosadi wa gagwe. O tshwanetse gape a tlhaloganya ditlhokafalo tsa gagwe jaaka mosadi, mmalapa, le mmabana. Seno se kopanyeletsa se se fetang fela tlhokafalo ya go nna motlamedi wa lelapa yo o lereng fela moputso wa kgwedi mo lelapeng; basadi ba le bantsi ba ba berekang le bone ba kgona go dira seo. O tshwanetse a tlhaloganya ditlhokafalo tsa mosadi wa gagwe tsa nama, maikutlo, tsa tlhaloganyo, tsa tlhakanelodikobo, mme, go feta tsotlhe, le tsa semoya.
Mo monneng yo o nyetseng yo o iphakang fa a latela melaometheo ya Bokeresete, go na le boikarabelo jo bogolo jo bo kopanyelediwang mo go seno—eleng jwa go etsa sekao sa ga Keresete. O ne a laletsa botlhe bao ba “lapileñ, ba lo imelwañ,” a re ka tsela e e kgatlhisang: “Me ke tla lo lapolosa. . . . Ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ, me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologo.” (Mathaio 11:28, 29) Abo seo e le kgwetlho jang ne go banna ba Bakeresete bao ba nyetseng le borrabana! Mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke lapolosa mosadi wa me kgotsa a ke a mo gatelela. A ke pelonomi le go sa tshabiwe ke batho, kgotsa a ke sekamela mo go nneng motho yo o setlhogo, yo o kgokgontshang, kana mmusaesi? A ke bontsha “lorato loa bokauleñwe” fa ke le kwa dipokanong tsa Bokeresete mme fa ke fitlha kwa gae ke bo ke itshwara jaaka modipa?’ Ga go a tshwanela go nna le banna ba ba nyetseng ba baitimokanyi mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Petere 3:8, 9.
Ka jalo, ga go na lebaka lepe le le utlwalang la gore monna e nne wa mofuta ono yo mosadi mongwe wa Mokeresete a neng a mo tlhalosa: “Tlhogo ya lelapa ya Mokeresete yo o boikgogomoso yo o leng molemo thata fa a le kwa Holong ya Bogosi ebile a rekela ba bangwe dimpho mme a tshwara mosadi wa gagwe jaaka sekatana.” Go bontsha tlotlo e e tshwanetseng mo mosading ga se go tlhola a gateletswe le go tlontlololwa. Ke boammaaruri gore, seno ke kgang e e matlhakore mabedi; mosadi le ene o tshwanetse a bontsha tlotlo e e tshwanetseng mo monneng wa gagwe.—Baefesia 5:33; 1 Petere 3:1, 2.
Fa a tlhomamisa se se fa godimo, Dr. Susan Forward o kwala jaana: “Kgolagano e ntle e itshetlegile ka go bontshana tlotlo mmogo.” Seno se rwesa banyalani ka bobedi boikarabelo fa e le gore ba batla go atlega. O tswelela ka gore: “Se kopanyeletsa gore ka bobedi ba amege le go neneketsa maikutlo le ditlhokafalo tsa yo mongwe, mmogo le go bontsha kanaanelo mo dilong tseo di dirang gore mokapelo e nne yo o kgethegileng. . . . Bakapelo ba ba lorato ba fitlhelela ditsela tse di molemo tsa go rarabolola dilo tseo ba farologanang mo go tsone; ga ba lebe sekgoreletsi sengwe le sengwe jaaka selo seo ba ka gaisanang ka sone mme ba fenya kana ba retelelwa mo go sone.”—Men Who Hate Women & Women Who Love Them.
Bibela le yone e neela banna ba ba nyetseng kgakololo e e molemo mo go Baefesia 5:28: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata.” Ke eng fa mantswe ao a le boammaaruri? Ke ka gonne lenyalo le tshwana le akhaonto ya banka e e kopanetsweng eo mo go yone mongwe le mongwe a bolokileng diperesente di le 50 mo go yone. Fa monna a dirisa madi ao botlhaswa, o tla bo a gobatsa boemo jwa madi jwa bone ka bobedi. Ka go tshwana, fa monna a utlwisa mosadi wa gagwe botlhoko ka tsela e ka nna efe fela, mo lobakeng lo lo nnye kana le fa e ka nna lo loleele, o a ikgobatsa ene ka boene. Ka ntlha yang? Ka gonne lenyalo ke itsadisetso eo e kopanetsweng. Fa o gobatsa itsadiso eo, o gobatsa matlhakore oomabedi a itsadisetso eo.
Go na le ntlha e le nngwe ya botlhokwa eo e tshwanelwang ke go gakologelwa ka ga tlotlo—ga ya tshwanela go batlwa ka dikgoka. Lefa mongwe le mongwe wa bakapelo a tshwanelwa ke tlotlo ya yo mongwe, e tshwanetse gape ya berekelwa. Keresete ga a ka a bona go tlotlwa ka ntlha ya go leka go gapeletsa maatla a gagwe a magolo kgotsa maemo a gagwe a magolo.a Ka go tshwana, monna le mosadi wa gagwe ba ka nna le tlotlo mongwe mo go yo mongwe ka ditiro tsa bone tsa go bontshana go anaanelana, eseng ka go dirisa ditemana tsa Bibela go kgakgaupetsa yo mongwe gore a batla gore a mo tlotle.
Go Ba Bontsha Tlotlo kwa Tirong
A banna ba tshwanetse ba leba basadi jaaka bao ba tshosetsang boemo jwa bone jwa senna? Mo bukeng ya gagwe ya Feminism Without Illusions, Elisabeth Fox-Genovese o ne a kwala jaana: “Fa re bua boammaruri, basadi ka bontsi gompieno ba batla dilo tseo banna ba di batlang: go bona botshelo jo bo botoka, go nna le tsela ya botshelo e e duelang, le go mekamekana le tsa botshelo kwantle ga go bakela ba bangwe mathata.” A keletso eo kana phisego eo e tshwanetse ya tsewa jaaka matshosetsi mo bathong ba senna? O ne gape a bolela gore: “Ke ka ntlha yang fa re sa amogele ntlha ya gore, go sa kgathalesege gore ke diphetogo dife tse di diragalang le tseo di sa ntseng di tla diragala mo lefatsheng la rona, dipharologano di tla tshwelela di le gone, mme di ka ipelelwa?”
Banna ba Bakeresete bao eleng baeteledipele kana balaodi ba tshwanetse segolobogolo ba tlotla seriti sa badirimmogo nabo ba sesadi le go gakologelwa gore mosadi yo o nyetsweng o na le motho a le mongwe fela yo eleng “tlhogo” ya gagwe go ya ka Bibela, eleng monna wa gagwe. Ba bangwe bone ba ka nna ba tswa ba le boemong jwa go nna balebedi ba bone mme ba neelwa tlotlo ka lone lebaka leo; mme gape go ya ka Bibela ga go na monna ope kwantle fela ga monna wa gagwe yo eleng “tlhogo” ya mosadi yono.—Baefesia 5:22-24.
Metlotlo ya kwa ditirong e tshwanetse ya nna e e agelelang. Fa banna ba sekamela mo metlotlong eo e kopanyeletsang ditlhaloso tse di sa tlhamalalang kana dikakgelo tseo okareng di rotloetsa go kopanela dikobo, seo ga se bontshe tlotlo mo bathong ba basadi, ebile go dira jalo ga se go oketsa boleng jwa tsela eo basadi bano ba ba lebang ka yona. Paulo o ne a kwalela Bakeresete jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphetlhō, go se ka ga ba ba umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse e leñ dilō tse di sa chwanèlañ: me bogolo go ntshiwè malebogō.”—Baefesia 5:3, 4.
Go fetola kabelo ya tiro kwantle ga go akanyetsa maikutlo a mosadi ke tsela e nngwe ya go retelelwa ke go ba bontsha tlotlo. Jean, yo eleng mooki, o ne a bolela jaana: “Go ne go tla nna molemo ruri fa go ne go ka ikopanngwa le rona pele ga go ka tsenngwa diphetogo mo dikabelong tsa rona tsa tiro. Eleruri e ne e tla nna selo se se lereng matswela a a molemo. Basadi ba batla gore ba akanyediwe ebile ba batla gore ba ikutlwe ba na le mosola le go neelwa tlotlo.”
Ntlha e nngwe gape eo eleng malebana le go neelwa tlotlo kwa tirong ke legora leo basadi bangwe ba le bitsang “Seling ya galase.” Seno se bolela “dithibelo tsa ditheo tse di farologaneng tseo di kganelang basadi go bona maemo a a kwa godimo a botsamaisi mo madirelong a a ikemetseng ka nosi.” (The New York Times, ya January 3, 1992) Ka ntlha ya seno, patlisiso ya bosheng jaana ya kwa United States e bontshitse gore diperesente tse di kwa tlase tsa ditiro tsa maemo a a kwa godimo di dirwa ke basadi, go tloga go diperesente di le 14 kwa Hawaii le diperesente tse 18 kwa Utah go ya go diperesente tse 39 kwa Louisiana. Fa e le gore go bontshiwa tlotlo, ditlhatlhosetsomaemo kwa ditirong tsa boitshediso ga di ne di itshetlega ka bong jwa motho mme e tla ka dikgono le maitemogelo. Motsamaisi wa patlisiso eleng Sharon Harlan o ne a re: “Dilo di a tokafala, fela gone . . . go sa ntse go na le magora a le mantsi a dithibedi ao a diretsweng basadi.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1989, ditsebe 10-20, “Go Bontsha Lorato le Tlotlo Jaaka Monna Yo O Nyetseng” le “. . . Jaaka Mosadi Yo O Nyetsweng.”
[Lebokoso mo go tsebe 14]
TLOTLO Ke Eng Se Basadi Ba Ka Se Dirang?
● Nna le BOITLOTLO mme o bo tshwarelele
● Tlhalosa ka phepafalo gore ke eng seo o ka letlelelang se dirwa le go tlotlwa o le gone
● Ipeele melelwane e e tshwanetseng ya boitsholo le metlotlo eo o e letlelelang
● O seka wa gaisana le batho ba banna ka go dira metlae e e leswe le e e tsosang dipelaelo; seno ga se dire gore ba go tlotle jaaka mohumagatsana, mme ebile le bone ga se ba dire banna ba ba molemo
● Se apare ka tsela e e ka tsosang maikutlo a a rileng, go sa kgathalesege gore feshene ke efe, tsela eo o aparang ka yone e bontsha selekanyo seo o itlotlang ka sone
● Tlhagolela gore ba bangwe ba go tlotle ka boitshwaro jwa gago; tlotla batho ba banna ka tlotlo eo o lebeletseng gore ba go tlotle ka yone
● O seka wa itshwara ka tsela eo batho ba senna ba ka gopolang gore wa ba hepisa ka yone
TLOTLO Ke Eng Seo Banna Ba Ka Se Dirang?
● Tswara batho botlhe ba sesadi ka tsela e e tlotlegang le e e nang le seriti; o seka wa tshosediwa ke dikakgelo tsa mosadi yo o itlotlomatsang bobe
● O seka wa tlwaelana thata le motho yo eseng mosadi wa gago, o dirisa mafoko a a sa tlhokafaleng a marato
● Tila metlae e e sa siamang le go nna o ba leba ka tsela e e akantshang boitsholo jo bo sa siamang
● O seka wa nna motho yo o akgolang bobe, mme tila go tshwaratshwara batho ba basadi ka tsela e e sa tshwanelang
● O se ka wa nyenyefatsa kgotsa wa lebela kwa tlase tiro ya gagwe kana botho jwa gagwe
● Ikgolaganye nabo, ba reetse, o bo o buisane nabo ka dintlha tse di utlwalang
● Bontsha fa o anaanela tiro eo e dirilweng ke motho wa sesadi
● Thusa ka ditiro tsa selegae. Fa e le gore o ikutlwa gore go dira jalo ke go itlosa seriti, o akanyang ka seriti sa molekane wa gago?
● Fa e le gore o nna le batsadi ba gago, tsibogela kgatelelo eo mosadi wa gago a ka e bonang go tswa mo go bone. Ke ene yo ga jaanong eleng boikarabelo jwa gago jwa pele ebile o tlhoka tshegetso ya gago (Mathaio 19:5)