LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 4/8 ts. 29-31
  • A go Ipolaya go Rarabolola Mathata?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Ipolaya go Rarabolola Mathata?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Se Dirang Gore Bangwe Ba Ikutlwe Jalo
  • Go Ngomoga Pelo mo Lapeng
  • Dilo Tse Dingwe Tse Di Bakang go Ngomoga Pelo
  • Go Bona Thuso
  • Go Itshoka
  • Go Ipolaya—sebetso Sa Basha
    Tsogang!—1998
  • Ke Eng Fa ke Sa Fedise Botshelo Jwa me?
    Tsogang!—2008
  • Bothata Jwa Lefatshe ka Bophara
    Tsogang!—2001
  • Lebaka La go Bo Batho ba Itlhoboga mo Botshelong
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 4/8 ts. 29-31

A go Ipolaya go Rarabolola Mathata?

“Ke lapisitswe ke go tlhola ke tsoga moso le moso. Ke latlhegile. Ke tenegile. Pelo ya me e botlhoko. . . . Ka jalo ke akanya ka loso. . . . Ga ke batle go swa, mme fela ke tshwanetse. . . . Fa ke leba isagwe, ke e bona e le lefifi fela e bile e tletse ka masetlapelo.”—Lokwalo lwa go ipolaya lwa ga Peter wa dingwaga tse 21.a

BAITSE ba bolela gore kwa United States basha ba ba ka tshwarang dimilione tse pedi ba kile ba leka go ipolaya. Se se utlwisang botlhoko ke gore, go atlega ba ba ka nnang 5 000 ka ngwaga. Lefa go ntse jalo, go ipolaya ga go diragale fela kwa United States. Ka 1990, basha ba ka nna 30 000 ba ne ba ipolaya kwa India. Dipalo tsa basha ba ba ipolayang di oketsegile ka tsela e e tshosang kwa dinageng tse di jaaka Canada, Finland, Fora, Iseraele, Netherlands, New Zealand, Spain, Switzerland le Thailand.

Go tweng fa motho a hutsafetse thata—kana a aparetswe ke masetlapelo mme a sa bone gore a tla fela? Motho a ka nna a raelesega go ipolaya, mme gone, go dira jalo ke tshenyo e e ka lereng kutlobotlhoko fela. Se e tla se dirang fela ke go leretse ditsala le balelapa kutlobotlhoko le bohutsana. Lefa isagwe e ka lebega e le lefifi jang e bile lefa mathata a ka lebega a tshosa go le kana kang, go ipolaya ga go a rarabolole.

Se Se Dirang Gore Bangwe Ba Ikutlwe Jalo

Monna yo o siameng Jobe, o ne a itse gore go tlalelwa go utlwala jang. Ka ntlha ya go latlhegelwa ke lelapa la gagwe, dithoto tsa gagwe, e bile a sa tlhole a tsoga sentle, o ne a re: “Mōea oa me o bo o tle o rate go betwa, o eletse losho, bogolo go marapō a, a me.” (Yobe 7:15) Gompieno basha bangwe ba ile ba ikutlwa fela jalo. Mokwadi mongwe o baya kgang e jaana: “Go ngomoga pelo . . . go leretse motho bohutsana (go utlwa pelo e le botlhoko le go boifa) [tse di] dirang gore a batle go itshireletsa (go leka go falola bohutsana).” Ka gone, go ipolaya ke tsela e e phoso ya go leka go iphalotsa mo bohutsaneng jo go lebegang o sa kgone go bo itshokela.

Ke eng se se bakang bohutsana jono? Bo ka nna jwa bakwa ke tiragalo nngwe, e e jaaka fa go ka tsoga kgang e e botlhoko fa gare ga gago le batsadi, lekau kana lekgarebe la gago. Morago ga gore a kgaogane le mokapelo wa gagwe, Brad yo o dingwaga tse 16 o ne a ikutlwa a tlaletswe. Lefa go ntse jalo, o ne a se ka a bua sepe ka maikutlo a gagwe. Se a ileng a se dira fela ke go ikaletsa.

Sunita wa dingwaga tse 19 o ne a tshwenyega thata mo maikutlong fa batsadi ba gagwe ba sena go lemoga gore o ntse a dira boitshwaro jo bo maswe le lekau la gagwe. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke itse gore ke ne ke sa rate go tswelela ke tshela ka mokgwa o o ntseng jalo. Mme ka jalo, maitseboa mangwe ke ne ka tla gae, ka simolola go metsa diasepirine. Mo mosong o o latelang ke fa ke kgwa madi. Ke ne ke batla go fedisa mokgwa wa me wa go tshela e seng botshelo jwa me.”

Sekolo le sone e ka nna sengwe sa dilo tse di tlhotlheletsang seno thata. Ashish yo mmotlana o ne a simolola go tlhoka boroko mme a simolola go ikgogona mo bathong ba bangwe ka gonne batsadi ba gagwe ba ne ba mo pateletsa gore e nne ngaka (e ne e le dingaka ka bobone). Ka ntlha ya go retelelwa ke go fitlhelela maemo a thuto a batsadi ba gagwe ba neng ba a solofetse, Ashish o ne a ja dipilisi tse di robatsang tse di fetang selekanyo. Se se gopotsa motho Diane 15:13 mo Bibeleng: “Mōea o phatlolwe ke bohutsana yoa pelo.”

Go Ngomoga Pelo mo Lapeng

Mathata a lelapa—a a jaaka go tlhalana kana go kgaogana ga batsadi, go swelwa ke mongwe mo lapeng, kana go fudugela kwa lefelong le lesha—ke dilo tse dingwe gape tse di dirang gore basha bangwe ba ipolaye. Ka sekai, Brad yo o umakilweng fa godimo, o ne a tlhokafalelwa ke ditsala tse pedi tse di mo ntshang seinong le mongwe wa losika mo kotsing ya koloi. Morago ga moo lelapa la gaabo le ne la nna le mathata a madi. Brad o ne a fekeediwa ke seno. O ka nna a bo a ne a ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a lela jaana: “Mōea oa me o tletse ditlalèlō, . . . Di ne di tlhōla di mpharahere . . . mmogo.”—Pesalema 88:3, 17.

Go na le dipalo tse di tshosang tsa basha ba ba ngomogang pelo ka tsela e nngwe gape: go sotliwa mo mmeleng, mo maikutlong le ka tlhakanelodikobo. Kgaolo ya India ya Kerala, e na le selekanyo se se kwa godimo go gaisa tsotlhe kwa nageng eo tsa basha ba ba ipolayang. Basetsana ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba koo, ba ile ba leka go ipolaya ka ntlha ya go sotliwa ke borraabo. Go sotliwa ga bana ka ditsela tse di farologaneng go tlhatlogile ka selekanyo se segolo thata lefatshe ka bophara, mme ba ba dirwang jaana ba sena molato, ba ngomoga pelo fela thata.

Dilo Tse Dingwe Tse Di Bakang go Ngomoga Pelo

Lefa go ntse jalo, ga se maikutlo otlhe a go ipolaya a a bakwang ke dilo tse di kwa ntle. Pego nngwe ya patlisiso mo basheng ba ba seng mo lenyalong e bolela jaana: “Basimane le basetsana ba ba ileng ba tlhakanela dikobo le go nwa bojalwa ke bone ba ba neng ba le mo kotsing thata [ya go ipolaya] go feta ba ba neng ba sa dire dilo tseno.” Sunita o ne a ithwala ka ntlha ya boitsholo jo bo botlhaswa—o ne a senya mpa eo. (Bapisa 1 Bakorintha 6:18.) O ne a batla go swa gonne a ne a ikutlwa a le molato. Brad le ene, o ne a simolola go nwa bojalwa a santse a na le dingwaga di le 14, a bo nwa jalo ka metlha. Ee, fa bojalwa bo sa nowe sentle ‘bo ka loma jaaka noga.’—Diane 23:32.

Maikutlo a go ipolaya a ka nna a tswa le e leng mo “bontsiñ yoa megopolo” ya motho ka boyone. (Pesalema 94:19) Dingaka di bolela gore ka dinako tse dingwe dikgopolo tse di tshwenyang maikutlo thata di bakwa ke kafa mmele o ntseng ka teng. Ka sekai, Peter yo o umakilweng kwa tshimologong, go ne ga lemogiwa gore dikhemikhale tsa boboko jwa gagwe di ne di sa dire sentle pele a ipolaya. Go ikutlwa o tshwenyegile thata mo maikutlong go nnela maswe pele fa o sa dire sepe ka gone; motho a ka simolola go akanya gore go ipolaya ke yone fela tsela e e ka mo thusang.

Go Bona Thuso

Lefa go ntse jalo, o se ka wa ba wa akanya gore go ipolaya ke yone tsela e e ka thusang. Go sa kgathalesege gore a re a lemoga kana ga re lemoge, rotlhe re na le se baitseanape bangwe ba tsa boitekanelo jwa tlhaloganyo Alan L. Berman le David A. Jobes ba se bitsang ‘dilo tse di sa bonaleng le tse di bonalang tse di re thusang go atlega fa re lwa le go ngomoga pelo le go fuduega maikutlo.’ Selo se sengwe se se ka thusang ke lelapa le ditsala. Diane 12:25 e re: “Boimèlèsègō mo peduñ ea motho bo tlo bo e inamise: me lehoko ye le molemō le e ipedise.” Ee, lefoko le le molemo go tswa mo mothong yo o tlhaloganyang le ka tokafatsa dilo!

Ka jalo, fa motho mongwe a tshwenyegile maikutlo thata kana a tlhobaela, go molemo gore a se ka a boga a le nosi. (Diane 18:1) Motho yo o bogang yono a ka bolelela motho mongwe yo a mo ikanyang kafa a ikutlwang ka teng. Go bua le mongwe go ka go thusa go ritibatsa maikutlo a a gotetseng, e bile go ka nna ga dira gore motho a lebe bothata jwa gago ka tsela e nngwe. Fa motho a utlwile botlhoko ka ntlha ya go swelwa ke tsala kana mongwe yo a mo ratang, o tshwanetse go bua ka gone le mongwe yo a mo ikanyang. Fa motho a bolela kutlobotlhoko e go latlhegelwa gono go mo lereditseng yone a bo a hutsafala, o tla gomotsega. (Moreri 7:1-3) Go ka nna molemo gore motho a solofetse mongwe yo a mo ikanyang gore o tla ikgolaganya le ene fa a boa a nna le maikutlo a go ipolaya gape.

Ke boammaaruri gore go ka nna ga se ka ga nna bonolo go ikanya mongwe. Mme lefa go ntse jalo a go dira jalo ga go molemo ka jaana botshelo bo le mo kotsing? Gongwe e bile boikutlo jwa go ipolaya bo ka nna jwa nyelela fa o bua le mongwe. ‘Le mang?’ mongwe a ka nna a botsa jalo. Fa e le gore batsadi ba gago ke batho ba ba boifang Modimo, ke eng o sa leke go ba ‘naya pelo ya gago’? (Diane 23:26) Ba ka nna ba tlhaloganya go feta kafa batho ba le bantsi ba akanyang ka teng e bile ba ka nna ba go thusa. Fa go bonala go tlhokega thuso e e oketsegileng—e e jaaka go tlhatlhobiwa ke ngaka—ba ka nna ba go rulaganyetsa seno.

Sengwe gape se se ka thusang ke maloko a phuthego ya Bokeresete. Banna ba ba godileng semoyeng ba phuthego ba ka kgona go ema batho ba ba ngomogileng pelo nokeng le go ba thusa. (Isaia 32:1, 2; Yakobe 5:14, 15) Morago ga gore Sunita a leke go ipolaya, moreri wa ka nako e tletseng (mmulatsela) o ne a mo thusa. Sunita o bolela jaana: “O ne a nkema nokeng mo dilong tsotlhe. Fa e ne e se ka ene, ruri nkabo ke ile ka tsenwa.”

Go Itshoka

Gape go na le dilo tse di sa bonaleng tse di ka thusang. Ka sekai, a o ikutlwa o le molato ka ntlha ya go dira molato mongwe? (Bapisa Pesalema 31:10.) Go na le gore o letle maikutlo ao a gola, o tshwanetse go rarabolola dilo ka bonako. (Isaia 1:18; bapisa 2 Bakorintha 7:11.) Sengwe se se molemo se o ka se dirang ke go ipobola mo batsading ba gago. Ke boammaaruri gore kwa tshimologong ba ka nna ba shakgala. Mme lefa go ntse jalo, ba tla tlhoma mogopolo mo go go thuseng. E bile gape, re tlhomamisa gore, Jehofa o ‘itshwarela ka botlalo’ batho ba ruri ba ikwatlhayang. (Isaia 55:7) Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se bipa maleo a baleofi ba ba ikwatlhayang.—Baroma 3:23, 24.

Bakeresete gape ba thusiwa ke tumelo, kitso ya Dikwalo, le kamano ya bone le Jehofa Modimo. Mopesalema Dafide o ne a ngomoga pelo thata ka makgetlho a a farologaneng mo a bileng a re: “Mmaba . . . o thubanyeditse botshelō yoa me ha hatshe.” Ga a ka a ineela fa a ne a tlaletswe. O ne a kwala jaana: “Ke tlhaeleletsa kwa go Yehofa ka lencwe ya me; ke isa mokōkōtlèlō kwa go Yehofa ka lencwe ya me.” “Ke akanya go diha ga gago: ke tlhatlhanya ditihō tsa diatla tsa gago.”—Pesalema 142:1; 143:3-5.

Fa maikutlo a go ipolaya a go fekeetsa, o ikuele kwa go Jehofa ka thapelo. O tlhaloganya gore go botlhoko jang mme o batla gore motho yo o bogang a tshele! (Pesalema 56:8) A ka go naya “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō” go go thusa go itshokela bohutsana. (2 Bakorintha 4:7) Motho o tshwanetse gore a akanye gape ka kutlobotlhoko e go ipolaya go tla e leretseng lelapa la gaabo, ditsala, le Jehofa ka boene. Go akanya ka dilo tse di ntseng jalo go ka thusa motho gore a nne a tshela.

Le mororo mo bathong ba bangwe go ka lebega e kete go utlwa botlhoko ga go kitla go fela, ba ka tlhomamisa gore go na le batho ba bangwe le bone ba ba kileng ba hutsafala ka tsela eo. Ba ka go bolelela ka se se ba diragaletseng gore dilo di ka fetoga e bile di a fetoga. Batho ba bangwe ba ka go thusa go falola bohutsana joo. Batho ba ba tshwenyegileng maikutlo ba tshwanetse gore ba kope thuso e ba e tlhokang—mme ba tswelele pele ba tshela!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mangwe a maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go molemo go bolelela mongwe bohutsana jo o nang le jone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela