LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 8/8 ts. 15-19
  • Maitseo—A “Boitsholo jo Bosha” Bo A Latlhile?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maitseo—A “Boitsholo jo Bosha” Bo A Latlhile?
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhagolela Maitseo a Bokeresete mo Lefatsheng Leo Le Senang Maitseo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “A Mokgwa oa Lona oa Botshelō E Nnè O O Chwanetseñ Mahoko A A Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Maitseo—Mokgwa wa Batho ba Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • A Tota go Botlhokwa go Nna Maitseo?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 8/8 ts. 15-19

Maitseo—A “Boitsholo jo Bosha” Bo A Latlhile?

‘A bo go latlhega ba ba bitsang bosula molemo, le molemo boshula, ba bitsa lefifi lesedi le bokgeme botshe.’—Isaia 5:20.

MAITSEO le maitsholo a ile a fetoga fela thata mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Mo dingwagasomeng tse di neng tsa latela dintwa tse pedi tsa lefatshe, dilo tse di neng di tsewa jaaka tsa botlhokwa bogologolo, di ne tsa tsewa ka bonya ka bonya gore ga di tlhole di ka dirisiwa. Maemo a a fetogang le dikgopolo tse disha mo maphateng a a ithutang ka boitshwaro jwa batho le saense di ne tsa tlhatswa batho pelo gore dilo tse di neng di kile tsa bo di le botlhokwa ga di tlhole di na le mosola. Maitseo a a neng a kile a bo a tseelwa kwa godimo a ne jaanong a latlhiwa jaaka o ka latlha morwalo o o sa tlhokegeng. Dikaelo tsa Bibela tse di neng di kile tsa bo di tlotliwa di ne di latlhiwa jaaka tse di ka se kang tsa tlhola di dirisiwa. Di ne di pitlaganya batho ba ba sa laolweng ke sepe, setlhopha se se gololesegileng sa batho ba ba tlhabologileng thata ba lekgolo leno la bo20 la dingwaga.

Ngwaga wa 1914 ke one o dilo di neng tsa fetoga thata ka one. Dilo tse boraditiragalo ba neng ba di kwala ka ngwaga oo le Ntwa ya Lefatshe I di tletse ka dilo tse ba di boneng tse di bolelang gore 1914 ke ngwaga wa diphetogo tse dikgolo, paka e kgolo e e kgaoganyang metlha ya hisitori ya motho. Dingwaga tsa Bomasomeamabedi tsa Menate di ne tsa latela morago ga ntwa mme batho ba ne ba leka go ijesa menate ba duelela monate o ba neng ba sa kgone go o ja ka nako ya ntwa. Mekgwa ya bogologolo le melao e e kgoreletsang ya boitsholo e ne ya kgaphelwa kwa thoko gore go ijesiwe monate. Boitsholo jo bosha, go latelela dilo tsa nama, bo ne jwa simololwa—totatota e le gore sengwe le sengwe se siame. Mokgwa o mosha wa boitsholo o ile wa fetola maitseo.

Raditiragalo Frederick Lewis Allen o akgela jaana ka seno: “Selo se sengwe se phetogo eno e neng ya felela ka sone ke gore maitseo a ne a sa fetoga fela mme—mo dingwageng di sekae—a ne a seyo. . . . Mo ngwagasomeng ono basadi ba ba dirang mo difofaneng . . . ba ne ba fitlhela gore baeng ba bone ba ne ba sa itshwenye go bua le bone fa ba goroga kana fa ba tsamaya; gore ‘go pitlelelwa ke dikgoro’ kwa ditantsheng e ne e le selo se se tlwaelegileng, go ne go le ‘mo fesheneng’ go tsena thari kwa ditinareng, go tlogela sakarete se tuka, go tlhotlhorela melora mo dilong, kwantle ga go kopa maitshwarelo. Ditshipi tse di neng di tlhola di thibela di ne di ole, mme e bile go ne go sa agiwa tse disha, bolobeto ba ne ba iphile naga. Gongwe e bile ka letsatsi lengwe dingwaga tse di lesome tse di neng tsa latela ntwa di tla bidiwa ka tshwanelo gore e ne e le ngwagasome wa Maitseo A A Maswe. . . . Fa e le gore maitseo a ne a seyo mo ngwagasomeng oo le boitumelo bo ne bo seyo. Thulaganyo ya bogologolo e ne e fetile le dilo tsa botlhokwa tse di neng di dira gore botshelo bo nonofe bo bo bo itumedise, mme e bile go ne go sena dipe tse di tshwanang natso tse go neng go ka emisediwa ka tsone.”

Dilo tsa botlhokwa tse go neng go ka emisediwa ka tsone tse di neng di nonotsha botshelo le go dira gore bo itumedise ga di a ka tsa bonwa ka gope. Ga di a ka tsa batliwa ke ope. Mokgwa wa botshelo wa gore sengwe le sengwe se siame wa Dingwaga tsa Bomasomeamabedi tsa Menate o ne wa golola batho mo go thibelweng ke melao ya boitsholo, mme seo se ne se ba itumedisa. Ba ne ba se ka ba kgaphela boitsholo fela kwa thoko; ba ne ba bo fetola, ba bo dira fela motlhofo. Go ise go e kae, ba ne ba bo bitsa Boitsholo Jo Bosha. Mo go jone, mongwe le mongwe o itirela se a bonang se siame. Ke ene kwa pele. O itirela se a se ratang. O latela tsela e e leng ya gagwe.

Kana o akanya jalo. Totatota, dingwaga tse di dikete tse tharo tse di fetileng, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.” (Moreri 1:9) Le pelenyana ga foo, mo metlheng ya Baatlhodi, Baiseraele ba ne ba gololesegile go tlhopha gore a ba tla latela Molao wa Modimo kana nnyaa: “Mo metlheñ euō go ne go sena kgosi mo Iseraela: motho moñwe le moñwe a diha se se siameñ mo matlhoñ a gagwè ka esi hèla.” (Baatlhodi 21:25) Me bontsi bo ile jwa itshupa gore ga bo batle go reetsa Molao. Ka go jala ka tsela eno, Iseraele e ne ya roba masetlapelo a a neng a wela morafe oo ka makgolokgolo a dingwaga. Ka tsela e e tshwanang, gompieno merafe e ile ya roba botlhoko le pogo ka makgolokgolo a dingwaga—mme dikgolo di santse di tla.

Go na le lereo le lengwe le le tlhaolang Boitsholo Jo Bosha ka tsela e e kgethegileng, eleng, “relativism.” Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e le tlhalosa jaana: “Kgopolo ya gore boammaaruri jwa motheo bo ikaegile ka batho kana ditlhopha tse di bo dumelang.” Ka bokhutshwane, batho ba ba dumelang kgopolo ya gore boammaaruri jwa motheo bo ikaegile ka batho ba ba bo dumelang ba bolela gore se se molemo mo go bone ke sone se ba tla itshwarang go ya ka sone. Mokwadi mongwe o ne a oketsa se se builweng ka kgopolo eo a re: “Kgopolo ya gore boammaaruri jwa motheo bo ikaegile ka batho ba ba bo dumelang, e e neng e sa bolo go nna teng e sa bonale, e ne ya tlhagoga jaaka filosofi ya ‘ngwagasome wa nna pele’ ya dingwaga tsa bomasomeasupa; e santse e rena mo bahuming ba basha ba dingwaga tsa bomasomearobedi. Re ka nna ra ipolela gore re tlotla melao ya ngwao fa gone tota re dira dilo go ya ka se se re siametseng.”

Seo se akaretsa le maitseo—‘Fa se sa ntshwenye, ke tla se dira; fa se ntshwenya, nka se se dire. Mo go nna ga se a siama, lefa mo go wena e le go supa maitseo. Se tlile go tshwenya ditshwanelo tsa me, go ntira gore ke lebege ke le bokoa, se ntira legatlapa.’ Go bonala gore, mo bathong ba ba ntseng jalo seno ga se ame fela ditiro tsa go tlhoka maitseo mme gape le dilo tse di motlhofo, tse dintle tsa letsatsi le letsatsi jaaka ‘Tsweetswee, Intshwarele, Ke kopa tsela, Ke a leboga, Mma ke go bulele lebati, Nna mo setulong sa me, Mma ke go tshodise morwalo.’ Dipolelwana tseno le tse dingwe di tshwana le dilogetsi tse di letefatsang le go itumedisa batho fa ba ntse ba dirisana. ‘Mme fa go tla mo go supetseng ba bangwe maitseo,’ motho yo o ipayang kwa pele o tla gana a re, ‘seo ga se ne se ama sentle go ipoloka ga me ke le kwa godimo le go itshupa gore ke kwa godimo.’

Moithuti mongwe wa sosioloji James Q. Wilson o bolela gore dikgotlhang le bokebekwa di bakilwe ke go wa ga se gompieno “se bidiwang ka lonyatso gore ke ‘dilo tse di botlhokwa mo bathong ba ba rutegileng,’” e bile pego eno e tswelela jaana: “Go senyega ga mekgwa eno e mentle—le go oketsega ga batho ba ba tsayang gore boitsholo jo bo rileng mo go bone ke jone jo bo siameng—go lebega go nyalana le selekanyo se segolo sa bokebekwa.” Eleruri go nyalana le mekgwa ya segompieno ya go sa batle go laolwa ke sepe fa go tla mo go bueng, le fa go ka tswa go sa supe maitseo kana go kgopisa go le kana kang. Seno se ntse fela jaaka moithuti mongwe wa sosioloji Jared Taylor, a ne a re: “Batho ba motlha wa rona ga ba tlhole ba ithiba mme ba ipuela fela, e bile batho ba bantsi ba akanya gore mekgwa e mentle ya bogologolo e a gatelela.”

Go dira dilo ka tsela e wena o batlang go di dira ka yone go go dira gore o ikatlholele gore o tla itshwara jang, o kgaphela katlholo ya mongwe le mongwe go akaretsa le ya Modimo kwa thoko. O itirela tshwetso ka bowena gore se se siameng le se se phoso ke sefe, fela jaaka batho ba ntlha ba kwa Edena ba ne ba dira fa ba ne ba gana go ikobela molao wa Modimo mme ba itirela tshwetso ya gore se se siameng le se se phoso ke sefe. Noga e ne ya tsietsa Efa gore a akanye gore fa a ne a ka se ikobele Modimo mme a ja leungo le le ileditsweng, go ne go tla nna fela jaaka e ne e mmoleletse e re: “Matlhō a lona a tla buduloga, me lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.” Ka jalo, Efa o ne a tsaya loungo a ja a bo a le naya Adame le ene a ja. (Genesise 3:5, 6) Tshwetso ya ga Adame le Efa ya go se ja e ne ya felela ka masetlapelo mo go bone le mo baneng ba bone.

Morago ga go dira tshobokanyo e telele ka tsietso e e dirwang ke boradipolotiki, borakgwebo, baatleletiki, borasaense, bagapi ba dikgele tsa Nobel, le baruti, moakgedi mongwe wa selefatshe o ne a bolela jaana fa a ne a bua fa pele ga Harvard Business School: “Ke akanya gore se se diragalang mo nageng ya rona gompieno ke se ke tlhophang go se bitsa, go senyega ga dinonofo, go latlhegelwa ke se ka ngwao yotlhe ya tlhabologo ya Bophirima se neng se lejwa jaaka dilo tse di mo mothong tse di neng di mo thibela le dilo tse di botlhokwa tse di mo go rona tse di neng di re thibela go kgotsofatsa mekgwa ya rona e e leswe.” O ne a bua ka “mafoko a a neng a ka utlwala a sa itsiwe fa a ne a ka buiwa mo tikologong eno, mafoko a a tshwanang le bopelokgale, tlotlo, tiro, boikarabelo, kutlwelobotlhoko, botho—mafoko a a batlileng a sa tlhole a dirisiwa.”

Ka bo1960, go ne ga tsoga dilo dingwe kwa diyunibesithing. Bontsi bo ne bo bolela gore ‘Modimo ga o yo, Modimo o sule, ga go na sepe, ga go na sepe se se botlhokwa se segolo go gaisa tse dingwe, ga go na lebaka la go tshela, o ka kgona go fenya go nna lolea ga botshelo ka go itira mogaka ka bowena.’ Bana ba diganana ba ne ba tsaya seno jaaka se se ba nayang tetla mme ba leka go fenya go nna lolea ga botshelo ka go ‘sunetsa khokeine, go goga matekwane ba tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe le go senka go nna le mogopolo o o ritibetseng.’ Mme ba ne ba se ka ba o bona.

