Basha ba Botsa Jaana. . .
A Modimo O Araba Dithapelo Tsa Me?
SANDRA yo o dingwaga di le 11 a re, “Ke batla go itse gore a Jehofa o araba dithapelo tsa me, ka gore ga ke tlhomamise gore a tota go ntse jalo. Ke itse basha ba le bantsi ba le bone ba nang le bothata jo bo ntseng jalo.” Alyssa yo o dingwaga tse sometlhano le ene o kile a bo a na le bothata jo bo ntseng jalo ka thapelo. O dumalana jaana, “gantsi ke ne ke ikutlwa okare ke ipuela ke le nosi fela.”
Go ya ka patlisiso nngwe ya 1988 ya Gallup, 87 lekgolong ya basha kwa United States ba kile ba rapela nako nngwe, mme lefa go le jalo ke palo e e kwa tlase ga sephatlo e e dirang jalo ka metlha. Go lebega fa bangwe ba tsaya gore dithapelo tsa bone ga di arabiwe. Ka dinako dingwe, le wena o ka nna le boikutlo jwa gore ga go na ope yo o reeditseng dithapelo tsa gago. Lefa go le jalo, Bibela e re tlhomamisetsa gore fa re rapela ka pelo yotlhe re na le tumelo, ‘Moutlwi wa thapelo’ o a reetsa! (Pesalema 65:2) Mme gone o ka itse jang gore ga a reetsa fela e le go ikgolola fela—a reeditse ka maitseo mme a bo a tsaya kgato e eseng ya sepe kgotsa a sa tseye epe gotlhelele?
Morago ga mopesalema a sena go bitsa Modimo a re ke Moutlwi wa thapelo, o ile a re: “U tla re araba mo tshiamoñ ka dilō tse di boitshègañ, Modimo oa polokō ea rona.” (Pesalema 65:5; bapisa Pesalema 66:19, 20.) Jaanong, ke ka ntlha yang fa bangwe ba ikutlwa gore dithapelo tsa bone ga di arabiwe?
Dilo Tse Di Kgoreletsang Thapelo
Lebaka e ka nna go bo o sena kamano epe ya boammaaruri le Modimo. Basha bangwe ba belaela gore a tota o teng. Bangwe ba dumela gore o teng mme lefa go le jalo ba mo tsaya jaaka motho yo o kgakalakgakala, yo o senang jaaka o ka kaiwa. Thapelo e nna selo sa fa tsotlhe di setse di paletswe—mpuru a faretswe. Mosha mongwe wa Mokatoliki o ne a ipolela jaana, “Ke dumela mo Modimong. Fa ke le mo mathateng, ke tlhoka thuso, ke kopa thuso ya Gagwe ka metlha.” Mosha yo mongwe ene o ne a bua puophaa fela jaana: “Fa gongwe ke rapela fa ele gore tota ke batla sengwe.”
Lefa go le jalo, thapelo e tshwanetse go nna selo sa go bontsha tumelo, poifo, boineelo, le tshepo—eseng fela selo sa fa tlhale di fedile morutsheng kgotsa sa go batla sengwe se re se eletsang ka bopelotshetlha. Mme ebile ga go a lekana go rapela fela ka go bo o gopola gore Modimo o ka nna wa bo o le teng. Bibela ya re, “eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, e bile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Dithapelo tsa ba ba belaelang ga di ke di arabiwa. (Yakobe 1:6-8) Jehofa o reetsa ba ba mo itseng ba bile ba mo rata; ga ba mo rapele fela ka dinako tsa mathata. Fela jaaka fa 1 Bathesalonia 5:17 e kgothatsa, ba ‘mo rapela ka metlha,’ kgotsa jaaka fa An American Translation e bolela, ga “ba ke ba kgaotsa go rapela.”
Ka maswabi, basha bangwe ba Bakeresete ba ile ba itse Jehofa mme lefa go le jalo ga ba a ka ba aga botsalano le ene. (Pesalema 25:14) Dithapelo tsa bone gantsi di tsena mo seatleng fela ebile e le tsa ka sewelo fela, ke tsa go ikgolola, mme kgabagare ga di arabiwe. A go ka tswa go ntse jalo ka dithapelo tsa gago? Fa go ntse jalo, ‘atamela Modimo’ ka go mo ithuta. (Yakobe 4:8) Alyssa yo mmotlana, yo o ileng a umakiwa kwa tshimologong, o ne a na le dipelaelo kaga Jehofa. Mme go ithuta Bibela ka namana go ile ga tlosa dipelaelo tseo ka ike-tlo mme ga mo thusa gore a age botsalano le Modimo.
Mokgwa o motho a ikutlwang ka one le boitshwaro jwa gagwe le tsone di ka nna sekgoreletsi se segolo thata sa thapelo. Mopesalema o ile a re: “E ka re ha ke tsaea boikèpō tsia mo peduñ ea me, Yehofa ga a ke a utlwa.” (Pesalema 66:18; Diane 15:29) A go tla bo go utlwala go solofela gore Modimo a arabe dithapelo tsa gago fa e le gore o ne o dira dilo tse eleng gore di a mo kgopisa—fa e le gore o ne o dirisa diokobatsi, o goga, o reetsa mmino o o sa siamang, kgotsa o dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo? Le eseng. Ka jalo he, Jehofa ga a reetse dithapelo tsa bao ba tshelang matshelo a mabedi, ka boitimokanyi ba ‘fitlha se ba leng sone.’ (Pesalema 26:4) O reetsa fela yo o “tsamaeañ ka thōkgamō, a diha tshiamō, a bile a bua boamarure mo peduñ ea gagwè.” (Pesalema 15:1, 2) Ka jalo fa o ikutlwa o ka re o bua o le nosi fa o rapela, sekaseka botshelo jwa gago. Gongwe o tlhoka go dira diphetogo dingwe.
Go Sa Dirise Thapelo Sentle
Ke dilo dife tse o ka di kopang mo Modimong? Jesu o ne a re tlhomamisetsa jaana: “Ha lo lōpa Rara señwe [le sengwe], o tla se lo naea ka leina ya me.” (Yohane 16:23) Lefoko leo le le rokolosang mathe—sengwe le sengwe! A mme gone Modimo ke motlhanka wa gago mo eleng gore o a ne o mmitsa fela gore a tle go go direla ka nako nngwe le nngwe e o e batlang? A o tla diragatsa kopo nngwe le nngwe ya gago, le tse di sa utlwaleng tota? Jesu o buile mafoko ao a gagwe diura di sekae fela pele ga a tloga a swa loso lo lo botlhoko. Kwantle ga pelaelo o ne a sa akanya ka dilo tsa boeleele! Ka jalo he Yakobe 4:3 e tlhagisa kgatlhanong le go sa dirise thapelo sentle. Ea re: “Loa lōpa, me ga lo amogele, ka go bo lo lōpa ka go hosa, gore lo tlè lo itihèlè ka gōna mo dikgatlhegoñ tsa lona.”
Ba le bantsi gompieno ga ba dirise tshiamelo ya thapelo sentle. Setlhopha sengwe sa basketball sa sekolo se ne se na le mokgwa wa go khubama fa gare ga lebala mme se bo se boaboeletsa thapelo morago ga motshameko mongwe le mongwe. A mme gone o gopola gore Modimo ke morati wa basketball kgotsa gore a ka inyenyefatsa go itshunya nko mo motshamekong wa dikgaisano? (Bapisa Bagalatia 5:26.) Kgotsa go tweng ka mosadi yo go begwang gore o rapelela ditlhako? A re, “fa gongwe fa ke feta ka shopo nngwe ke fitlhela e le gore e setse ka para e le nngwe fela kgotsa di le pedi tse di ntekanang, mme fa ke sena madi gone foo, ke kopa Modimo gore a tlhomamise gore fa ke boa ke di fitlhele.” Jaanong, go rapela ka ntlha ya go bo o tlhoka ke kgang e nngwe—mme e farologane le go solofela gore Modimo a go ele dishopong.
Re sale mo kgannyeng eo, go tla bo go sa tshwanela—ebile e le matsapa a lefela—go rapela Modimo gore a go dibele gore o se ka wa otlhaiwa kgotsa wa kgalemelwa fa go tshwanela. (Bahebera 12:7, 8, 11) Mme ebile gape ga o kitla o atlega ka go rapela gore Modimo a go fe maduo a a kwa godimo mo tlhatlhobong e o iipaakanyeditseng go sekaenyana fela kgotsa o sa iipaakanyetse gotlhelele.—Bapisa Bagalatia 6:7.
Dithapelo “Kaha go Rateñ ga Ōna”
Moaposetoloi Johane o tlhalosa ntlha e e botlhokwa ka thapelo: “Me mo ke yōna botlhōka poihō yo re nañ nayō ntlheñ ea gagwè, go re, ha re lōpa señwe kaha go rateñ ga ōna, oa re utlwa.” (1 Yohane 5:14) Thapelo ya ga Jesu ya sekao (Thapelo ya Morena) e bontsha dikai tsa dingwe tsa dilo tseo di ka kopanyelediwang mo thapelong. O ne a rapelela gore (1) leina la Modimo le itshepisiwe, (2) Bogosi jwa Modimo bo tle, (3) go rata ga Modimo go dirwe, (4) re fiwe tse re di tlhokang tsa senama le tsa semoya, le (5) gore re thusiwe gore re tile dirai tsa ga Satane.—Mathaio 6:9-13.
Mo motheong one o, go na le dintlha tse dintsi tse di tshwanetseng tse go ka buiwang ka tsone mo thapelong. Tota ebile, 1 Petere 5:7 e kgothaletsa Bakeresete go ‘latlhela ditlhobaelo tsa bone mo Modimong, ka a ba babalela.’ Seno se raya gore go a tshwanela go rapelela sengwe le sengwe ka matshelo a rona. A o tshwanetse go dira tshwetso, jaaka go tlhopha dithuto tse o tla di dirang kwa sekolong? Rapela Modimo gore a go fe botlhale. (Yakobe 1:5) A o dirile phoso nngwe ya boeleele? He kopa Modimo gore a go itshwarele.—Isaia 55:7; 1 Yohane 1:9.
Mme legale o tshwanetse go dira tumalanong le thapelo ya gago. Akanya ka Clint yo mmotlana. O ne a nna modihedi wa nako e e tletseng morago ga gore a fetse sekolo (se segolwane). Go ne ga feta dikgwedi di le dintsi a sa bone ope yo o kgatlhegelang go ithuta Bibela. Mme ka jalo o ne a rapela ka gone. Legale, ga a ka a emela seithuti sa Bibela gore se fologe kwa legodimong. O ile a tswelela a dira ka matsetseleko a ntse a kokota mo mejakong, mme kgabagare o ne a bona batho ba le mmalwa bao ba neng ba batla go ithuta Bibela.
Kafa Modimo O Arabang ka Teng
Ka dinako tse dingwe tiro ya go rapela fela ka boyone e a thusa. Sandy yo mmotlana o ne a lwa le bothata joo a neng a na le jone jwa go iphoraphora dirwe tsa bong. A re: “Go rapela Jehofa le go mmitsa go a nthusa ka go nne ke a itse gore morago ga gore ke mo kope thuso gore ke se ka ka iphoraphora dirwe tsa bong, ga gona gore ke ka bo ka dira jalo jang.”
Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe go lebega fa Modimo o dira dilo dingwe ka tsela nngwe go araba dithapelo. Nako nngwe Ken yo mmotlana o ne a tlhoka gore a ye kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e le gore a tle a kgone go neela polelo ya gagwe e khutshwane ya Bibela e a neng a e abetswe. Ka maswabi, go ne go sena ope yo o neng a ka kgona go mo thusa ka sepalamo. O ne a rapela ka seo fela thata. Mo metsotsong e sekaenyana fela kgaitsadie, yo o tshoganang ka a ba etetse, o ne a goroga. Le mororo a sa kgatlhegele bodumedi jwa gagwe, o ne a mo pega. A e ne e le karabo e e tlhamaletseng ya thapelo ya gagwe? Ka gongwe. Lefa go ntse jalo, go a tshwanela ka metlha gore re leboge Modimo fa dilo di direga ka tsela e e leng gore di re solegela molemo. Paulo o kgothatsa jaana: “Lebogañ mo dilōñ cotlhe.”—1 Bathesalonia 5:18.
Lefa go le jalo, o se ka wa solofela gore Modimo o arabe dithapelo tsa gago ka mokgwa mongwe o o tlhomologileng. Kgotsa le e leng gone go tsaya gore sengwe le sengwe se se sa reng sepe fela se se go diragalelang ke sesupo sa thato ya Modimo. Gantsi dithapelo tsa rona di arabiwa ka ditsela tse di bofitlha: O bala sengwe mo Bibeleng kgotsa mo dibukeng tsa Bibela; motsadi kgotsa Mokeresete ka wena o go neela kgakololo e e utlwalang. Go boammaaruri gore fa gongwe go tlhoka temogo gore o kgone go tlhomamisa gore ke eng se Modimo o se batlang ka wena. Gantsi dilo di phepafala fa nako e ntse e ya.
Ee, nako! O se ka wa solofela gore Modimo o go neele karabo ka nako e o akanyang gore o tshwanetse wa dira jalo ka yone. Jeremia o ile a kwala jaana, “Go molemō gore motho a sholohèlè a bè a lebèlèlè poloka ea ga Yehofa a iketlile hèla.” (Dikhutsahalō 3:26) Mo godimo ga moo, ga go reye gore o tla go araba kafa o batlang ka teng. Moaposetoloi Paulo o ile a kopa Modimo ka makgetlo a le mararo go tlosa bothata jo a neng a bo bitsa “mutlwa mo nameñ.” Modimo o ne wa araba ka nnyaa. (2 Bakorintha 12:7-9) Lefa go le jalo, Paulo ga a ka a latlhegelwa ke go anaanela mpho ya thapelo mme go na le moo o ile a tswelela pele mo tirelong ya ga Jehofa. Ke ene a ileng a kwala jaana: “Cwèlèlañ ka tlhōmamō mo thapeloñ.” (Bakolosa 4:2) Ka jalo ‘tswelelang lo kopa, tswelelang lo batla, gape tswelelang lo kgwanyakgwanya.’ (Mathaio 7:7) Ka go dira jalo o tla atamelana le Modimo, mme ebile o ka nna wa kgona go amogela dikarabo tsa dithapelo tsa gago.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Thapelo ga e a tshwanela go nna dikopo tse di sa utlwaleng tsa dilo tsa senama tse re di batlang