Go Dira Gore O Itumele mo Lenyalong
Ke eng se se ka dirang gore lenyalo le atlege?
Ke kaelo ya ga mang e e dirang gore lenyalo le itumedise?
Mathata a puisano a ka rarabololwa jang?
KA NTLHA ya go tlhotlhelediwa ke dibuka tse ba neng ba di bala tse di buang ka go gololesega ga basadi, Yasuhiro le lekgarebe la gagwe ebong Kayoko, ba ne ba simolola go nna mmogo, ba ipolela gore ba ka kgaogana nako nngwe le nngwe fela fa ba batla. Ba ile ba nyalana ka fa molaong fela morago ga gore Kayoko a ime. Le fa go ntse, Yasuhiro o ile a nna a tswelela ka go nna le dipelaelo ka thulaganyo ya lelapa. Fa mathata a madi a tsoga le boikutlo jwa gore ga ba tshwanelane bo nna teng, go ne go sena sepe se se neng se ka ba kganela go tlhalana.
Nako nngwe morago ga gore ba tlhalane, go se ope wa bone yo o itseng ka seemo sa yo mongwe, Yasuhiro le Kayoko ba ne ba simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Morago ga nakonyana, ba ne ba itse ka seo mme ba kgona go lemoga diphetogo tse mongwe le mongwe wa bone a di dirileng ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Bibela mo botshelong jwa gagwe. Ba bo ba swetsa ka gore ba nyalane gape. Mme jaanong, ka ntlha ya tsela ya bomodimo ya go leba lenyalo, ba ikemiseditse go obega gore ba tle ba rarabolole mathata a bone.
Ke eng se se dirileng gore lenyalo la bone la bobedi le atlege? Ke ka go bo ba tlotla Motlhodi wa lenyalo. (Genesise 2:18-24) Kaelo e e neelwang ke mogakolodi yo o nang le maitemogelo thata ebong Jehofa Modimo, ke yone konokono ya go itumelela lenyalo.
Lebaka la Konokono la go Itumela mo Lenyalong
Mathata a lenyalo a ka rarabololwa mme le manyalo a ka dibelwa fa banyalani ka bobedi ba ka dirisa se Jesu Keresete a se tlhalositseng jaana: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka Mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago. E ke eōna taolō e kgolo le ea ntlha. Me e ñwe ea bobedi e e chwanañ naeō ke e, U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:37-39) Leno ke lone lebaka la konokono la go itumela mo lenyalong. Monna le mosadi ba tshwanetse go rata Jehofa pele ga ba ithata kana ba ratana. Kamano eno e ka nna ya tshwantshanngwa le mogala o o dithapo di tharo. “Me ha motho a henya eo o esi, ba le babedi ba tla mo lotlhanèla; me mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonakō.”—Moreri 4:12.
Ereka go rata Modimo go raya go utlwa ditaolo tsa gagwe, monna le mosadi ba tshwanetse go tseela kwa godimo mo botshelong jwa bone melao le melaometheo e e amanang le boitshwaro jwa motho. Ka go dira jalo ba a bo ba dira mogala o o dithapo di tharo o thapo ya one e e thatathata e leng go rata Jehofa. Mme ebile 1 Yohane 5:3 ya re, “ditaolō tsa ōna ga di tlhokohatse.”
Seno se dira gore motho a tseye lenyalo jaaka thulaganyo ya sennela ruri. (Malaki 2:16) Ka motheo o o ntseng jalo wa lenyalo, banyalani ba dira ka natla go rarabolola mathata a bone a lenyalo go na le go tswa ka seferwana ka go tlhala.
Go Rata Moagisani yo le Atamelaneng Thata
Go rata molekane wa gago go ya go ile, o tshwanetse go nosetsa lorato lwa gago mo go ene, ka ke moagisani yo le atamelaneng thata. Lorato leo ga le a tshwanela go nna la bogagapa. Ela tlhoko ka fa Bibela e kgothaletsang molaomotheo ono ka teng: “Lo chwanè mo loratoñ, lo le mo tumalanoñ e le ñwe hèla, lo le pelo e le ñwe hèla; Lo sa dihe sepè ka go re lo itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō; Moñwe le moñwe a a se tlhokomele dilō tse e leñ tsa gagwè hèla, ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe.”—Bafilipi 2:2-4.
Go boammaaruri gore, go thata go sa dire dilo ka go ngongorega kana ka go ipelafatsa mo lefatsheng leno le le tletseng bogagapa. Fa molekane wa gago a sa dire maiteko a go bontsha lorato, go sa nne bogagapa e nna selo se se thata le go feta; mme ka go ikokobetsa, o tsaya gore molekane wa gago o botoka mo go wena, go tlile go nna motlhofo mo go wena go mo akanyetsa. Bibela e re gakolola gore re nne le mogopolo o Keresete Jesu a neng a na nao. E ne e le sebopiwa sa semoya se se nonofileng, mme o ne “a tsaea chwanō ea motlhanka,” a tla go nna motho. Mme ga se moo fela, erile fa a le mo lefatsheng, o ne “a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ,” le le ileng la solegela molemo le batho ba ba neng ba sa mo amogele. (Bafilipi 2:5-8) Ka go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo, Jesu o ne a gapa dipelo tsa baganetsi ba gagwe ba le bantsi, mme ka go etsa Jesu, le barutwa ba gagwe ba ne ba dira fela jalo. (Ditihō 6:7; 9:1, 2, 17, 18) Se se tshwanang le wena se ka go diragalela. Ka go tsaya gore molekane wa gago o mogolo mo go wena le ka go ela tlhoko dilo tse a di ratang, o ka nna ya re kgabagare wa gapa pelo ya gagwe.
Le fa go ntse jalo, ga se gore go tsaya molekane wa gago a le mogolo go raya gore mosadi a ineele mo tshotlong le mo go gatelelweng ke monna wa gagwe jaaka go ntse kwa Botlhaba. Mosadi le monna ba tsayana gore yo mongwe o mogolo mo go yo mongwe ka lebaka la gore ba a bo ba ikemiseditse go ithontsha dilo dingwe ka ntlha ya yo mongwe. Fa banyalani ba buisana ka mathata a bone ka mogopolo o o ritibetseng jalo, ba kgatlhegelana, mme ba latela kgakololo ya Modimo, ba a bo ba le mo tseleng ya go rarabolola mathata a bone. Mma jaanong re sekasekeng dingwe tsa dikgakololo tsa Modimo.
“A Bolaō bo se Leshwèhadiwe”
Jehofa, yo eleng ene mosimolodi wa lenyalo, o na le mokgwa o o tshwanetseng wa kamano gareng ga monna le mosadi wa gagwe. Erile fa Jesu Keresete a bodiwa gore a go kafa molaong gore monna a tlhale mosadi wa gagwe ka mabaka mangwe le mangwe fela, o ile a re: “Se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.” O ne a tswelela ka go bontsha gore go na le lebaka le le lengwe fela le le utlwalang la go tlhala le go nyala gape ka go bolela jaana: “Ke lo raea, ke re, Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo moñwe, o diha boaka.”—Mathaio 19:3-9.
Bonyatsi, le fa go ka twe bo dirwa ka ntlha ya lorato, ga se tsela ya go bontsha lorato gotlhelele, mo go ope wa boobabedi. Monna mongwe kwa bogare jwa Japane o ne a na le dinyatsi tse dintsi fela thata. Mosadi wa gagwe o ne a nna le dipelaelo mme seo se ne sa mo utlwisa botlhoko fela thata. Lenyalo la bone le ne le le mo kotsing. Mme letsatsi lengwe nngwe ya dinyatsi tsa gagwe o ne a mmolelela gore o ya go bolelela mosadi wa gagwe ka ga lorato lwa bone le go batla gore le ene a mo nyale. Rre yoo o gakologelwa jaana ka maswabi, “Boitshwaro jo bo ntseng jalo ga bo leretse ope boitumelo.” O ne a tswa mo nthagarageng eo morago ga gore a utlwise botlhe ba ba neng ba amega botlhoko. Ditekanyetso tsa Bibela di papametse mo kgannyeng eno. “A nyalo e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Bahebera 13:4) Ka go utlwa taolo eno, motho o tila malwetse a tlhakanelodikobo, dikgotlhang mo lenyalong, le matlhotlhapelo a go nna le dinyatsi mo sephiring.
Banna, Ratang lo Bo lo Ngomaele Basadi ba Lona
Thulaganyo ya botlhogo mo lelapeng le yone Modimo o ne wa e tlhalosa. Baefesia 5:22, 23, ya re, “Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō.” Go dirisa kgakololo eno ga go motlhofo. Shoko, yo o neng a aga a amoga monna wa gagwe tshwanelo ya go dira tshwetso ya bofelo o dumelana jaana, “E ne e le kgwetlho e kgolo mo go nna.” Ka ntlha ya go akanya gore monna o tshwanetse go reka ntlo fa a tloga a digela dingwaga tsa bo20, o ne a patelela monna wa gagwe go reka ntlo e a neng a ile a e batla ka bogagagwe. Mme legale, fa a sena go ithuta melaometheo ya Bibela mabapi le seo, o ne a simolola go leba monna wa gagwe ka tsela e e farologaneng. Se se neng se lebega o ka re ke botlhogole, fa se lejwa sentle e ne e le go nna le kelelelo, boikobo, le boikokobetso.
Molaomotheo ono o tlhoka gore banna ba lemoge gore ba laolwa ke Keresete Jesu. (1 Bakorintha 11:3) Ereka monna a laolwa ke Keresete, o tshwanetse go rata le go ngomaela mosadi wa gagwe ka tsela e e tshwanang le e Jesu a ratang balatedi ba gagwe ka yone. (Baefesia 5:28-30) Ka jalo, monna wa Mokeresete o tla sekaseka ka kelotlhoko maikutlo a mosadi wa gagwe, dikeletso tsa gagwe, le ditlhaelo tsa gagwe pele ga a ka dira ditshwetso.
“E Lokilwe ka Lecwai”
Hisako o ne a na le bothata jwa go buisana le monna gagwe. Nako le nako fa a ne a re o leka go buisana le ene ka sengwe, o ne a intsha mo dilong ka go mo raya a re: “Dira se o se ratang.” Hisako o gakologelwa jaana: “Ke akanya gore go sa nne pelonomi ga me ke gone mo go neng go dira mathata. Go ka bo go ile ga nna botoka fa ke ka bo ke ile ka bua ke wetse dibete go sekae.” Fa re bua jaana, ene le monna wa gagwe ba kgona go bua ka dilo ba thamile. Diphetogo di diragetse morago ga gore Hisako a dirise kgakololo eno: “A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore lo tlè lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.” (Bakolosa 4:6) Fela jaaka dijo tse di lokilweng ka letswai di le monate, mafoko a a akanyeditsweng sentle a a buiwang ka bonolo a amogelesega motlhofo. (Diane 15:1) Tota ebile, ka go ela tlhoko ka fa o buang ka teng, dikgotlhang tsa lenyalo gantsi di ka tilwa.
Ee, go rata Jehofa Modimo le go tlotla melaometheo ya gagwe go a thusa ka boammaaruri. Go rata Jehofa go dira gore o lebe lenyalo la gago jaaka kgolagano ya sennela ruri mme go go thusa go ikemisetsa go le dibela. Modimo o neela dikaelo tse di tla go thusang go dirisana le dikgotlhang tsa lenyalo le go rarabolola mathata, le fa a ka tswa a lebega a le bogolo jo bo kae. Eleruri, mo mabakeng a le mantsi tlhalo ga se yone tsela ya go bona boitumelo mo botshelong, mme go na le moo ke go dirisa melaometheo ya Bibela. O ka bula tsela eo ka go tlhagolela go rata Jehofa. Ke eng o sa ithute mo gontsi ka kgakololo ya gagwe mo bukeng ya gagwe e e nang le go ka reediwa fa go tla mo kaelong mabapi le lenyalo, e leng Bibela?
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Fa go le Teng Gore Tlhalo e Dirwe
LE MORORO Bibela e letlelela gore motho o ka tlhala a bo a nyala gape ka ntlha ya boaka, kgokafalo ga e reye gore lenyalo le tshwanetse go fedisiwa. Molekane yo o senang molato o ka tlhopha go tlhala kana go sa tlhale.—Mathaio 19:9.
Yasuko o ne a lebagane le kgang eno. Monna wa gagwe o ne a fudugetse kwa nyatsing. Matsalaagwe Yasuko o ne a re ke ene yo o molato mme a bolela jaana: “Ke wena o dirang gore morwaake a itseye jaana.” Yasuko o ne a nna fela ka selelo. Batho ba le bantsi ba ne ba mo fa dikgakololo, mme le fa go ntse jalo go ne go sena ope yo o neng a nyatsa monna wa gagwe ka ntlha ya bonyatsi jo a bo dirang. Mme ke fa mmaagwe, yo o neng a setse a simolotse go ithuta Bibela a mo raya a re: “Mo Bibeleng, go papamaditswe gore kgokafala e phoso.” (1 Bakorintha 6:9) Yasuko o ne a itumela go lemoga gore go santse go na le ditekanyetso tsa se se siameng le se se sa siamang mo lefatsheng gompieno.
Mme jaanong Yasuko o ne a ka kgona go itlhophela. Le mororo a ne a akanya ka go tlhala monna wa gagwe, o ne a lemoga morago ga go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa gore le ene o ne a sa dire se a tshwanetseng go se dira. Mme ka jalo o ne a fetsa ka gore a lekeletse melaometheo ya Bibela mo go rarabololeng mathata a gagwe. O ne a simolola go e dirisa. (Baefesia 5:21-23) O gakologelwa jaana, “Go ne go se motlhofo. Ke ne ke aga ke kgobega marapo gangwe le gape. Ke rapetse Jehofa gantsi ke lela.” Fa jaaka a ntse a fetoga, monna wa gagwe le ene o ne a fetoga. Dingwaga tse di ka nnang tlhano moragonyana, monna wa gagwe o ne a kgaogana le nyatsi ya gagwe gotlhelele. Yasuko o fetsa ka gore: “Ke tlhatswegile pelo gore go ikobela Lefoko la Modimo go mosola ka boammaaruri.”
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Tlhalo le go sa Tshwanelane mo go tsa Tlhakanelodikobo
BANYALANI ba le bantsi ba re ba tlhalana ka ntlha ya gore ga ba tshwanelane mo go tsa tlhakanelodikobo. Buka ya setlhogo se se reng Sekkushuaritii to Kazoku (Tlhakanelodikobo le Lelapa), e e buang ka dithulaganyo tsa lelapa tse di fetogang tsa malatsi ano, fa e tlhalosa motswedi wa mathata, ya re: “Go nyala molekane a le mongwe fela le tshedimosetso e e gatelelang thata mo go tsoseng maikutlo a tlhakanelodikobo gompieno ga di tsamaisane. Go tlalatlala ga tshedimosetso ka tlhakanelodikobo go sokamisa Lorato mo lenyalong mme go senya fela thata lorato la go rata motho la tlholego. Ga se fela gore ke go dira gore tlhakanelodikobo e nne jaaka sedirisiwanyana fela mme gape ditheipi tsa bidio tsa ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le dibuka tsa dinyao tse di bontshang mebele ya basadi ekete ke didirisiwa di sokamisa maikutlo a batho le dipelo tsa bone. Ka jalo, basadi ba nna mo mathateng ka [banna ba bone] ba ba ba patelelang go tlhakanela le bone dikobo, mme jalo banna ka ntlha ya go phailelwa kgakala ba felelwa ke keletso ya tlhakanelodikobo.”
Dikgatiso tse di maswe, dibidio, le dithulaganyo tsa thelebishene di sokamisa tlhakanelodikobo. Ga di rute se tota se dirang gore lenyalo e nne le le itumedisang. Gape di senya go ikanyana mo monna le mosadi ba tshwanetseng go go tlhagolela gore lenyalo la bone le tle le atlege. Psychology Today ya re: “Go ikanya motho go dira gore o tshololele molekane wa gago maikutlo otlhe le ditlhobaelo, o itse gore o tla di tshwara ka kelotlhoko. Le fa gone maikutlo a lorato kana a go kgatlhegela tlhakanelodikobo a ka nna a gola kana a fokotsega morago ga nako, ka papamalo, go mo ikanya gone ga go fetoge.”
Tlhakanelodikobo ga se yone pinagare ya go atlega ga lenyalo. Mosadi yo o ileng a nna le mathata a lenyalo a re: “Selo se se ileng sa nkgothatsa thata ke mafoko a a mo bukeng ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa: ‘Fa go buiwa ka kakaretso, fa dikamano tse dingwe tsa lenyalo di le molemo, fa go na le lorato, tlotlo, puisano e e siameng le go tlhaloganyana, ga se gantsi tlhakanelodikobo e nnang mathata.’”a
Selo se tota se dirang gore banyalani ba utlwane ke lorato e seng tlhakanelodikobo. Go tlhakanela dikobo go sena lorato ke matsapa fela, mme lorato lone le ka ema le le nosi. Ka go leba tlhakanelodikobo ka tshwanelo mo matshelong a bone, banyalani ba ka itumelela kamano ya bone mme ba rarabolola le mathata a go sa tshwanelane mo go tsa tlhakanelodikobo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go tlotla melaometheo ya Bibela go tla thusa banyalani go buisana ka tshosologo