LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 4/8 ts. 16-17
  • A Re Patelesega Go Lefa Maikano A Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Re Patelesega Go Lefa Maikano A Rona?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Se Diipatonyana Fela
  • Nna le Segakolodi se Molemo
  • Maikano a a Phoso kana a e Seng a Dikwalo
  • Sekaseka Maikano a Gago a Pele le a Nako e e tlang
  • Diragatsa Se o Se Solofeditseng
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “Se o Se Ikanelang, se Diragatse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Ba ba Ikanyegang mo go Jehofa ba Dira Se ba Se Solofeditseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 4/8 ts. 16-17

Kgopolo E E mo Bibeleng

A Re Patelesega Go Lefa Maikano A Rona?

BANYALANI ba tota bone ba itumetseng ba lebane le bothata jo bo hutsafatsang. Dingwaga tse dintsi tse di fetileng, fa lelapa la bone le ne le le mo mathateng a magolo, ba ne ba ikana go abela Modimo ditsabosome tsa madi a ba a amogelang fa a ne a ka ba ntsha mo mathateng a bone. Mme jaanong, mo nakong eno ba setse ba tsofetse mme ebile ba na le mathata a madi a ba neng ba sa a solofela, ba ipotsa jaana, “A re patalesega go diragatsa maikano ano?”

Ntshenatshe e ba mo go yone e dira gore kgakololo ya monna yo o botlhale kgatlhanong le go phamoga mo puong e utlwale: “Go molemō, go re, u se ikane, bogolo go go re, ua ikana me u sa lehe. U se ka ua leseletsa molomo oa gago oa leohisa nama ea gago; le gōna u se ka ua bua ha pele ga moengele, ua re, E ne e le timèlō.”—Moreri 5:5, 6.

Ga Se Diipatonyana Fela

Le mororo maikano a e seng a boammaaruri le ditsholofetso tse e seng tsone di tlwaelesegile mo bathong ba motlha ono ba boitshwaro jo bo repileng, ga re ka ke ra solofela gore Modimo o dumele diipato tsa boithamako; mme ebile le bagwebi ba itse go feta seo. Setlhogo sengwe se se reng “Business Integrity: An Oxymoron?” mo makasineng wa Industry Week se ne sa bua jaana ka khutsafalo: “Ga re tlhole re tshepa gore batho ba bua boammaaruri, go dira se se siameng go na le se se ba solegelang molemo, go dira go ya ka ditumelano.” Lefa gone maaka a a tshwanang le bo “ke positse tšheke” a ka nna a go fa sebaka le batho ba o ba kolotang, ga o ka ke wa tsietsa baengele.

Seno ga se reye gore Modimo o dirisa baengele go dira gore batho ba lefe maikano a bone ka tsela e e tshwanang le ya ga radikoloto yo o sa siamang yo o ka nnang a dirisa dirukhutlhi go batla madi a a nang le lekgetho le le kwa godimo mo bathong ba ba senang se ba ka se itirang. Go na le moo, ka lorato Modimo o dirisa baengele ba gagwe jaaka “meōea e e dihèlañ, e e roñwañ mo tihoñ ka ntlha ea ba ba tla ruañ polokō.” (Bahebera 1:14) Ka lebaka leo, baengele ba ka kgona mme ebile ba tsaya karolo mo go arabeng dithapelo tsa rona tse di tswang pelong.

Lefa go le jalo, a fa re tswelela ka go dira ditsholofetso tse eseng tsone mo dithapelong tsa rona, re ka solofela gore Modimo o re segofatse? Monna yo o botlhale a re: “Ana Modimo o ka bo o galehèlèlañ lencwe ya gago, o ba o senya tihō ea diatla tsa gagō?”—Moreri 5:6b.

Ka jalo, ga se go boifa moengele yo o ipusolosetsang mo go tshwanetseng ga re dira gore re lefe maikano a rona go na le go dira diipato. Go na le moo, re tshwanetse go tseela kwa godimo kamano ya rona le Modimo mme ka boammaaruri re eletse gore Modimo o amogele tiro e re e dirang. Ke fela jaaka banyalani ba ba umakilweng fa godimo ba ile ba bua sentle ba re: “Re batla go nna le segakolodi se se siameng fa pele ga Modimo le go dira go ya kafa thatong ya gagwe.”

Nna le Segakolodi se Molemo

Gore re tle re kgone go nna le segakolodi se se phepa mabapi le go lefa maikano a rona, re tshwanetse go itshekatsheka ka boammaaruri. Go tshwantsha: A re re mongwe o ne a go kolota madi a mantsi mme e bo e re ka ntlha ya mathata mangwe a a mo wetseng a bo a sa kgone go go duela. O ne o tla itumedisiwa ke eng thata—a ke fa a ne a ka e tsaya motlhofo fela a bo a re ga a ka ke a kgona go duela kana ke fa a ne a ka rulaganya gore a go duele bonnyennyane jo bo rileng, ka metlha go ya kafa a ka kgonang ka teng?

Ka mabaka a a tshwanang, a re re motho o ne a dirile maikano ka go phamoga a gore o tla direla ka metlha kana a gore o tla dirisa ditsompelo dingwe mo ditirong dingwe tse di tshwanetseng tsa Bokeresete a a ka se kang a diragadiwa. A ga re kitla re ikutlwa re patelesega go dira sengwe se gongwe se tla re dirang gore re nne gaufi le go dira se re se ikanetseng go ya kafa maemo a re letlang ka teng mo nakong eno? Paulo o ile a kwala jaana, “Gonne ha go rata go le gōna goa bo go lebosèga” le fa e le gore re ya go aba go le go golo kana go le gonnye. (2 Bakorintha 8:12) Mme go tweng ka maikano a motho a a dirileng pele ga a bona kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Bibela?

Maikano a a Phoso kana a e Seng a Dikwalo

Fa re ka itse gore maikano ga a phepa kana e se a boitsholo jo bo siameng, re tshwanetse go a latlha jaaka legala le le molelo! (2 Bakorintha 6:16-18) Dikai tsa maikano a a seng phepa ke:

◻ Maikano a a diretsweng medimo kana medimogadi ya maaka, e e etsang “kgosi ea sesadi ea legodimo” ya Sebabelona.—Yeremia 44:23, 25.

◻ Maikano a a seng kafa molaong, jaaka maikano a banna ba le 40 a gore ga ba kitla baa ja dijo go fitlhelela ba bolaya moaposetoloi Paulo.—Ditihō 23:13, 14.

◻ Maikano a botenegi a a latelang “dithutō tsa badimo, ka . . . ba ba buañ maaka . . . , Ba itsa batho go nyala, ba laola gore go ilwè diyō tse Modimo o di tlhophetseñ go amogèlwa ka tebogō ke ba ba dumèlañ le ba ba itseñ boamarure.”—1 Timotheo 4:1-3.

Ka jalo, ka phepafalo re ka nna ra tshwanelwa ke go latlha maikano mangwe a pele. Mme ke eng fa o ka batla magotlho mo maikanong a a sa ameng sepe se e seng sa dikwalo? A kitso ya rona e e tlhomameng ya jaanong ga e a tshwanela go re dira gore re tlotle thatathata maikano a rona a pele?

Sekaseka Maikano a Gago a Pele le a Nako e e tlang

Seno se raya gore re tshwanetse go akanya sentle pele ga re oketsa maikano ape fela mo kobamelong ya rona mo isagweng. Maikano ga a tshwanela go dirisediwa go tlhotlheletsa motho go dira sengwe kana go sa dire sengwe, jaaka go oketsa nako e motho a e dirisang mo kobamelong ya Bokeresete kana go ikgapa mo go jeng bobe. Legale, Jesu gaa a ka a kgala maikano otlhe, jaaka ka sekai, fa a tlhokega mo kgotlatshekelong ya molao. Mme go itshupa sentle gore o ne a baya tekanyetso fa go tla mo maikanong a mangwe otlhe, ka gore o ile a tlhagisa jaana: “Gapè, lo utlwile ha go reilwe ba bogologolo, ga twe, U se ka ua ikana ka go aka, me u tlhōmamisetsè Yehofa go ikana ga gago: Me nna ke lo raea, ke re, Se ikaneñ ka gopè.” (Mathaio 5:33, 34) Ke ka ntlha yang fa a ne a ikutlwa jaana? A ke ka go bo maikano a ne a sa tlhole a na le bokao jaaka pele?

Maikano a babolokabothokgami ba bogologolo gantsi a ne a dirwa ka mabaka mangwe. Ka thapelo ya tlhoafalo ba ne ba e tle ba solofetse Jehofa jaana, ‘Fa o ka nthusa go fenya mathata ano, ke tla go direla seno le sele.’ Mme Jesu o ne a re: “Ha lo lōpa Rara señwe, o tla se lo naea ka leina ya me.” Go na le go akantsha gore ba dire maikano a a nang le mabaka a a patikang, Jesu o ne a ba tlhomamisetsa gore: “Ga lo e se lo ko lo lope sepè ka leina ya me le gompiyeno: lōpañ, me lo tla amogèla.”—Yohane 16:23, 24.

Go ikanya leina, kana maemo a ga Jesu go tshwanetse gape ga gomotsa motho ope fela yo o ikutlwang a le molato ka gore—lefa gone a ka dira maiteko o ka se kgone go diragatsa se a se solofeditseng Modimo ebong “se a tshoganeng a se solofeditse ka dipounama tsa gagwe.” (Lefitiko 5:4-6, NW) Lefa gone re sa itlhokomolose maikano a rona a pele, mo nakong eno ga se fela gore re ka kgona go rapela mo leineng la ga Jesu mme gape re ka kopa Modimo go dirisa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo mo dibeng tsa rona, mme re ka kopa maitshwarelo mo leineng la ga Jesu. Ka jalo re ka amogela “botlalo jwa tumelo, ereka jaana dipelo tsa rona di [tlositswe] segakolodi se se boikepo.”—Bahebera 10:21, 22, NW.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Priests taking vows at Montmartre

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela