A Tota go Nwa go Ka Ntshwakgola?
MATHATA a simologile fa Jerome a ne a le dingwaga di robabongwe. O tlhalosa jaana, “Ke ne ka minolosa dithothinyana tsa majalwa tse di neng di setse morago ga moletlo o o neng o tshwaretswe kwa lapeng, ke ne ka tagwa, mme ka rata thata tsela eo ke neng ka ikutlwa ka yone.” Go reka bojalwa, go bo fitlha, le go bo nwa e ile ya tloga ya nna seomodiro mo go Jerome. Lefa go le jalo, o dumalana jaana: “Ke ne ke sa lemoge gore ke na le bothata go fitlhelela ke nna dingwaga di le 17. Fa ba bangwe ba ne baa ja sefitlhola, nna ke ne ke leletse ka halofo ya paente [kwatara ya litara] ya vodka!”
Tiriso ya bojalwa le go sa dirisiweng sentle ga jone go gola ka lobelo lo lo tsitsibanyang mmele mo basheng mo lefatsheng lotlhe. Kwa United States fela, go pota dimilione di le lesome ka kwa—ke gore sephatlo—sa baithuti ba Maamerika ba ba dingwaga tse di 13 go ya go tse di 18 ba setse ba ile ba nwa bojalwa bogolo gangwe fela mo ngwageng e e fetileng. Ba ba ka tshwarang dimilione tse di robang bobedi ba nwa beke le beke. Tota ebile, basha ba U.S. ba nwa meteme e e fetang dimilione di le sekete ya dibiri le mabotlolo a a dimilione tse di fetang 300 a mofine, mofine o o nang le carbon dioxide, ka ngwaga!
Bibela e bolela seno mabapi le bojalwa: “Me leha e le mañ eo o timèlañ ka yōna ga a botlhale.” (Diane 20:1) Lefa go le jalo, dimilionemilione tsa basha, jaaka Jerome jaana, ba timediwa ke bojalwa. Bodiphatsa jwa go sa diriseng bojalwa sentle ke bofe? O tla lemoga jang gore bo a go tshwakgola?
Bojalwa le Botagwa
Fa bo dirilwe e le mofine o o mmala o o gogelang kgotsa e le biri e e phokang lefulo, bojalwa bo lebega bo itshiametse fela. Lefa go le jalo, tatso le ponalo di ka go tsietsa. Bojalwa ke seokobatsi—le gone se se maatla.
Dingaka tsa re bojalwa ke seritibatsi se se amang boboko, se ama thulaganyo ya konokono ya boboko le monyetsane. Fa bo nowa ke mogolo ka selekanyo se se siameng, bo ka nna le diphelelo tse di seng kotsi, tse di monate. Pesalema 104:15 ya re: “Boyalwa yoa mofine . . . bo [ipedisa] pelo ea motho.” Lefa go le jalo, fa bojalwa bo nowa bo le bontsi bo ka taga—seemo se mo go sone motho a sa kgoneng go laola mmele le tlhaloganyo. Fela jaaka Jerome, motho a ka iphitlhela a tshwakgogile, a sa tlhole a bo batla fela mme jaanong a bo tlhoka kgotsa a bo eletsa. Ke ka ntlha yang fa seno se diragala? Mmele o ka tlwaela bojalwa fela thata fa bo nowa go feta selekanyo. Go bo go raya gore monwi a bo nwe bo le bontsi gore a tle a kgone go nna le sedidi sa jone. Mme jaanong, e re pele ga a lemoga seo, bo bo bo setse bo mo tshwakgotse. Fa motho jaanong a setse a tshwakgogile, botshelo jwa gagwe bo fetoga gotlhelele. Basha ba ba ka tshwarang dimilione di le tlhano ba U.S. ba na le bothata jwa go nwa.
Lebaka La Go Bo Baa Nwa
Ka bo 1930 ka kakaretso mosha wa kwa U.S. o ne a simolola go hupa bojalwa la ntlha a le dingwaga di ka nna 18. Gompieno, o dira seo pele ga a tshwara 13. Tota ebile ba bangwe ba simolola ba le bannye le go feta. “Ke ne ke le dingwaga di le thataro, . . . mme ke ne ka hupa biri go sekae mo galaseng ya ga ntatemogolo. . . . ke ne ke thamile go feta!” Carlotta o gakologelwa jalo—yo eleng mongwe yo o santseng a le mo tseleng ya go latlha botagwa. Fa o simolola o santse o le monnye thata, go nna le sebaka se segolo thata sa gore o ka tshwakgoga.
Go boammaaruri gore, dithaka di ka go tlhotlheletsa thata go tsaya tsela eo. Mme lefa go le jalo fa gongwe batsadi le bone ba nna le molato ka tsela nngwe. Ba bangwe ba nwa fela thata, ba dirisa bojalwa jaaka seikokotlelo sa bone sa maikutlo, kgotsa le gone go inkgantsha ka tsela eo ba palelang bojalwa ka yone. Bukana e e buang ka botagwa ya re: “Bana ba ba golang go nna banwi ba bojalwa ba ba nang le maikarabelo gantsi ba tswa mo malapeng a e leng gore bojalwa bo tsewa jaaka bo ntse le ka tsela e e sa bontsheng go bo obamela . . . , koo bojalwa bo nowang ka tsela e e tshwanetseng teng.”a
Thelebishene le yone ke nngwe ya dilo tse di nang le tlhotlheletso thata mo basheng. Fa a ya go tshwara dingwaga tse di 18 ka kakaretso mosha wa Moamerika o a bo a setse a bone go nowa bojalwa ga 75 000 mo thelebisheneng—ke gore ka makgetlo a le 11 ka letsatsi. Ipapatso e e dirwang ka botlhale, e e rulagantsweng gore e dire gore go nwa go lebege jaaka ekete ke kgoro ya go ja monate le go ratiwa, e bontsha bommabontle ba ba gogelang ba le mo meletlong e e leratla. Dinotagi di dirwa di na le tatso ya dinotsididi tse di dirilweng ka maungo le go tewa maina a a gogelang. Ipapatso eo e dira tiro ya yone. Mafelobeke mangwe le mangwe, basha ba le 454-000 kwa United States ga ba nwe ba a tshela, eleng selo se se ileng sa dira gore ngaka e e di okametseng tsotlhe e e arang ya U.S. e re bontsi jwa bone e “setse e le matagwa, mme ba ba setseng le bone ba mo tseleng ya go fetoga matagwa.”
Lefa go le jalo, basha ba bangwe ba patelesega go nwa ka ntlha ya go tobekana maikutlo. Kim o ne a bolela gore ke ka ntlha yang fa a itontela ka dibiri: “Ke ne ke e nwa [bojalwa] go fetola maikutlo a me gore ke ikutlwe botoka.” Fa mosha a le ditlhong kgotsa a inyatsa, go nwa go ka lebega e le yone tharabololo e e tshwanetseng tota. Mme lefa go le jalo, ba bangwe ba nwa ka ntlha ya go batla go timetsa dilo dingwe tse di hutsafatsang mo botshelong jaaka go sotliwa ke batsadi kgotsa ba ba senang tlhokomelo. Ke ka ntlha yang fa Ana a ne a simolola go nwa? “Ga ke ise ke ko ke ratiwe ke ope ka tsela eo ke neng ke tlhoka ka yone.”
Go sa kgathalesege gore lebaka ke lefe la go bo mosha a ile a simolola, kgabagare o fitlhela go le thata go laola go nwa ga gagwe. Fa a le mo seemong seo a ka nna a iphitlhela e le letagwa. A o setse o simolotse go nwa? Go raya gore he o arabe dipotso tsa setlhogo se se reng “Ereka Jaanong O Setse O Simolotse Go Nwa.” O ka nna wa fitlhela go na le se sentsi se o se ithutileng mo go sone.
Bojalwa—Bo Diphatsa mo Basheng!
“Ba ba diègañ bobe mo boyalweñ yoa mofine” ba tlhagisiwa ke Bibela gore “kwa boheloñ bo tlo . . . bo lome yaka shaushawane.” (Diane 23:29-32) Botlhole jwa malomo a noga bo ka gobatsa motho ka iketlo ka tsela e e botlhoko kgotsa jwa mmolaya. (Bapisa Ditihō 28:3, 6.) Ka tsela e e tshwanang, go nwa bojalwa thata ka lobaka lo leleele go ka go bolaya ka iketlo. Go ka senya kgotsa ga bolaya dirwe tsa botlhokwa, jaaka sebete, lebete, boboko, le pelo. Mebele le ditlhaloganyo tse disha tse di santseng di gola ke tsone tse tota di tshabelelwang ke go senyega mo go ntseng jalo, mo fa gongwe go ka sekang ga tlhola go twe sepe.
Go sa dirise bojalwa sentle go ka gobatsa maikutlo a gago thata go gaisa mmele wa gago. Bojalwa bo ka nna jwa go dira gore o ikutlwe o itshepha ka nakwana. Mme go itshepha mo bo go go direlang ke ga maaka fela—mme gantsi go a timela. Fa kafa letlhakoreng le lengwe o kgoreletsa go gola ga gago ga tlhaloganyo le ga maikutlo. Go na le go tlhapogelwa, o bo o lebagana le botshelo jaaka bo ntse, o senka bojalwa jo bongwe gape. Mme morago ga gore Peter yo o dingwaga tse di 18 a latlhe bojalwa dikgwedi di le 11, o ne a re: “Ke tshwanelwa ke go ithuta go dirisana le maikutlo a me le go senka ditsela tsa go lepalepana le maemo mangwe a o pele bojalwa bo neng bo nthusa go dirisana le one. Ke ikutlwa gore ka maikutlo le ka botho ke santse ke le ngwana wa dingwaga tse di lesome le boraro.”
Mo godimo ga moo, go na le diphatsa tsa go kgweetsa o nole. Dintsho tsa mo ditseleng ke tsone di gapang matshelo a basha go gaisa sengwe le sengwe kwa United States. Go nwa gape go amanngwa le dipolao tsa balosika, go ipolaya, le go ipeta ka metsi—e e leng mengwe ya mekgwa e e kwa godimo thata e e bakang dintsho tsa basha.
Mo godimo ga moo tiriso ya bojalwa e e seng yone e ka ama lelapa, botsala, tiro ya sekolo, le bomoya jwa gago ka tsela e e maswe fela thata. Bibela e e baya jaana: “Mpontsha mongwe yo o nwang thata, . . . mme ke tla go bontsha mongwe yo o tlhomolang pelo le yo o hutsafatsang, yo ka metlha a bakang mathata a bile a ngongoregetse ruri fela. O matlho mahibidu, ebile o na le dintho tsa lefela. . . . O tla ikutlwa o kare o ne o le mo lewatleng, o lwatswa ke lewatle, o kadiela kwa godimo ga pinagare ya sekepe se se phepheugang.” (Diane 23:29-34, Today’s English Version) Seno ke selo se se dirwang ke bojalwa mme se se ke se bontshiwa le ka motlha ope mo ipapatsong e e tsabakelang ya thelebishene.
O Simololelang?
Ka lebaka leo mafatshe a le mantsi a kganela basha ba one go nwa bojalwa. Fa o le Mokeresete, o na le mabaka a a tlamang a gore o ikobele melao eno, ka go bo Modimo o go laola gore o “ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1, 2) Lefa e le gore go nwa bojalwa ga basha ke selo se se kafa molaong go ya ka ngwao ya lefelo la lona, a mme gone tota go go siametse go simolola go nwa ka nako eno ya botshelo jwa gago? Fela jaaka fa 1 Bakorintha 6:12 e bolela, “dilō cotlhe di letlelesegile: me dilō cotlhe ga di molemō go dihwa.” A tota o mo seemong sa go kgona go dirisana le dinotagi?
Go boammaaruri gore, fa dithaka tsa gago di go neela mofine o o mmala o gogelang o o lapolosang, o ka nna wa ikutlwa o raelesega go batla go utlwa gore o utlwala jang. Lefa go le jalo, ela tlhoko gore o neelwa seokobatsi se se ka nnang sa go tshwakgola. Basha ba ba ratang Modimo ba metlha ya Bibela, ba ba etsang Daniele, Shaderake, Meshake, le Abedenego, ba ne ba nna pelokgale go emelana le babusi ba Babelona mme ba gana dijo le mofine tse di leswefatsang tse ba neng ba di abetswe ke kgosi ya moheitane ya Babelona. Le wena ka mo go tshwanang o ka nna le bopelokgale jwa go re nnyaa!—Daniele 1:3-17.
Go ise go ye kae o tla bo o setse o lekane—semolao, ka tlhaloganyo, ka maikutlo, le ka mmele—go nwa bojalwa fa e le gore ke seo o se batlang. Le mo seemong seo, go tla bo go le botlhale ka wena go bo nwa ka tekanyo le go tila go tshwakgoga. Basha ba le bantsi ba setse ba tshwakgogile, ka jalo setlhogo se se tla tlang mo isagweng se tla tlotla ka tsela eo ba ka bo tlwaologang ka yone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ya ka mekgwa ya ditšhaba tse dingwe ka tlwaelo basha ba letlelelwa go nwa dinotagi le ka nako ya dijo. Le mo seemong se se ntseng jalo, batsadi ba tshwanetse go akanya ka tsela e e boteng se tota se tshwanetseng bana ba bone go na le go latela mokgwa o o tlwaelesegileng fa ba dira ditshwetso tsa bone.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
EREKA O SETSE O SIMOLOTSE GO NWA:
◻ A o na le ditsala di sele kgotsa di fokotsegile?
◻ A o ikutlwa o thatafalelwa ke botshelo kwa gae?
◻ A o tshwara bothata go robala, kgotsa o ikutlwa o tshwenyegile thata mo maikutlong kgotsa o tlhonatlhonega?
◻ A go tlhokega gore o nwe pele ga o ka ikutlwa o phothulogile fa o na le ba bangwe?
◻ A o ikutlwa o sa itumela kgotsa o swaba fa o sena go nwa?
◻ A o a iphitlha le go bua maaka mabapi le ntlha ya gore o nwa?
◻ A o tlhabiwa ke ditlhong kgotsa o a kgopega fa mongwe a bua kaga go nwa ga gago?
◻ A mongwe o kile a go kgalemela kana a go tshega ka ntlha ya go nwa bojalwa ga gago?
◻ A o dumela gore mofine le dibiri di go siametse go di nwa ka go bo di se bogale thata?
◻ A ga o sa tlhole o kgatlhegela dilo le metshameko tseo o kileng wa bo o di rata kgotsa o di latlhile?
Fa e le gore o arabile dipotso tse di fetang bobedi ka ee, go ka nna ga bo go supa gore o na le bothata jo bogolo jwa go nwa bojalwa. Fa e le gore go ntse jalo, go tla bo go le botlhale ka wena gore o batle thuso ka potlako.
Motswedi: THE REGENT HOSPITAL, New York, NY.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Bontsi jwa matagwa a nnile le bothata joo ba santse ba le babotlana ka dingwaga