LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 9/8 ts. 31
  • Basha Bangwe ga Ba Batle go Tshela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha Bangwe ga Ba Batle go Tshela
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ipolaya—sebetso Sa Basha
    Tsogang!—1998
  • Lebaka La go Bo Batho ba Itlhoboga mo Botshelong
    Tsogang!—2001
  • Bothata Jwa Lefatshe ka Bophara
    Tsogang!—2001
  • Go Ipolaya—Leroborobo Le le Sa Iponatsheng
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 9/8 ts. 31

Basha Bangwe ga Ba Batle go Tshela

GO IPOLAYA ga batho ba basha ke selo se se tshosang thata kwa India. Babatlisisi mo nageng yone eo ba lekanyetsa gore mo metsotsong mengwe le mengwe e mebedi mongwe o leka go ipolaya, mme metsotso mengwe le mengwe e le lesome mongwe o a atlega.

Ka 1990 mo e ka nnang batho ba le 60 000 ba ne ba ipolaya kwa India, mme “mo e ka nnang sephatlo sa bone ba ne ba na le dingwaga tse di magareng ga 18 le 35,” go ne ga kwala jalo makasine wa India Today. Bangwe ba batho ba ba ipolayang jalo ke ba bobotlana jwa dingwaga di le lesome. Ga go itsiwe palo ya tota ya batho bao ba ipolayang kwa India ka gonne malapa a le mantsi a tlhopha go bolela gore go ipolaya e ne e le kotsi fela e le gore ba se ka ba tsenwa ke matlho a batho.

India Today e bolela gore “basha ba feta 2 500 ba dingwaga tsa bolesome ba ne ba ipolaya ka ntlha ya go bo ba sena boitumelo le batho bao ba neng ba ratana nabo” ka 1990. Go ya ka baithutamalwetsi a tlhaloganyo, lebaka le lengwe la go bo palo ya batho ba ba ipolayang e gola jaana mo bathong ba basha ke dikgatelelo tsa go gaisana le go dira sentle kwa sekolong, eleng selo se se simololang ba sa le bannye.

Makasine ono o oketsa ka gore “baithutamalwetsi a tlhaloganyo ba dumela gore go thubega ga lelapa le mo go lone go nniwang le ba losika go amana ka mo gogolo le kutlobotlhoko le bodutu tseo di ka nnang tsa tsosa maikutlo a go ipolaya” mo baneng. Moithutamalwetsi a tlhaloganyo mongwe, ebong Dr. S. G. Dastoor o ne a bolela jaana: “Fa batsadi ba ne ba ka itshwenya fela ka go dirisa nako e e oketsegileng le bana ba bone mme ba kgona go bona gore ba tshwenngwa ke eng, matshelo a bone a ne a tla bolokwa. Gantsi ke akanya gore ke motsadi yo o tlhokang go gakololwa.”

Bibela e kgothaletsa batsadi ba Bakeresete gore ba senye nako le bana ba bone mme ba ba rute melaometheo ya bomodimo. (Duteronome 6:4-9) Dikwalo gape di tlhagisa batsadi gore ba se tshwenye bana ba bone mme ba ba godisetse “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4.

Go feta moo, basha ba Bakeresete ba ka kgona go dirisana le dikgatelelo tsa gompieno ka go dirisa kgakololo e e molemo e e fitlhelwang mo Bibeleng mo go Bafilipi 4:6, 7, eo e bolelang jaana: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela