Ke Tshedile Botshelo Jo Bo Nang le Bokao Le Mororo Ke Le Kwa Thoko
KE TSHOTSWE ka January 1927, kwa Málaga, Spain, ke le ngwana wa borataro mo lelapeng le le humanegileng la bana ba le supa la Makatoliki. Go simolola ka 1936 go ya go tsena ka 1939, Ntwa ya Maraganateng ya Spain e ne ya kgautlhanya lefatshe la rona, mme re ne re tila dibomo re bile re tshela ka dijo tse di lekanyeditsweng. Mme lefa go le jalo, ke ne ke le ngwana yo o neng a nna a itumetse a ithatela go opela le go nna le batho.
Legale, go ne go na le sengwe se se neng se ntshosa thata—kgang ya go sha kwa diheleng. Go timola letshogo leo, ke ne ka tsena mo sekolong sa baitlami ke na le dingwaga di le 12. Fa ke le koo, ka dingwaga tse di batlileng di tshwara boraro, ke ne ke phepafatsa direpodi tsa mmabole, ke rapela, ke boe ke phepafatse gape, mme lefa go le jalo ke ne ke santse ke utlwa gore go na le sengwe se se santseng se tlhaela. Ka 1941, ke ne ka lebogela go tloga koo.
Morago ga dingwaga tse di rileng ke ne ka nna tsala le moopedi mongwe yo o neng a akanya gore ke na lentswe le le ka dirang madi, mme o ne a nkgothaletsa go ithuta go opela le go letsa piano. Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e fela ka 1945, ke ne ka ya kwa Morocco, koo ke ileng ka simolola go opela mo mafelong a maitiso kwa Casablanca le Tangier. Joo e ne e le botshelo jo bo itumedisang mo mothong yo mosha. Mme e ne e a re morago ga khonsata nngwe le nngwe, ke bo ke ya kerekeng go ya go kopa Kgarebana Maria go intshwarela, ka tsholofelo ya gore gongwe ke tla falola dihele tse di tukang molelo.
Morago ga go bereka mo mafelong a maitiso ka dingwaga di robabongwe, ke ne ka kopana le Moamerika mongwe yo o bidiwang Jack Abernathy. Ka nako eo o ne a bereka kwa Morocco mo khampaning e e agang ya Amerika. Re ne ra nyalana ka yone ngwaga eo, mme ka bo ke emisa go opela. Moragonyana ga moo re ne ra fudugela kwa Seville, Spain, koo re ileng ra nna teng go fitlhelela ka 1960. Mme re bo re fudugela kwa Lodi, California, U.S.A.—go fuduga mo go ileng ga tlisa diphetogo tse dingwe gape mo botshelong jwa me.
Go Ithuta ka Jehofa
Ka 1961 Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba re etela kwa gae mme ba tlogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Morago ba ne ba ithaopela go nthuta Bibela, mme ke ne ka dumela. Ka jalo, ke ne ka ithuta ka Modimo o o boammaaruri, Jehofa, yo e leng Rraarona wa selegodimo yo o lorato. (Pesalema 83:18) A bo e ne e le kgomotso jang ne go itse gore ga go na dihele mme go na le moo go na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise!—Pesalema 37:9-11, 29; Tshenolō 21:3, 4.
Nnake wa mosetsana ebong Paquita, yo o neng a nna go bapa le rona, le ene o ne a simolola go ithuta. Pele, ke ne ke goga ke bile ke rata menate. Wa re ke ne ke le pelwana jang ne! Mme ke ne ka dira diphetogo, mme erile ka October 17, 1962, nna le Paquita re ne ra kobelediwa kwa Sacramento, California, ka go dira jalo re bontsha go ineela ga rona mo go direleng Jehofa.
Go Ya Thailand Ke Feta ka Spain
Nako nngwe moragonyana ga moo, khampani ya kago e monna wa me a neng a bereka mo go yone e ne ya mo romela kwa Thailand, mme ke ne ka tsamaya le ene. Fa ke le mo tseleng ya go ya koo, ke ne ka tsena ka Spain mme ke ne ka kgona go bolelela bagaetsho ka bodumedi jwa me. Mogadibo ebong Pura o ne a nkutlwa mme a nna Mosupi.
Mo motlheng oo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Spain. Go sa kgathalesege seo re ne re kopanela ka go ikutswa mo kamotshaneng nngwe, e na le tafole fela go sena ditulo. Rotlhe ka bo20 jwa rona re ne re ema ka dinao. Abo go ne go farologane jang ne le dipokano tsa rona tsa kwa California! Go bona batho ba gaetsho ba tsenya kgololesego ya bone mo kotsing fela gore ba kgone go kopana go ne ga ntlhatswa pelo gore dipokano tsa Bokeresete di botlhokwa, eleng thuto e e neng e le mo nakong pele ga ke goroga kwa Bangkok, Thailand.
Letsatsi le re gorogileng ka lone kwa Bangkok Jack o ne a nthaya a re, “Fa nka bo ka go tshwara o rera, ke a go tlogela.” Letsatsi le le latelang o ne a tsamaya go ya go tlhokomela tiro ya kago kwa kgaolong ya magae, mme ka jalo ke ne ke setse ke le nosi mo toropong ya Bangkok e e leng semphete ke go fete mo go yone ke na le motho yo o re thusang mo lapeng yo ke neng ke sa kgone go bua sepe le ene. Ke ne ka tshwarega ka go bala dibuka tsa me tsa Bibela ke bo ke di boeletsa.
Letsatsi lengwe ka September 1963, fa ke boela gae, ke ne ka lemoga para ya ditlhako e ke neng ke sa e itse fa kgorwaneng ya ntlo. Mosadi mongwe wa moriri o o itshophileng o montle o ne a nkemetse. “Nka go thusa ka eng?” Ke ne ka mmotsa.
O ne a re, “Ke moemedi wa Mokgatlho wa Watch Tower.”
Ke ne ka kalapa ka boitumelo, ka mo tlamparela le go mo atla. Eva Hiebert e ne e le morongwa go tswa kwa Canada. Fa e sale ka letsatsi leo, Eva o ne a a ga a tla ka metlha, a palama dibese tse pedi kgotsa tse tharo tse di farologaneng go goroga kwa go nna. Ke ne ke tshaba go palama dibese tse mo go tsone batho ba neng ba gatana fela jaaka marotse, mme lefa go le jalo go ne go sena tsela e nngwe gape e ke neng ke ka e dirisa go tsamaya. Eva o ne a re: “Ga o kitla o direla Jehofa fa e le gore ga o na go palama dibese tseo.” Ka jalo re ne ra boeletsa ka fa re tlileng go palama ka teng go ya kwa dipokanong.
Ke ne ke dikadika fa go tla mo go rereng, ka jaana ke ne ke sa itse puo ya teng. Ke ne ke nna ke ikakatletse ka seatla sa ga Eva, ka mmanki wa gagwe, le ka mosese wa gagwe. O ne a re, “Ga o kake wa direla Jehofa ka tsela eno.”
Ke bo ke ngongorega ka lentswe le le kwa godimo ke re, “Mme kana nna ga ke itse puo e e buiwang.”
Eva o ne a nneela dimakasine di le lesome a bo a tswa a tsamaya, a ntlogela ke le nosi mo marekisetsong. Ka tsela ya go boifa ke ne ka atamela mmè mongwe wa Motšhaena, ke bo ke mmontsha makasine, mme o ne a o tsaya!
Morago ke ne ka bua ka boitumelo, “Eva, ke tsamaisitse dimakasine di le lesome.” O ne a re, “Jehofa o rata batho ba ba tshwanang le wena jaana. Wena tswelela pele.” Ke ne ka tswelela, ka ithuta go dumedisa ka Sethai, le go nna mo bodilong go ya ka ngwao ya koo. Gape ke ne ka ithuta ditsela tsa go ya kwa mafelong a a farologaneng. Mme monna wa me ene o ne a ikutlwa jang? Letsatsi lengwe, fa Jack, yo o neng a aga a ngongorega ka bodumedi jwa me, a ne a na le baeng, o ne a ba raya a re: “Tsamayang le Pepita. Ke ene a itseng lefelo ka gore o a rera.”
Go Fudugela kwa Australia
Katiso e e lorato le mororo e gagametse ya ga Eva e ne ya mpaya mo seemong se se siameng sa gore ke nne ke tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa mo kabelong e nngwe gape ya monna wa me, kwa bokonebophirima jwa Australia. Re gorogile teng mo bogareng jwa 1965, mme ke ne ka nna mo kampeng ya babereki mo gare sekaka koo khampani ya bo Jack e neng e aga seporo teng. Dijo di ne di romelwa ka sefofane, mme go ne go le mogote fela thata—mogote o o fetang 43 mo sekaleng sa Celsius. Go ne go na le malapa a le 21 a a tswang kwa Amerika Bokone mo kampeng eo, mme ke ne ka simolola go ba bolelela molaetsa wa Bogosi. Morago, fa tiro ya go aga seporo e ntse e tswelela, re ne ra fudugela mo tengteng ga sekaka, koo ke neng ke le kwa thoko le go feta.
E ne e ile ya re go le pele ka kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa mo Australia, mme abo ke ile ka itumela jang ne fa ke ne ke amogela lekwalo le le neng le re: “Lorato lo logolo le madume . . . Re tla bo re ntse re go gopotse le go go rapelela mo dikgweding tse di tlang”! Mo dingwageng tse ke neng ke tsamaya le monna wa me mo dikgaolong tse di kwa thoko tsa lefatshe, ke ne ke kgothadiwa ke dikwalo tse di ntseng jalo tse di tswang kwa mokgatlhong wa ga Jehofa. Go di bala go ne go nkinola mo maemong a go bolawa ke bodutu mme di nkgothaletsa go ya go rera le mororo gantsi ke ne ke le kgakala le Basupi ba bangwe.
Ofisi ya lekala mo Australia e ne ya rulaganya gore banyalani bangwe ba Basupi ba nketele beke yotlhe kwa kampeng. Mo tirelong ya rona ya tshimo re ne ra kopana le mmè mongwe yo o neng a nna kgakala, ka jalo ke ne ke tsamaya gabedi ka beke mo nageng e e neng e tletse dinoga le bommantseane go ya go mmona. Fa jaaka ke ntse ke tshwere mosepele, ke ne ke a tle ke tswe ka pina ya Bogosi: “Emang le Jehofa/ Mo ipeleleng/ O ka se lo latlhe/ Lo nneng mo ’seding.” Re ne ra ithuta mmogo ka dikgwedi di le 11.
Mme, erile morago ga go nna ngwaga kwa Melbourne, ke ne ka fudugela le monna wa me kwa kampeng e e gaufi le toropo ya meepo ya Port Hedland, e le yone e neng e ntse e le ntlheng ya bokonebophirima jwa Australia. Morago ga malatsi a le matlhano, go ne ga nna le baeng. Lekala le ne le boleletse Basupi kwa ke teng. Fa ba sena go tsamaya, ke ne ka tswelela ka go tshwara dipokano ke le nosi, ke dira Thuto ya Buka ya Phuthego, Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, Pokano ya Tirelo, le thuto ya Tora ya Tebelo. Morago ga go opela le go bula ka thapelo, ke ne ke araba dipotso mme ke bo ke tswalela ka pina le thapelo. Go bala ba ba neng ba nna teng e ne e se mathata—e ne e le a le mongwe ka dinako tsotlhe. Mme lefa go le jalo, dipokano tseno tsa beke le beke di ne tsa ntshegetsa ka dingwaga tse dintsi tseo tsa fa ke direla Jehofa ke le kwa thoko.
Go Ya Bougainville
Ka 1969, morago ga fa re sena go kgapha sethitho ka dingwaga di le nnè kwa Australia, monna wa me o ne a romelwa go ya go nna foromane kwa tirong ya go aga tsela e e yang kwa toropong e go epiwang kgotlho kwa go yone mo setlhaketlhakeng se se dithaba se se bongola sa Bougainville. Ka maitiso mangwe mongwe o ne a kokota fa mojakong. Jack o ne a mmulela. O ne a re, “Ke Mosupi le mosadi wa gagwe le bana ba bone ba le banè.” Ba ne ba nna go iphaphatha lotshitshi. Gangwe ka beke ke ne ke ba etela go ya thutong ya Tora ya Tebelo e e neng e tshwarelwa mo sekolong sa morafe.
Mo lekgetlhong lengwe Basupi ba le bararo go tswa kwa Papua New Guinea ba ne ba nketela. Monna wa me o ne a bolelela ditsala tsa gagwe a itumetse jaana: “Gongwe le gongwe kwa mosadi wa me a yang teng, o fitlhela ditsala tsa gagwe tsa Basupi di mo letile.”
Go Ya Afrika
Ka 1972 re ne ra goroga kwa sekakeng kwa Algeria, kwa Afrika Bokone, koo khampani ya bo Jack e neng e aga mafaratlhatlha a nosetso teng. Eno e ne e le tiro e e tlileng go tsaya dingwaga di le nnè. Ke ne ka kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Fora mabapi le tiro ya go rera, mme ba ne ba mphetola ka gore: ‘O nne keletlhoko. Golo koo tiro ya rona e thibetswe.’ Mokgatlho o ne wa nthusa gore ke kopane le Basupi ba ba neng ba tsidifetse ba le babedi, mme re ne ra dira setlhopha sa thuto.
Mme, ke fa mongwe wa baagisani ba me mo kampeng ya badiri ebong Cecilia a lwala. Ke ne ke mo tlhola letsatsi le letsatsi, ke mo tlisetsa sopo, le go alola bolao jwa gagwe. Fa a boela kwa gae, ke ne ka tswelela ka go mo direla ditiro dingwe, mme gape ke ne ka mmolela ka tsholofelo ya Bogosi. Seo se ne sa felela ka gore re ithute Bibela mmogo, mme morago ga dikgwedi di robabobedi Cecilia o ne a re: “Ke batla go kolobediwa.” Mme o tla kolobelediwa kae le gone ke mang?
Re ne ra amogela lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala kwa Fora le re bolelela gore Mosupi mongwe yo o bidiwang François o ne a tla kwa Algeria a le mo maitapolosong a makhutshwane. Fa re ne re ka mo isa kwa motseng wa rona o o mo sekakeng ra bo ra mmusetsa kwa lebaleng la difofane ka nako, o ne a ka mo kolobetsa. Mme o ne a ka seke a nne sebaka se se fetang diura di le 24.
Erile fela fa François a goroga, o ne a phamolwa ka koloi a bo a isiwa kwa sekakeng. Mo maitseboeng ao, kwa legaeng la ga Cecilia, o ne a ntsha sekgethe sa pampitshana mo pateng ya hempe ya gagwe mme a bo a neela polelo e e monate. Mo mosong thata wa May 18, 1974, o ne a kolobeletsa Cecilia mo bateng ya me a bo a bile a tsamaya.
Go ne ga tlhagoga ntwa kwa Algeria kwa bofelong jwa 1975, mme nna le Jack re ne ra tshwanelwa ke go tswa ka lepotlapotla. Ke ne ka etela balosika la me kwa Spain. Ka 1976, ke ne ka paka go ya kwa kabelong e nngwe gape ya ga Jack—kampa ya badiri mo dikgweng tsa dipula tsa kwa Suriname, Amerika Borwa.
Kwa Amerika Borwa
Kampa eo e e neng e le mo borwabophirima jwa Suriname e ne e dikaganyeditswe ke dikgwa tse di tala. Bopapalagae ba ba modumo le dikgabo tse di neng di gakgametse di ne di lebile malapa a a 15 a a sa tswang go goroga di le mo godimo ga ditlhare, malapa ao bontsi jwa one ke neng ke a itse go tswa kwa ditirong tsa pele. Dikgwedi tse thataro morago, go ne ga goroga malapa a mangwe gape a babereki, go akaretsa le Cecilia yo o neng a kolobediwa kwa Algeria—mompati!
Fa jaaka March 23, 1978, a atamela, re ne ra ipotsa gore re ya go keteka jang Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Ka ntlha ya go tlhoka dipalamo go ya motsengmogolo, Paramaribo, re ne ra rulaganya gore re se ketekele mo ntlong ya me. Mookamedi wa kampa o ne a re fa tetla ya go dira dikaelo tsa tsebe ya bofelo ya Tora ya Tebelo e e neng e itsise ka Segopotso, mme go tsweng foo re bo re di tsamaisa ka ntlo le ntlo mo kampeng. Ba le lesome le bongwe ba ne ba nna teng! Cecilia o ne a neela polelo eo, mme nna ke ne ke bala ditemana. Le mororo re ne re le kwa thoko, maitseboa ao re ne ra ikutlwa re le seoposengwe le phuthego ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe.
Mo nakong eno, lekala la Suriname la Basupi ba ga Jehofa le ne la romela thuso—banyalani ba basha ba barongwa ba le mo koloing ya Land-Rover e kgologolo. Pele ga ba goroga, ke ne ke simolola go ikutlwa ke sena mosola mo kampeng eo, mme legale barongwa bao ba ne ba nkgomotsa jaana: “Pepita, o fano ka lebaka.” Ka nako eo ke ne ka seka ka kgotsofalela seo, mme erile go ise go ye kae ka tlhaloganya sentle.
Letsatsi lengwe mo loetong lwa barongwa, re ne ra tsamaya ka tsela e e neng e sa tswa go dirwa e e neng e sa tshelwa sekontere mme re ne ra gakgamala go bona metse ya Maindia a Amerika dikilomitara di ka tshwara 50 go tswa mo kampeng ya rona. Malatsi a sekaenyana fela re rerela Maindia ao a Maarawak ba ba botsalano go ne ga felela ka dithuto di le dintsi tsa Bibela. Ka jalo erile fa barongwa ba boa, nna le Cecilia re ne ra simolola go etela baagi ba metse eo gabedi ka beke.
Re ne re tsoga ka nako ya bonè mo mosong, mme e re fa e tshwara ura ya bosupa re bo re simolola thuto ya rona ya ntlha ya Bibela. Mme e re ka bo ura ya botlhano mo maitseboeng, re bo re setse re le kwa gae. Mo dingwageng tse pedi re ne re tshwara dithuto di le 30 ka beke. Go ise go ye kae ke fa bana ba motse ba setse ba mpitsa Auntie Bible! Bontsi jwa bone bo ne jwa kolobediwa, mme dingwaga morago ba le 182 ba ne ba nna teng mo kopanong ya potologo mo motseng oo. Ee ruri, fela jaaka ditsala tsa me tsa barongwa di ile tsa mpolelela re ne re le mo sekgweng seo ka lebaka!
Go ya Papua New Guinea
Re ne ra fuduga kwa Suriname ka 1980, mme erile ngwaga e e latelang ra bo re romelwa kwa Papua New Guinea. Morago ga go itumelela dikgwedi tse thataro le Basupi mo motsengmogolo, Port Moresby, sefofane sa tlhootomo se ne sa ya go ntatlhela kwa legaeng le lengwe gape la me—kampa e e neng e le mo dithabeng koo khampani ya bo Jack e neng e epa moepo wa gauta teng. Go ne go sena ditsela dipe. Batho, didirisiwa, dijo di ne di goroga ka sefofane. Leno e ne e le lefelo le le kwa thoko go a gaisa otlhe a ke neng ke kile ka nna mo go one. Ka boa gape ka ipotsa, Ke tla bua le mang?
Ba ba mo kampeng ke ba ba neng ba nkitse, mme go ne go sena ope wa bone yo o neng a batla go ntheetsa. Lefa go le jalo, mo e ka nnang ka yone nako eo, khampani e ne ya bula shopo ya dijo. Basadi ba ba neng ba tswa kwa mafelong a a kgakala ba ne ba reka mo go yone. Go ise go ye kae ke ne ka nna mongwe wa bareki ba ba bonwang thata kwa shopong eo. A mme go dira jalo go ne ga nna le mosola mongwe?
Letsatsi lengwe ke ne ka tlotla le mosadi mo-ngwe wa Mo-Papua. O ne a mpolelela gore e ne e le morutabana. Ke ne ka re, “Aa, le nna ke morutisi.”
“A tota?” o ne a botsa.
“Ee, ke ruta Bibela.” O ne ya re fela gone foo a bo a amogela kopo ya me ya go mo ruta Bibela. Morago, bareki ba ba oketsegileng ba ne ba dumela go dira se se tshwanang. Mo bathong bao ba ba neng ba nna gaufi le moepo wa gauta go ne ga tswa dithuto di le supa tsa Bibela—ee moepo wa semoya wa gauta eleruri!
Morago ga go nna dingwaga di le tharo mo setlhaketlhakeng seno sa Pacific, tiro e nngwe gape e ntšha e ne ya re romela kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa Grenada. Mme erile morago ga ngwaga le sephatlo, monna wa me o ne a tshwanelwa ke go boela kwa United States ka ntlha ya botsogo, ka jalo erile ka 1986 re ne ra thibelela kwa Boise, Idaho.
Go Bereka le Phuthego
Morago ga go nna dingwaga tse di kalo ke kgaogane le bakaulengwe ba me le boikgaitsadi ba Bakeresete ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go bereka le ba bangwe. Lefa go le jalo, bagolwane ba Bakeresete le ba bangwe ba ne ba nthusa ka bopelotelele. Mo nakong eno ke itumelela dipokano le go tshwara dithuto tsa Bibela mo karolong eno ya lefatshe.
Legale, e ya re fa gongwe ke ntse ke rile tuu ke akanya ka nako ya fa ke ne ka tshematshema fa morago ga ga Eva kwa toropong e e semphete ke go fete ya Bangkok kana ke opela pina ya Bogosi ke tsamaya ka dinao mo tseleng ya sekaka kwa Australia kana ke rerela batho ba ba boikokobetso ba Maindia a Amerika mo dikgweng tsa pula tsa Suriname, ke bo ke nyenya, mme matlho a me a bo a itsheka dikeledi tsa boitumelo ka ntlha ya tlhokomelo e ke ileng ka e bona mo dingwageng tsa fa ke direla Jehofa ke le kwa thoko.—Go boletse jalo Josefa ‘Pepita’ Abernathy.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke opela le baithuti ba me ba Bibela ba Masepanishe kwa Melbourne
[Ditshwantsho mo go tsebe 22]
Ke ne ka thusa ba le bantsi kwa Papua New Guinea go itse ka Jehofa
Ke ruta Lefoko la Modimo kwa Suriname
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Jaanong ke dira le phuthego kwa Idaho