Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng Se Se Phoso ka go Itlotlela Mmogo?
‘RE NE re sa fereane, re ne re itlotlela fela.’ Ke ka moo Denny wa dingwaga di le 17 a tlhalosang kamano ya gagwe le Tina ka gone.a Ba ne ba kopana kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa, mme fa e sa le go tloga ka nako eo ba ntse ba nna le metlotlo e meleele ka metlha mo mogaleng. Denny o a dumalana gore ba bannye thata gore ba ka ratana. Mme ga a bone sepe se se phoso ka go tlotla mmogo fela.
Basha ba le bantsi bao ba sa letlweng ke batsadi ba bone go ya go fereana ka tsela fela e e tlwaelegileng ba letlwa gore ba godise botsala fela le batho ba bong bo sele ka go nna ba tlotla le bone gangwe le gape le go buisana ka mogala. A mme ke go ijesa monate fela go go sa reng sepe? Gongwe go ntse jalo. Mme batsadi bangwe ba ile ba tshoga. “Go bonala go na le bothata jo bogolo thata fano ka basha ba bannye thata ba ba ‘nnang le dikamano dingwe’ le basha ba bangwe ba bannye,” go kwala jalo motsadi mongwe yo o amegileng. “Ga ba fereane, mme ba tsaana gore ke tsala ya mosimane le ya mosetsana.”
Basha ba bangwe ba simolola dikamano le batho ba bong bo sele ka go kwalelana. Makwalo ano a ka nna a bo a le a a buang fela ka botsala jwa bone. Lefa go ntse jalo, gantsi a nna a utlwala e le a marato fa go ntse go ya. Go ratana go ka nna gone gape fa basha ba kwalelana le batho ba ba itsegeng gore ga ba na sekao se sentle jaaka Bakeresete. Go ka nna ga bolelwa gore makwalo ano a simolotse e le fela go leka ka bopeloephepa go kgothatsa batho bano.
A Ke go Tlotla Fela Kana Ke go Ferea?
Bibela ga e kgale go tlotla kana go kwalelana le motho wa bong bo sele. Bakeresete ba lebeletswe gore ba ‘rate bokaulengwe,’ mme seno se akaretsa le balekane ba bong jo bo farologaneng. (1 Petere 2:17) Gape Bibela e bolelela makawana gore a tshware ‘barweetsana jaaka bokgaitsadiabone, ka boitsheko jotlhe.’ (1 Timotheo 5:2) Fa molaomotheo ono o dirisiwa, makau le makgarebe ba ka kgona go ipelela dikamano tse di phepa, tse di itshekileng—ee, botsala!
Lefa go ntse jalo, basha ba Bakeresete gantsi ba ipelela botsala jo bo ntseng jalo fa ba le setlhopha. Ka gone fa basha ba le babedi ba itlhaola gore ba bone tlhokomelo e e kgethegileng, kamano eno e simolola go lebega jaaka ya lorato, go ratana. A seno se a tshwana le go ferea? Gongwe basha ba le bantsi ba tla re nnyaa. Lefa go ntse jalo, basha ga se ka metlha ba tlhomamisang gore bagolo tota ba a reng fa ba bua ka go ferea.
Fa setlhopha sengwe sa basha se ne se kopilwe gore se tlhalose go ferea, ba ba fetang sephatlo ba bone ba ne ba bolela gore go bolela ‘go iketsha le motho wa bong bo sele.’ Bangwe ba tlhalosa gore go bolela ‘go simolola go itse motho botoka.’ Patlisiso nngwe e e sa rulaganyediwang e e neng ya dirwa mo setlhopheng sengwe sa basha ba Bakeresete e ne ya bontsha se se tshwanang. Mosimane mongwe wa dingwaga di le 13 o ne a bolela jaana: “Go ferea ke fa o isa mosetsana kwa baesekopong o nne koo go fitlhelela bosigo thata mme go tswa foo lo bo lo tsamaya mmogo o mo isa kwa gae.”
Buka e e tlhalosang mafoko e tlhalosa lefoko la Seesemane “date” (go ferea) jaaka “go tlwaelana ga batho ba babedi ba bong jo bo farologaneng.” A seno se ne se ka se ka sa akaretsa le go tlotla fela ga ka metlha le motho? Mme go tweng ka metlotlo e e ntseng jalo, kana go tlwaelana gono, ka mogala? Lekawana lengwe le le bidiwang Ivan le bolela jaana: “Ke mofuta mongwe wa go ferea, bogolo jang fa lo na le letsatsi le le rulagantsweng e sa le pele le nako ya go leletsa motho yono mogala mme motlotlo wa lona o le malebana le dilo tse di amang lona ka namana.”
Buka ya The Family Handbook of Adolescence e bolela jaana: “Go kopana le motho wa bong bo sele . . . gantsi go dirwa ka makwalonyana, makwalo, le go leletsana megala. Mongwe le mongwe wa mefuta eno ya go buisana e ratwa thata [ke basha] ka gonne e dira gore go nne le go atamelana mo gare ga batho ba ba atologaneng.” Lefa go le jalo, fela jaaka fa go ntse ka mofuta mongwe le mongwe wa go ferea, go ka nna ga diragala gore go nne le go tshwarega go go masisi. A o ko o akanye ka lekawana lengwe le le neng le bidiwa Jack. Fa a ne a kgatlhegela lekgarebe lengwe gore e nne molekane wa gagwe wa lenyalo, o ne a senya nako e ntsi a tlotla le ene mo mogaleng. “O ka kgona go itse motho ka go tlotla le ene mo mogaleng,” go rialo Jack. “Lo ka kgona go buisana ka megopolo le ka maikutlo mo mogaleng.” Jack le tsala eno ya gagwe ya mosetsana ba ne ba nyalana. Ka ntlha ya go nna kgakala le yo mongwe, banyalani ba le bantsi ba ne ba tsweletsa bontsi jwa go fereana ga bone ka go dirisa megala le makwalo!
Ka gone, ga se kgang ya gore a o a re batho ba babedi ba a tlotla fela, ba a bonana, kana ba a fereana, mme ke gore ba tsosa kamano ya mofuta mang. Mme fa mosimane le mosetsana ba tlhaolana jalo, seno se ka nna sa bonala jaaka ekete ke go simolola go ratana. Mme gantsi go feta go bonala jalo fela. Ke fela jaaka fa mokwadi mongwe wa mosha ebong Jane Rinzler a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Teens Speak Out: “Fa batho ba ratana . . . ba tlile go simolola go ne ba kopana. Go ka direga gore ba simolole ka go tlotla mo mogaleng gongwe gangwe fela, gongwe makgetlo a le mmalwa.”
Dikotsi tsa Fa go Itlhaganelelwa Lefereo
Jaanong go ka nna ga bo go siame gore batho ba babedi ba simolole go nna le dikamano tsa lorato fa fela ba le mo boemong jwa go simolola lenyalo. Mme ke basha ba se bakae fela ba ba akanyang ka go nyala. Go ya ka buka ya Adolescent Developments, ya ga Barbara le Philip Newman, go fereana ga basha gantsi go simolola e le fela “selo sa go itapolosa,” tsela ya go ‘nna le maemo’ mo basheng ba bangwe, le tsela ya go “ithuta ka motho wa bong bo sele.”
Mme fa go tliwa mo Bakereseteng, lenyalo le itshekile, le a tlotlega. (Bahebera 13:4) Ka gone go ratana ka sebopego le fa e le sepe fela ke selo se se masisi—ga se motshameko. Ebile fa motho a le mmotlana go ka nyala, kamano e e atamelaneng le motho wa bong bo sele go ka nna bonolo fela gore e felele ka kutlobotlhoko le mahutsana. Bibela e e baya jaana: “A motho o ka tsaea molelō mo sehubeñ sa gagwè, me diaparō tsa gagwè di sa she?”—Diane 6:27.
Fa Maria a ne a le dingwaga di le 13, o ne a simolola go leka lefereo la go leletsana mogala. Go ne go itumedisa ka nakwana. Mme ereka a ne a ise a gole ka mo go lekaneng go nyala, lefereo leno le ne la mo tlogela a swabile ebile a utlwile botlhoko. “Cholohèlō e e diegisiwañ e tle e ñodiise pelo,” go rialo Diane 13:12. Gape o ne a tshwanelwa ke gore a berekane le kgatelelo ya go dira gore batsadi ba gagwe ba nne ba sa itse sepe ka lefereo la gagwe. “Nako le nako fa mogala o lela, ke nna ke tshwenyegile gore o tla tshwarwa ke mongwe o sele—bogolo jang mmè. Go ne go ntshwabisa fa a botsa gore, ‘Ke mang yono?’ mme a eme lobakanyana ka gonne go ne go sena karabo.”
Tota le eleng go kwala makwalo go na le dikotsi tsa gone. Ka sekai, Charlene, o ne a ikutlwa a kgatlhegela motho mongwe yo o sa dumeleng. O ipolela jaana: “Ke ne ka simolola go mo kwalela, mme dikamano tsa rona di ne di feta tsa go nna ditsala fela. Ke motho yo o ratang go nwa bojalwa bobe, mme ke leka ka mo ke ka kgonang ka gone go mo thusa. A o akanya gore go na le tsholofelo epe ya gore a fokotse go nwa thata?” Lefa go ntse jalo, maiteko a ga Charlene a go nna mogakolodi wa letagwa ga se tsela e e botlhale ebile ga e bonale e tla atlega. O ne a ka feleletsa a le mo lenyalong la matlhotlhapelo bonolo fela.b—2 Bakorintha 6:14.
Itlhokomele O Dirisa Kgono ya go Akanya
Kgakololo e e molemo e neetswe mo go Diane 2:10, 11: “Gonne botlhale bo tla gu tsèna mo peduñ, le kicō e tla nna monate mo moeeñ oa gago; Tlhalemaleye e tla gu tlhodumèla, tlhaloganyō e tla gu boloka.” Batho ba basha gantsi ba letla maikutlo a bone gore e nne one a laolang ditshwetso tsa bone. Mme ka go dirisa kgono ya go akanya le tlhaloganyo, o ka dira go le gontsi go ‘tlosa bofutsana mo pelong ya gago, o bo o tlose boshula mo nameng ya gago.’—Moreri 11:10.
Tlhaloganyo e go thusa gore o lemoge gore o santse o le mo “nakong ya bosha,” nako eo mo go yone maikutlo a tlhakanelodikobo le maikutlo a lorato a nonofileng ka yone. (1 Bakorintha 7:36, NW) Go nna le dikamano tse di atamelaneng thata le motho wa bong bo sele—go sa kgathalesege gore a o dira seno ka namana, ka mogala, kana le ka lekwalo—go kgona go tlhotlheletsa kgotelo. Ka gone ke ka ntlha yang fa o tlhaola mongwe gore lo naane tlhokomelo e e kgethegileng? Gone ke boammaaruri gore, o ka nna wa batla go ithuta gore o ka dirisana jang le motho wa bong jo bo farologaneng. Mme o ka kgona go dira seno ka go ipelela botsalano le motho wa bong jo bo farologaneng lo le setlhopha. Tota le gone foo, tila gore o se ka wa sheba fela setlhopha se le sengwe se sebotlana fela sa ditsala. ‘Pitlologa’ mo botsaleng jwa gago. (2 Bakorintha 6:13) Go dira jalo go tla fokotsa kgonego ya gore o ratane le mongwe.
A seno se bolela gore o ka se ka wa ba wa tlotla le motho wa bong bo sele mo mogaleng kana wa kwalelana le ene? Nnyaa. Kotsi e nna fa o simolola dikamano tsa maikutlo le motho a le mongwe. Mme tlhokomela gore o se ka wa utlwisa motho yo mongwe botlhoko kana wa ikutlwisa botlhoko. Mme fa go ka direga gore le mororo o ne o na le maikaelelo a a molemo mme gone maikutlo a lorato a bo a simolola go tsoga, o ka nna wa tlhoka go emisa botsala.
Gape go ka nna ga thusa go tlotla kgang eno le mogolo mongwe yo o mo ikanyang, o o jaaka mongwe wa batsadi ba gago. (Diane 23:26) Santlha o ka nna wa ikutlwa o okaoka kana o tlhabiwa ke ditlhong go bolela tsela eo o ikutlwang ka yone. Mme batsadi ba gago ba ka nna ba tlhaloganya tsela e o ikutlwang ka yone botoka go na le jaaka fa o akanya.
E ka nna ya bo e le dingwaga pele ga o ka siamela go simolola go kgatlhegela motho wa bong bo sele e le gore o ratane le ene. Mo godimo ga moo, ka go nna kelotlhoko le go kgatlhegela ba bangwe kwantle ga bogagapa, o ka kgona go ipelela dikamano tse di lekalekaneng le batho ba bong bo sele.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mangwe a maina ano a fetotswe.
b Bona kgaolo 30 ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang Le Tharabololo, eo e kwadilweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Ditshwantsho mo go tsebe 19]
A motlotlo o o tshwarelwang mo mogaleng o ka tsewa jaaka lefereo?