LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 3/8 ts. 12-13
  • Go Imela Motho Ngwana A Bakeresete Ba Ka go Dira?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Imela Motho Ngwana A Bakeresete Ba Ka go Dira?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Imela Motho Ngwana Ke Eng?
  • Mathata a go Imela Motho Ngwana
  • A go Imela Motho Ngwana go Tlotla Lenyalo?
  • Mekgwa e o Tshwanelwang ke go Tlhopha mo go Yone le Dipotso Tse di Tsogang
    Tsogang!—2004
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2002
  • Palo e e Oketsegang ya Bana ba ba Tsholwang go Dirisiwa Mekgwa e e Thusang go Ima
    Tsogang!—2004
  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Nna Mmè
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 3/8 ts. 12-13

Kgopolo E E mo Bibeleng

Go Imela Motho Ngwana A Bakeresete Ba Ka go Dira?

MMOKI wa bogologolo wa Moroma ebong Horace o ne a sa itse sepe ka go imela motho ngwana fa a ne a kwala jaana: “Ga go kgathalesege gore monna o tsetswe ke mang, fa fela e le monna wa banna.” Mafoko a mokwadi wa lekgolo la bol7 wa Mofora a a reng, “Go tsalwa ga go reye sepe fa mokgwa o seyo, ” le one a kwadilwe pele ga fa go imela motho ngwana go baka tlhakatlhakano mo go tsa molao. Mme, fela jaaka Mary Thom a ile a bega mo makasineng wa Ms., ka ntlha ya boranyane jo bosha jwa pelegi, “ditiro tsa modiri wa lee, moimi wa mhumana go fitlhelela e nna ngwana, le motlhokomedi wa ngwana fa a sena go tshoIwa” di ka nna tsa kgaoganngwa ka “bommè” ba le babedi kana ba le bararo. Kgang ya “mokgwa“ le “go sa reye sepe” e ile ya raraana ebile ga e utlwale.

Mokgwa wa go imela motho ngwana o ile wa wela lefatshe ka bofefo mo magareng a bol970, mme wa tsosa mathata a tsa loago, boitshwaro, le tsa molao a a neng a sa itsiwe pele. Banyalani bangwe ba ba neng ba sa tshole ba ne ba batla go dirisa mokgwa ono wa go tshola o e seng wa ka tlwaelo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, dingaka, baemedi ba molao, le badiri ba molao ba ntse ba lomile ka meno go leka go lepalepana le boranyane jwa pelegi jo bo golelang pele ka maiteko a go thaya ditekanyetso tsa go dirisana le dikgang mabapi le tshwanelo le mokgwa tse di ileng tsa tsoga.

Go Imela Motho Ngwana Ke Eng?

Go imela motho ngwana ke fa mosadi a ima ngwana mo boemong jwa mosadi yo mongwe go tsentswe peo ya monna ka seatla mo go ene. Mo go fa mo go bidiwang go twe ke go imela motho ngwana ga tlwaelo ke fa mosadi yo o imelang yo mongwe ngwana a imisiwa ka seatla ka peo ya monna morago ga fa banyalani ba sena go dira ditumelano le ene. Ka jalo go bo go raya gore mosadi yo imetseng yo mongwe ngwana tota ke ene mmaagwe ngwana yoo wa tlholego. Go na le go imela motho ngwana morago ga gore lee la mosadi le peo ya monna wa gagwe di kopanyetswe kwa ntle ga popelo eleng tiragalo e e bidiwang go imisa ga in-vitro (test-tube), mme e bo e re go tsweng foo mhumana oo o bo tsenngwa mo popelong ya mmè yo o tlileng go mo ima gore o golele moo.

Ke ka ntlha yang fa go imela batho bana go gola jaana? Lebaka lengwe ke gore, boranyane jo bo kwa godimo jwa saense bo lemogile ditsela tse dintsi tsa go thusa basadi go nna le bana. Banyalani ba ka nna ba nna le keletso e kgolo ya go nna le ngwana, mme ka ntlha ya go sa tshole, go thibelwa ke maemo, kana go tlhaela ga bana ba ba itekanetseng ba motho a ka ba tsayang go ba godisa, ba bo ba sa nne le ene. Ka jalo ba bo ba hirisa mmele wa mongwe gore ba nne le ngwana. Ereka madi a mantsi a dirisiwa mo go seno, go imela motho ngwana go ile ga tlhalosiwa ka mafoko a a sa go mpampetseng, a a etsang “botlhanka le bokgoba jo bo patelelwang” le “go ja ntsoma bokgoni jwa go belega jwa bahumanegi.”

Kwa United States, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya New Jersey e ne ya lemoga bodiphatsa jwa gore bahumi ba ka nna baa ja ntsoma bahumanegi mo kgannyeng ya go imela motho ngwana ka go bolela jaana: “Ka bokhutshwane fela, go na le dilo tse batho ba di tsayang di le botlhokwa go na le go dirisa khumo go reka sengwe le sengwe se e ka se rekang, e ka tswa e le badiri, lorato, kana botshelo.” Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Fora e ne ya bolela gore go imela motho ngwana go tlontlolola mmele wa mosadi le gore “mmele wa motho ga o adimanwe, ga o hirisiwe, ga o rekisiwe.”

Mathata a go Imela Motho Ngwana

Go imela motho ngwana go tsala mathata a le mantsi. Mangwe a one ke ditsheko tse di seng monate tse di ka tsogang fa mosadi yo o tshotseng ngwana a batla ngwana yoo. Ke ngwana wa ga mang, a ke wa mosadi yo o mo imileng kana ke wa yo o ntshitseng lee? Ka jalo go tsholwa ga ngwana mo gantsi e leng nako ya boipelo, fa gongwe go tsala ditsheko. Mathata a mangwe ke gore: Basadi bangwe ba ba dumelang go imela ba bangwe bana ba fetola maikutlo a bone fa jaaka ngwana yoo wa ditumelano a ntse a gola le fa a sena go tsholwa. Tumelano e e dirilweng mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng e nna e thatafalela pele go e amogela. Kamano e e nonofileng e nna e ntse e direga magareng ga ga mmè le ngwana yo a mo imileng. Mmè mongwe yo o imetseng yo mongwe ngwana, yo o neng a sa akanya gore o tla nna le mathata mangwe, o tlhalosa kafa a ileng a ikutlwa ka teng mabapi le go kgaogana le ngwana wa gagwe: “O ne o ka re mongwe o sule. Mmele wa me o ne o lelela morwadiake.”

Gape, ke ditlamorago dife tse di ka nnang teng mo baneng ba bangwe ba mmè yo o imetseng yo mongwe ngwana, mo lelapeng le le amogelang ngwana yoo, mo ngwaneng ka boene? Kana go tweng fa ngwana yo o tsetsweng ke mmè yo o neng a mo imetse yo mongwe a tla a le segole? A rre o patelesega go tsaya ngwana? Fa go sa nna jalo, ke mang yo o tlamelang ngwana yoo? Mme potso e e bileng e le botlhokwa le go feta ke gore, Modimo one o leba jang go imela motho ngwana?

A go Imela Motho Ngwana go Tlotla Lenyalo?

Lefoko la Modimo le re bolelela gore o tsaya lenyalo e le selo se se boitshepo. Ka sekai, Bahebera 13:4 ya re: “A nyalô e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaò bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.”a Modimo o solofela gore Bakeresete botlhe ba tlotle lenyalo le go tswelela ba le bolokile le tlotlega. Ke eng se se leswefatsang lenyalo? Kgokafalo, e e ka tlontlololang lenyalo pele ga le direga, le boaka, jo bo ka tlontlololang lenyalo morago ga le sena go direga.

A go imela motho ngwana go tlotla lenyalo le go boloka bolao jwa lenyalo bo sa leswafadiwa? Ke nnyaa fela yo o papametseng. Go imela motho ngwana ga tlwaelo go tlhoka gore mosadi a tsenngwe peo ya monna e e abilweng. Gore Bibela ya reng go ka bonwa mo go Lefitiko 18:20, e e reng: “U se ka ua lala le mosadi oa monwe ka wèna, go itshekolola ka èna.” Ga go na gope fa Bibela e farologanyang go imisiwa ka go tlhakanela dikobo le ka go dirisa seatla. Ka jalo, mo mabakeng ao ka bobedi, go a bo go dirilwe kgokafalo kana boaka fa go imisa go diragaditswe ka monna yo eseng wa mosadi yoo kafa molaong.

Go tweng kaga go kopanyetsa lee le peo pele ga le tsenngwa mo popelong? Moo le gone go tlontlolola bolao jwa lenyalo. Gone ke boammaaruri gore, go tla bo go kopanye lee la mosadi le peo ya monna wa gagwe, mme kana kwa morago le tsenngwa mo popelong ya mosadi yo mongwe, mme ka go dira jalo a dirwa moimana. Go ima moo ga go a diragala ka ntlha ya go kopanela dikobo ga ga mmè yo o imetseng yo mongwe ngwana le monna wa gagwe. Ka jalo, dirwe tsa gagwe tsa tsalo di dirisiwa ke motho yo mongwe go na le monna wa gagwe. Seno ga se dumelane le molaomotheo wa Bibela wa gore mosadi a tsholele monna wa gagwe ngwana fela. (Bapisa Duteronome 23:2.) Go tla bo go sa tshwanela gore monna o sele go na le wa mosadi yo o tsholelang yo mongwe ngwana a dirise dirwe tsa gagwe tsa tsalo. Ga se mokgwa o o siameng wa go dirisa bolao jwa lenyalo. Ka jalo, go imela motho ngwana ga se mo go ka dirwang ke Bakeresete.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Buka e go ka dirwang dipatlisiso mo go yone ebong New Testament Word Studies e bontsha gore “bolao jwa lenyalo“ jwa Bahebera 13:4 ga bo reye lenyalo ka bolone fela mme gape le tiriso ya lone ga e a tshwanelwa go leswefadiwa.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

Pastel by Mary Cassatt, The Metropolitan Museum of Art, Gift of Mrs. Ralph J Hines, 1960. (60.181)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela