LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 5/8 ts. 23-25
  • A Ke ke Fudugele kwa Lefatsheng Le Le Humileng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ke ke Fudugele kwa Lefatsheng Le Le Humileng?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Itlhaganelele go Tsaya Tshwetso
  • O Se ka Wa Dumela Sengwe le Sengwe Se O Se Utlwang
  • Sekaseka Mathata le Mosola
  • Dira Gore Tshwetso E O E Tsereng E Atlege
  • Nna O Gakologetswe Gore Ke Eng Se Tota O se Tlhokang
  • Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Botshelo jo bo Itumedisang mo Tirelong ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ke Eng Fa Re Tshwanetse go Fuduga?
    Tsogang!—1994
  • Bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 5/8 ts. 23-25

Basha ba Botsa Jaana . . .

A Ke ke Fudugele kwa Lefatsheng Le Le Humileng?

TARA o ne a fuduga kwa ga bone kwa Trinidad, Sheila o ne a tloga kwa Jamaica, fa Erick ene a ile a tloga kwa Suriname. Basha bano botlhe ba ne ba le lebisa kwa lefatsheng le le humileng. Ka ntlha yang?

Tara o tlhalosa jaana, “Rona basha ba Trinidad, re tlhotlhelediwa thata ke se re se bonang mo dimakasineng le mo thelebisheneng. Ka maswabi, seno se re neela setshwantsho se se feteleditsweng ka United States le mafatshe a mangwe a a humileng.”

Sheila le ene o bua se se tshwanang le seo: “Ke gakologelwa ke bolelelwa ka diphatlha tse dintsi tsa ditiro le thuto ya mahala.” Legale, o ne a tlatsa jaana: “Lefa ke sa itse lebaka la bone, bao ba setseng ba kile ba ya kwa mafatsheng ao ga ba ke ba bua ka dilo tse di sa siamang tsa koo. Gongwe ke gore ba tlhabiwa ke ditlhong go bolela gore dilo ga di tsabakele jaaka ba ne ba solofetse.”

Go sa kgathalesege seo, batho ba tsweletse ka go fuduga. Pego e e neng e le mo go Los Angeles Times e ne ya bontsha gore go tloga ka 1980 go ya go tsena ka 1990, palo ya batho ba ba ileng ba fudugela kwa mafatsheng a mangwe e ne ya menagana sebedi mme go solofelwa gore e tla bo e menagane sebedi gape ka 2000. Ngwaga le ngwaga batho ba le 700-000 ba fudugela kwa United States. Australia, Canada, Côte d’Ivoire, le Saudi Arabia le one a gorogelwa ke batswakwa ba ba fetang 50 000 ngwaga le ngwaga lengwe le lengwe la one, bontsi jwa bone e le ba ba batlang botshelo jo bo botokanyana.

Le wena fa o nna mo lefatsheng le le humanegileng kana le le tlhabologang, o ka nna wa iphitlhela o ipotsa gore a isagwe ya gago e ne e ka seke e nne botoka kwa nageng e e humileng. Eno ke tshwetso e e bokete. O ka tlhopha jang ka botlhale?

Se Itlhaganelele go Tsaya Tshwetso

Erick, go tswa kwa Suriname, o dumela gore o se ka wa ba wa potlaka mme go na le moo o tshwanetse go batla tshedimosetso e ntsi ka mo o ka kgonang ka gone. A re, “Le gone mo Suriname mo, malapa a le mantsi a na le masika kwa mafatsheng a a humileng, mme ka jalo o ka kgona go bona tshedimosetso ya bosheng le go itse ka seemo sa boammaaruri sa itsholelo ya lefatshe lotlhe.”

Pele ga o tsaya tshwetso, gakologelwa: “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle: me mo bontsiñ yoa bagakolodi a tla a tlhōmame.” (Diane 15:22) Ka jalo bolelela batsadi ba gago, bagolwane ba Bakeresete, le ba bangwe ba ba nang le maitemogelo le ba ba amegang ka wena maikaelelo otlhe a gago o sa lobe sepe.

O Se ka Wa Dumela Sengwe le Sengwe Se O Se Utlwang

Fa o bolelelwa ka dipego tse di rokotsang mathe ka dinaga tse di atlegileng tse di kgakala, go nna le dipelaelo tse di rileng go a tlhokega. Seane se se tlhabang botlhale sa re: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.”—Diane 14:15.

Sheila, yo o neng a nna kwa Jamaica, o ne a re: “Morutabana wa me wa Seesemane o ne a gatelela gore fa nka fudugela kwa United States ke tla bo ke itiretse molemo o mogolo go e gaisa yotlhe. Bagolo bangwe ba ne ba mpolelela gore fa ke ka ya kwa Canada, United States, kana Engelane, ke tla tokafalelwa ke dilo go sa kgathalesege gore ke ya go dira tiro efe. Ka bokhutshwane fela, ke gore ke tla bo ke le sematla go gana go tsamaya.”

A mme go fudugela ga gagwe kwa United States go ile ga mo thusa tota? “Ka ditsela tse dintsi botshelo jwa me bo ne jwa tokafala, mme lefa go ntse jalo le ditsala tsa me tse di neng tsa sala kwa Jamaica di ne tsa tokafatsa matshelo a tsone le tsone. Gantsi o ananya mathata ka a mangwe. Kwa o nna teng ga go ka ke ga dira pharologanyo kwa ntle ga gore o fufule.”

Tara, yo o neng a fudugela kwa United States a tswa kwa Trinidad, o a dumelana: “Batho ba bua ka mafatshe a a humileng jaaka mafelo a mo go one o ka bonang sengwe le sengwe—go ithuta, go bereka, go huma madi a mantsi, le go tshelela mo maemong a a botoka. Mme jaanong bontsi jwa ba ba ileng ba fuduga ba lemoga gore maemo a befela pele gongwe le gongwe. Bangwe ba bile ba boetse gae.”

Sekaseka Mathata le Mosola

Gore o kgone go tsaya tshwetso e e lekalekaneng, sekaseka mabaka otlhe e seng fela dipego tse di bolelang ka letlotlo la dikhumo la dinaga tse dingwe. Sekaseka mathata le mosola wa go fuduga mabapi le itsholelo, loago, boitsholo, le bomoya.

Ka sekai, gongwe seemo sa itsholelo se ka nna sa bo se le maswenyana mo gaeno. Mme lefa go ntse jalo a ga go na diphatlha tsa mebereko gaufi le legae? Tara a re, “Kwa gaetsho, go tlhoka ditiro go ne go le kwa godimo thata, bogolo jang mo go ba ba sa itewang diatla thata.” Ka jalo o ne a fuduga; bokgaitsadie ba ne ba sala. “Bokgaitsadiake ba babotlana ba babedi ba ne ba ithutela go betla le go roka ditilo. Mme jaanong ba bereka mo madirelong mme ba kopiwa ke batho ba le bantsi ba ba ratang tiro ya bone gore ba ba direle dilo. Gongwe ebile ba tshela botoka kwa gae go na le nna mono ‘mo lefatsheng la mashi le dinotshe.’”

Fa o fuduga, go na le sebaka sa gore o nne le mathata a go iphitlhela o tshwana le tlhapi e dule mo metsing, gongwe le gone go tlhaselwa ga mekgwa e o e tseelang kwa godimo. A go tlhokega gore o fuduge mo o ka ikemisetsang go lebagana le seemo se se ntseng jalo? Gape, go rata dikhumo ke selo se se kwa godimo mo mafatsheng a a atlegileng. Moo go ka ama bomoya jwa gago jang?

Go Ithuta Ka Diphoso tsa ga Esau

Fa go tla mo go sekasekeng molemo le mathata a a teng ka ditshwetso, Esau yo o tshedileng mo metlheng ya Bibela o ne a na le bothata jo bogolo. Gangwe le gape o ne a retelelwa ke go tsaya tsia mabaka a botlhokwa eleng bomoya jwa gagwe le lelapa la gagwe. Ka ntlha ya seo, dingwe tsa ditshwetso tsa gagwe tse dikgolo di ile tsa felela ka matlhotlhapelo.

Bibela e tlhagisa kgatlhanong le “motho eo o tlhapatsañ, yaka Esawe, eo o lesitseñ botsalwapele yoa gagwè yoa rèkwa ka seyōnyana se se kgorwañ gañwe hèla.” (Bahebera 12:16) Tshwanelo eno ya matsalo e ne e e itshepile. Modimo o ne o neetse lelapa la ga Esau sebaka sa gore Mesia a tsholwe ka losika lwa lone, ene yo o neng e tla nna konokono ya go bolokwa ga setho. (Genesise 22:18) Lefa go ntse ‘Esau o ne a nyatsa tshwanelo ya matsalo.’ O ne a e rekisa le go bonya a sa bonye ka dikgobe tsa dinawa! (Genesise 25:30-34) Selo se se itshepileng go gaisa se o nang le sone ke kamano ya gago le Mmopi wa gago. O seka wa e ananya, wa e itlhokomolosa, kana wa e tsenya mo kotsing fela ka ntlha ya dikhumo.—Mareko 12:30.

Kwa morago, fa Esau a fuduga mo legaeng le a goletseng mo go lone a ya kwa nageng e nngwe, o ne a nyala basadi ba le babedi ba Bahite. Manyalo ano a ka nna a bo a ne a lebega a na le mabaka, mme ka fa go tsa semoya a ile a lere mathata ka gore basadi bao ba ne ba sa obamele Modimo wa batsadi ba ga Esau ebong Isake le Rabeka. Basadi bao e ne e le “kutlwishō botlhoko mo peduñ” tsa batsadi ba gagwe.—Genesise 26:34, 35.

Go tlwaelesegile gore basha ba nyale kana ba nyalwe fela ka ntlha ya go batla go ya go nna kwa lefatsheng le le humileng. Go begwa gore kwa India go fuduga betsi le bagwe ba le 4 000 ngwaga le ngwaga ba ya kwa United States, mme go na le ba le 10 000 ba ba santseng ba emetse go fuduga. Lefa go ntse jalo, lenyalo ke mpho e e botlhokwa ya Modimo. Ga le a tshwanela go tlhofofadiwa, le dirisiwa fela jaaka thekethe ya go tlola molelwane. Gape, akanya fela gore go ne go tla hutsafatsa Jehofa jang le balelapa la gaeno ba ba boikanyo fa e le gore o ne o tla ‘pataganela jokwe le motho yo o sa dumeleng.’—2 Bakorintha 6:14.

Dira Gore Tshwetso E O E Tsereng E Atlege

Ka fa o diragatsang tshwetso ya gago ka teng go ka nna botlhokwa thata go gaisa tshwetso ka boyone. Fa e le gore ga o fuduge kana o akanya gore o tsamaye, ntlha ya konokono ke gore o dire gore tshwetso ya gago e atlege.

Fa o sa fuduge: O se ka wa nyatsa ba ba fudugang. Tshwetso ya bone ke morwalo wa bone. (Baroma 14:4; Bagalatia 6:4, 5) Ithute go itumedisiwa ke bontle le melemo e e bonwang fela mo lefatsheng la lona. Ithute go rata batho le go lela le bone mo mathateng le dikgwetlho tse di ba lebaneng.

Fa o fuduga: Rulaganya dilo tsa gago go ya ka botlhokwa jwa tsone ka tsela e e botlhale fa jaaka o ntse o ithuta mekgwa e mesha gongwe le puo. O se ka wa bereka diura tse dintsi fela gore o bone dilo tse di bonalang tse o iseng o ko o di tlhoke pele. Eseng jalo o ka nna wa iphitlhela o tshwaregile mo eleng gore o tlhoka nako ya dilo tsa semoya.

Sheila o dumela jaana, “Mo malatsing ano go botlhokwa thata go bereka. Lefa go ntse jalo, lelapa, ditsala, le dilo tsa semoya di botlhokwa thata go gaisa seo. Fa tsotlhe di padile, ke tsone tse di re tshegetsang gore re tswelele.” Bibela e re tlhaba botlhale ka go re tlhagisa kgatlhanong le ‘go ipapalela [ka lefatshe] leno go feta selekanyo; ka gore dilo tsa lefatshe leno di a fetoga.’ (1 Bakorintha 7:31) Botlhe ba ba atlegang ba baya matshwenyego a bone ka tiro le madi mo maemong a tsone—kwa morago thata ga dilo tse di tlhokwang ke lelapa le tsa semoya.

Tlhopha ditsala tse disha ka kelotlhoko. Erick a re: “Atamelana le ditsala tse di tla go thusang go tshela botshelo jo bo agang.”

Nna O Gakologetswe Gore Ke Eng Se Tota O se Tlhokang

Dilo tse totatota re di tlhokang gore re itumele ka boammaaruri ga di fetoge. Sheila a re, “Go sa kgathalesege gore re nna kae, Jehofa o re batla dilo tse di tshwanang rotlhe.” Ke dife tsone tseo? Jesu o ne a di papamatsa jaana: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ.” ‘Ga ba ke ba tlhobaela’ ka gore ga ba na diaparo tse di lekaneng kana dijo. Batla pele “bogosi . . . le tshiamō [ya Modimo]; me dilō cotlhe tse [o] tla di okelediwa.”—Mathaio 5:3; 6:31, 33.

Go tshela tumalanong le melaometheo eno go tla go thusa gore o bone botshelo jo bo botoka mo nageng nngwe le nngwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Mafatshe a a humileng a ka nna a gogela ka tsela e e leng gore tota ga e boammaaruri thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela