“Ga Re Idiwe Monate Ope!”
Barutabana le batho bangwe ba ile ba re bana ba Basupi ba ga Jehofa ba idiwa go ijesa monate fa ba sa letlelelwe go itumelela meletlo ya sekolo ya Keresemose, Isita, le Halowine. Fa tlase fano go na le dikakgelo di sekae tsa bana ba e leng Basupi ba ga Jehofa, ba bolela ka makwalo mabaka a go bo ba gana go nna le seabe mo go ketekeng meletlo eno.
“LE MORORO ke ile ka tlhalosetsa bana ba ke tsenang le bone gore ke ka ntlhayang fa ke sa keteke dilo tseno, ba ile ba nna ba tsaya gore ke ikitsa go ja monate. Mme go ne go sa nna jalo! Bona fela, ba tshwanelwa ke gore ka metlha ba emele Keresemose ya bone kana nngwe ya diholotei pele ga fa ba ka amogela dimpho, fa nna ke fiwa dimpho e bile ke ya kwa diphathing ngwaga yotlhe. Ke itse gore ga ke ratiwe ke balelapa la me fela mme gape le ke phuthego mmogo le Jehofa, mme seo se botlhokwa thata mo go nna go na le moletlo mongwe o o rileng.”—Becky, wa dingwaga tse 13.
“Ke itse gore diholotei tsotlhe di na le metheo e e maswe. Jesu ga a a tsholwa ka Keresemose. Lelapa la me ga le tlhoke go dira sepe go emisetsa diholotei tseo. Lelapa la me ka metlha le teng fa ke le tlhoka gore le nthuse. Seo se botlhokwa mo go nna go gaisa mpho epe e ba neng ba ka e mpha.”—Josh, wa dingwaga tse 15.
“Keresemose. Ga ke idiwe go ja monate ope ka gore tota e bile yone ga se selo sa Bokeresete. Go botoka go itse gore ke filwe mpho ke batsadi ba me go na le ke motho mongwe wa masaitsiweng yo o bidiwang Santa. Isita. Ka Isita go thata ka gore batho ba tle ba re ‘Ke ya ga Jesu le tsogo’ kana ba re ‘ke go ya go tsoma mae’ fela. Mme jaanong one mae ao a amana jang le Jesu? Le lone leina Isita ke la modimogadi mongwe wa bogologolo. Halowine. Motheo wa konokono wa Halowine one ga o nkgatlhe le eseng. Dipoko, le baloi, M-MH!”—Katie, wa dingwaga tse 10.
“Fa ke santse ke le mosha ga ke ise ke ko ke utlwisiwe botlhoko ke go bo ke sa keteke diholotei tsa selefatshe. Batsadi ba me ga ba ise ba ke ba ntheye ba re ‘ga o kake wa dira seno kana sele ka gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa,’ mme ke ile ka rutiwa kafa Bibela e tlhalosang diholotei tseno ka teng le kafa Jehofa a di lebang ka teng. Fa e le ka dimpho gone, mo lelapeng la rona, di abiwa ngwaga otlhe.”—Ryan, wa dingwaga tse 17.
“Holotei nngwe le nngwe e keteka sengwe se se phoso mme e itebagantse le dilo tse di phoso. Bontsi jwa bana ba ke ba itseng ba keteka diholotei ka gore ba bona dimonamone kana dimpho. Sengwe se se botoka go gaisa diholotei se ke nang le sone ke phuthego e e molemo ya Basupi ba ga Jehofa. Go na le go tsaya letsatsi le lengwe fela fela, jaaka go ntse ka diholotei, Lefoko la ga Jehofa Modimo le na le molaetsa o o itumedisang o o nnelang ruri.”—Brooke, wa dingwaga tse 14.
“Mabaka a go bo ke sa tlhoke diholotei tseo ke gore: 1. Bibela ya re di maswe. 2. Ga ke na sepe le tsone. 3. Mama le papa ba mpha dimpho.”—Brandi, wa dingwaga tse 6.
“Ga ke ikutlwe ke idiwa monate ope. Ga ke na sepe le tsone. Ke amogela dimpho, mme re tshameka metshameko le go dira diphathi. Ke amogela dilo tse dintsi le fa ke ntse ke sa keteke diholotei. Mo go sengwe le sengwe se ke se dirang ke batla go nna Mosupi mme ga ke batle sepe se nkgoreletsa.”—Brianne, wa dingwaga tse 9.
“Ke ya go dira mophato wa botlhano mme ga ke hutsafatswe ke go bolela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Nako nngwe mosimane mongwe o ne a re ke tshwanetse ka bo ke utlwisiwa botlhoko ke go bo ke sa amogela dimpho ka Keresemose, mme ke ne ka mo raya ka re ke amogela dimpho ngwaga otlhe. A bo a re ke sego. Ke akanya gore ga go a tshwanela go nna le Mosupi ope wa ga Jehofa yo o hutsafadiwang ke go bo e le Mosupi wa ga Jehofa.”—Jeff, wa dingwaga tse 10.
“Nna le morwadiarre re dirile gore segopotso sa lenyalo la batsadi ba rona e nne holotei ya lelapa la rona. Ke ne ke itumedisiwa thata ke go rulaganya dimpho le dikarata le tse dingwe fela jalo le go thusa batsadi ba me go rulaganya dilo go tla go direlana dilo tse yo mongwe a neng a sa di solofela go gaisa jaaka ke kile ka itumedisiwa ke go amogela dimpho go tswa mothong o sele. Go aba go gaisa go amogela.”—Rachel, wa dingwaga tse 16 .
“Fa ke ne ke santse ke le mmotlana ke ne ke sa kgone go tlhaloganya dingwe tsa diholotei. Mme kwa morago ke ne ka lemoga gore diholotei di ka tsala bogagapa, dikomang, le bohutsana. Fa go na le dinako tse di rileng tsa go aba, ga o ke o welwa ke mpho o sa e solofela. Nka itumelela go amogela dimpho tse di kgethegileng nako nngwe le nngwe fela mo ngwageng. Go keteka kana go sa keteke ke karolonyana fela ya tshwetso e kgolo e o tshwanetseng go e dira: go ineela kana go sa ineele go direla Jehofa. Fa ke akanya ka tsela e e ntseng jalo, go papamala sentle gore ke tshwanetse go dira tshwetso efe.”—Ben, wa dingwaga tse 13.
“Ka dinako dingwe fa ke ne ke santse ke le monnye ke ne ke atle ke tseye gore ke fetiwa ke monate mongwe, mme kwa morago ke ne ka tshega fa ke ne ke ipotsa gore go tlile jang gore mae, Jesu, le kuku ya Isita di amane. Fa ke setse ke le mogolwane batsadi ba me ba ne ba ntlhalosetsa kafa ditshwantsho tsotlhe di simologileng ka teng, mme ke ne ka feroga sebete. Go ne ga nkhutsafatsa go akanya kafa Jehofa le Jesu ba tshwanetseng ba bo ba ikutlwa ka teng ka go amanngwa le dikgopolo tseno tsa boheitane.”—Alexa, wa dingwaga tse 18.
“O ka tshwenyega maikutlo tota fa o le kwa sekolong ka nako ya Keresemose e bile o ka ikutlwa e kete o a tlhaolwa. Mme ka bo ke lemoga gore go keteka Keresemose ga go kake ga rarabolola mathata a gago, ga go kake ga bopaganya lelapa la gaeno, e bile ga go kake ga go itumedisa. Go tshela go dumelana le se Bibela e se buang ke gone fela go ka dirang dilo tseno.”—Joe, wa dingwaga tse 15.
“Go na le go keteka Keresemose kana holotei nngwe fela, re na le Letsatsi le Letona la Ditshamekiso. Re fiwa mpho ya madi go reka sengwe le sengwe se re se batlang. Ngwaga mongwe ke ne ka neela puo mo tlelaseng ka bodumedi jwa me. Go na le go sala morago tsela ya lefatshe, ke itlhophetse tsela ya me ya go ya kwa dipokanong, go ya kwa tirelong ya tshimo, le go rapela gore e nne dingwe tsa dilo tse ke di dirang mo botshelong. Mo kopanong e e tlang e ke tla bo ke kolobediwa.”—George, wa dingwaga tse 11.
“Ke rata go amogela dimpho, mme ke di amogela ngwaga otlhe. Ga ke latlhegelwe thata fa go tla mo diphathing. Ke itumedisa Jehofa fa ke emela boammaaruri. Go bolaisa ditshego go bona bangwe ba bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba eseng Bakeresete, ba eleng Bahindu, Bajuda, jalo jalo, ba keteka Keresemose le go amogela dimpho mme ba sa itse gore holotei eo ke ya eng.”—Julia, wa dingwaga tse 12.
“Ke ne ke sa ikwatlhaye fa ke ne ke sa nne le seabe mo diholoteing kwa sekolong. Bana ba dira dilo tse dintsi tse di maswe, jaaka go aparela Halowine. Ga ke e tswele pelo le fa go le gonnye. Ke ba bolelela kafa batsadi ba me ba nthekelang dilo ka teng ngwaga otlhe. Ba mpolelela ka dikereke tsa bone le kafa di ba otsedisang ka teng, mme ke bo ke ba bolelela ka dipokano tsa rona tsa kwa parakeng, mme fa gongwe ba a fufega. Mme nna ga ke ba fufegele. Kwa bofelong, ke ka re sa gago ke go nna le tsala e e tlotlang dilo tse o di dumelang le go gana gotlhelele go letlelela ngwana wa sekolo kana morutabana ope go go patelela go dira sepe se se kgatlhanong le thato ya ga Jehofa.”—Justin, wa dingwaga tse 12.
“A ke ikutlwa ke fetwa ke monate mongwe? Nnyaa, ka gore re na le diphathi tse dingwe, mme fa batho ba keteka Keresemose, gantsi bana ba akanya ka Santa Claus, kana ka nako ya Isita ba akanya ka kuku ya Isita, mme nna ke itse gore di tswa mo ditumelong tsa boheitane. Ke rata tirelo ya tshimo ka gore e ntira gore ke tlhome mogopolo mo boammaaruring.”—Sharon, wa dingwaga tse 8.
“Ke ka bua ka pelo yotlhe fela gore ga ke ise ke ko ke ikutlwe ke tshwenngwa ke go bo ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Nna le lelapa la rona re itumela mmogo thata. Fa go na le diphathi kwa sekolong mmè o nkisa dijong tsa motshegare golo gongwe. Batsadi ba me ba ntlisetsa dilonyana tse di rileng kwa sekolong go se na lebaka lepe le le kgethegileng mme bana ba bangwe ba sekolo ba kgone go bona gore re ja monate. Ke atamalane thata le batsadi ba me mme fa bana ba bangwe ba mpotsa gore ke eng fa ke sa keteke diholotei ke ba bolelela gore re keteka letsatsi le letsatsi. Tota ke ofe Mosupi yo o ka ikutlwang e kete o timiwa sengwe?”—Megan, wa dingwaga tse 13.
“Halowine. Ke eng fa bana ba apara jaaka bodiabolo, jaaka dipopae tsa dibuka tsa metlae? Bana ba gobea le mekgwatha ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba tsaya dikgetsi di tletse ka dimonamone. Kana ba tika matlo ka mae, ba kgwagetsa dipampiri tse di dirisiwang kwa ntlwaneng mo ditlhareng, mme se se maswe ke gore batsadi ba le bantsi ba dumelana le gone.”—Zachary, wa dingwaga tse 10.
“Ga go tlhokafale gore ke emele letsatsi le le rileng go fiwa dimpho. Mama le papa ba mpha ditshamekiso tse dintsi nako le nako. Halowine ke kobamelo ya meya e e suleng. Ga e a tshwanela. Modimo o o osi fela o re tshwanetseng go o obamela ke Jehofa.”—Nicholas, wa dingwaga tse 6.