Ditakana—Dinako Tse Di Boima mo Maanyaanyeng Ano A mo Metsesetoropong
Ka mmegadikgang wa Tsogang! mo Afrika
NGWANA wa mo ditakaneng o fologa le mmila wa toropo nngwe ya Afrika bophirima a betsa ka la ga mmoshe. Mo tlhogong ya gagwe o rwele sejana se se sephara, se se kgolokwe seo se tsentseng dinamune di le masome a mabedi le bone. Mo mmeleng wa gagwe o mosesane o apere mosese o o serolwana, oo a o apoletsweng ke bomogolowe. O fufutse.
Ereka a gaisana le bana ba bangwe ba ba tswang mo malapeng a a humanegileng, o mo mmileng moo go tla go rekisa. “Reka namune!” gantsi ba go tlhaeletsa jalo. Mme lefa go ntse jalo ngwana yono ga a tswe molomo; gongwe o tshwerwe ke tlala kana o a lwala kana a ka tswa e le gore fela o lapile.
Go tswa kafa ntlheng e nngwe go tlhaga basetsana ba bangwe ba babedi ba ba tsenang sekolo ba apere diaparo tsa sekolo tse dipududu. Mongwe le mongwe wa bone o rwele dikausu tse ditshweu le dimpheetšhane tse ditshweu. Mongwe le mongwe wa bone o na le kgetsana ya dibuka e tletse tsi ka dibuka. Basetsana bano ba gata ba gatoga, ba ntse ba tlotla ka boitumelo. Ga ba tseye ngwana yono tsia, mme lefa go ntse jalo ene o ba tsaya tsia. O ba lebelela ka matlho ao a senang lefa e le boitumelonyana.
Basetsana bano ba ba tsenang sekolo e a re kgabagare ba fitlhe kwa magaeng a bone a a ba kgotsofatsang, a a babalesegileng. Mme lefa go ntse jalo fa ngwana yono a ya gae, motshegare wa mantsiboa, o tla bo a ya kwa legaeng le le farologaneng gotlhelele le leo. Ene fa a bua ka legae o bua ka mekhukhunyanakhukhunyana e e agilweng ka dikgong le disenke.
Ditakana
Mmila o mogolo wa fano ke tsela e e dirilweng ka mmu o o omeletseng. Ka setlha se dipula di nang ka sone, e fetoga seretse fela. E tshesane thata gore koloi e ka tsamaya mo go yone. Ga o kake wa bona lepodisi, lefapha la batimamolelo, kokelo, le fa e le setlharenyana mo go yone. Kwa godimo mo lefelong leno ga go na megala ya motlakase kana ya founo. Kwa tlase mo go yone ga go na diphaepe tse di tsamaisang mantle kana tsa metsi.
Ga se batho ga se batho ke tlang lo bone. Go utlwala tlhakantsuke ya mantswe fela. E a re o santse o utlwa metlotlo o utlwe e tsenwa gare ke setshego, go utlwale go omana, selelo, le pina. Banna ba ba apereng diaparo tse ditelele tse ditshweu ba dutse mo dibankeng tse ditelele, ba tshwere motlotlo. Basadi ba fudua raese eo e kuang mosi mo dipitseng tseo di tlhatleilweng mo molelong wa dikgong. Gongwe le gongwe mo o gatang teng ke bana fela—ba tshameka, ba robetse, ba bereka, ba bua, ba rekisa. Bontsi jwa bone, go tshwana le ngwana yoo a neng a rekisa dinamune yole, ga ba kitla ba bo ba tsamaya ba etela kwa serapeng sa diphologolo, ba palama baesekele, kana ba itse le kwa kgoro ya sekolo e lebileng teng.
Mo nageng eo batho ba teng ka nako eo ba tsalwang ka yone ba lebeletseng go tshela dingwaga di le 42 fela, batho ba mo lefelong leno ba swa ba sa le bannye. Fa ngwana a tshwara dingwaga tse robongwe o a bo a setse a fentse sengwe sa dilo tse di boima go gaisa mo lefatsheng eleng go kgabaganya dingwaga tsa ntlha tse nne o ntse o tshela. Ka nako eo go ne go na le makgetlo a le 40 go ya go a le 50 a kgonagalo ya gore a swe go feta kafa go ka bong go ntse ka gone fa a ka bo a ne a tsaletswe mo morafeng o o itsholetseng. Bontsi jwa dithaka tsa gagwe mono ga ba a kgona le go fitlha mo ngwageng ya botlhano. Fa a ka tshela lobaka lo loleele ka mo go lekaneng, go tlile go nna le kgonagalo e kgolo ya gore a swe ka nako eo a imileng ka yone kana ka nako eo a tsholang ngwana ka yone go gaisa mosadi yoo a leng kwa Yuropa kana kwa Amerika Bokone—eleng makgetlo a le 150 a kgonagalo ya seo go feta mosadi wa kwa dinageng tseno.
Batho ba le dimilione di le makgolokgolo ba nna mo megwafatsheng eo e golang ka bofefo le mo ditakaneng tsa go tshwana le tseno. Go ya ka dipalopalo tsa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng, batho ba le dibilione di le 1,3 ba betagane mo ditoropong tsa mafatshe ao a santseng a tlhabologa, mme ngwaga le ngwaga ba oketsega ka ba le dimilione di le 50.
Kafa Botshelo Bo Ntseng ka Teng mo Dinageng Tseo Di Santseng Di Tlhabologa
A legae la gago le na le ditshono tse dintsi tsa go ka nna fela o le esi o sa itewe tsebe ke ba bangwe, a le na le pompo ya metsi, ntlwana ya boithomelo? A go na le mongwe yo o go olelelang matlakala? Batho ba le dimilione di le makgolokgolo kwa dinageng tseo di santseng di tlhabologa ga ba na dilo tseno.
Mo ditulong di le dintsi tse di humanegileng tse di mo ditoropong batho ba nna ba betagane mo go tsone mo eleng gore ke selo se se tlwaelegileng gore lelapa le le nang le batho ba le lesome le tlhakanele phaposi e le nngwe. Makgetlo a le mantsi, batho ba na le sebaka seo go ka nniwang mo go sone se se leng kafa tlase ga sekweremetara. Mo dikarolong dingwe tsa toropo nngwe ya kwa Botlhaba, le eleng tota le diphaposi tse dinnyane go dirilwe dikamotshana mo go tsone e le gore batho ba bantsi ba ke ba kgone go nna mo go tsone, di na le malao a a tlhatlaganeng ao a jaratetsweng ka legora la terata go dira gore motho a kgone go nna le kamotshana eo e leng ya gagwe ka namana le go mo sireletsa mo magodung. Kwa nageng e nngwe, tsamaiso e e bidiwang ya “malao a a molelo” (eleng malao ao batho ba robalang mo go one ka go refosanya ka gone ba a boloka a le molelo ka dinako tsotlhe) e dira gore batho ba kgone go hira malao ka sebaka sa ura e le gore batho ba le babedi kana ba le bararo ba kgone go robala mo go one ka go refosanya letsatsi lengwe le lengwe.
Go ya ka pego ya ngwaga le ngwaga ya UNICEF (United Nations Children’s Fund) ya ka 1991, batho ba le dibilione di le 1,2 lefatshe ka bophara ba bona metsi go tswa mo metsweding eo e seng phepa sentle. Ba le dimilionemilione ba bone ba tshwanelwa ke gore ba reke metsi a bone go tswa mo bathong bao ba a rekisang kana ba tshwanelwa ke gore ba ye go a ga go tswa kwa melatswaneng ya metsi kana kwa gongwe koo metsi a gelelwang teng. Koo go nang le metsi ao a tsamayang ka diphaepe teng, batho ba ba fetang sekete ba tshwanelwa ke gore ba kgaratlhele go ga mo pompong e le nngwe botlhe.
Gape UNICEF e phopholetsa gore batho ba le dibilione di le 1,7 ga ba na mokgwa o o tshwanetseng go ya ka boitekanelo wa go latlha mantle a batho. Ga se selo se se sa tlwaelegang go bona 85 lekgolong ya batho ba ba nnang mo ditakaneng ba sena matlwana a boithomelo. Mo ditoropong tse dintsi tsa Afrika le Asia, go akaretsa le tse dintsi tseo di nang le baagi ba ba fetang milione, ga di na tsamaiso epe ya go latlha mantle. Mantle a batho a elelela kwa melatswaneng, kwa dinokeng, kwa meseleng ya metsi, kwa dikanaleng, le kwa mangopeng.
Matlakala le one ke bothata jo bongwe. Mo ditoropong tsa merafe eo e santseng e tlhabologa, go tloga go 30 go ya go 50 lekgolong ya matlakala ga a na yo o a olelang. Ditulo tseo di humanegileng ke tsone tseo di itlhokomolosiwang thata. Lebaka le lengwe la seno ke gore batho ba ba humanegileng ga ba latlhe dilo di le dintsi go le kalo tseo di ka dirisiwang ka tsela e e busetsang kana tseo batho ba ba olelang matlakala ba ka bonang sengwe ka tsone kana tseo dikgwebo tseo di boang di dira sengwe ka one di ka boelwang ke sengwe mo go tsone. Lebaka la bobedi la seno ke gore ereka mafelo a mantsi ao go nnang batho ba ba humanegileng mo go one, a sa tsewe jaaka mafelobonno a a letleletsweng semolao, dipuso di gana go ba direla dilo tseno tseo di direlwang batho botlhe. Bothata jwa boraro ke gore mafelo a le mantsi a go nnang batho ba ba humanegileng mo go one, go boima go a direla ditirelo tseno gape go ja madi a mantsi go di a direla, ka ntlha ya mo a leng teng le go bo go nnwa go betaganwe mo go one.
Go felela kae ka matlakala ano? A latlhelwa mo mmileng, mo lefelong lengwe leo go sa agang ope mo go lone, le mo dinokeng le mo matsheng, mme a bolele teng.
Dikotsi tsa Seno mo Pholong
Bothata jwa batho ba ba humanegileng ba mo metsesetoropong bo farologana go ya ka ditulo ka go farologana ga tsone. Lefa go ntse jalo, go na le dilo di le tharo tseo di batlang di tshwana mo go one otlhe. Sa ntlha ke gore magae a bone ga se fela gore ga a itumedise go nna mo go one, go kotsi go nna mo go one. Buka ya The Poor Die Young e bolela jaana: “Bobotlana batho ba le dimilione tse 600 ba ba nnang kwa ditoropong tsa Dinaga Tseo Di Santseng Di Tlhabologa ba nna mo magaeng ao a ka bidiwang ga twe ke a eleng matshosetsi mo botshelong jwa bone mmogo le mo pholong ya bone le baagisani ba bone fela jalo ke matshosetsi mo botshelong le mo pholong ya bone.”
Go tlhaela ga matlo go ka rotloetsa jang pholo e e sa siamang? Go betagana mo ditulong tsa metsesetoropo tseo go nnang batho ba ba humanegileng mo go tsone go na le seabe mo go rotloetseng go anama ga malwetsi, a a ntseng jaaka bolwetsi jwa mafatlha, letshoroma le legolo, le jwa meningitis. Go betagana ga batho gape go oketsa kgonagalo ya dikotsi tseo di diragalang mo lelapeng.
Go tlhaela ga metsi a a lekaneng, a a phepa go oketsa go tshelanwa ga malwetsi a a anamisiwang ke metsi, a a ntseng jaaka letshoroma la typhoid, bolwetse jwa sebete, le jwa dysentery. Gape go felela ka bolwetse jwa go tsholola joo bo bolayang palogare ya ngwana a le mongwe kwa dinageng tseo di santseng di tlhabologa, mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 20. Go tlhaela ga metsi a a lekaneng a go tlhatswa le a go tlhapa go dira gore batho ba tshabelelwe ke malwetsi a matlho mmogo le malwetsi a letlalo. Mme fa batho ba ba humanegileng ba tshwanelwa ke go duelela metsi madi a mantsi, madi a dijo a a tlhaela.
Go kgotlelwa ga metsi le dijo go felela ka malwetsi a mantle le molomo le dibokwana tsa mala, tse di ntseng jaaka dimphe. Matlakala a a sa olelweng a oka magotlo, dintsi, le mafele. Metsi a a emeng fela a sa elele a tsalela menang eo e anamisang bolwetsi jwa malaria le jwa filariasis.
Thankga ya Lehuma
Selo se sengwe ka botshelo jwa mo ditakaneng ke gore go boima tota mo baaging ba teng go ikgolola mo go jone. Bontsi jwa bao ba tlang mo toropong ke batho ba ba fudugelang koo ba tswa kwa metseselegaeng ba tshaba lehuma la teng. Ereka ba sa kgone botshelo jo bo botoka jwa mo metsesetoropong, ba simolola botshelo jwa mo megwafatsheng le mo ditakaneng mme ebile gantsi ba tshela jalo matshelo a bone otlhe.
Bontsi jwa batho bano ke dinatla mo tirong mme ebile ba rata go bereka ka thata, mme lefa go ntse jalo ga go kafa ba ka dirang ka teng fa e se go dumela go bereka diura tse ditelele mme ba berekela madi a a kwa tlase. Batsadi bao ba leng mo mathateng a madi gantsi ba romela bana ba bone gore ba ye go bereka mo boemong jwa gore ba ba romele sekolong, mme bana bao ba sa tsenang sekolo go le kalo kana ba sa se tsena gotlhelele ga ba na tebelelo epe e e kalo ya go nna le boemo jo bo botoka mo go jwa batsadi ba bone. Le mororo bana ba amogela madi a mannye thata, gantsi madinyana ao a ba a amogelang a botlhokwa thata mo malapeng a ga bone. Ka gone, ga go na tsholofelo e e kalo ya gore batho ba ba humanegileng ba kwa metsesetoropong ba ka tokafatsa boemo jwa bone jwa botshelo; mokgele wa bone ke gore ba kgone go tswelela pele ba tshela mo malatsing ka go latelana ga one.
Batho Ba go Senang Yo A Ba Ratang, Ba go Senang Yo A Ba Batlang
Selo sa boraro ka botshelo jono ke gore go nna mo lefelong leo ke selo se o se kakeng wa tlhomamisega ka sone. Mo dipusong di le dintsi, ditakana le megwafatshe ke selo se se di tshegisang ka batho. Mo boemong jwa gore dipuso di tokafatse ditakana, eleng seo ka metlha eseng selo se se mosola go se dira, gantsi di romela dikatakata.
Dipuso di ka ipata ka gore di senya ditakana tseo ka gonne e le selo sa botlhokwa gore go ntlafadiwe toropo, kana go leleka dikebekwa kana go aga naga sesha. Go sa kgathalesege gore lebaka la seno e ka tswa e le eng, batho ba ba humanegileng ke bone ba bogang. Gantsi ga go na koo ba ka yang teng ebile ba fiwa madi a mannye fela a go fudusiwa kana ga ba a fiwe gotlhelele. Mme lefa go ntse jalo fa dikgatapilara di goroga, ga ba tlhole ba na le seo ba ka se dirang fa e se go tsamaya fela.
Seabe Seo Puso E Nang Naso
Ke ka ntlha yang fa dipuso di sa tlamele botlhe ka matlo a a lekaneng a a nang le metsi, tsamaiso ya go tlosa mantle, le ditirelo tsa go olelelwa matlakala? Buka ya Squatter Citizen e araba jaana: “Merafe e le mentsi ya Dinaga Tse Di Santseng Di Tlhabologa ditsompelo tsa yone di a tlhaela le kgonagalo e potlana thata ya go nna le seabe se se tlhomameng le se se nang le katlego mo mmarakeng wa lefatshe mo e leng gore go a kgonega gore go nne le dipelaelo tse di masisi malebana le gore a ke selo se se botlhale gore e bo e le dinagasemorafe. Go thata gore motho a ka kgala puso a e kgalela go bo e palelwa ke go naya baagi ba yone dilo tseo ba di tlhokang fa morafe otlhe o na le ditsompelo tse di tlhaelang thata mo eleng gore, mo maemong a a leng teng ga jaanong, ditsompelo tseo di leng teng ga di a lekana go ka letla gore batho ba tlamelwe ka dilo tsa konokono tseo ba di tlhokang.”
Mo dinageng di le dintsi maemo a teng a tsa itsholelo a ntse a senyega. Ngogola, mokwaledikakaretso yo o neng a rola tiro wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ne a bega jaana: “Go na le nako e telele boemo joo dinaga tseo di santseng di tlhabologa di nang le jone mo ikonoming ya lefatshe bo ntse bo senyega. . . . Batho ba ba fetang bilione o le mongwe jaanong ba tshelela mo bodiding jwa nta ya tlhogo.”
Go Tweng ka go Thusiwa ke Dinaga Di Sele?
Ke ka ntlha yang fa merafe eo e nang le katlego mo ikonoming e sa dire mo go oketsegileng go thusa? Fa World Bank’s Development Report e ne e tšhotlha kgang e e malebana le diphelelo tseo thuso e nnang le tsone mo lehumeng, e dumalana le ntlha eno: “Dinaga tseo di thusang e le gore tsone ka botsone di ke di solegelwe molemo mmogo le gore dinaga tseo di thusiwang le tsone di solegelwe molemo [tse di ntshang 64 lekgolong ya madi otlhe a dithuso] . . . di thusa ka ntlha ya mabaka a le mantsi—a sepolotiki, a ka ntlha ya go bo naga eo e le botlhokwa go ka fitlhelela maikaelelo a a rileng, a tsa papadi, le a ka ntlha ya kutlwelobotlhoko fela. Go fokotsa lehuma ke bo le bongwe fela jwa maitlhomo ano, mme gantsi e a bo e se jwa botlhokwatlhokwa mo go one.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, le eleng le fa dipuso di na le ditsompelo tsa go ka tokafatsa maemo ao ba ba humanegileng ba leng mo go one, ga se gantsi di dira jalo. Bothata joo merafe e le mentsi e nang le jone ke gore lemororo puso ya mo karolong eo e le yone e tshwanelwang ke go tlamela batho ka matlo le ditirelo, puso e eo e leng kafa tlase ga yone ga e e neye thata ya go dira tiro eo lefa e le ditsompelo tsa go dira jalo.
Ditoropo tsa mo Isagweng
Bomankge ba theile seno mo tseleng eo dilo di diragalang ka teng mo masomeng a ga jaanong a dingwaga, ba bolelela pele isagwe e e sa solofetseng sepe ka batho ba ba humanegileng ba ba nnang mo metsesetoropong ya kwa dinageng tseo di santseng di tlhabologa. Ba a re tsela eo metsesetoropo e golang ka lebelo ka teng e tla nna e tswelela jalo, mme dipuso ga di kitla di kgona go tlamela bontsi jwa batho ba ba nnang mo metsesetoropong ka metsi a a tsamayang ka diphaepe, ditlosamantle, diphaepe tse di tsayang metsi a a leswe, ditsela tse di betlilweng ka ditena, tsa kalafi, le ditirelo tsa tshoganyetso.
Ditakana di tla tswelela pele di ntse di agiwa mo mafelong a a kotsi, a a ntseng jaaka mo mehapheng ya dithaba, mo mafelong a a tshabelelwang ke merwalela, le mo lefatsheng le le kgotletsweng. Batho ba tla tswelela pele ba ntse ba tshwarwa ke malwetsi ka ntlha ya maemo a go betagana, le a a sa siamelang boitekanelo. Batho ba ba humanegileng ba ba nnang mo metsesetoropong ba tla nna ba tswelele ba tshelela mo matshosetsing a go fudutshiwa ka dikgoka.
A seno se bolela gore batho bao ba nnang mo ditakaneng ba go tshwana le mosetsana yole yo o neng a tshotse dinamune yo o tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno ga ba na tsholofelo epe? Le eseng!
Phetogo E E Jesang Kgakge E A Tla
Lefoko la Modimo, eleng Bibela, le bontsha gore go tlile go nna le phetogo e e jesang kgakge—ebile e tlile go tla ka bonako. Phetogo eno e tlile go tla, ga e tle go tlisiwa ke dipuso tsa batho, mme go na le moo e tlile go tlisiwa ke Bogosi jwa Modimo, eleng puso ya selegodimo eo e tla tlogang e nna yone e tsayang marapo mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 6:10.
Kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo, mo boemong jwa go tswa lekgoba la megwafatshe le ditakana tse di leswe, malapa a bomodimo a tla aga mo paradaiseng. (Luke 23:43) Mo boemong jwa gore motho a tshelele mo poifong ka ntlha ya gore a ka nna a ntshiwa mo lefelong leo ka dikgoka, Bibela e bolela gore “o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Mika 4:4.
Kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo, mo boemong jwa go swa motho e sale ngwana mo ditulong tseo batho ba betaganeng mo go tsone, batho “ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. . . . Gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo.”—Isaia 65:21, 22.
Go ka nna ga nna thata mo go wena go dumela ditsholofetso tseno, mme lefa go ntse jalo o ka tlhomamisega gore di tla diragala. Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo ga o ke o aka, ebile “ga go na lehoko lepè ye le cwañ Modimoñ ye le ka [se kakeng la diragala].”—Luke 1:37; Dipalō 23:19.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo, lehuma le ditakana di tla tseelwa sebaka ke maemo a paradaise