Ke Eng Fa Lefatshe Le Lesha le Emetswe ka Tlhologelelo Thata Jaana?
Bokhutlo jwa Lefatshe—Bo Gaufi go le Kana Kang?
GO FELA ga lefatshe leno go raya eng? A go raya go senngwa ga kgolokwe eno ka molelo jaaka ditumelo dingwe di ruta? Nnyaa; seo se ka nna jang jalo, ereka Pesalema 104:5, (NW) e bolela jaana: “Ga le kake la tshikhinngwa ka bosaenkae, kana ka bosakhutleng”?
Re bona karabo fa re lebelela kwa morago makgolokgolo a dingwaga a mantsi kwa lefatsheng le le neng le le teng pele ga leno. Le ne le senyegile mme le ne le tsoulogetse Modimo, ka jalo “lefatshe la nako eo le ne la senngwa fa le ne le penologelwa ke metse.” Mme legale ga e a ka ya re lefatshe leo, le le neng le dirilwe ka magodimo le lefatshe, le senngwa ke Morwalela ka motlha wa ga Noa, magodimo le lefatshe la mmatota tsa nyelediwa. Mme le ka tsela e e tshwanang go fela ga lefatshe leno ga go reye go senngwa ga dinaledi tsa magodimo le polanete e go tweng Lefatshe.—2 Petere 3:5, 6, NW; Genesise 6:1-8.
Ka dinako tse dingwe Bibela e dirisa mafoko “magodimo” le “lefatshe” ka tsela ya tshwantshetso. “Magodimo” a ka dirisiwa go raya Satane, modimo wa lefatshe leno; babusi ba lefatshe ba a ba laolang; le meya e e thata e e bosula e e mo mannong a selegodimo—eleng dilo tse tsotlhe di nang le tlhotlheletso ya bodimona mo sethong. (2 Bakorintha 4:4; Baefesia 6:12) Gantsi “lefatshe” le dirisiwa go tlhalosa batho ba ba mo lefatsheng. (Genesise 11:1; 1 Dikgosi 2:1, 2; 1 Ditihalō 16:31; Pesalema 96:1) Ke magodimo ano le lefatshe leno tse eleng tsa tshwantshetso tsa lefatshe leno le le boikepo tse 2 Petere 3:7 e reng di tlile go senngwa ka “molelō.”—Bagalatia 1:4.
Go tsweng foo Petere o bolela dikgang tse di ipedisang tsa gore lefatshe leno le legologolo le tla emisediwa ka le lesha: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Petere 3:13.
Lefatshe le Lesha le go tla Bong go Sena Dikeledi le fa e le Loso mo go Lone
Mafoko a ga Petere a gore batho ba ba tshiamo ba tla aga mo lefatsheng le lesha leo a a itumedisa, mme lefa go le jalo se Johane a se tlatsang mabapi le lone se dira gore motho a itumele fela thata! O bua jaana ka lone mo go Tshenolō 21:3, 4: “Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”
Go na le go senya lefatshe ka molelo, Jehofa o le bopetse gore le agiwe ka bosakhutleng: “Gonne go bua yana Yehofa eo o tlhodileñ magodimo; ke èna Modimo; o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa le bopèla go uñwa.”—Isaia 45:18.
Tshiamo e tla aga mo go lone ka go nne go se kitla go letlelelwa motho ope yo o sa siamang mo go lone: “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me ka baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.”—Diane 2:21, 22.
Mopesalema Dafide le ene o ne a tlhotlhelediwa go fa bosupi jwa seno: “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō. Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:10, 11.
Jesu ka boene o tlhomamisa seno, ka go bolela jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.” Bapelonomi bano ba tla segofadiwa ka magodimo a masha a tshiamo a a tla bong a ba busa, a ba ntseng ba a rapelela ba re: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 5:5; 6:10.
Letlotlo la kagiso le le tla itumelelwang ke batho ba lefatshe leo le lesha le tla itumelelwa le ke diphologolo tota: “Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga. . . . Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—Isaia 11:6-9.
Bo Gaufi go le Kana Kang?
Fa e le gore o na le tshekamelo ya go tsaya dilo tseno tsotlhe e le go ijesa dijo tsa ditoro, di se motlhofo go di dumela, ema o ikakanye pele. Mo godimo ga dikarolo tsa sesupo se se dikarolo dintsi sa go nna gone ga ga Keresete Jesu, go na le tatelano ya ditiragalo tsa Bibela tse di supang fa 1914 e le tshimologo ya go nna gone ga gagwe. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itsise fa 1914 e le ngwaga o a nang le bokao mo go bopiweng ga puso ya Bogosi jwa ga Jehofa mo lefatsheng, ba dira jalo mo makasineng wa Watch Tower wa July 1879. Bontsi jwa boraditiragalo le baeladilotlhoko ba merero ya lefatshe ba ile ba tshwaya gore ngwaga wa 1914 o ile wa bulela motlha o o farologaneng e bile o tlhomologile mo ditiragalong tsa motho, jaaka bokose e e tsamaisanang le kgang eno e bontsha.
Tiragalo e nngwe e Jesu a e fileng e fitlhelwa mo go Mathaio 24:21, 22: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshadiwa.”
Gape Jesu o ne a lemotsha gore sesupo seno se se dikarolo dintsi se tla wela ka nako ya fa batho ba ba se boneng se simologa ka 1914 ba santse ba tshela. Mo go Mathaio 24:32-34, o ile a re: “Me yana ithuteñ ka setlhare sa mofeige sechwanchō sa ōna: e re ha kala ea ōna e setse e le nana, me e kukunya makakaba, lo bo lo itse ha selemō se atametse; Le lona hèla yalo, e tla re lo bōna dilō tse cotlhe tse, lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ. Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.”
Go bona lefatshe leno le legologolo—ka dintwa tsa lone tsotlhe, mauba, malwetsi, le dintsho—di fedisitswe e tla nna selo se se tla ipedisang. Go le bona le emiseditswe ka lefatshe le lesha la tshiamo la ga Jehofa Modimo—le le tla fedisang kutlobotlhoko, dikeledi, bolwetsi, le loso—go tla dira gore go ipelwe go bo go itumelwe le go leretse Jehofa Modimo pako ka bosakhutleng, Mmopi yo Mogolo le Molaodi wa Lobopo Lotlhe.
Ka ntlha ya ditsholofelo tseno tse di molemo tse di tlang, ga go gakgamatse fa bontsi bo na le tlhologelelo e e kalo ka lefatshe le lesha la tshiamo la ga Jehofa gore le tle ka bofefo le tle go emisetsa le legologolo leno le le tletseng ka bohutsana, tlolomolao, bolwetsi, le loso! Ga go gakgamatse go bo tlhologelelo ya bone e le kgolo mo ba bileng ba na le go baya nako e e seng kgakala ya go tla ga lone! Lefa go le jalo, jaanong ga se ditiragalo tsa sesupo tse di diragalang fale le fale tsa go tla ga lone tse di re raelang go ntsha tlhagiso e e seng yone. Jaanong re bona tiragatso e e feletseng ya sesupo se se dikarolo dintsi go re neela mabaka a a utlwalang a gore re lete ka tlhologelelo go fedisiwa ga lefatshe leno le legologolo le go emisediwa ga lone ka la ga Jehofa le lesha.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
1914—Nako ya Phetogo mo Ditiragalong
TOTA le morago ga ntwa ya lefatshe ya bobedi, bontsi bo santse bo tsaya 1914 jaaka nako e kgolo ya phetogo mo ditiragalong tsa motlha ono:
“Ka boammaaruri ke ngwaga wa 1914 go na le wa Hiroshima o tota o tshwayang nako ya phetogo mo motlheng wa rona.”—René Albrecht-Carrié, The Scientific Monthly, July 1951.
“Fa esale ka 1914, motho mongwe le mongwe yo o etseng tlhoko ditiragalo tsa lefatshe o ile a tshwenngwa ke se se lebegang okare ke motsamao o o neng o sale o rulagantswe go sale pele wa go ya go tsena mo dipharagobeng tse dikgolo. Batho ba le bantsi ba ba lebang dilo ka tlhoafalo ba ikutlwa gore ga go sepe se se ka dirwang go fema go thabuela mo tshenyegong.”—Bertrand Russell, The New York Times Magazine, September 27, 1953.
“Motlha wa jaanong . . . o thaegile ka 1914, mme ga go na ope yo o itseng gore o tla fela leng le gone jang. . . . O ka nna wa fela ka go ganyaolwa ga batho.”—The Seattle Times, January 1, 1959.
“Totatota lefatshe le ne la tlhakatlhakana ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I mme le gompieno ga re ise re itse gore matsapa di ne di a tsere kae. . . . Go ne go lebega okare dilo tse motho a neng a ntse a di lora tse di molemo di ne di le gaufi. Kagiso le katlego di ne di le teng. Mme ke fa sengwe le sengwe se tlhakatlhakana. Fa esale nako eo ga re ise re tlhole re itse gore tsela ke re tseye efe.”—Dr. Walker Percy, American Medical News, November 21, 1977.
“Ka 1914 lefatshe le ne la latlhegelwa ke popagano e le gompieno le santseng le palelwa ke go nna le yone. . . . Eno e ne e le nako e go ileng ga nna le tlhakatlhakano le thubakanyo ya boleng jwa yone fela, mo dinageng ka botsone le go kgabaganya melelwane.”—The Economist, Lontone, August 4, 1979.
“Sengwe le sengwe se ne se tla tokafalela pele. Leno ke lefatshe le erileng ke tsholwa ka le fitlhela. . . . Mme erile ka ponyo ya leitlho, go sa solofelwa, mo mosong mongwe ka 1914 sengwe le sengwe sa ema tsi.”—Mmusi wa Borithane ebong Harold Macmillan, The New York Times, November 23, 1980.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Letlotlo la kagiso ya botlhe mo lefatsheng le lesha