Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Dira Jang Gore Mmino o Seka Wa Nna Selo Sa Konokono mo go Nna?
MOSHA mongwe yo o bidiwang Jackie a re, “Ke akanya gore go rata mmino ke selo se re tsetsweng ka sone, ka gore o ka bolela kafa o ikutlwang ka teng. Ke karolo e kgolo ya botshelo jwa gago fa o santse o le mosha.”
Jackie ga a ake. Lefa gone e le basha segolobogolo go lebegang ba rata mmino thata, go kgona go itumelela molotsana o o monate go lebega e le ga mongwe le mongwe wa rona. Sa gago ke go reetsa molodi wa boitumelo wa dinonyane kana mogwaso wa makhubu a metse go lemoga gore mmino ke mpho ya lorato e e tswang kwa Mmoping wa rona yo o itumetseng. (1 Timotheo 1:11; Yakobe 1:17) Lefa go le jalo, ke mpho e gantsi e sa dirisiweng sentle. Tota ebile, fa mmino o sa laolwe, o ka tsosa mathata go na le go lere molemo.
A O Tshwakgotswe ke Mmino?
Mmino o o siameng e ka nna molemo, wa nna mosola. Lefa go le jalo, le sone selo se se molemo tota fa se dirisiwa ka bontsi se ka nna diphatsa mo go wena. Seane se se tlhabang botlhale sa re: “A u bonye dinotshe? u yè hèla mo go gu lekanyeñ; u ka tla ua di kgora bobe, me ua di tlhatsa.” (Diane 25:16) Dinotshe di itsege ka go fodisa. Mme lefa go le jalo, “ga go molemō go ya dinotshe bobe” mme ebile di ka go ferosa sebete. (Diane 25:27) Ntlha ke efe foo? Dilo tse di molemo di tshwanetse go itumelelwa ka selekanyo.
Lefa go le jalo, mmino ke one selo sa konokono mo matshelong a basha bangwe. Ka sekai, mohumagatsana mongwe yo o bidiwang Jodie o bolela gore erile a santse a le mosha, o ne “a nna a reeditse mmino ka dinako tsotlhe.” A le wena o batla go dirisa nako yotlhe ya o sa robala o reeditse modumo? Jaanong itse gore se o ka nnang wa bo o se tsaya gore ke go rata mmino e ka nna ya bo e le go tshwakgolwa ke mmino.
Mosha mongwe yo o bidiwang Steve o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tsena sekolo le bana ba ba neng ba reetsa mmino le mo tlelaseng tota.” Lefa go le jalo, o dumela jaana: “Go nna ba tsentse Walkman [dihetefouno] mo ditsebeng tsa bone go ba kgoreletsa go ithuta fela thata.” Ka tsela e e tshwanang, a le wena o na le mokgwa wa go letsa mmino o o itayang tsebe o ntse o dira tiro ya gago ya sekolo kwa gae? Mme go tweng ka dinako tse di beetsweng go ithuta Bibela kana go ipaakanyetsa dipokano tsa Bokeresete? A moribo wa pina e o e ratang o a bo o ntse o dumela kwa tlase?
Gape, akanya ka ditshenyegelo tsa go nna o itse ditlhamo tsa bosheng. O dirisa madi a o a amogelang a nako eno a le kana kang mo direkotong, dikhasete, kana di-compact disc? A madi ao a ne a ka se ka a dirisediwa sengwe se se botoka?
Go tweng ka dikamano tsa lelapa? A fa lelapa le tlotla mmogo le wena o latlhela la gago, a o nna teng ka nako ya dijo—kana o itswalela mo kamoreng ya gago o reeditse mmino? Bibela e tlhagisa jaana: “Eo o itomololañ o batla keleco ea gagwè ka esi, me a shakgalèle botlhale yotlhe yo bo itekanetseñ.”—Diane 18:1.
Go Fetola Mekgwa ya Gago ya go Reetsa
Fa e le gore mmino o ja nako ya gago e ntsi, o tla bo o dira ka botlhale go reetsa mafoko a ga Baefesia 5:15, 16: “Lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula.” Seno se ka raya gore o lekanyetse tsela e o tla o reetsang ka yone le go nna bori ka mokgwa o o reetsang ka one. (Bapisa 1 Timotheo 3:2.) Ka sekai, go ka nna ga tlhokega gore o latlhe mokgwa wa gore fa o tsena fela ka kgoro ya lelapa o bo o setse o bulela mmino. Ithute go itumelela dinako dingwe go sena modumo.
Mme gone ruri, go dira jalo tota, go ka tokafatsa maduo a gago a sekolo. Dinako tse go senang modumo ka tsone di siametse go ithuta. Jaanong o ka nna wa tsaya gore go reetsa mmino go a go lapolosa. Mme ke eng o sa leke go ithuta o sa reetsa mmino, gore o tle o bone gore a go tlhomama ga gago mo go se o se ithutang ga go tokafale? Steve yo mmotlana a re, “O ka nna wa kgona go ithuta [o buletse mmino], mme lefa go le jalo o ka solegelwa molemo thata fa o sa bulela mmino.”
Gape o ka rata go beela nako kwa thoko ya go bala le go ithuta Bibela le dikgatiso tse di buang ka yone. Ka dinako tse dingwe Jesu Keresete o ne a batla “go nna a le nosi” gore a rapele le go tlhatlhanya. (Mareko 1:35, NW) A le wena o ithutela mo lefelong le le senang modumo le sisibetse ka tsela e e tshwanang? Fa go sa nna jalo, itse gore o ka nna wa bo o ikgoreletsa go gola semoyeng.
Ithute Go Ikakanyetsa
Lefa go le jalo, mo e ka nnang ya bo e le bothata jo bogolo go gaisa, ke mofuta wa mmino o o o reetsang. Steve a re: “Ke ka ntlha yang fa o fitlhela dipina tse di nang le molodi o o monate di na le mafoko a botlha jaana?” Mo metlheng ya Bibela, go ne go na le dipina tse di neng di kgothaletsa go tagwa thata le boaka. (Pesalema 69:12; Isaia 23:15, 16) Ka tsela e e tshwanang, bontsi jwa mmino wa malatsing ano o o rategang o kgothaletsa tiriso e e seng yone ya diokobatsi, tlhakanelodikobo pele ga lenyalo, le thubakanyo.a
Dithaka di ka nna tsa go gatelela gore o reetse mmino o o ntseng jalo. Gape go na le kgatelelo e e dirwang ke bagwebi ba dipina. Ka thuso ya seromamowa le thelebishene, mmino wa roko o dule kgwebo e e nonofileng e e dirang dibilionebilione tsa diranta. Babapatsi ba ba nang le maitemogelo ba a hirwa go tlhotlheletsa—le go laola—mmino o o o ratang.
Mme fa o leseletsa dithaka le metswedi ya dikgang go laola se o se reetsang, o latlhegelwa ke thata ya go itlhophela. O nna lekgoba fela le le gogwang ka tsebe. (Baroma 6:16) Bibela e re kgothaletsa gore re ikakanyetse. E re bolelela gore re “lekèl[e] go lemoga se se kgatlhañ Morena.” (Baefesia 5:10) Ga go na gore re ka solofela jang gore phuthego ya Bokeresete e sekaseke dipina tse di diketekete tse di gololwang ngwaga le ngwaga le go re neela lenaane la tse di gannweng le la tse di amogetsweng. Nnyaa, o tshwanetse go ruta “dinonofo tsa gago tsa tlhaloganyo . . . go lemoga molemo le bosula.”—Bahebera 5:14, NW.
O ka dira seo jang? Ebu, sekaseka dikakantsho tse di latelang tseno:
Sekaseka Sephuthelwana: Gantsi, ka go lebelela fela sephuthelwana le dilo tse di o bapatsang go ka go thusa go tlhaloganya gore o ntse jang. Ditshwantsho tse di bontshang tlhakanelodikobo di sa fitlhe sepe, thubakanyo, kana tirisabadimo di tshwanetse tsa re tlhagisa. Ka jaana go raya gore le mmino o o mo teng o ka nna wa bo o le makgapha fela jalo. Fa go kgonega, bala mafoko a a mo khabareng.
Ela Tlhoko Gore e Bua ka Eng: ‘Leka mafoko’ a pina ka go ela tlhoko leina la yone le mafoko a yone. (Yobe 12:11) A reng? A gone o ka rata go reetsa kana go boaboeletsa megopolo eo? A megopolo eno e dumelana le mekgwa ya gago le melaometheo ya Bokeresete?—Baefesia 5:3-5.
Ela tlhoko gore o go Ama Jang: O go ama jang? A mmino o na le go go hutsafatsa kana go go thamisa go feta selekanyo? A o iphitlhela o nna o akantse ka megopolo e e phoso fa o sena go o utlwa? A o setse o simolotse go dirisa mafoko a setsotsi a a dirisiwang mo mminong?—1 Bakorintha 15:33.
Akanyetsa Ba Bangwe: Batsadi ba gago ba ikutlwa jang ka mmino wa gago? Ba botse. Akanya gape le ka tsela eo Bakeresete ka wena ba ka nnang ba ikutlwa ka yone ka mmino wa gago. A ga o kake wa kgopisa bangwe?—Baroma 15:1, 2.
Rata Mmino o o Farologaneng
Go ka nna ga bo go tlhokega gore o fetole mmino o o o ratang. Mme ereka o kgona go nna le lorato mo selong, go raya gore o ka kgona go se fetogela. Moletsi mongwe yo o tumileng a re: “Bana ba le bantsi ga ba ise ba ko ba kopane le sepe fa e se mmino ono o o bapaditsweng thata.” Tharabololo ke efe? O se ka wa rata mofuta wa mmino o le mongwe fela fela. Leka gore o oketse mefuta ya mmino e o e ratang.
Legale, o santse o tlhoka go tlhopha. Mme mo mminong wa setso, wa jese, le, ee, mo mminong wa tlelasiki, go na le o montsi o o phepa o o ka ithutang go o rata. Tota ebile, o ka nna wa bo o setse o itumelela mmino o o ntseng jalo o sa itemoge. Ka sekai, mmino wa tlelasiki o ka nna wa bo o dirisitswe mo go dingwe tsa dibaesekopo tse o di ratang thata le dipontsho tsa thelebishene. Akanya gore mmino oo o ka itumedisa jang fa o ne o ka o reetsa o sa kgorelediwe ke sepe.
Basha bangwe ba Bakeresete ba setse ba simolotse go fetola mmino o ba o ratang ka go reetsa ditheipi tsa Kingdom Melodies tse di dirilweng ke Mokgatlho wa Watch Tower. Dipina tseno, tse di itsiweng ke Basupi ba ga Jehofa botlhe, di na le mefuta e e farologaneng ya mmino o o phepa. Go na le mefuta e e farologaneng ya mmino o o siameng e ditsala di ka nnang tsa e akantsha. Michelle a re, “Tsala nngwe ya me e ne ya nthuta gore ke natefelelwe ke mmino wa okhesetera—jaaka wa ga Beethoven.” O ipolela jaana, “Ke kile ka bo ke o ila.”
Tsela e nngwe ya go oketsa mefuta ya mmino e o e ratang ke ka go ithuta go letsa seletso sengwe sa mmino. Ga se fela gore seno se tla go gwetlha le go go kgotsofatsa, mme gape go ka nna ga go dira gore o itse mefuta e mengwe gape ya mmino go na le roko. Jackie a re, “Go letsa mmino go monate eleruri, ka gore o a bo o na le bokgoni mme ebile o bo dirisa.” Ka maitekonyana a a rileng o ka nna ebile wa kgona go tlosa ba bangwe bodutu ka tsela e e phepa.
Ke boammaaruri gore mmino ke mpho ya Modimo, mme lefa go le jalo re tshwanetse go ela tlhoko gore re e dirisa sentle. Mosha mongwe o dumela jaana: “Ke na le mmino o ke itseng gore ke tshwanetse go o latlha. Mme lefa go le jalo o monate.” Lefa go le jalo, akanya ka tshenyo e mosha yono a e dirang mo mogopolong le mo pelong ka go reetsa se se sa siamang! Tila serai seo. O se ka wa letlelela mmino go senya le go laola botshelo jwa gago. Ngaparela ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Bokeresete mabapi le mmino wa gago. Rapela gore Modimo o go kaele le gore a go thuse fa o tlhopha mmino wa gago. Batla ditsala tse di nang le maikutlo a a tshwanang le a gago.—Baroma 12:2, 12.
Mmino o ka go thusa gore o lapologelwe. O ka kgona go go tlosa bodutu fa o le nosi. Mme fa o didimala, mathata a gago a a bo a santse a setse. Mme ebile dipina ga di ka ke tsa emisetsa ditsala tsa boammaaruri. Ka jalo se letle mmino go nna selo sa konokono mo botshelong jwa gago. O itumelele, mme fela o se ka wa go laola.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona ditokololo tsa Tsogang! tsa February 8, 1993 le March 8, 1993.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
A mmino o kgoreletsa go ithuta ga gago?