Kgopolo E E me Bibelang
Modimo O Ila Tlhalo ya Mofuta Mang?
MOSADI mongwe wa Mokeresete o ne a kwala jaana ka monna wa gagwe yo o neng a sa ikanyege: “Mathata a a neng a ntlela fa ke sena go tlhala a ne a le mantsi. Nako ya go itlwaetsa seemo se sesha ga e motlhofo. Ke ne ka tshwanelwa ke go itlwaetsa dilo sesha mme e seng mo maikutlong fela mme gape le mo go tsa madi le tsa semoya. Ke ne ke ipotsa gore a ruri Jehofa o tla segofatsa tshwetso e ke e tsereng, e re ka ke ne ke itse gore Dikwalo tsa re o ila tlhalo. Ke ne ke nna ke tshwenyegile ka seno.”
Fa lenyalo le fela, mathata one ga a fele. Go tsoga mathata a mangwe a masha a le mantsi. Maikutlo a go kgobega marapo, bodutu, le go ipona molato a itlela fela. Ditsheko tsa gore ke mang yo o tshwanetseng go tsaya bana. Morwa kana morwadi yo o lelelang Mama kana Papa. Mathata a tsa madi a a bakang kgatelelo. Go leka go lwa le keletso ya kamano ya sephiri e e ka bonwang fela mo lenyalong.
Mme gape go na le kafa Modimo o lebang dilo ka teng mo motho a tshwanetseng go go akanyetsa. Bibela ya re Modimo ‘o ila tlhalo.’ (Malaki 2:16) A mafoko ano a raya gore Modimo o ila tlhalo nngwe le nngwe? A go raya gore Mokeresete o tshwanetse go ikutlwa a le molato fa a batla go tlhala molekane yo o sa ikanyegeng? Go bona dikarabo, a re sekasekeng seemo ka nako ya ga Malaki se se ileng sa dira gore Modimo o re o ila tlhalo.
“Lo Se Dihe ka Bonoñwane”
Malaki o ne a perofeta morago ga 443 B.C.E., dingwaga tse di ka tshwarang lekgolo morago ga gore Bajuda ba boe kwa botshwarong kwa Babelona. Go ne go runtse maemo a a tlhabisang ditlhong kwa Juda, bogolo jang mo baperesiting. (Malaki 2:7-9) Ditiro tse di tshwanang le go aka, boaka, tsietso, le kgatelelo di ne di atile mo Baiseraeleng ka kakaretso. (Malaki 3:5) Maemo ao a ne a tsala dipelaelo tse dintsi mo bangwe ba bileng ba swetsa ka gore: “Ke lehèla go dihèla Modimo.”—Malaki 3:14.
Go senyega ga bodumedi le ga boitsholo ka motlha wa ga Malaki go ne ga supiwa gape ke go bo batho ba ne ba sa tlhole ba tlotla lenyalo. Bontsi jwa banna ba Baiseraele ba ne ba tlhala basadi ba bokau jwa bone, gongwe e le ka maikaelelo a go nyala basadi ba babotlana ba baheitane. Sebeso sa ga Jehofa se ne sa tlala dikeledi tsa basadi ba ba tlogetsweng ba ba neng ba tla kwa lefelong le le boitshepo go lela le go hutsafala fa pele ga Modimo.—Malaki 2:13-15.
Jehofa Modimo o ne a ikutlwa jang ka tlhalo ya mofuta o o ntseng jalo? O ne a tlhagisa jaana ka Malaki: “Ke gōna lo itisè mo moeeñ oa lona, me a go se nne opè eo o dihèlañ mosadi oa bokau yoa gagwè ka bonoñwane. Gonne ke ila tlhalō, go bua Yehofa, Modimo oa Iseraela, . . . me ke gōna lo itisè mo moeeñ, gore lo se dihe ka bonoñwane.” (Malaki 2:15, 16) Go ya ka Theological Wordbook of the Old Testament, lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka ‘go dira ka bonokwane’ le raya “go dira ka tsietso, (go dira) ka go tlhoka boikanyegi.” Mo go Pesalema 59:5, mofuta wa lediriletlhaodi la lediri leno o ranotswe ka gore “batlodi ba ba ikèpañ.”
Ka ntlha ya maemo ao, re ka tlhaloganya mafoko a Malaki 2:16 a a reng “ke ila tlhalō.” Jehofa o ila tlhalo e mo go yone molekane a tlhalwang gore go tle go tsewe yo mongwe ka mabaka a a sa utlwaleng. Ka sekai, monna yo o akafalang mme go tsweng foo a bo a tlhala molekane yo o senang molato ntswa ene a sa batle kana a mo patelela gore a mo tlhale gore a tle a nyale mongwe o sele o tla bo a direla mosadi wa gagwe ka bonokwane. Mokgwa ono wa tsietso, wa go tlhoka boikanyegi wa go tshwara molekane yo o senang molato ke sebe se se masisi mo Modimong. Monna yo o dirisang dingwaga tsa bosha tsa botshelo jwa mosadi mme go tsweng foo a bo a mo latlha, gongwe ka ntlha ya go batla mosadi yo mmotlana, ruri ke lenweenwee.a
Mme jaanong go tweng ka molekane yo o senang molato yo o itlhophelang go tlhala molekane yo o dirileng boaka? A tlhalo ya mofuta oo le yone Modimo o a e ila?
Sekao sa Modimo ka Namana
A tota Modimo o ka kgona go tlhaloganya maikutlo a motho yo o lebaganyeng le kgang ya gore ke a tlhale molekane yo o dirileng boaka kana nnyaa? Fa go buiwa ka tshwantshetso, Jehofa o ne a itsaya a nyetse phuthego ya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele ka ntlha ya kgolagano e a neng a e dirile le bone. (Isaia 54:1, 5, 6; 62:1-6; Yeremia 31:31, 32) Jaaka monna, Jehofa o ne a ikanyega ka metlha, a se ke a bo a rata merafe e mengwe. (Pesalema 147:19, 20; Amose 3:1, 2) Mme go tweng ka Iseraele? Iseraele e ne e le mosadi wa mofuta mang?
Ka kakaretso setšhaba seo se ne se sa ikanyege mo kgolaganong eo, mo e rileng kgabagare sa nna mo boemong jo bo tlhalosiwang mo thapelong e e begilweng mo go Daniele 9:5, 6: “Re leohile, re dihile ka bokgōpō, re ikepile, re cuolotse, re hapogile dikaèlo tsa gago le dikatlholō tsa gago: Me le gōna ga rea reetsa baperofeti batlhanka ba gago, ba ba buileñ ka leina ya gago le dikgosi tsa rona, le dikgōsana tsa rona, le borra echo, le batho botlhe ba lehatshe.” Mo go Jehofa, go sa ikanyege moo go ne go tshwana le mosadi a dirile boaka.—Yeremia 3:1.
Jehofa o ne a dira eng morago ga dingwaga tse dintsi tsa boitshoko le bopelotelele? Ka go atlhola ka nitamo, a latlha merafe ya bokone mme go tsweng foo a bo a latlha le ya borwa a ba tlosa mo nageng ya bone a ba isa botshwaro, ka go dira jalo, Jehofa o ne a tlhala setšhaba seo. (Yeremia 3:8; Daniele 9:11, 12) Ka jalo, fa re tsaya sekao seno sa gagwe, Jehofa Modimo o ka kgopisiwa jang ke molekane yo o senang molato fa a tlhopha go tlhala molekane yo o ntseng a sa ikanyege mo maikanong a lenyalo?
Modimo o tsaya lenyalo e le selo se se itshepileng, mme botlhe ba ba tsenang mo go lone ga ba a tshwanela go tsaya maikano a ba a dirileng motlhofo. (Bahebera 13:4) Mme fa molekane wa mongwe a sa ikanyege mo maikanong ka go dira “boaka,” Modimo o letlelela molekane yo o seng molato go itirela tshwetso ya go mo itshwarela kana go mo tlhala. (Mathaio 19:9) Eo ke tshwetso e e bokete, e e tshwanetseng go dirwa ke molekane yo o senang molato a le nosi fela. Fa e le gore molekane yo o senang molato o swetsa ka gore a tlhale, ga a a tshwanela go ikutlwa a le molato ka go batla go tlhala. Gakologelwa gore ga se gore Jehofa o ila tlhalo nngwe le nngwe, mme o ila tlhalo e motho a kobang molekane ka tsela e e seng ya dikwalo fela gore a tle a nyale kana a nyalwe ke o sele.b
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tshwetso ya go tlhala molekane yo o dirang boaka e itirelwa ke motho ka namana. Go bona mabaka a molekane yo o senang molato a ka a sekasekang fa a akanyetsa go tlhala go ya ka Dikwalo, tsweetswee bona ditokololo tsa Tora ya Tebelo tsa August 15, 1993, tsebe ya 5, le May 15, 1988, ditsebe tsa 4 go ya go 7.
b Mo Dikwalong ka kakaretso, Jehofa Modimo o ipolela fa a ila mekgwa le boitshwaro jwa boleo. (Duteronome 16:22; Diane 6:16-19; 8:13; Isaia 1:14; 61:8) Fa re ya ka tshedimosetso eno, tlhalo e e mo go Malaki 2:16 e tshwanetse ya bo le yone e le ya boleo mo matlhong a gagwe.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]
Historic Costume in Pictures/ Dover Publications, Inc., New York