LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 11/8 ts. 16-20
  • A Jehofa ke Modimo wa Ntwadumela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Jehofa ke Modimo wa Ntwadumela?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikatlholo tsa Nako e e Fetileng
  • Dintwa Tsa Modimo di ne di Tlhokega go Lere Kagiso
  • Ditekanyetso tsa ga Jehofa di Lere Kagiso
  • Dikatlholo Tsa Modimo—A di Ne di le Setlhogo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ipaakanyetse go Gololelwa mo Lefatsheng le Lesha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Lwantsha Bakanana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 11/8 ts. 16-20

Kgopolo E E mo Bibeleng

A Jehofa ke Modimo wa Ntwadumela?

BABADI bangwe ba Bibela ba sale ba ntse ba pega Jehofa molato wa go nna modimo wa ntwadumela, e bile o rata go bolaya fela thata. Ka sekai mo bukeng ya gagwe e go tweng The Story of Civilization—Man’s Own Show, George A. Dorsey, a re Modimo wa Bibela, ebong Jehofa, “ke Modimo wa bathopi, babogisi, batlhabani, phenyo, le wa maikutlo otlhe a sephologolo.” Mokanoki wa Bibela ebong Roland H. Bainton o bua jaana a sa bonye: “Ntwa ga e setlhogo thata fa Modimo a seyo mo teng.”

A mme gone tota Jehofa ke modimo wa ntwadumela? A ka boammaaruri, jaaka bangwe ba bolela, o itumelela go bolawa ga batho ba ba senang molato?

Dikatlholo tsa Nako e e Fetileng

Go boammaaruri gone gore, Bibela e tlhalosa dikatlholo tse di gagametseng tsa ga Jehofa Modimo tsa nako e e fetileng ka botlalo. Lefa go ntse jalo, ka metlha di ne di le kgatlhanong le batho ba ba neng ba se na sepe le Modimo. Ka sekai, e ne ya nna morago fela ga gore lefatshe la motlha wa ga Noa le ‘tlale thubakanyo’ fa Jehofa a ileng a re: “Me Nna, bōna, Nna ke tlisa morwalèla oa metse mo lehatshiñ go senya nama eotlhe e mōea ea botshelō o mo go eōna.” (Genesise 6:11, 17) Mo katlholong e nngwe, e ne e le fela ka go bo metse ya Sodoma le Gomora e ne e “ineetse mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo mme ba rata thata go ijesa monate ka dilo tse di bosula” se se ileng sa dira gore Modimo o “nese solefura le molelo.”—Yude 7, The New Berkeley Version; Genesise 19:24.

A Modimo o ne o itumelela go nyeletsa nama yotlhe ka nako ya ga Noa? Kana o ne a jesiwa monate ka tsela ya bosetlhogo ke go senya baagi ba Sodoma le Gomora? Go bona karabo a re sekasekeng ditiragalo tsa Morwalela wa motlha wa ga Noa. Morago ga go tlhalosa gore Modimo o tla nyeletsa batho mo lefatsheng gore a tlose thubakanyo mo lefatsheng, Bibela ya re: ‘Jehofa . . . a utlwa botlhoko fela thata.’ Ee, go ne ga hutsafatsa Modimo go bo “go akanya ga megopolō ea pelo ea [motho] gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe.” Ka jalo, ka maikaelelo a go boloka ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone mo Morwaleleng o o neng o tla, Modimo o ne wa roma Noa, “moreri oa tshiamō,” go tlhagisa batho le go aga araka ya poloko.—Genesise 6:3-18; 2 Petere 2:5.

Ka tsela e e tshwanang, pele ga a romela baengele go ya go senya Sodoma le Gomora, Modimo o ne wa re: “Ke akanya gore ke tsamaye ke ye go bona gore a ruriruri ba dirile jaaka ke utlwa go ikuelwa kgatlhanong le bone . . . ke ikaeletse go itse.” (Genesise 18:20-32, The Jerusalem Bible) Jehofa o ne a tlhomamisetsa Aberahame (yo motlogolo wa gagwe ebong Lote a neng a nna kwa Sodoma) gore fa e ka re a ntse a tlhotlhomisa a fitlhela gore go na le batho ba le lesome fela ba ba siameng, o tla se ke a senye metse eo. A Modimo yo o ratang tshololo ya madi o ka nna kutlwelobotlhoko go le kalo? Go na le moo, a ga re kake ra re botho jo bongwe jo bo nonofileng jwa ga Jehofa ke kutlwelobotlhoko? (Ekesodo 34:6) Ene ka boene a re: “Ga ke na kgatlhègō epè mo loshuñ loa moikepi; ha e se go re, moikepi a shokologè mo tseleñ ea gagwè, me a tshelè.”—Esekiele 33:11.

Ka metlha Modimo o ne wa lere dikatlholo tse di bogale ka ntlha ya go bo batho ba ba boikepo ba gana nnang ya banyana go latlha mekgwa ya bone e e bosula, e seng ka go bo Jehofa a itumelela go bolaya batho. Mme o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A ga se Jehofa yo o neng a kgothaletsa Baiseraele go lwa le Bakanana le go ba nyeletsa?’

Dintwa Tsa Modimo di ne di Tlhokega go Lere Kagiso

Hisitori e bontsha gore botshelo jwa Sekanana bo ne bo le bosula fela thata—ba ne ba le boikepo ka tsela e e feteletseng. Tirisabadimo, go isa bana ditlhabelo, thubakanyo e e tletseng bosetlhogo, le mekgwa e e farologaneng e e bosula ya kobamelo ya tlhakanelodikobo e ne e tletse. E re ka e le Modimo wa tshiamiso yo o batlang go obamelwa a le esi fela, Jehofa o ne a ka se ka a letlelela mekgwa eno ya boitshwaro e e ferosang sebete go senya kagiso le polokesego ya batho ba ba senang molato, bogolo jang Iseraele. (Duteronome 5:9) Ka sekai, akanya fela fa e le gore lefelo le o nnang mo go lone le ne le sena mapodise a a dirang tiro ka botlalo go tlhomamisa gore molao wa naga o a obamelwa—a seo se ne se se kitla se dira gore go nne le thubakanyo le go iterela boratwaepelo jo bo maswe fela thata? Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a patelesega go tseela Bakanana kgato ka ntlha ya go tlhoka boitshwaro ga bone le kotsi e ba neng ba e leretse kobamelo e e itshekileng. Ka jalo, o ne a laola jaana: ‘Lefatshe le itshekolotswe: ke gone ka moo ke tla le otlhaelang tshiamololo ya lone.’—Lefitiko 18:25.

Katlholo ya bomodimo e ne ya diragadiwa fa matsholo a katlholo a Modimo—masole a Iseraele—a ne a senya Bakanana. Go bo Jehofa a ile a tlhopha go dirisa batho go lere katlholo eno, go na le go dirisa molelo kana morwalela, go ne go sa e nyenyefatse ka gope. Ka jalo, fa masole a Iseraele a ne a lwa le merafe e le supa ya Bakanana, ba ne ba laelwa jaana: “U se ka ua tshedisa sepè se se hèmañ mōea.”—Duteronome 20:16.

Ka ntlha ya go bo a ne a tsaya gore botshelo bo botlhokwa, Modimo o ne o sa letlelele go bolawa ga batho fela kwa ntle ga lebaka. Ka sekai, fa baagi ba motse mongwe wa Bakanana, wa Gibione ba ne ba kopa kutlwelobotlhoko, Jehofa o ne a ba utlwela botlhoko. (Yoshua 9:3-27) A modimo wa ntwadumela o ne o ka dira seo? Nnyaa, mme ke Modimo o o ratang kagiso le tshiamiso o o neng o ka dira jalo.—Pesalema 33:5; 37:28.

Ditekanyetso tsa ga Jehofa di Lere Kagiso

Gangwe le gape, Bibela e bolela gore tshegofatso ya Modimo e tsamaisana le kagiso. Seo se dirwa ke gore Jehofa o rata kagiso, e seng ntwa. (Dipalō 6:24-26; Pesalema 29:11; 147:12-14) Ka ntlha ya seo, fa Kgosi Dafide a ne a batla go agela Jehofa tempele ya kobamelo, Modimo o ne wa mo raya wa re: “Ga u agele leina ya me ntlo, ka u cholotsè madi a le matona mo lehatshiñ mo ponoñ ea me.”—1 Ditihalō 22:8; Ditihō 13:22.

Fa a santse a le mo lefatsheng, Dafide yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete, o ne a bua ka nako e go nna tshiamiso le lorato ga Modimo go se kitlang go mo letla go letlelela boikepo jo re bo bonang mo nakong eno. (Mathaio 24:3, 36-39) Fela jaaka a ile a dira ka Morwalela wa motlha wa ga Noa le ka nako ya go senngwa ga Sodoma le Gomora, Modimo o tla tloga o tsaya kgato semolao go tlosa batho ba ba bogagapa, le ba ba boikepo mo lefatsheng, mme ka go dira jalo a baakanya maemo gore go nne le kagiso mo pusong ya Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo.—Pesalema 37:10, 11, 29; Daniele 2:44.

Ka phepafalo, Jehofa ga se modimo wa ntwadumela yo o ratang tshololo ya madi. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga a itlhokomolose go diragatsa katlholo fa go tlhokega. Go rata molemo ga Modimo go mo dira gore a tseye kgato a emetse ba ba mo ratang ka go senya tsamaiso e e boikepo e e ba gatelelang. Fa a dira jalo, kagiso ya boammaaruri e tla rena mo lefatsheng fa ba ba ratang kgobalalo ka boammaaruri ba obamela Jehofa, ebong “Modimo oa kagishō” ka kutlwano.—Bafilipi 4:9.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

David and Goliath/The Doré Bible Illustrations/Dover Publications, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela