Dingwaga Tsa Bonyana—Se O Se Jalang Jaanong O Tla Se Roba Moragonyana
BOBOKO jwa bana ke seponts̀he se se munetsang tikologo ya bone. Mo dingwageng tse pedi beng ba jone ba ithuta puo e e raraaneng ka go e utlwa fela. Fa ngwana a ka utlwa di le pedi, o di ithuta ka bobedi. Boboko jwa ngwana ga bo ithute puo fela gape bo kgona go ithuta mmino le ditiro tsa botswerere, le go kgona go tsamaisanya mesifa ya mmele, bo ithuta ditekanyetso tsa boitsholo le segakolodi, tumelo le lorato le go fisegela go obamela—tsotlhe tseno di nna teng ka ntlha ya dikgono tsa boboko jwa ngwana le dilo tseo bo ka kgonang go di dira tseo di tsenyeditsweng ruri mo go jone. Bo emela fela se se tlhatlhelwang mo go jone go tswa mo tikologong gore bo se dirise. Gape, go na le nako e e rulagantsweng gore tlhatlhelelo eno e dirwe ka yone gore go nne le matswela a a molemo, mme nako e e nang le mosola eo ke ka dingwaga tsa bonyana.
Tiragalo eno e simologa ka nako ya tsalo. E bidiwa pofagano. Mmè ka lorato o tlhoma matlho a gagwe mo go a ngwana, a bue le ene ka go mo neneketsa, a mo tlamparele a bo a mo kampa. Maikutlo a tlholego a bommè a a tlhotlheletsega jaaka ngwana a mo leba ka go mo tsepega matlho a bo a ikutlwa a bolokesegile. Fa ka nako eno ya tshimologo mmè a amusa ngwana wa gagwe, seno se ba lemofalela boobabedi fela thata. Go anya ga ngwana go rokotsa mashi gore a tswe thata. Fa mmè a ama mmele wa ngwana seno se ntsha dihoromone tse di tlhotlheletsang mmele tse di dirang gore madi a a tswang morago ga tsalo a fokotsege. Mashi a mmangwana a na le dilwantshamegare tsa mmele tseo di sireletsang ngwana gore a seka a fetelwa ke malwetsi. Go nna le pofagano. Ke tshimologo ya tshwaragano ya lorato. Mme ke tshimologo fela.
Bobedi jono bo fetoga boraro fa rre a tsenngwa mo teng, jaaka tota a tshwanetse. “Ngwana mongwe le mongwe o tlhoka . . . rre,” Dr. T. Berry Brazelton o bolela jalo, “mme rre mongwe le mongwe a ka nna le seabe sa botlhokwa. . . . Bommè ba ne ba na le go nna ba ba neneketsang bana ba bone le go buela kwa tlase le bone. Mo letlhakoreng le lengwe, borre, ba ne ba rata go tshameka, ba tsikitla le go kgotlakgotla bana ba bone go gaisa kafa bommè ba neng ba dira ka gone.” Bana ba ne ba arabela go tshwarwa jaana ke banna ka go goa ka go kgatlhega le go bokolela ka go ja monate, ba le mo boitumelong jo bogolo ba bile ba goela gore go dirwe gape. Ke tswelediso ya pofagano e e simolotsweng ka nako ya tsalo, ‘tshwaragano ya lorato gareng ga batsadi le ngwana eo ka tlwaelo e dirwang kana e latlhegang mo dikgweding tsa ntlha tse di lesome le borobabobedi tsa botshelo jwa ngwana,’ go bolela jalo Dr. Magid, mokwadimmogo wa buka High Risk: Children Without a Conscience. O bolela gore fa e latlhegile, bana bao ba ka nna ya re ba gola ba seka ba kgona go tshwaragana le ope ba bo ba seka ba nna le kgono ya go rata.
Mmè le Rrè ba Tshwaraganela Pofagano
Abo go le botlhokwa thata jang ne gore mmè le rre ba tshwaraganele go nonotsha tshwaragano eno ya lorato, pofagano eno le kamano gareng ga batsadi le bana ka nako ya dingwaga tsa bonyana pele ga ba ya sekolong sa bana ba bannye! A batsadi boobabedi ba mo tlamparele le go mo atla. Ee, le go tswa mo go bontate! Men’s Health, ya June 1992, ya re: “Go tlamparela le go bontsha lorato ka go amanya mmele le batsadi go bontsha go sa le gale gore bana ba tla atlega mo isagweng mo botsalanong, mo manyalong le mo ditirong tse ba tla kgethang go di dira mo botshelong, go bolela jalo patlisiso ya dingwaga di le 36 e e phasaladitsweng mo go Journal of Personality and Social Psychology. Masome a supa lekgolong a bana ba ba nang le batsadi ba ba bontshang lorato ba ne ba dira ka mo go ba itumedisang mo go tsa loago, fa ba bapisiwa le bana ba le 30 lekgolong ba batsadi ba ba tsididi fela; mme go tlamparela ga ga Ntate go ne go bonwa e le mo go botlhokwa fela jaaka ga ga Mmè.”
Gape, le go mo tshola fa o ntse o theekela mo setilong se se theekelang. Mmalele jaaka a ikutlwa a bolokesegile mo diropeng tsa gago. Mmuise o bo o mo reetse o mo laye ka se se siameng le se se phoso, lo bo tlhomamise gore lo nne dikao tse di molemo, lo dirisa melaometheo eno ka bolona. Mme ka nako tsotlhe lo gakologelwe bogolo jwa ngwana yono. Dirang gore go nne molemo, go nne mo go kgatlhisang, e nne mo go jesang monate.
Ka tlholego fela ngwana wa gago o na le go batla go itse, keletso ya go tlhatlhobisa dilo, go ithuta gotlhe kaga ditikologo tsa gagwe. Go kgotsofatsa tlala eno ya go batla go itse, ngwana o go tlhoma dipotso tse di sa feleng. Ke eng se se dirang phefo? Ke eng fa loapi lo le lotala? Ke eng fa go nna go hibidu fa letsatsi le phirima? Di arabe. Ka metlha ga go motlhofo. Dipotso tseno ke taletso ya gore o tlhotlheletse mogopolo wa ngwana wa gago, gore o nne le se o ka mo tlhatlhelelang sone, gongwe go tsenya mo mogopolong wa gagwe go anaanela Modimo le popo ya gagwe. A o ka tswa a kgatlhwa ke khukhwanyane e e mebalabala e e nanabelang mo letlhareng? Kana a ke ka mo sethunya se sennye se kgabisitsweng ka gone? Kana a o lebile segokgo se loga bobi jwa sone? Kana go epa mo mmung fela? Mme o seka wa tlodisa go ruta ka dipolelo tse dinnye matlho, fela jaaka Jesu a ne a dira ka ditshwantsho tsa gagwe. Go dira gore go ithuta go ipedise.
Mo mabakeng a le mantsi batsadi ka bobedi ba tlhoka go bereka go kgona go itshedisa. A ba ka dira boiteko jo bo kgethegileng go senya diura tsa phirimane le tsa mafelobeke ba na le bana ba bone? A go ka kgonega gore mmè a bereke bontlhabongwe jwa malatsi fela gore a ke a nne le nako e e oketsegileng a na le bana ba gagwe? Go na le batsadi ba le bantsi ba ba senang balekane gompieno, mme ba tshwanetse go bereka go itshedisa le go tshedisa bana ba bone. A ba ka dira ka botlhaga go nna le bana ba bone ka diura tsa phirimane le mafelobeke ka mo ba ka kgonang ka gone? Mo mabakeng a le mantsi go tlhokega gore bommè ba tlogele bana ba bone. Lefa mabaka a go tsamaya e le a a utlwalang, ngwana yo monnye ga a tlhaloganye seo ebile a ka nna a ikutlwa a latlhilwe. Ka gone o tshwanetse wa dira boiteko jo bo kgethegileng jwa gore o reke nako gore o nne le ngwana wa gago.
Jaanong, selo seno se re utlwang ka sone se go tweng “nako e e nang le boleng” ke eng? Batsadi ba ba patikegileng ba ka nna ba senya metsotso e le 15 kana e le 20 letsatsi le letsatsi ba na le bana ba bone, gongwe ka mafelobeke ba senya ura, mme ba go bitsa nako e e nang le boleng. A seno se lekane se ngwana o se tlhokang? Kana a boikaelelo jwa seno ke go ritibatsa fela segakolodi sa motsadi? Kana a ke go digela mogopolo wa ga mmè yo o berekelang fela go ikgotsofatsa mme a tlogela ngwana wa gagwe a sa kgotsofala? Mme wena wa re, ‘Tota, nna ke patikegile mo ke senang nako eo.’ Seno ga se a siama ebile ke se se hutsafatsang fela thata malebana le wena le ngwana wa gago ka gonne ga go na tsela ya go tlhabaganyetsa mo go seno. Iphe nako ya go nna le ngwana wa gago ka nako ya dingwaga tsa bonyana kana ipaakanyetse go mmona a sa atamalana le wena fa a le mo dingwageng tsa bolesome.
Ga se fela gore ngwana yo o tlogelwang kwa bana ba sadisiwang gone o ka gobadiwa ka tsela nngwe, mme batsadi le bone ba a latlhegelwa fa ba tlolwa ke go ipelela ngwana jaaka a gola. Gantsi ngwana ga a thaloganye mabaka a go bo a tlogetswe a le nosi; o ikutlwa a tlhokomologiwa, a sa kgatlhegelwe, a latlhilwe, a sa ratiwe. Fa a fitlha mo dingwageng tsa bolesome, o ka nna a bo a setse a itshwaragantse le balekane ba gagwe go emisetsa batsadi ba ba patikegileng thata mo ba senang nako le ene. Ebile ngwana yo a ka nna a simolola go tshela botshelo jwa boitimokanyi, jo bongwe e le go thamisa batsadi ba gagwe mme jo bongwe e le go iitumedisa. Mafoko, ditlhaloso, go kopa maitshwarelo—ga go sepe sa dilo tseno se se ka fedisang go sa atamalanang. Ka nako eno lefa batsadi ba ka bolelela ngwana gore ba a mo rata, ga a tseye fa seno e le selo sa mmatota ka jaana ba ne ba ntse ba mo tlhokomologile fa a ne a sale mo dingwageng tse a neng a tlhoka batsadi ba gagwe fela thata ka tsone. Jaanong fa go buiwa ka lorato go utlwala e le selo sa maaka fela; mafoko ano a utlwala e se a bopeloephepa. Fela jaaka tumelo, lorato lo lo buiwang fela lo sena ditiro lo sule.—Yakobe 2:26.
Go Roba Le Eleng Jaanong Seo Re Se Jetseng
Mo kokomaneng eno ya go ipatla kwa pele, bogagapa ke selo se se ntseng se ntsifalela pele, mme go bonala segolobogolo mo go latlhiweng ga bana. Re nna le bone, mme go tswa foo re bo re ba isa kwa mafelong a go sadisiwang bana gone. Mafelo a mangwe a go sadisiwang bana kwa go one a ka nna a bo a le molemo mo baneng, mme a le mantsi ga a molemo, segolo jang mo baneng ba babotlana. Ebile a mangwe a ne a tshwanelwa ke gore go dirwe ditlhotlhomiso mo go one tse di malebana le go gobolola bana ka go tlhakanela dikobo nabo. Mmatlisisi mongwe o ne a re: “Mo isagweng, kwantle ga pelaelo, re tla nna le mathata a a dirang gore dilo tse di diragalang gompieno e nne matshamekwane fela.” “Matshamekwane” a gompieno a setse a boifisa, jaaka manaanepalo a a neetsweng ke Dr. David Elkind ka 1992 di bontsha:
“Go nnile le koketsego ya 50 lekgolong mo go jeng go feta selekanyo ga bana le basha mo dingwageng tse di masome mabedi tse di fetileng. Re latlhegelwa ke basha ba dingwaga tsa bolesome ba le dikete tse di lesome ngwaga le ngwaga mo dikotsing tse di bakwang ke ditagi, go sa akarediwe ba ba gobetseng kana ba ba golafetseng. Mosha a le mongwe mo go ba le banè o nwa bojalwa go feta selekanyo mo dibekeng dingwe le dingwe di le pedi, mme re na le basha ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa ba le dimilione tse pedi.
“Kwa Amerika basetsana ba dingwaga tsa bolesome ba ima ba le bontsi jwa milione ngwaga le ngwaga, e le palo e e menaganeng gabedi go feta ba naga e e bapileng le ya bone e e mo kgaolong ya Bophirima jwa lefatshe, ebong Engelane. Go ipolaya go diragala makgetlo a menagane gararo gareng ga basha mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, mme basha ba ka nna dikete tse tlhano kana tse thataro ba fedisa matshelo a bone ngwaga le ngwaga. Go fopholediwa gore bobotlana mosetsana wa dingwaga tsa bolesome a le mongwefela gareng ga ba le banè o supega a na le bothata jwa go sa je ka tshwanelo, mo go tlwaelegileng thata e le go fokotsa dijo ka mo go feteletseng. Setlhopha sa batho ba dingwaga tse 14 go ya go tse 19 ke sa bobedi mo go tse di nang le palo e e kwa godimo ya batho ba ba bolayang ba bangwe go gaisa ba setlhopha sepe fela.”
Mo godimo ga manaanepalo a a tshosang ano tsenya go bolawa ga bana ba le dimilione tse 50 ba ba bolawang fa ba santse ba le mo sebopelong, mme “matshamekwane” a gompieno ke a a ka sekang a tlhalosiwa. Ka go bonala gore malapa a tlile go senyega, Dr. Elkind o ne a re: “Phetogo e kgolo mo go tsa loago ke masetlapelo a magolo mo baneng le mo basheng, bao ba batlang boiketlo le polokesego gore ba kgone go gola ba na le botsogo jo bontle le go agega.” Mokwadi mongwe yo o neng a kwala ka bogagapa jwa go ipatla kwa pele o ne a bua jaana ka kutlobotlhoko a ngongorega: “Mme ga go na ope yo o iketleeleditseng go raya banyalani a re, Bonang, ga lo a tshwanela go tlhalana. Fa lo na le bana, se tlhalaneng!”
Go tsaya nako go rata ngwana. Dingwaga di le dintsi tse di fetileng Robert Keeshan, moanamisi wa thulaganyo ya bana ya Captain Kangaroo, o ne a tlhagisa ka diphelelo tsa go sa iphe nako ya go nna le ngwana wa gago. O ne a re:
“Ngwana yo monnye o letela go goroga ga motsadi wa gagwe mo gae, a anya monwana, a tshotse mpopi, a felafela pelo. O eletsa go anela ka tiragalo e nnye e e mo diragaletseng ya lebokoso la motlhaba. O swegaswegela go mmolelela ka boitumelo jo bogolo jo a nnileng le jone mo letsatsing leo. Nako e ya fitlha, motsadi o a goroga. Ereka a lapisitswe ke kgatelelo ya kwa tirong gangwe le gape motsadi yono o raya ngwana a re, ‘Eseng jaanong, nana, ke santse ke patikegile, ya go lebelela thelebishene.’ Mafoko a a buiwang go gaisa a mangwe mo magaeng a mantsi a Amerika ke, ‘Ke patikegile, ya go lebelela thelebishene.’ Fa e se jaanong, e tla nna leng? ‘Moragonyana.’ Mme moragonyana o tla sewelo fela. . .
“Dingwaga di a feta mme ngwana yono o a gola. Re mo fa ditshamekisiwa le diaparo. Re mo fa diaparo tsa mokgabisi yo mogolo wa diaparo le seterio mme ga re mo fe se a se batlang go gaisa tsotlhe, eleng nako ya rona. O na le dingwaga tse di lesome le bone, matlho a gagwe a tletse dikeledi, o dira sengwe mo sephiring. ‘Nana, go diragala eng? Mpolelela, mpolelela.’ Nako e ile. Nako e ile. Ga go sa tlhola go na le lorato. . . .
“Fa re raya ngwana re re, ‘Eseng jaanong, moragonyana.’ Fa re re, ‘Ya go lebelela thelebishene.’ Fa re re, ‘O seka wa botsa dipotso tse dintsintsi.’ Fa re palelwa ke go naya batho ba basha selo se le sengwe fela se ba se batlang mo go rona, nako ya rona. Fa re palelwa ke go rata ngwana. Ga se gore ga re na kamego. Ke fela gore re patikegile fela thata mo re senang nako ya go rata ngwana.”
Nako E Ntsi E A Tlhokega
Kgang ga se go ipha “nako e e nang le boleng” e e tlang ka go kgaoganngwa; e tshwanetse gape go nna “nako e ntsi.” Bibela, buka e eleng yone e nang le botlhale jo bo gaisang jwa dibuka tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa tsa go ithuta tlhaloganyo, e bolela jaana mo go Duteronome 6:6, 7: “Me mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gago: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ le ha u rapame, le ha u rapamologa.” O tshwanetse go nwetsa ditekanyetso tsa boammaaruri tse di tswang mo Lefokong la Modimo tse di mo pelong ya gago mo pelong ya ngwana. Fa o tshela go ya ka tsone, ngwana wa gago o tla go etsa.
A o gakologelwa seane se se tsopotsweng mo serapeng sa bobedi sa setlhogo sa ntlha? Ke seno gape: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” (Diane 22:6) Seno se boammaaruri fela fa ditekanyetso tse go katisiwang ka tsone di dirilwe tsa mo teng, ke gore, di tsentswe mo teng ga ngwana, di dirilwe gore e nne karolo ya go akanya ga gagwe, maikutlo a gagwe a mo teng, se a leng sone mo tengteng. Seno se diragala fela fa ditekanyetso tseno di sa rutwa fela ke batsadi ba ngwana mme gape e le tse ba neng ba di dira.
O di tsere jaaka tsela ya botshelo. Di fetogile tekanyetso ya gagwe ka sebele eo e leng bontlhabongwe jwa gagwe. Jaanong go dira kgatlhanong le tsone e tla bo e se go dira kgatlhanong le se batsadi ba gagwe ba se mo rutileng mme e tla bo e le kgatlhanong le se ene a leng sone. O tla bo a sa itirele ka boammaaruri. O tla bo a le motlhanka wa lefoko la gagwe. (2 Timotheo 2:13) Go ya ka maikutlo ya gagwe o ka seka a rata go itira jalo. Ka gone, go ka se nne motlhofo gore a ‘tlogele tsela eno’ eo e jadilweng mo go ene. Jalo dira gore bana ba gago ba gope boitshwaro jo bontle mo go wena. Ruta bopelonomi ka go bontsha bopelonomi, maitseo ka go a dira, go neneketsa ka go neneketsa, boikanyego le boammaaruri ka go tlhoma sekao sa tsone.
Thulaganyo ya ga Jehofa
Lelapa e ne e le thulaganyo ya ga Jehofa ka motho go tswa kwa tshimologong. (Genesise 1:26-28; 2:18-24) Morago ga dingwaga di le dikete tse thataro tsa hisitori ya batho, go santse go tsewa gore ke e e molemolemo mo bagolong mmogo le mo baneng, jaaka go tlhomamisiwa ke buka e go tweng Secrets of Strong Families ka mafoko ano:
“Gongwe sengwe mo go rona se lemoga gore lelapa ke motheo wa tlhabologo. Gongwe ka tlholego fela re itse gore fa re tla mo ntlheng ya konokono mo botshelong, ga se madi, tiro e e kgethilweng go dirwa mo botshelong, go tuma, ntlo e ntle, lefatshe, kana dithoto tsa dilo tse di bonalang tse eleng tsa botlhokwa—ke batho ba re tshelang nabo bao ba re ratang ebile ba amega ka rona. Batho ba re tshelang nabo bao re amanang nabo le bao re ka ikaegang ka bone go bona tshegetso le thuso ke sone se tota e leng sa botlhokwa. Ga go na gope kwa go nang le lorato, tshegetso, le tshwaragano tse rotlhe re di tlhokang go gaisa mo lelapeng.”
Ke gone ka mo go leng botlhokwa gore re tlhagafalele go jala katiso e e molemo jaanong mo dingwageng tsa bonyana e le gore se wena le bana ba gago lo tla se robang mo isagweng e nne botshelo jwa lelapa jo bo nang le boitumelo.—Bapisa Diane 3:1-7.
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Ke Tla Nna Motsadi Ofe?
“Ke bone bo A ba babedi mo ditlhatlhobong,” mosimane yo mmotlana o tlhaeletsa jalo, lentswe la gagwe le tletse boitumelo. Rraagwe o botsa jaana ka go kgaolela, “Ke eng fa o ne o sa bone bo A ba ba fetang bao?” “Mama, ke feditse go tlhatswa dijana,” mosetsanyana o tlhaeletsa jalo a le kafa phaposing ya boapeelo. Mmaagwe ekete ga a mo utlwe a re, “A o tsholotse thini ya matlakala?” “Ke kgaotse motlhwa,” mosimane yo moleele o bolela jalo, “ka ba ka baya motšhine o o kgaolang motlhwa kwa o nnang gone.” Rraagwe o mmotsa jaana, a sena kgatlhego, “A o kgaotse le ditlhare tsa legora?”
Bana ba legae le le bapileng le leno ba lebega ba itumetse ebile ba kgotsofetse. Go diragetse se se tshwanang koo, mme go ne ga tsamaya jaana:
“Ke bone bo A ba babedi mo ditlhatlhobong,” mosimane yo mmotlana o tlhaeletsa jalo, lentswe la gagwe le tletse boitumelo. Rraagwe a ipelafatsa ka ene a re, “Go molemo; ke itumelela go bo o bone maduo a a kwa godimo jalo.” “Mama, ke feditse go tlhatswa dijana,” mosetsanyana o tlhaeletsa jalo a le kafa phaposing ya boapeelo. Mmaagwe o a nyenya a bo a bua ka bonolo a re, “Lorato lwa me mo go wena lo oketsega letsatsi le letsatsi.” “Ke kgaotse motlhwa,” mosimane yo moleele o bolela jalo, “ka ba ka baya motšhine o o kgaolang motlhwa kwa o nnang gone.” Rraagwe o araba ka boitumelo jo bogolo ka go re, “O dirile gore ke ikgantshe ka wena.”
Bana ba tshwanetse go ne ba bakiwa ka ditironyana tse ba di dirang letsatsi le letsatsi. Gore a ba tla tshela botshelo jo bo itumedisang, go ikaegile ka wena thata.
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Rre o tshwaraganela le mmè tiro ya pofagano
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Fa tsela eo a akanyang ka dilo ka yone e ntse e gola, mosimanyana yo o sianang a butse mabogo a gagwe e nna sefofane se se fofelang kwa godimo, bokoso e kgolo e fetoga ntlo ya go tshamekela mantlwane, mokgothi wa lefeelo o fetoga pitse e e lebelo thata, setilo se nna bonno jwa mokgweetsi wa kara ya lobelo