LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 7/8 ts. 27-28
  • A O Tshwanetse go Ikanya Segakolodi sa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tshwanetse go Ikanya Segakolodi sa Gago?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Segakolodi e Leng Sone
  • Ke Eng Se Sa Dire ka Tshwanelo?
  • O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • A Segakolodi sa Gago se Thapisitswe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A o Ikanya Segakolodi sa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 7/8 ts. 27-28

Kgopolo E E mo Bibeleng

A O Tshwanetse go Ikanya Segakolodi sa Gago?

FA JAAKA o ntse o tsamaya mo mokgwatheng o o nang le batho ba bantsi, o feta mmè mongwe yo o apereng sentle yo o digang tšhwantlha ya madi a sa lemoge. Fa o inama o a sela, o mmona a tsena ka bofefo mo koloing ya maratagolejwa. O ne o tla dirang? A o ne o tla mmitsa kana o ne o tla iteela madi ao ka pata?

Karabo e ikaegile ka segakolodi sa gago. Se ne se tla go raya se reng? Se se botlhokwa le go feta, a o ka ikanya se se se go bolelelang? A o ka ikanya gore segakolodi sa gago gore e nne sone se go kaelang?

Se Segakolodi e Leng Sone

Segakolodi se ile sa tlhalosiwa gore ke boikutlo jwa tlholego jwa go itse gore se se siameng le se se bosula ke eng, tshiamiso le tshiamololo ke eng, boitsholo le go tlhoka boitsholo ke eng. Bibela e tlhalosa ka fa segakolodi se dirang ka teng mo go Baroma 2:14, 15: “Gonne e re ha Badichaba ba ba senañ molaō ba diha dilō ka tèmalō ea tlhōlègō, bōnè bauō, ereka ba sena molaō, go bo go le molaō bōnè ka bosi; Ka ba shupa tihō ea molaō o o kwadilweñ mo dipeduñ tsa bōnè; segakolodi sa bōnè le shōna se shupa naō, le megopolō ea bōnè mo teñ ga bōnè e ba nee molato, kgotsa e ba golole.” Ka jalo, segakolodi sa gago se diretswe gore se go thuse go sekaseka mabaka, o tlhophe ka tshwanelo, le go ikatlhola ka ditlhopho tse o di dirileng. A mme gone o ka se ikanya?

Go tla ya ka seemo. Ka tota go na le bosupi jo bo tletseng jwa gore segakolodi se se phaphailegang se ka dira gore motho a dire diphoso. Go bo segakolodi sa motho se letlelela boitshwaro bongwe jo bo rileng ga go reye gore Modimo ene o a bo amogela. Ka sekai, pele ga a nna Mokeresete, Saulo wa Tareso o ne a di goga kwa pele mo go bogiseng Bakeresete. O bile a dumelana a bo a nna le seabenyana mo go bolaiweng ga moswelatumelo wa Mokeresete ebong Setefane. Mo go tseno tsotlhe, segakolodi sa gagwe se ne se sa mo tshwenye.—Ditihō 7:58, 59; Bagalatia 1:13, 14; 1 Timotheo 1:12-16.

Ka nako ya Jeremane wa Bonasi ka Ntwa ya Lefatshe II, bontsi jwa masole a SS ba ne ba re ba ne ba latela ditaelo tsa go bogisa le go bolaya batho ba le dimilione mo dikampeng tsa pogisetso tsa ga Hitler. Digakolodi tsa bone di ne di ba letlelela go dira jalo. Mme le fa go ntse jalo katlholo ya lefatshe—re sa umake sepe ka ya Modimo—e ne ya se ka ya amogela ditiro tseo. Ba ne ba atlholwa ka tshwanelo.

Ke Eng Se Sa Dire ka Tshwanelo?

Go tla jang gore selo se se dirilweng ke Modimo se bo se sa dire sentle? Bibela e a tlhalosa. Ka ntlha ya go tsena mo sebeng ga motho ka go bo Adame a ile a tlhoka kutlo, ga twe sebe ‘se busa jaaka kgosi,’ se patelela batho go reetsa dikeletso tsa sone. (Baroma 5:12; 6:12) Segakolodi sa motho, se se neng se itekanetse kwa tshimologong, se ne sa phekama; mme jaanong maatla a boleo a tlhabana le sone. (Baroma 7:18-20) Seno se ne sa tsosa kgotlhang e re e itseng sentle: “Ke hitlhèla go le molaō oa go re, mo go nna eo ke ratañ go diha molemō, boshula boo bo nntse bo le gōna. . . . Me ke hitlhèla molaō o sele mo ditokololoñ tsa me, o o tlhabanañ le molaō oa pelo ea me.”—Baroma 7:21-23.

Mo godimo ga bokoa jono jo re bo amuleng, digakolodi tsa rona di amiwa gape ke dilo tse di tswang kwa ntle. Ka sekai, kwa ntle ga pelaelo go tshaba matlho a batho go ile ga phekamisa kana ga gatelela digakolodi tsa masole a Bonasi a SS a a umakilweng pelenyana. (Bapisa Diane 29:25.) Gapegape, go tsenya dilo tse di sa siamang mo megopolong ya rona, jaaka boitsholo jo bo sa siamang jo bo mo thelebisheneng le mo dibaesekopong le mo dibukeng le gone go a re ama. Mme fa e le gore re aga re ntse re lebeletse dilo tseo, kgabagare di tla seke di tlhole di lebega di le bosula mo go kalo, mme segakolodi sa rona se tla koafala. Fa go buiwa ka tsela e nngwe, “go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentle.”—1 Bakorintha 15:33.

Fa motho a itse ebile a tlotla melao ya Modimo, kwa ntle ga pelaelo segakolodi sa gagwe se ka ikanngwa botoka go na le fa a sa rutwa. Mme legale, fa gongwe lefa motho a na le tlhaloganyo ebile a rata ditsela tsa Modimo thata o ka nna ya re ka dinako tse dingwe a fitlhela gore ka ntlha ya boleo jo re bo amuleng le go sa itekanela, mme gongwe le ka ntlha ya ditlhotlheletso tse di tswang go sele, segakolodi sa gagwe e bo e sa nne selo se se ka ikanngwang go kaela.

Ke Eng se Re ka se Dirang?

A segakolodi se ka fetolwa, sa dirwa gore se tsibogele melaometheo ya tshiamo? Ee. Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore fa “ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” (Bahebera 5:11-14) Go dira moo le go tlwaediwa moo go akaretsa go ithuta Bibela, go ela tlhoko thata sekao se se molemo se Jesu Keresete a se re tlogeletseng. (1 Petere 2:21, 22) Morago ga moo, fa re dirisa maikutlo a rona go dira ditshwetso, digakolodi tsa rona di tla re katosetsa kgakalakgakala thata le megopolo le ditiro tse di phoso mme di tla re dira gore re dire se se tlotlegang le se se siameng.

Le mo seemong seo, ga re a tshwanela go iikanya thata kana ra ipolela gore fa selo “se sa tshwenye segakolodi sa me,” go raya gore se siame. Tsela e e siameng le e e sireletsegileng ya go dirisa segakolodi sa motho yo o sa itekanelang e ka tshwantshiwa le go kgweetsa ka kelotlhoko ga mokgweetsi yo o seng diphatsa. Fa mokgweetsi a batla go tsena mo moleng o mongwe, o tlhaba seipone sa gagwe ka leitlho pele. Fa a bona koloi, o a itse gore go diphatsa go tsena mo moleng oo. Lefa go ntse jalo, le fa a sa bone sepe, mokgweetsi yo o matsetseleko o lemoga gore go na le mafelo a go sa bonaleng sentle mo go one—ga se ka dinako tsotlhe o ka bonang sengwe le sengwe ka seipone. Ka jalo, ga a lebe fela mo seiponeng. O okomela ka tlhogo go tlhomamisa gore tota ga go na sepe pele ga a wela mo go one. Go ntse fela jalo le ka segakolodi. Fa se go tlhagisa, se se itlhokomolose! Mme le fa e le gore ga se go tlhagise kwa tshimologong, nna botlhale jaaka mokgweetsi yoo—tlhomamisa gore ka boammaaruri ga go na kotsi.

Tlhatlhoba go akanya ga gago go bona gore a go dumelana le ga Modimo. Dirisa Lefoko la gagwe jaaka selo se o tlhomamisang ka sone segakolodi sa gago. Diane 3:5, 6 e bolela jaana ka botlhale: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.”

Ka jalo go botlhale go reetsa segakolodi sa gago. Mme go botlhale le go feta go bapisa tsotlhe tse re di dirang le go rata ga Modimo jaaka go senolwa mo Lefokong la gagwe. Ke fa go ntse jalo fela re ka reng, “Rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ.”—Bahebera 13:18; 2 Bakorintha 1:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

“Tshokologo ya ga Moitshepi Paulo”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Painting by Caravaggio: Scala/Art Resource, N.Y.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela