LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 10/8 ts. 22
  • Ga Se Matlakala A A Tlwaelegileng!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ga Se Matlakala A A Tlwaelegileng!
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Oli—Re e Bona Jang?
    Tsogang!—2003
  • Oli—A e Na le Melemo ya Yone le Masula a Yone?
    Tsogang!—2003
  • Oli—Kafa e go Amang ka Teng
    Tsogang!—2003
  • Seedi se se Mosola sa Mmala wa Gouta sa Kwa Mediterranean
    Tsogang!—2008
Tsogang!—1992
g92 10/8 ts. 22

Ga Se Matlakala A A Tlwaelegileng!

KA LABOTLHANO, March 24, 1989, sekepe se se rwalang dithoto sa Exxon Valdez se ne sa thula letlapa kwa Prince William Sound kwa Alaska. Ka ntlha ya seo, dilitara di le dimilione di le 42 tsa oli e e sa tlhotlhiwang e ne ya tshologela mo metsing. Kotsi eo e ne ya baya mokgwa o batshwaraditlhapi ba koo ba itshedisang ka one mo kotsing, ya kgotlela makgolokgolo a dikilometara a losi lwa lewatle, mme ya bolaya dinonyane tsa lewatle mmogo le diamusi tse di nnang mo lewatleng di le diketekete.

Tiragalo eo ya Exxon Valdez e tswelela pele e ntse e tsaya maikutlo a batho bao ba amegileng ka tikologo. Lefa go ntse jalo, go na le “oli e e dutlang” ka bokukuntshwane le go feta eo e dutlang letsatsi le letsatsi. Mme ebile go ka diragala gore seno se bo se diragala go bapa le kwa o nnang teng!

Go ya ka Consumer Reports, batho bao ba fetolang oli ya dienjene tsa dijanaga tsa bone ba tsholola dilitara di le magareng ga dimilione di le 750 le dibilione di le 1,5 tsa oli e e leswe ngwaga le ngwaga. Go ya kafa go begwang ka teng, “ke bokana ka 10 go ya go 14 lekgolong fela ya oli eo e e tshololwang ka mokgwa o o tshwanetseng.” Selekanyonyana se se kwa tlase seno sa oli e e leswe e boa e dirisiwa gape, ereka go na le dilwana dingwe tse di mosola tseo di ka dirwang go tswa mo go yone. Mme lefa go ntse jalo go diragalang ka e nngwe? Go ka diragala gore, beng ba dijanaga ba e latlha fela jaaka matlakala fela a a tlwaelegileng.

Ngwaga nngwe le nngwe dilitara di le dimilionemilione tsa oli e e leswe e tshelwa mo mmung, mo melatswaneng, kana mo dilong tseo di tsamaisang leswe. Go ne go tla batlega bobotlana makgetlo a le 25 a selekanyo sa oli eo e ileng ya dutla ya Exxon Valdez go ka tlhagisa selekanyo se se kalo sa oli! Mme lefa go ntse jalo oli e e setseng e dirisitswe, mmogo le dilo tse dingwe tse di setseng di dirisitswe tsa dijanaga, tse di ntseng jaaka seeledi se se dirang gore metsi a seka a swa dikgapetla, seeledi sa mariki a sejanaga, oli ya kerebokoso, ga se matlakala fela a a tlwaelegileng. Ke matlakala a a fetang matlakala fela a a tlwaelegileng.

Consumer Reports e bolela gore fa oli eno e tsena “mo metsing a a nowang, seno se ka nna le diphelelo tse di masisi thata: [Litara] e le nngwe ya oli eo e setseng e dirisitswe e ka dira [dilitara] di le dimilionemilione tsa metsi a a nowang gore a seka a tlhola a nowa, mme [bokana ka 0,5 ya litara] fela ya oli e ka apesa metsi selekanyo sa [bokana ka 0,4 jwa heketara] ya metsi.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela