Kgopolo E E me Bibeleng
Lebaka La Go Bo Puo E E Botlha E Sa Tshwanela Bakeresete
MOGASI wa seromamowa sa BBC sa Wales o ne a kgalemelelwa go gana go ntsha “mafoko a a kgopisang” a a neng a le mo potsolotsong e a neng a e dira le mosodoma mongwe yoo, go ya ka mmueledi wa BBC yo o neng a tsopolwa mo pampiring ya dikgang ya The Guardian, a ileng a dirisa “mafoko a a botšarara thata go tlhalosa ditiro tse di ka dirang gore motho a tsenwe ke AIDS.” Mo godimo ga moo, 22 lekgolong ya mananeo ao a neng a reediwa mo tshekatshekong e e neng ya tsaya dibeke tse pedi ya kgaso ya diteishane tsa thelebishene tse nnè tsa Borithane di ne di na le “mafoko aa maswe, dithogano le/kgotsa matlhapa.”
Dikgang tse di ntseng jalo di bontsha go farologana ka maikutlo mo go teng mo bathong. Mo bathong ba le bantsi motlotlo o o tswaisitsweng ka puo e e botlha o a tshosa le go kgopisa. Ba bangwe ba tsaya fela gore mafoko ao ke dinyao fela tse di natetshang puo, tse di sa reng sepe fela. Lefa go le jalo, a puo e e botlha e tshwanetse go nna karolo ya puo e e buiwang ke Bakeresete, bao ba tseelang kwa godimo kamano ya bone le Modimo le batho ka bone?
Ke Ka Ntlha Yang Fa E Tletsetletse Jaana?
Puo e e botlha ke “mofuta mongwe le mongwe wa puo e ka metlha e leng leswe.” Matlhapa, le morogano di wela mo tlhalosong eo. Puo e e botlha e supa kgalefo, tota le go kgala ka tshotlo. Mary Marshall, yo e leng mokwadi wa buka e go tweng Origins & Meanings of Oaths & Swear Words, a re “go ikana le mafoko a matlhapa ke mafoko a puo e e buiwang fela e sa kwalwe.” Lefa go le jalo, dibuka di le dintsi tsa padi di tletse ka mafoko a a botlha.
Ke ka ntlha yang fa mafoko a a botlha a tletsetletse jaana? Batho bangwe ba ba sa itseng mafoko a le mantsi go le kalo ba ka nna ba kaba phatlha eo ka go dirisa mafoko a matlhapa a le mantsi. Ba bangwe ba dirisetsa matlhapa go gatelela ntlha. Fa go tlhalosiwa, mafoko a a botlha gantsi a amanngwa le go kgopega, go bolaisiwa pelo ke sengwe, le go tenega. Tota ebile, ba le bantsi fa ba le mo pitlaganong, ba kgwa mafoko a a botlhoko e le “go bulela . . . maikutlo a a tlalelaneng.” Mmatlisisi ebong Marshall o etse tlhoko gore karata ya gagwe ya tshupo ya mafoko a Seesemane a matlhapa e kima thata mo mafokong a a simololang ka ditumanosi tse di bogale le tse di dirang modumo wa sssshh.
Le mororo go ka nna ga lebega ekete go tlhapatsa go ba kokobetsa maikutlo, bontsi bo lemoga gore mafoko a a botlha a tsala a mangwe. Ke eng go ntse jalo? Puo e e maswe e kgotletsa maikutlo a a bogale. Ka sekai, mo lesukasukeng la pharakano ya dikoloi kwa motsengmogolo mongwe kwa Afrika Bophirima, mokgweetsi mongwe yo o neng a jele magala o ne a betsega mo koloing ya gagwe go ya go bua le motho yo koloi ya gagwe e neng e mo thibetse. Jaaka fa maikutlo a ne a ntse a kukega, puo ya matlhapa e ne ya thiba ditsebe, mongwe le mongwe wa bone a batla go gaisa yo mongwe ka matlhapa. Bakgweetsi ba bangwe ba le bone ba neng ba paleletswe foo ba ne ba ntshetsa ditlhogo kwa ntle mme ba rotloetsa ba ba omanang bao gore ba tsolane ditswalo le go feta.
Matlhapa a a tlontlololang motho a ka nna a tsala puo e e seng phepa. Mafoko ao a ka nna a akaretsa a a tshwantshanyang motho le phologolo kgotsa le yone tsiane tota, mafoko a a sotlang ka batsadi ba motho kgotsa le gone gore tota ke morwa mang, mafoko a a tlhalosang dipopego dingwe tsa mmele, le, seo tota se ka kgopisang le go feta, makgapha, matlhapa, le mafoko a a seng mantle a tlhakanelodikobo.
Kafa Modimo O Lebang Puo E E Botlha Ka Teng
Kwantle ga pelaelo, go sa dirise leina la Modimo sentle ke molato o o masisi. Ekesodo 20:7 ya re: “U se ka ua umakèla leina ya ga Yehofa Modimo oa gago lehèla.” A mme go tlola taolo eno go ne go senya kamano ya motho le Modimo? Ee; Molao o ne wa tswelela jaana: “Gonne ènè eo o umakèlañ leina ya gagwè lehèla, Yehofa ga a ketla a mo kaea a sena molato.”
Go bontsha kafa go ikobela taolo eno go neng go le botlhokwa ka teng, Bibela e re begela ka dikgogakgogano gareng ga Moiseraela mongwe le monna mongwe. Monna yoo “a tlhapatsa Leina, a rogaka.” Modimo o ne a atlhola jang seemo seo? O ne a laola gore: “Eo o tlhapatsañ leina ya ga Yehofa, o tla bolawa rure.” (Lefitiko 24:10-16) Le mororo e sa tlhalose ka botlalo mabapi le tlhapatso eo, sekai seno sa Dikwalo se bontsha kafa Modimo o lebang ka teng puo le boitshwaro jo bo senang tshisimogo.
Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di bolelela pele ka motlha wa rona gore “go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna . . . bakgadi [Segerika, blaʹsphe·moi], . . . le bōnè bauō u kgaoganè nabō.” (2 Timotheo 3:1,2, 5) Lefoko la Segerika le le reng bla·sphe·miʹa le tlhalosa mo gontsi go feta go tlhoka tshisimogo fela ya dilo tse di tsewang gore di itshekile. Ka boammaaruri, tlhaloso ya lone e kopanyeletsa puo nngwe le nngwe e e tlhabang le e e tlontlololang e e senyang motho yo mongwe.
Batho bao puo ya bone e kgobang ba bontsha “motho oa bogologolo” yo Bakeresete ba kgothalediwang gore ba mo ‘apole’ jaaka jase e e nkgang leswe e ba sa tlholeng ba na le tiro ka yone.a Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: “Lo latlhè dilō tse cotlhe hèla; eboñ bogale, le kgakalō, le kilō, le kgalō, le dipuō tsa botlhabisa ditlhoñ, lo di tlosè mo melomuñ ea lona.” “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe.” (Bakolosa 3:8, 9; Baefesia 4:31) Mo godimo ga moo, tsweetswee ela tlhoko gore bao ba tlhapatsang ba bangwe le go ba gobolola, bao Paulo a ba tlhalosang jaaka “bakgadi,” ba mo palong ya “ba ba sa siamañ [ba ba se kitlang] ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.
Bifela Puo E E Botlha!
Go rata Modimo ka mmatota go tla dira gore Mokeresete a dire se se Mo kgatlhang. (1 Yohane 5:3) Fela jaaka fa Modimo o amega ka batho botlhe, Mokeresete le ene ka mo go tshwanang o tla rata go nna le maikutlo a a ntseng jalo mabapi le batho ba bangwe, ka go dira jalo a ikobela ditaelo tse dikgolo tse pedi, eleng, go rata Modimo le moagisani. (Mathaio 22:37-39) Ka jalo, “a moñwe le moñwe oa rona a kgatlhè moñwe ka èna kaga se se molemō, go mo agèlèla.” (Baroma 15:2) Ka jalo ipotse jaana, ‘A mafoko a ke a dirisang a a agelela kgotsa a a kgopisa?’
Go boammaaruri gone gore, go phepafatsa puo ya rona ga go kitla go nna motlhofo fa e le gore puo e e botlha e ne e setse e le sejo sa rona sa letsatsi. Mme lefa go le jalo, go a kgonega—ka thuso. Moya wa Modimo o ka thusa motho gore a fetole mokgwa wa gagwe wa go bua. Mme legale, motho ka boene o tshwanetse gore a iketleeletse go ithuta go bua puo e e nang le mafoko a a siameng—mme a bo a a dirisa ka metlha.—Baroma 12:2.
Kgosi e e botlhale ebong Solomone o ne a tlhagisa jaana, “loleme lo lo leshōkō lo tla kgaolwa.” Ka jalo se leseletse leswe la puo e e botlha go go senyetsa puo. Go na le moo, lekela go nna motho yo o itseng se se leng phepa go se bua mme a bo a se bua ka masisi!—Diane 10:31,32; Bakolosa 4:6.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ela tlhoko Baefesia 5:3, 4, koo moko wa kgang ya teng o bontshang fa “puō ea dinyana” le “dinyaō” e akaretsa dikgang tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo, puo e e botlha le dinyao tse di amanang le tlhakanelodikobo ga di a tshwanela Bakeresete.