Go ne go na le dipopelelo tsa bangongoregi ka bo1960. E ne e se dilo tse disha fela, di ile tsa amogelwa mo ngwaong ya Baamerika mme tsa tsala ngwagasome wa Nna Pele wa bo1970. Ka gone, re ne ra tsena mo ngwagasomeng oo Tom Wolfe, mokanoki wa botshelo jwa loago, a neng a o bitsa “ngwagasome wa Nna Pele.” O ne wa fetela mo go bo1980, mme bangwe ba ne ba sotla ba o bitsa, “motlha wa gouta wa bopelotshetlha.”

Dilo tsotlhe tseno di amana jang le maitseo? Di bua kaga go ipaya kwa pele, mme fa o ipaya kwa pele ga go motlhofo gore o ikobele ba bangwe, ga o kake wa ba ikobela, ga o kake wa ba direla maitseo. Fa o ipaya kwa pele totatota o ka tswa e bile o ikobamela, kobamelo ya Nna. Bibela e tlhalosa motho yo o dirang jalo jang? Jaaka “motho yo o pelotshetlha—seo se kayang moobamedi wa medimo ya disetwa,” jaaka yo o supang ‘bopelotshetlha, seo e leng tirelo ya medimo ya disetwa.’ (Baefesia 5:5, NW; Bakolosa 3:5) Batho ba ba ntseng jalo ba direla mang tota? “Ke ba modimo oa bōnè e leñ mpa hèla.” (Bafilipi 3:19) Mokgwa o o leswe o batho ba bantsi ba o lebang o siame gore ba ka tshela ka one le masetlapelo le maungo a a bolayang a mekgwa eo ya botshelo a supa tota gore mafoko ano a a mo go Yeremia 10:23 a boammaaruri: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”

Bibela e ne ya bonela pele dilo tseno tsotlhe mme ya di bolelela pele e le karolo ya dilo tse e neng e tlhagisa ka tsone tsa mo “metlheñ ea bohèlō,” jaaka di kwadilwe jaana mo go 2 Timotheo 3:1-5, mo go New English Bible: “Lo tshwanetse go lebana le ntlha eno: motlha wa bofelo wa lefatshe leno o tlile go nna nako ya mathata. Batho ga ba kitla ba rata sepe se sele fa e se madi le go ithata bone ka bobone; ba tla ikgogomosa, ba ikgantsha, le go sotla; ga ba kitla ba tlotla batsadi, ba tla tlhoka tebogo, ba sa rate Modimo, ba sena lorato lwa tlholego; ga go sepe se se tla rebang letlhoo la bone, ba rata go gasa dikgang tse di senyang ba bangwe, ba nwa thata e bile ba le bogale, ba sa dire molemo ope, baoki, ba ba sa boifeng sepe, ba ba itseetseng kwa godimo. E tla nna batho ba ba bayang menate mo boemong jwa Modimo, batho ba kafa ntle e keteng ke badumedi, mme ba bo latola. O kgaogane le batho ba ba ntseng jalo.”

Re farologane thata le kafa re neng re tlhodilwe re ntse ka gone—mo setshwanong sa Modimo. Dinonofo tse re kgonang go di supa tsa lorato, botlhale, tshiamo, le maatla re santse re na le tsone mme ga di supe tekatekano e bile re a di sokamisa. Kgato ya ntlha e re ka e tsayang go baakanya dilo e senolwa ke mola wa bofelo wa temana ya Bibela e e nopotsweng fa godimo: “O kgaogane le batho ba ba ntseng jalo.” Batla tikologo e ntšha, e e tla fetolang maikutlo a gago. Selo sengwe se se rutang gore o kgone go dira seno ke mafoko a a botlhale a a kwadilweng ke Dorothy Thompson dingwaga tse dintsi tse di fetileng mo go The Ladies’ Home Journal. Nopolo ya gagwe e simolola ka polelwana eno e e supang gore boganana bo ka fenngwa ka go ruta maikutlo a mosha eseng tlhaloganyo ya gagwe:

“Ditiro tsa gagwe le boikutlo jwa gagwe jaaka ngwana ke tsone tse di laolang ditiro le maikutlo a a tla nnang le one fa a setse a godile. Mme gone ga di tswe mo bobokong, mme di tswa mo maikutlong a gagwe. O nna se a kgothaleditsweng le go katisiwa go se rata, go se kgatlhegela, go se obamela, go se ngomaela, le go se intshetsa setlhabelo. . . . Mo dilong tsotlhe tseno, maitseo a botlhokwa thata, ka go bo maitseo ga se sepe fela fa e se go supa gore o amega ka ba bangwe. . . . Tsela e o ikutlwang ka yone e supiwa ke boitshwaro mme boitshwaro le jone bo na le seabe mo go bopeng maikutlo. Ga go motlhofo gore o ka nna bogale fa o dira le ba bangwe ka go ba akanyetsa. Gone mme maitseo a mantle a ka tswa a aperwe fela, mme ga se gantsi a nnelang ruri jalo.”

O ne a bolela gape gore, lefa go ka tswa go na le maemo mangwe a a sa tlwaelegang, molemo le bosula “ga di dirwe ke boboko mme ke maikutlo” le gore “batho e nna dikebekwa e seng ka gore methapo ya madi e omeletse mme gonne dipelo tsa bone di omeletse.” O ne a bolela gore maikutlo a laola boitsholo jwa rona kgapetsa go feta boboko le gore tsela e re katisitsweng ka yone, tsela e re dirang ka yone, lefa re patelediwa go dira jalo, e ama maikutlo a rona e bile e fetola dipelo tsa rona.

Lefa go ntse jalo, Bibela e gaisa tota mo go neyeng kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya go fetola motho yo o kafa teng wa pelo.

Sa ntlha, Baefesia 4:22-24 ya re: “Lo apolè motho oa bogologolo, eo o bōlañ kaha dithatoñ tsa tsieco . . . lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa lona, me lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”

Sa bobedi, Bakolosa 3:9, 10, 12-14 ya re: “[Apolang] motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, Me lo apare motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ: Me ke gōna, yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”

Raditiragalo Will Durant o ne a re: “Selo se segolo mo motlheng ono wa rona ga se bokomonisi kgatlhanong le go ikemela ga motho ka nosi, ga se Yuropa kgatlhanong le Amerika, e bile ga se Botlhaba kgatlhanong le Bophirima; ke gore a batho ba ka tshela kwantle ga Modimo.”

Re tshwanetse go reetsa kgakololo ya gagwe gore re kgone go atlega mo botshelong. “Morwaaka, u se ka ua lebala molaō oa me; me a pelo ea gago e tshegetsè ditaolō tsa me: Gonne di tla gu okeletsa bolele yoa malatsi, le dinyaga tsa botshelō, le kagishō. A boutlwèlō botlhoko bo se gu tlogele le boamarure: u di bōhèlèlè mo thamuñ ea gago: u di kwalè mo sekwaleloñ sa pelo ea gago: Yalo u tla bōna botsalanō le tlotlègō mo ponoñ ea Modimo le ea motho. U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.”—Diane 3:1-6.

Maitseo a mantle a go supa bopelonomi le go akanyetsa ba bangwe a a ithutilweng ka makgolokgolo a dingwaga ga se morwalo o o sa tlhokegeng, le dikaelo tsa Bibela tsa go tshela ga di a fetiwa ke nako mme di tlile go bolokela batho ruri. Ga ba kake ba kgona go tshela kwantle ga ga Jehofa, ka go bo ‘motswedi wa botshelo o nntse le Jehofa.’—Pesalema 36:9.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Tsela e re dirang dilo ka yone, le fa re ka tswa re patelediwa kwa tshimo-logong, e tlhotlheletsa maikutlo a rona le go fetola dipelo tsa rona

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Maitseo A Tafole A A Senang Selabe A Batho Ba Ka A Itseelang

Cedar waxwings, di dintle, di na le maitseo, di botsalano, di ja mmogo mo ditlhatshaneng tse di tletseng diberi tse di buduleng. Di dirile mola mo godimo ga kala, di ja maungo, mme e seng ka bopelotshetlha. Di amogana beri ka molomo e isiwa kwa le kwa, go fitlha fa di e feditse yotlhe. Ga di ke di lebala “bana” ba tsone, di ba leretse dijo di sa lape go fitlha ba kgora.

[Motswedi wa Setshwantsho]

H. Armstrong Roberts

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Bangwe ba re: ‘Latlha Bibela le maitsholo’

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Modimo o sule.”

“Ga go na lebaka la go tshela!”

“Goga matekwane, sunetsa khokeine”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Left: Life; Right: Grandville

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela