Kgopolo E E mo Bibeleng
A “Tesetamente e Ntšha” e Kgatlhanong le Bajuda?
MOEFANGELE mongwe wa mo Amerika o kile a re: “Kereke ya motheo e leofile mo nakong e ntsi ya hisitori ya yone mme e tshwanetse go ikarabela thata ka nako ya Katlholo, bogolo jang ka ntlha ya kilo e e ileng ya direlwa Bajuda.”
Ke ka ntlha yang fa go ila Bajuda go ile ga nna teng ka lobaka lo loleele mme ebile go le maswe thata jaana, go ganelela go fitlhelela lekgolo la bo20 la dingwaga? Bangwe ba pega Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete molato, tse fa gongwe di bidiwang Tesetamente e Ntšha. Ka sekai, Krister Stendahl, yo e leng mookami wa lephata la Harvard Divinity School, o ne a re: “Gore . . . mafoko a Tesetamente e Ntšha a ile a nna tetla ya ‘bomodimo’ ya go ila Bajuda ke selo se se itsegeng sentle mme e bile se amogelwa.” Lefa seno se ka tswa se amogelwa thata, a mme gone se boammaaruri?
Ke Mang yo o Neng a Pegwa Molato wa Loso lwa ga Jesu?
Mafoko mangwe a gantsi a dirisiwang jaaka bosupi jwa gore “Tesetamente e Ntšha” e ila Bajuda ke a Mathaio 27:15-25. Moo re bala gore segopa sa Bajuda se ne se batla gore molaodi wa Roma ebong Ponto Pilatwe a bapole Jesu, ba bile ba goa ba re: “Madi a gagwè a a nnè mo go rona, le mo baneñ ba rona.” A moo “Tesetamente e Ntšha” e ne e ruta gore Bajuda botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ikarabela mo losong lwa ga Jesu le gore Bajuda ba ne ba tshwanetse gore ba itsiwe ka metlha gore ke babolai ba ga Keresete?
Sa ntlha, bontsi jwa Bajuda ba ne ba itsaya jang ka nako ya fa Jesu a ne a rera? “Tesetamente e Ntšha” e bontsha gore Bajuda ba le bantsi ba ne ba rata Jesu fela thata, bogolo jang kwa Galalea, kwa a ileng a rera thata teng. (Yohane 7:31; 8:30; 10:42; 11:45) Malatsi a le matlhano fela pele ga a bolaiwa, boidiidi jwa Bajuda bo ne jwa mo gorosa ka pula kwa Jerusalema jaaka Mesia.—Mathaio 21:6-11.
Jaanong, tota ke mang yo o neng a batla gore Jesu a bolaiwe? “Tesetamente e Ntšha” e bontsha gore Jesu o ne a sa ratiwe ke ditlhogo tsa baperesiti le bontsi jwa Bafarasai le Basadukai ka go bo a ne a baya mo nyanyeng boitimokanyi jwa bone. (Mathaio 21:33-46; 23:1-36)a Moperesiti yo Mogolo Kaiafase e ne e le mongwe wa ba ba neng ba le kgatlhanong le Jesu fela thata. Ga go belaetse gore o tshwanetse a bo a ile a latlhegelwa thata mo go tsa itsholelo fa Jesu a ne a koba baananyi ba madi mo tempeleng. (Mareko 11:15-18) Selo se sengwe gape ke gore, Kaiafase o ne a boifa gore go ratiwa thata ga ga Jesu ke Bajuda go ne go ka nna ga dira gore kgabagare Baroma ba tlhasele le gore le ene a latlhegelwe ke maemo. (Yohane 11:45-53) Ka jalo, ditlhogo tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba ne ba loga leano la go bolaya Jesu le go mo isa kwa kgotleng ya Roma gore a bolawe. (Mathaio 27:1, 2; Mareko 15:1; Luke 22:66–23:1) Abo e le selo se se gakgamatsang ne go bo go ratiwa ga ga Jesu ke Bajuda go ile ga dira gore a bolawe!
Fa go sekasekwa gore Jesu o ne a ratiwa thata, go ne go ka nna jang gore Bajuda ba batle gore a bolawe? Ereka bontsi jwa balatedi ba ga Jesu e ne e le Bagalalea, go a utlwala gore gongwe batho ba ba neng ba batla gore a bolaiwe bontsi jwa bone ba ne ba tswa Judea. Bagalalea e ne e le batho ba ba botsalano, boikobo, le batho ba ba sa belaetseng ka mokgwa ope, fa batho ba Judea bone e ne le batho ba ba maikgogomoso, bahumi, le ba ba rutegileng thata, bogolo jang kwa Jerusalema. Se se bileng se utlwala ke gore, Mathaio o lemotsha gore batho ba ne ba tlhotlhelediwa ke “ditlhōgō tsa baperisiti le bagolwane.” (Mathaio 27:20) Ke maaka afe a ba ka bong ba ile ba a bolelela batho go ba dira gore ba ikutlwe ka tsela eo? A ke maaka a ba ileng ba a bua pelenyana kwa tshekong ya ga Jesu a ba ileng ba a boeletsa gape ka nako ya fa Jesu a bolaiwa, a go re, Jesu o rile o tla senya tempele?—Mareko 14:57, 58; 15:29.b
Maikarabelo a Batho Botlhe
Fa e le gore segopa seno sa Bajuda e ne e se morafe otlhe wa Bajuda, ke ka ntlha yang erile fa moaposetoloi Petere a bua le boidiidi jo bogolo jwa Bajuda ba ba neng ba kgobokane malatsi a ka nna 50 morago kwa Jerusalema, ba tlile ka nako ya Moletlo wa Dibeke, a bo a ba raya a re: “Lona lo mmapotse [Jesu], loa mmolaea ka diatla tsa batho ba ba ipheherileñ mo molaoñ”? (Ditihō 2:22, 23) Kwa ntle ga pelaelo Petere o ne a itse gore bontsi jwa bone ba ne ba sa amege ka gope mo ditiragalong tse di ileng tsa felela ka go bolawa ga ga Jesu. Ka jalo, Petere o ne a raya jang?
Go ya ka Dikwalo, polao e motho a sa e sekisediwang ke maikarabelo a mmolai le morafe o o paletsweng ke go mo sekisa. (Duteronome 21:1-9) Ka sekai, morafe otlhe wa Benjamine o ne wa bonwa molato wa tshololo ya madi ka ntlha ya go palelwa ke go otlhaya setlhopha sa babolai se se neng se nna le bone. Le mororo bontsi jwa morafe bo ne bo sena seabe ka tlhamalalo, ka go robela tlolomolao eo leitlho, ba ne ba e amogela mme ka jalo ba ne ba na le maikarabelo a a rileng. (Baatlhodi 20:8-48) Ebile tota, go setse go lemotshegile gore “tidimalo e supa go dumelana.”
Ka tsela e e tshwanang, morafe wa Bajuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne wa dumelana le tlolomolao ya baeteledipele ba one ba ba nang le molato wa madi. Ka go letlelela ditiro tsa polao tsa ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai, setšhaba sotlhe se ne sa nna le molato. Kwa ntle ga pelaelo leno ke lone lebaka la go bo Petere a ne a raya bareetsi ba gagwe ba Bajuda a re ba bontshe boikwatlhao.c
Go gana Jesu jaaka Mesia mo go ntseng jalo go ne ga felela ka eng? Jesu o ne a raya motse wa Jerusalema a re: “Ntlo ea lona [tempele] lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (Mathaio 23:37, 38) Ee, Modimo o ne wa se ka wa tlhola o ba sireletsa, mme masole a Roma a ne a tlhasela a bo a senya Jerusalema le tempele ya gagwe. Fela jaaka lelapa la monna le ka nna le mathata fa a senya ditsagagwe, go latlhegelwa ke tshireletso ya bomodimo go ne ga se ka ga ama fela ba ba neng ba batla gore Jesu a swe mme gape le ke malapa a bone. Ka mokgwa oo madi a ga Jesu a ne a nna mo go bone le mo baneng ba bone.—Mathaio 27:25.
Lefa go ntse jalo, ga go na sepe se se leng mo go “Tesetamente e Ntšha” se se bontshang gore dikokomana tse di tlang tsa Bajuda di ne di tla nna le molato o o rileng ka ntlha ya loso lwa ga Jesu. Go na le moo, ka ntlha ya go bo a ne a rata rraabomogolo ebong Aberahame, Modimo o ne wa akanyetsa Bajuda ka tsela e e kgethegileng, ka go ba fa sebaka sa pele sa go nna Bakeresete. (Ditihō 3:25, 26; 13:46; Baroma 1:16; 11:28) Fa jaanong batho ba eseng Bajuda ba bulegelwa ke sebaka seo, Modimo o ne wa lesa go tlhola o dirisana le motho ope a lebile lotso lwa gagwe. Petere o ile a re: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Ditihō 10:34, 35) Morago moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ga go na pharologanyō ea Moyuda le Mogerika.” (Baroma 10:12) Ka jalo Modimo o ne o leba Bajuda fela jaaka ditšhaba tse dingwe tsotlhe, mme le gompieno go santse go ntse fela jalo.—Bapisa Esekiele 18:20.
Ke Eng fa Labokeresete le Ila Bajuda Jaana?
Ka jalo go a itshupa gore “Tesetamente e Ntšha” ga e kgatlhanong le Bajuda. Go na le moo, “Tesetamente e Ntšha” e bega dithuto tsa monna yo o tshedileng a bo a swa e le Mojuda yo o ileng a ruta balatedi ba gagwe go tlotla thuto ya Molao wa ga Moshe. (Mathaio 5:17-19) Mme fa e le gore “Tesetamente e Ntšha” ga e na molato, ke eng fa Labokeresete e ila Bajuda jaana?
Bokeresete ka bojone ga bo na molato. Ka tsela e e tshwanang le ya Bakeresete ba maaka ba motlha wa ga Jude ba ba neng “ba hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè,” batho ba ba ipitsang Bakeresete mo ditiragalong tsotlhe ba ile ba leswefatsa leina la ga Keresete ka ntlha ya go ila le go nyatsa batho ba bangwe ka ntlha ya lotso lwa bone. (Yude 4) Ka jalo, go ila Bajuda ga Labokeresete go dirilwe ke batho ba e neng e le Bakeresete ka leina fela ba le dipelotshetlha ba ilela ba bangwe lotso lwa bone fela.
Se se kgatlhang ke gore, Jesu ka boene o ne a bolelelapele gore bangwe ba ne ba tla re ba dirile ditiro tse dikgolo ka leina la gagwe fa tota gone e le ‘badiri ba tshiamololo’—ba e seng ditsala tsa gagwe le eseng! (Mathaio 7:21-23) Bontsi jwa bano ba ile ba leka go dirisa “Tesetamente e Ntšha” go leka go bipa dikilo tsa bone, mme lefa go ntse jalo batho ba ba nang le tlhaloganyo ba kgona go bona gore moo ke maaka fela.
Bakeresete ba maaka ba tlile go ikarabela mo Modimong ka ntlha ya go ila Bajuda. Mme fela jaaka go nna teng ga madi a a itiretsweng ka boferefere go sa dire gore go twe ga go na madi a e leng a mmatota, go nna teng ga Bakeresete ba maaka ga go dire gore ka tsela epe go bo go ka twe ga go na Bakeresete ba boammaaruri, batho ba ba itsegeng ka lorato, eseng ka kilo. Ke eng o sa itlwaelanye le batho bao kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e gaufi le wena?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Raditiragalo wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Joseph ben Matthias (Flavius Josephus) o bega gore mo nakong eno, baperesiti ba bagolo ba Iseraele ba ne ba tlhongwa le go tlosiwa ke baemedi ba Roma gantsi thata, fa gongwe ngwaga le ngwaga. Mo maemong a a ntseng jalo, boperesiti jo bogolo e ne le tiro ya bopelotshetlha e e neng e oka batho ba ba bosula mo setšhabeng. The Babylonian Talmud e tlhalosa mengwe ya mekgwa e e feteletseng ya boitsholo ya bangwe ba baperesiti ba bagolo bao. (Pesaḥim 57a) Talmud ka tsela e e tshwanang le yone e bolela ka tshekamelo ya Bafarasai ya go itimokanya. (Soṭah 22b)
b Se tota Jesu a se reileng baganetsi ba gagwe ke gore: “Senyañ tempela e, me ke tla e cosa ka malatsi a le mararo.” (Yohane 2:19-22) Mme fela jaaka Johane a bolela, Jesu o ne a sa bue ka tempele ya Jerusalema, mme go na le moo ka “tempela ea mmele oa gagwè.” Ka jalo he Jesu o ne a tshwantshanya loso lwa gagwe le tsogo tse a neng a di solofetse le go thubiwa ga kago le go agiwa gape ga yone.—Bapisa Mathaio 16:21.
c Maikarabelo a a tshwanang a ile a lemogiwa le mo metlheng ya gompieno gape. Ga se batho botlhe ba Jeremane wa Bonasi ba ba neng ba na le seabe ka tlhamalalo mo dipogisong. Mme le fa go ntse jalo, Jeremane e ne ya lemoga gore jaaka setšhaba ba ne ba na le seabe mme ba itlhophela ka bogabone go phimola dikeledi batho ba ba ileng ba boga ka nako ya Bonasi.
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
Go ilwa ga Bajuda mo go Labokeresete go dirwa ke batho ba eleng Bakeresete ka leina fela
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Jesu lefa e le barutwa ba gagwe ga ba ise ba re go ilwe Bajuda