Kgopolo E E mo Bibeleng
Keresete O Teng!
“MANDELA o e tla! Mandela o e tla!” ga opela jalo bana ba Soweto, kwa Afrika Borwa. Go gololwa ga ga Nelson Mandela mo kgolegelong ka February 11, 1990, go ne go tsewa gore ke tshimologo ya diphetogo mo Afrika Borwa. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse dintsi pele ga a gololwa, o ne a ntse a na le tlhotlheletso. Lefa a santse a le mo kgolegelong, o ne a lwa ka tlhoafalo “ntwa e e sa feleng kgatlhanong le tlhaolele.” Fela jaaka makasine mongwe wa dikgang o ile wa bolela, dingwaga tse 27 mo kgolegelong ga di a ka tsa “fokotsa tlhotlheletso ya gagwe—kana go tlhabana ga gagwe.” Go gololwa ga gagwe go tshwantsha sentle pharologanyo magareng a go tla le go nna teng.
Ka tsela e e tshwanang, mabapi le go tsaya bogosi ga ga Jesu Keresete, bakwadi ba lekgolo la ntlha ba Bibela ba farologanya go tla le go nna teng ga gagwe. Go nna teng mo bogosing ga ga Keresete Jesu go tla lemotshega le go itshupa dingwaga tse dintsi pele ga “a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo.” (Mathaio 24:30) Go nna teng ga ga Keresete a sa bonale (Segerika, pa·rou·siʹa) go tla tla pele ga go tla ga moo (Segerika, erʹkho·mai) a tla go diragatsa katlholo kgatlhanong le losika lono lo lo kgopo le la batsoulodi.
Pa·rou·siʹa E Raya Eng?
Lefoko la Segerika pa·rou·siʹa tota le raya “go bapa” mme “le ne la dirisiwa semmuso go tlhalosa ketelo ya motho wa maemo a a kwa godimo, bogolo jang dikgosi le babusibagolo fa ba ne ba etetse dikgaolo.” Theological Dictionary of the New Testament ya re: “[Parousia] bogolo thata le raya go nna teng mme o dira sengwe.” Mme mabapi le go nna teng ga ga Keresete Jesu, buka e go tweng The Parousia ya re: “Dikwalo ga di bue gope ka ‘Parousia ya bobedi.’ Go sa kgathalesege gore e ne e tla nna selo sa mofuta mang, e ne e tla nna selo sa mofuta wa sone fela, se se iseng se ko se diragale gope, mme se se kitla se diragala gape. E ne e tla nna go nna teng mo go neng go tla farologana ebile go fetela kgakala go iponatsa gotlhe mo a kileng a go dira mo bathong.”
Fa a akgela mabapi le mafoko a ga Jesu a boperofeti fa a ne a araba potso e a neng a e bodiwa ke baaposetoloi mo Thabeng ya Lotlhware, Porofesa A. T. Robertson mo go Word Pictures in the New Testament o kwala gore Jesu o ne “a dirisa go senngwa ga tempele le ga Jerusalema mo go ileng ga diragala mo losikeng lone loo ka A.D. 70, jaaka sesupo sa go tla ga gagwe ga bobedi le ga bokhutlo jwa lefatshe . . . kana go fela ga motlha.” Dipotso tseo e ne e le dife, mme Jesu o ne a di araba jang?
Sesupo sa Go Nna Teng Ga Ga Keresete
Go ya ka pego jaaka fa e ntse mo go Mathaio 24:3, (NW), baaposetoloi ba ne ba botsa jaana: “Re bolelele, Dilo tseno di tla diragala leng, mme sesupo sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e tla nna eng?” Fa a araba, Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe sesupo se se neng se tla nna bosupi jo bo bonalang jwa go nna teng ga gagwe mo Bogosing. Sesupo sotlhe se ne se akaretsa dintwa tse di matlho mahibidu, go anama ga tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe tse di maswe, leroborobo la malwetsi, le go ntsifala ga tlolomolao le poifo. Go nna teng ga ga Keresete e ne e tla nna nako ya tlhakatlhakano le tlhobaelo mo lefatsheng lotlhe. Dipuso tsa batho le baeteledipele ba lefatshe ba ne ba tla retelelwa ke go lepalepana ka katlego le tsamaiso e e wang.—Mathaio 24:7, 12; Luke 21:11.
Go tlhomamisa boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a boperofeti, porofesa ya dithuto tsa polotiki ebong John Meisel, o ne a re: “Motlha o mogolo o tla mo bokhutlong jwa one, mme o tla emisediwa ka o popego ya one e sa itsiweng thata.” Morago ga go akgela ka go swa ga Bokomanisi, go palelwa ga Bososhialese, le go tlhaela ga bokapitalise, Porofesa Meisel o ne a tswelela jaana: “Mathata a mantsi a motho a fetela kgakala bokgoni jwa disaense tsa loago mme a tlhoka mekgwa e mengwe go a rarabolola.” Mme seo se raya eng? “Dikgopolo tse dikgolo tsa lefatshe la gompieno di a phutlhama mme di tlhoka go emisediwa.”
Go Nna Teng Ga Ga Keresete A Tsentse Letsogo
Go sa kgathalesege maemo a a tlhomolang pelo le tshwafalo ya lefatshe, go nna teng ga ga Jesu mo bogosing go ile ga simologa dingwaga tse 75 tse di fetileng mme go ile ga lemogiwa ka tsela e e papametseng le e e nang le mosola.a Go sa kgathalesege tshenyo e e dirilweng ke dintwa tse pedi tsa lefatshe, Kgosi e e busang, Keresete Jesu, o ne a ntse a na le seabe sa go tlhoma morafe wa batho—batho ba ba ipitsang ka Jehofa “ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō.” Go nna teng le go tsenya letsogo ga ga Keresete go ile ga kgotletsa thulaganyo ya go rera le ya go ruta mo lefatsheng lotlhe e e ileng ya ama dipelo tsa dimilione tsa batho ba dipelo tse di ikanyegang. Ba ile ba tlhotlheletsega go ema ka fa letlhakoreng la Bogosi jwa ga Jehofa jo bo mo diatleng tsa ga Keresete Jesu.—Tshenolō 7:9, 10.
Ka ntlha ya go bo bosupi jo bo oketsegang letsatsi le letsatsi jwa sesupo se se dikarolo dintsi sa go nna teng ga ga Keresete bo ntse bo diragadiwa, go a tshwanela go tlhagisa Bakeresete gore re atamela bofelo jwa motlha. Eno ke nako ya go “tlhōkōmela segolo thata” Kgosi e e busang, Keresete Jesu. (Bahebera 2:1) O gakolola jaana: “Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:36.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Puso ya ga Jesu Keresete ya bogosi e simolotse go busa ka 1914. Go bona tlhaloso e e tletseng ka kgang eno, bona dikgaolo 16 go ya go 18 tsa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ka 1982 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.